Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 53

Bakaulengwe ba Basha, Nnang Banna ba ba Tlhomang Sekao

Bakaulengwe ba Basha, Nnang Banna ba ba Tlhomang Sekao

“[Nna] monna yo o godileng go fitlha mo selekanyong se Keresete a neng a godile ka sone.”​—BAEF. 4:13.

PINA 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Monna wa Mokeresete o tshwanetse go dira eng?

 MOAPOSETOLOI Paulo o ne a raya Bakeresete ba kwa Efeso a re: ‘Nnang banna ba ba godileng go fitlha mo selekanyong se Keresete a neng a godile ka sone.’ (Baef. 4:13) Banna botlhe ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisa kgakololo eo. Se se ka ba thusang gore ba dire jalo, ke go ikobela melao ya ga Jehofa, le go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng mo matshelong a bone. (Luke 2:52) Goreng go le botlhokwa gore bakaulengwe ba basha e nne banna ba ba tlhomang sekao?

2-3. Goreng go le botlhokwa gore mokaulengwe yo mosha e nne Mokeresete yo o tlhomang sekao?

2 Monna wa Mokeresete o na le maikarabelo a botlhokwa thata mo lelapeng le mo phuthegong. Bakaulengwe ba basha, ga go pelaelo gore lo ka tswa lo ile lwa akanya ka maikarabelo a lo ka nnang le one mo nakong e e tlang. Gongwe o batla go nna mmulatsela, motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. Gape o ka tswa o batla go nyala le go nna le bana. (Baef. 6:4; 1 Tim. 3:1) Gore o kgone go fitlhelela mekgele eno, o tshwanetse go nna Mokeresete yo o tlhomang sekao. b

3 Ke eng se se ka go thusang gore o nne Mokeresete yo o tlhomang sekao? O tshwanetse go nna le bokgoni bongwe. Mme gone, ke eng se o ka se dirang gore o kgone go ipaakanyetsa maikarabelo ape fela a o ka nnang le one mo nakong e e tlang?

DILO TSE DI KA GO THUSANG

Go etsa Jesu go ka go thusa gore o nne monna yo o tlhomang sekao (Bona serapa 4)

4. O ka etsa bomang ba ba tlhomang sekao? (Bona le setshwantsho.)

4 Etsa batho ba ba tlhomang sekao. Baebele e bua ka banna bangwe ba bakaulengwe ba basha ba ka ba etsang. Banna bao, ba ne ba rata Modimo e bile ba tlhokomela batho ba gagwe ka ditsela tse di farologaneng. Gape go na le bakaulengwe ba ba tlhomang sekao ba o ka ba etsang mo lelapeng le mo phuthegong. (Baheb. 13:7) Mongwe gape yo o ka mo etsang ke Jesu Keresete. (1 Pet. 2:21) Fa o ntse o ithuta ka dinonofo tse dintle tse banna bano ba nang le tsone, leka go ba etsa.​—Baheb. 12:1, 2.

5. Ke eng se se ka go thusang gore o nne le bokgoni jwa go akanya, mme goreng seno se le botlhokwa? (Pesalema 119:9)

5 Nna le “bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21) Motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya, o ipha nako ya go akanya pele a dira ditshwetso ka gonne o a itse gore lepotlapotla le ja podi. Ka jalo dira ka natla gore o nne le bokgoni jono. Goreng bo le botlhokwa? Ka gonne makawana a le mantsi, a dira ditshwetso go ya ka se a se akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone. (Diane 7:7; 29:11) Mo godimo ga moo, thelebishene, di-movie, Internet le metswedi ya go ikgolaganya le ba bangwe, di ka ama tsela e o akanyang ka yone le e o dirang dilo ka yone. Mme gone, ke eng se se ka go thusang gore o nne le bokgoni jwa go akanya? Ithute melaometheo e e mo Baebeleng mme o ipotse gore e ka go tswela mosola jang. Go tswa foo, e dirise gore e go thuse go dira ditshwetso tse di tla itumedisang Jehofa. (Bala Pesalema 119:9.) Fa o na le bokgoni jwa go akanya, o tla kgona go nna monna yo o tlhomang sekao. (Diane 2:11, 12; Baheb. 5:14) A re bone gore bokgoni jwa go akanya bo ka go tswela mosola jang: (1) fa o dirisana le bokgaitsadi le (2) fa o dira tshwetso ya gore o tla apara eng.

6. Mokaulengwe yo mosha yo o nang le bokgoni jwa go akanya a ka bontsha jang gore o tlotla bokgaitsadi?

6 Bokgoni jwa go akanya bo tla go thusa gore o tlotle basadi. Ka sekai, mokaulengwe yo mosha a ka nna a kgatlhegela kgaitsadi mongwe. Le fa go ntse jalo, fa a na le bokgoni jwa go akanya, ga a ka ke a dira sepe fela se se ka dirang gore kgaitsadi a akanye gore o batla go ratana le ene mme ene a sa ikemisetsa go mo nyala. (1 Tim. 5:1, 2) Fa a ratana le kgaitsadi mongwe, o tla bontsha gore o a mo tlotla ka go tlhomamisa gore ka metlha go nna le motho yo mongwe fa ba le mmogo.​—1 Bakor. 6:18.

7. Mokaulengwe yo mosha a ka bontsha jang gore o na le bokgoni jwa go akanya fa a tlhopha diaparo?

7 Gape tsela e mokaulengwe yo mosha a aparang ka yone e ka bontsha gore o na le bokgoni jwa go akanya. Batho ba bantsi ba ba dirang diaparo ga ba tlotle Jehofa, e bile ga ba itshware sentle. Ka jalo ba dira diaparo tse di gagamatsang kgotsa tse di dirang gore banna ba lebege jaaka basadi. Fa mokaulengwe yo mosha yo o nang le bokgoni jwa go akanya a tlhopha diaparo, o ipotsa gore ke eng se se tla itumedisang Jehofa e bile o etsa batho ba ba tlhomang sekao mo phuthegong. A ka ipotsa go re: ‘A tsela e ke aparang ka yone e bontsha gore ke tlotla ba bangwe? A batho ba bangwe ba kgona go lemoga gore ke direla Modimo?’ (1 Bakor. 10:31-33; Tito 2:6) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla tlotla mokaulengwe yo mosha yo o nang le bokgoni jwa go akanya e bile Jehofa o tla mo rata.

8. Mokaulengwe yo mosha a ka dira eng gore batho ba mo tshepe?

8 Dira maikarabelo a o a neilweng. Fa mokaulengwe yo mosha a dira maikarabelo a a a neilweng, ba bangwe ba tla mo tshepa. (Luke 16:10) O ka etsa sekao sa ga Jesu. O ne a sa goge dinao, go na le moo o ne a dira se Jehofa a neng a re a se dire le fa go ne go le thata. O ne a rata batho, segolobogolo barutwa ba gagwe, e bile o ile a ba swela. (Joh. 13:1) Le wena o ka dira ka natla fa o na le kabelo nngwe. Fa o sa itse gore o ka e dira jang, kopa thuso. O se ka wa nna setshwakga. (Bar. 12:11) Fa o nna o gopotse gore o “direla Jehofa, e seng batho,” o tla ntsha ga tshwene. (Bakol. 3:23) Ke nnete gore o tla dira diphoso, ka jalo ikokobetse mme o di amogele.​—Diane 11:2.

ITHUTE BOKGONI BONGWE JO BO RILENG

9. Goreng mokaulengwe yo mosha a tshwanetse go nna le bokgoni bongwe jo bo rileng?

9 O tshwanetse go nna le bokgoni bongwe jo bo rileng gore o kgone go nna mokaulengwe yo o tlhomang sekao. Bokgoni joo bo tla go thusa gore o kgone go dira maikarabelo mangwe mo phuthegong, o nne le lotseno gore o itlhokomele le ba lelapa la gago le gore o dirisane sentle le batho ba bangwe. Mma re bone gore o ka ithuta bokgoni bofe.

Go itse go bala le go kwala go tla go tswela mosola e bile go tla thusa ba bangwe mo phuthegong (Bona serapa 10-11)

10-11. Go itse go bala le go kwala, go tla thusa mokaulengwe yo mosha jang le ba bangwe mo phuthegong? (Pesalema 1:1-3) (Bona le setshwantsho.)

10 Ithute go bala le go kwala. Baebele e a re motho yo o balang Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi e bile a akanyetsa kwa teng ka lone, o tla itumela e bile o tla atlega. (Bala Pesalema 1:1-3.) Fa monna a bala Baebele letsatsi le letsatsi, o tla itse gore ke eng se se itumedisang Jehofa, mme seo se tla mo thusa gore a dirise se a se ithutang. (Diane 1:3, 4) Go tlhokega banna ba ba ntseng jalo mo phuthegong. Goreng re rialo?

11 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhoka bakaulengwe ba ba kgonang go ba ruta le go ba gakolola ba dirisa Baebele. (Tito 1:9) Fa o itse go bala le go kwala, o tla kgona go baakanyetsa dipuo le dikakgelo tse di tla tswelang ba bangwe mosola le tse di tla nonotshang tumelo ya bone. Gape o tla kgona go kwala dintlha fa o ithuta kgotsa o reeditse dipuo kwa dipokanong le kwa dikopanong. Dintlha tseo di tla nonotsha tumelo ya gago, e bile di tla go thusa gore o kgothatse ba bangwe.

12. Ke eng se se tla go thusang gore o kgone go reetsa le go itlhalosa?

12 Ithute go reetsa le go itlhalosa. Gore o kgone go nna Mokeresete yo o tlhomang sekao, o tshwanetse go dira jalo. Seno se raya gore o tshwanetse go reetsa le go tlhaloganya gore batho ba bangwe ba ikutlwa jang. (Diane 20:5) Go le gantsi o kgona go lemoga gore motho o ikutlwa jang ka tsela e a buang ka yone le e a lebegang ka yone mo sefatlhegong. Mme gone o ka se kgone go dira jalo fa o sa fetse nako le batho mme o nna o bua fela le bone mo didirisiweng tsa ileketeroniki. Ka jalo, go botlhokwa gore o fetse nako le batho o tlotla le bone.​—2 Joh. 12.

Ithute bokgoni jo bo tla go thusang go nna le lotseno (Bona serapa 13)

13. Ke eng gape se mokaulengwe yo mosha a tshwanetseng go se ithuta? (1 Timotheo 5:8) (Bona le setshwantsho.)

13 Ithute bokgoni bongwe jo bo tla go thusang go nna le lotseno. Monna wa Mokeresete yo o tlhomang sekao, o a itlhokomela e bile o tlhokomela le ba lelapa la gagwe. (Bala 1 Timotheo 5:8.) Mo dinageng dingwe, bakaulengwe ba basha ba ithuta bokgoni mo go borraabone kgotsa mo go bangwe ba losika. Mme mo go tse dingwe ba bo ithuta kwa sekolong. Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, ithute bokgoni bongwe jo bo ka go thusang gore o bone tiro. (Dit. 18:2, 3; 20:34; Baef. 4:28) Dira ka natla, mme fa o simolotse tiro, tlhomamisa gore o a e fetsa. Fa batho ba bangwe ba lemoga seo ba tla go tlotla. Gape seo se tla go thusa gore o kgone go bona tiro. Dintlha tse re setseng re tlotlile ka tsone mo setlhogong seno, di tla go thusa gore o kgone go dira maikarabelo a o ka nnang le one mo nakong e e tlang. A re tlotle ka mangwe a maikarabelo ao.

IPAAKANYETSE MAIKARABELO A O KA NNANG LE ONE

14. Ke eng se se ka thusang mokaulengwe yo mosha gore a tsenele tirelo ya nako e e tletseng?

14 O ka nna wa tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Bakaulengwe ba bantsi ba ba tlhomang sekao ba ile ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng ba sa le basha. Go nna mmulatsela go ka thusa mokaulengwe yo mosha gore a ithute go dirisana le batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng. Gape go ka mo thusa gore a itse go dirisa madi sentle le gore a se ka a itsenya mo dikolotong. (Bafil. 4:11-13) Batho ba le bantsi ba simolola pele ka go nna babulatsela ba ba thusang mme moragonyana e bo e nna babulatsela ba ka metlha. Bakaulengwe ba basha le bone ba ka dira jalo. Fa o le mmulatsela, o ka kgona go dira dilo di le dintsi mo tirelong ya ga Jehofa. Ka sekai, o ka thusa mo tirong ya go aga kgotsa wa direla kwa Bethele.

15-16. Ke eng se se ka thusang mokaulengwe yo mosha gore e nne motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane?

15 O ka nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. Bakaulengwe botlhe ba tshwanetse go dira dilo tse di tla ba thusang gore ba tshwanelege go nna bagolwane. Baebele e a re fa ba dira jalo ba “eletsa go dira tiro e e molemo.” (1 Tim. 3:1) Pele mokaulengwe e nna mogolwane, o tshwanetse go nna motlhanka wa bodiredi. Batlhanka ba bodiredi ba thusa bagolwane go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi, e bile bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba dira ka natla mo tirong ya go rera. Mokaulengwe yo mosha e ka nna motlhanka wa bodiredi tota le fa a ise a tshware dingwaga di le 20. Mme motlhanka wa bodiredi yo o tlhomang sekao yo o setseng a tshwereng dingwaga di le 20, a ka tlhomiwa go nna mogolwane.

16 O ka dira eng gore o tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane? Baebele e a re o tshwanetse go nna le dinonofo dingwe tse di rileng. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go nna le tsone ka gonne o rata Jehofa, ba lelapa la gaeno le bakaulengwe le bokgaitsadi. (1 Tim. 3:1-13; Tito 1:6-9; 1 Pet. 5:2, 3) Ka jalo dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne le dinonofo tseo, mme o kope Jehofa gore a go thuse. c

Jehofa o batla gore monna a rate mosadi wa gagwe le bana, a ba tlhokomele le gore a ba thuse go atamalana le ene (Bona serapa 17)

17. Mokaulengwe yo mosha a ka ipaakanya jang fa e le gore o batla go nyala? (Bona le setshwantsho.)

17 O ka nna wa nyala. Jesu o ile a re banna bangwe ba ka nna ba tlhopha go sa nyale. (Math. 19:12) Mme fa o tlhopha go nyala, o tla nna tlhogo ya mosadi wa gago. (1 Bakor. 11:3) Jehofa o batla gore monna a rate mosadi wa gagwe, a mo tlhokomele le gore e nne tsala ya gagwe. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe go atamalana le Jehofa. (Baef. 5:28, 29) Mo setlhogong seno re tlotlile ka dintlha dingwe tse di ka go thusang gore o kgone go dira maikarabelo ao. Ka sekai, re ile ra bona gore o tshwanetse go nna le bokgoni jwa go akanya, go tlotla basadi le go dira maikarabelo a o a neilweng.

18. Mokaulengwe yo mosha a ka ipaakanya jang pele a nna le bana?

18 O ka nna le bana. Fa o sena go nyala, o ka nna le bana. Go na le dilo tse dintsi tse o ka di ithutang mo go Jehofa ka go dira maikarabelo ao. (Baef. 6:4) Jehofa o ne a bolelela Morwawe gore o a mo rata le gore o a mo amogela. (Math. 3:17) Fa o nna le bana, ba bolelele gore o a ba rata o bo o ba akgolele dilo tse dintle tse ba di dirang. Borre ba ba etsang Jehofa, ba thusa bana ba bone gore e nne banna le basadi ba ba tlhomang sekao. O ka ipaakanyetsa maikarabelo ao ka go tlhokomela ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong, e bile o ka ba bolelela gore o a ba rata le gore ba botlhokwa. (Joh. 15:9) Go dira jalo go tla go thusa fa o nyala le fa o nna le bana. Mme gone jaanong Jehofa o tla go dirisa e bile o tla kgona go thusa ba bangwe mo phuthegong le mo lelapeng.

O TLA DIRA ENG?

Bakaulengwe ba bantsi ba basha ba ba ileng ba dirisa se ba se ithutileng mo Baebeleng ba ile ba nna Bakeresete ba ba tlhomang sekao (Bona serapa 19-20)

19-20. Ke eng se se tla thusang bakaulengwe ba basha gore e nne banna ba ba tlhomang sekao? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

19 Bakaulengwe ba basha, lo tshwanetse go dira ka natla gore lo nne Bakeresete ba ba tlhomang sekao. Lo tshwanetse go nna le bokgoni jwa go akanya, go dira maikarabelo a lo a neilweng, go etsa batho ba ba tlhomang sekao, go nna le bokgoni bongwe jo bo rileng le go ipaakanyetsa maikarabelo a lo ka nnang le one mo nakong e e tlang.

20 Gone ke boammaaruri gore o ka akanya gore dilo tse o tshwanetseng go di dira di dintsi thata. Mme gone o ka kgona. Nna o gopotse gore Jehofa o batla go go thusa. (Isa. 41:10, 13) Bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba tla go thusa, mme seo se tla dira gore o itumelele go direla Jehofa. Re a lo rata bakaulengwe ba basha, e bile re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla lo segofatsa fa lo ntse lo dira ka natla go nna banna ba ba tlhomang sekao.​—Diane 22:4.

PINA 65 Gatelang Pele!

a Go tlhokega banna ba ba tlhomang sekao mo phuthegong ya ga Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore bakaulengwe ba basha ba ka dira eng gore e nne banna ba ba tlhomang sekao.

b Bona “Tlhaloso” mo setlhogong se se fetileng.

c Bona buka ya setlhogo se se reng Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, kgao. 5-6.