Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 51

Dilo Tse o di Solofetseng di Tla Direga

Dilo Tse o di Solofetseng di Tla Direga

“Tsholofelo ga e swabise.”​—BAR. 5:5.

PINA 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Goreng Aborahame a ne a dumela gore o tla nna le ngwana?

 JEHOFA o ile a solofetsa Aborahame gore o tla nna le morwa le gore ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwa ka ntlha ya gagwe. (Gen. 15:5; 22:18) Go ne go lebega e kete seo ga se kitla se direga ka gonne fa Aborahame a na le dingwaga di le 100 mme Sara di le 90, ba ne ba ise ba nne le ngwana. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng ka gonne o ne a na le tumelo. (Gen. 21:1-7) Baebele e a re: “[Aborahame] o ne a na le tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi go dumalana le se se neng sa buiwa.” (Bar. 4:18) Jaaka o itse, Jehofa ga a ka a swabisa Aborahame, o ne a nna le ngwana wa mosimane yo o bidiwang Isake. Ke eng fa Aborahame a ne a tlhwatswegile pelo jaana gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng?

2. Goreng Aborahame a ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng?

2 Aborahame o ne a atamalane le Jehofa, ka jalo o ne a “tlhwatswegile pelo gore se Modimo a neng a se solofeditse o ne a tla se diragatsa.” (Bar. 4:21) Jehofa o ne a rata Aborahame e bile a mo tsaya e le motho yo o siameng ka gonne o ne a na le tumelo. (Jak. 2:23) Baroma 4:18 e tlhalosa gore Aborahame o ne a na le tumelo le tsholofelo. Mma re bone gore moaposetoloi Paulo a reng ka tsholofelo mo go Baroma kgaolo 5.

3. Paulo o ile a reng ka tsholofelo?

3 Mo go Baroma kgaolo 5, Paulo o tlhalosa gore ke eng fa ‘tsholofelo e sa swabise.’ (Bar. 5:5) Gape o re thusa go bona gore ke eng se se ka dirang gore re dumele le go feta gore dilo tse re di solofetseng di tla direga. Fa re ntse re tlotla ka Baroma 5:1-5, akanya ka se se go diragaletseng. Fa o dira jalo, o tla lemoga gore fa nako e ntse e tsamaya, o ile wa tlhatswega pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng. Setlhogo seno se tla tlhalosa gore ke eng se se tla go thusang gore o tlhatswege pelo le go feta gore dilo tse re di solofetseng di tla direga. Mma re simolole ka go tlotla ka tsholofelo e re nang le yone e Paulo a reng ga e swabise.

SE RE SE SOLOFETSENG

4. Go buiwa ka eng mo go Baroma 5:1 le 2?

4 Bala Baroma 5:1, 2. Paulo o ne a kwaletse Bakeresete ba kwa Roma mafoko ano. Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ile ba ithuta ka Jehofa le Jesu, ba nna le tumelo ba bo ba kolobediwa. Ka jalo, Modimo o ne a ba ‘bolela e le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo,’ a bo a ba tlotsa ka moya o o boitshepo. Seno se ile sa dira gore ba nne le tsholofelo e e itumedisang e bile ba ne ba ka tlhatswega pelo gore se ba se solofetseng se tla direga.

5. Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le tsholofelo efe?

5 Moragonyana Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Efeso ka se Modimo a neng a ba solofeditse sone. Ba ne ba tla newa ‘masego a a itumedisang a a newang ba ba boitshepo.’ (Baef. 1:18) Gape Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Kolosa gore ba ne ba tla bona tuelo eo kwa kae. O ne a re ke ‘masego a ba a beetsweng kwa magodimong.’ (Bakol. 1:4, 5) Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le tsholofelo ya go tsosediwa kwa legodimong go ya go busa le Keresete.​—1 Bathes. 4:13-17; Tshen. 20:6.

Mokaulengwe F. W. Franz o ile a bua sengwe se se bontshang gore batlodiwa ba tlhatswegile pelo gore se ba se solofetseng se tla direga (Bona serapa 6)

6. Mokaulengwe mongwe yo o tloditsweng o ne a reng ka tsholofelo e a nang le yone?

6 Bakeresete ba ba tloditsweng ba anaanela se Modimo a ba solofeditseng sone. Mongwe wa bone ke Mokaulengwe Frederick Franz. O ne a re: “Tsholofelo ya rona ke selo se se tlhomamisegang tota, mme e tla diragadiwa ka botlalo mo go mongwe le mongwe wa maloko a a 144 000 a letsomanyane go ya mo selekanyong se segolo thata se se fetang se re neng re ka se akanya.” Mokaulengwe Franz o ne a direla Jehofa ka lobaka lo loleele. Mme ka 1991 o ne a re: “Ga re a ka ra latlhegelwa ke kafa tsholofelo eo e leng botlhokwa ka teng. . . . Re e anaanela le go feta fa re ntse re e letile. Ke sengwe se tota se tshwanelang go letiwa, le eleng lefa se ne se ka tlhoka go emelwa dingwaga di le dimilione. Ke tsaya tsholofelo eno ya rona e le botlhokwa thata go gaisa jaaka fa ke ne ke e tsaya pele.”

7-8. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba na le tsholofelo efe? (Baroma 8:20, 21)

7 Batho ba le bantsi ba ba obamelang Jehofa gompieno ba na le tsholofelo e Aborahame a neng a na le yone. Ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng go busa Bogosi Jwa Modimo. (Baheb. 11:8-10, 13) Paulo o ile a kwala ka tsholofelo eo. (Bala Baroma 8:20, 21.) Fa o ne o simolola go ithuta ka dilo tse Modimo a solofetsang gore o tla di dira, ke eng se se neng sa go kgatlha thata? A o ne wa kgatlhiwa ke go itse gore letsatsi lengwe re tla bo re se na boleo? Kgotsa gore o tla boa o bona batho ba ba tlhokafetseng ba o ba ratang? Ga go pelaelo gore o lebile pele go bona dilo tse di itumedisang tse Modimo a re solofeditseng tsone.

8 Le fa re ka tswa re tlile go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, se re se solofetseng se dira gore re itumele e bile re tlhatswegile pelo gore se tla direga. Paulo o re thusa go tlhaloganya gore seo se ka direga jang. A jaanong re tlotle ka se a ileng a se bua ka tsholofelo e re nang le yone. Go dira jalo go tla re thusa gore re tshepe le go feta gore dilo tse re di solofeditsweng di tla direga.

SE SE DIRANG GORE RE TLHATSWEGE PELO

Bakeresete botlhe ba tla nna le mathata (Bona serapa 9-10)

9-10. Se se ileng sa diragalela Paulo se re ruta gore Bakeresete ba tshwanetse go nna ba lebeletse eng? (Baroma 5:3) (Bona le ditshwantsho.)

9 Bala Baroma 5:3. Paulo o ne a re mathata a dira gore re tlhatswege pelo gore dilo tse di itumedisang tse Modimo a re solofeditseng tsone di tla direga. Seno se ka go gakgamatsa. Mme gone, balatedi botlhe ba ga Keresete ba tshwanetse go lebelela gore ba tla welwa ke mathata. Paulo le ene o ile a nna le mathata. Ka sekai, o ile a raya Bakeresete ba kwa Thesalonika a re: “Fa re ne re na le lona, re ne re tle re lo bolelele gore re tlile go tlelwa ke dipitlagano, mme fela jaaka lo itse, seo se ne sa direga.” (1 Bathes. 3:4) Gape o ne a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Re batla go lo bolelela ka mathata a re neng ra nna le one . . . Re ne re sa itse gore a re tla tshela kgotsa nnyaa.”​—2 Bakor. 1:8; 11:23-27.

10 Le rona gompieno re ka nna le mathata a a tshwanang le ano. (2 Tim. 3:12) A o kile wa bogisiwa ka gonne o dumela mo go Jesu e bile o le molatedi wa gagwe? Gongwe ditsala le ba masika ga ba go tshware sentle. Kgotsa gongwe mothapi wa gago le batho ba o berekang le bone ba go thatafaletsa botshelo ka gonne o ikanyega. (Baheb. 13:18) A puso e go thibela go bolelela ba bangwe ka se o se dumelang? Le fa re ka tswa re kopana le mathata afe, Paulo a re re tshwanetse go itumela. Goreng a rialo?

11. Goreng re tshwanetse go tswelela re itshokile le fa re ka lebana le mathata?

11 Re ka kgona go itumela le fa re na le mathata ka gonne mathata a dira gore re nne le nonofo nngwe ya botlhokwa. Baroma 5:3 e a re: “Pitlagano e re thusa go itshoka.” Rotlhe fela re tlile go nna le mathata. Ka jalo, re tshwanetse go ikemisetsa gore re tla tswelela re itshokile le fa re ka nna le mathata afe. Seno se botlhokwa ka gonne fa re dira jalo, re tla itumelela go bona fa Jehofa a dira dilo tse a re solofeditseng tsone. Ga re batle go tshwana le batho ba Jesu a neng a akantse ka bone fa a ne a bua ka peo e e neng e wetse mo mmung o o nang le matlapa. Ba ne ba amogela lefoko ka boitumelo mme fa ba sena go kopana le mathata kgotsa ba bogisiwa ba ile ba felelwa ke tumelo. (Math. 13:5, 6, 20, 21) Gone ke nnete gore ga go na ope yo o itumelang fa a na le mathata. Mme gone, go tswelela re itshokile go tla re tswela mosola. Re raya jang?

12. Go itshokela diteko go re tswela mosola jang?

12 Jakobe o ile a tlhalosa gore go itshokela diteko go re tswela mosola jang. O ne a re: “Letlang gore boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle mo dilong tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jak. 1:2-4) Jakobe a re boitshoko bo na le tiro e bo tshwanetseng go e dira. Ke tiro efe eo? Bo ka re thusa gore re nne le dinonofo tse di jaaka bopelotelele le tumelo e bile bo ka re thusa gore re ikaege ka Jehofa. Mme ga go felele foo, go itshokela diteko go ka re tswela mosola ka tsela e nngwe gape.

13-14. Go itshoka go re tswela mosola jang, mme go itse gore Jehofa o itse se re se dirang go re ama jang? (Baroma 5:4)

13 Bala Baroma 5:4. Paulo a re boitshoko bo dira gore “Modimo a re amogele.” Seno ga se reye gore Jehofa o a itumela fa a re bona re le mo gare ga dinaka tsa kukama. Go na le moo, o a itumela fa a bona re tswelela re itshokile le fa re na le mathata. Eleruri seno se a kgothatsa!​—Pes. 5:12.

14 Aborahame o ne a tswelela a itshokile le fa a ne a na le mathata, mme seno se ne sa dira gore Modimo a mo amogele. Jehofa o ne a tsaya Aborahame e le motho yo o siameng e bile o ne a mmitsa tsala ya gagwe. (Gen. 15:6; Bar. 4:13, 22) Go ka nna fela jalo le ka rona. Nna o gopotse gore se re kgonang go se dira mo tirong ya ga Jehofa le ditshiamelo tse re nang le tsone, ga se tsone tse di dirang gore Jehofa a re amogele. Go na le moo, o tla re amogela fa re tswelela re itshokile le fa gone re na le mathata. Gape nna o gopotse gore rotlhe fela re ka kgona go tswelela re itshokile le fa re ka tswa re na le dingwaga tse kae, re na le maemo afe kgotsa bokgoni bofe. A o tshwere phage ka mangana mme o tswelela o itshokile? Fa go le jalo, itse gore Jehofa o itumelela se o se dirang. Fa re itse gore Jehofa o itumelela se re se dirang, re tlhatswega pelo gore o tla dira se a se solofeditseng.

TSHOLOFELO GA E SWABISE

15. Paulo o ne a reng mo go Baroma 5:4 le 5, mme seno se ka dira gore motho a ipotse potso efe?

15 Paulo o ile a tlhalosa gore fa re itshokela diteko, Modimo o tla re amogela. Go tswa foo, o ne a re: “Fa Modimo a re amogela re nna le tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise.” (Bar. 5:4, 5) Seno se ka lebega se gakgamatsa ka gonne mo go Baroma 5:2 Paulo o ne a setse a tlhalositse gore Bakeresete ba kwa Roma ba na le tsholofelo ya go amogela “kgalalelo ya Modimo.” Ka jalo, mongwe a ka ipotsa go re, ‘Fa e le gore Bakeresete bao ba ne ba setse ba na le tsholofelo, ke eng fa Paulo a bua ka yone gape?’

Fa nako e ntse e tsamaya, o ne wa tlhatswega pelo le go feta gore dilo tse re di solofetseng di tla direga. O lebile pele go di bona e bile o di lebogela fela thata (Bona serapa 16-17)

16. Ke eng se se dirang gore motho a dumele gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng? (Bona le ditshwantsho.)

16 Paulo o ne a raya gore Bakeresete bao ba ne ba tla tlhatswega pelo le go feta gore dilo tse ba di solofetseng di tla direga. Mma re dire sekai: A o gopola fa o ne o simolola go ithuta ka dilo tse dintle tse Jehofa a re solofetsang tsone mo Lefokong la gagwe? Gongwe kwa tshimologong o ne o tsaya gore kgang ya gore re tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Le fa go ntse jalo, fa o ntse o ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le ka dilo tse a solofetsang gore o tla di dira, o ne wa dumela gore di tla direga.

17. Fa o sena go kolobediwa, ke eng se se ileng sa go tlhatswa pelo gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng?

17 Tota le fa o sena go kolobediwa, o ne wa tswelela o ithuta ka Jehofa o bo o mo rata le go feta. Seo se ile sa dira gore o tlhatswege pelo gore o tla dira se a se solofeditseng. (Baheb. 5:13–6:1) Ga go pelaelo gore o ile wa diragalelwa ke se se tlhalosiwang mo go Baroma 5:2-4. O ile wa nna le mathata o bo o a itshokela, mme o ne wa lemoga gore Jehofa o a go rata. E re ka o ne o lemoga gore Jehofa o a go rata e bile o itumelela se o se dirang, o ne wa tlhatswega pelo le go feta gore o tla dira dilo tse a di solofeditseng, mme seo se ile sa dira gore o fetoge. Ka sekai, tsela e o dirang dilo ka yone e ile ya fetoga. Tsela e o dirisanang le ba lelapa, e o dirang ditshwetso le e o dirisang nako ya gago ka yone e ile ya fetoga.

18. Jehofa o re netefaletsa eng?

18 Jehofa o re netefaletsa gore dilo tse re di solofetseng di tla direga. Goreng re ka tlhatswega pelo ka seo? O ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a kwale a re: “Tsholofelo ga e swabise; ka gonne Modimo o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo o a re nayang one go bontsha gore o a re rata.” (Bar. 5:5) Ka jalo, ga re na lebaka lepe la go belaela gore Jehofa o tla dira se a re solofeditseng sone.

19. O ka tlhatswega pelo ka eng?

19 Jehofa o ile a solofetsa Aborahame gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofadiwa ka ntlha ya gagwe e bile o ne a tsaya Aborahame e le tsala ya gagwe. Jaaka o itse, Jehofa o ile a dira se a neng a se solofeditse. Baebele e a re: “Fa Aborahame a sena go nna pelotelele, o ne a amogela tsholofetso eno.” (Baheb. 6:15; 11:9, 18; Bar. 4:20-22) Jehofa ga a ka a swabisa Aborahame. Ka jalo, le wena o ka tlhatswega pelo gore dilo tse o di solofetseng di tla direga. Jehofa ga a kitla a go swabisa. Eleruri o na le mabaka a le mantsi a go itumela! (Bar. 12:12) Paulo o ne a re: “E kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka dira gore lo itumele thata lo bo lo nne le kagiso e ntsi ka gonne lo mo ikanya, le gore moya o o boitshepo o tlatse dipelo tsa lona ka tsholofelo.”​—Bar. 15:13.

PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

a Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse re solofetseng gore di tla direga mo nakong e e tlang, e bile re tla bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore di tla direga. Baroma kgaolo 5 e tla re thusa go bona gore fa re ne re simolola go ithuta Baebele, ke eng se se ileng sa re thusa go tlhatswega pelo gore dilo tse re di solofetseng di tla direga.