Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

Re Tsewa re Siame ka Ntlha ya Tumelo

Re Tsewa re Siame ka Ntlha ya Tumelo

“Latelang tumelo e rraaronamogolo Aborahame a neng a na le yone.”​—BAR. 4:12.

PINA 119 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Fa re akanya ka tumelo ya ga Aborahame, re ka nna ra ipotsa potso efe?

 BATHO ba le bantsi ba ka tswa ba utlwetse ka Aborahame, mme go na le mo gontsi mo ba sa go itseng ka ene. Le fa go ntse jalo, wena o itse dilo di le dintsi ka ene. Ka sekai, o itse gore Baebele e mmitsa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.” (Bar. 4:11) Mme gone, o ka tswa o ipotsa go re, ‘A nka kgona go nna le tumelo e e nonofileng jaaka ya ga Aborahame?’ Ee, o ka kgona.

2. Goreng go le botlhokwa gore re ithute ka Aborahame? (Jakobe 2:22, 23)

2 Go ithuta ka Aborahame go ka re thusa gore re nne le tumelo e e tshwanang le ya gagwe. Ka metlha Aborahame o ne a dira se Modimo a neng a mo laela gore a se dire. O ile a fudugela kwa lefelong le le kgakala le legae la gagwe. Gape o ile a nna mo ditenteng dingwaga di le dintsi. Mo godimo ga moo, fa Modimo a ne a mo kopa gore a ntshe morwawe e bong Isake setlhabelo, ga a ka a gana. Dilo tseno tsotlhe di ne di bontsha gore Aborahame o na le tumelo e e nonofileng. Jehofa o ne a itumelela se Aborahame a neng a se dira e bile Aborahame o ne a nna tsala ya gagwe. (Bala Jakobe 2:22, 23.) Jehofa o batla gore rotlhe, go akaretsa le wena, re nne ditsala tsa gagwe le gore a re amogele. Ke gone ka moo a ileng a laela Paulo le Jakobe gore ba kwale ka Aborahame. Re tlile go tlotla ka sengwe sa botlhokwa se Baroma kgaolo 4 le Jakobe kgaolo 2 e se buang ka ene.

3. Paulo le Jakobe ba ile ba nopola temana efe?

3 Paulo le Jakobe ba ile ba nopola mafoko a a mo go Genesise 15:6, a a reng: “[Aborahame] o ne a dumela mo go Jehofa, mme a tsewa e le motho yo o siameng ka ntlha ya tumelo ya gagwe.” Jehofa o tsaya motho a siame fa e le gore o dira dilo tse di mo itumedisang. Ruri go a kgothatsa go itse gore le fa re na le boleo, Jehofa o kgona go re tsaya re le batho ba ba siameng! Ga go pelaelo gore le wena o batla gore Jehofa a go tseye o le motho yo o siameng, mme go a kgonega. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore ke eng fa Jehofa a ne a re Aborahame ke motho yo o siameng, e bile re tla bona gore rona re tshwanetse go dira eng gore Modimo a re tseye re siame.

RE TSEWA RE SIAME FA RE NA LE TUMELO

4. Paulo o ile a reng mo lekwalong la Baroma?

4 Mo lekwalong la Baroma, Paulo o ile a tlhalosa gore batho botlhe ba na le boleo. (Bar. 3:23) Mme gone, ke eng se se ka dirang gore Modimo a re tseye re siame? Paulo o ile a dirisa sekai sa ga Aborahame go re thusa go araba potso eo.

5. Goreng Jehofa a ne a re Aborahame ke motho yo o siameng? (Baroma 4:2, 4)

5 Jehofa o ile a re Aborahame ke motho yo o siameng fa a ne a sa ntse a nna kwa Kanana. A Jehofa o ile a re Aborahame ke motho yo o siameng ka gonne a ikobela Molao wa ga Moshe? Nnyaa. Re itse jang? (Bar. 4:13) Ka nako eo, Molao oo o ne o ise o nne teng. Jehofa o ile a o naya Baiseraele dingwaga di feta 400 moragonyana. Ka jalo, goreng Modimo a ne a re Aborahame ke motho yo o siameng? E re ka Jehofa a na le bopelonomi jo bogolo, o ile a re Aborahame ke motho yo o siameng ka gonne o ne a na le tumelo.​—Bala Baroma 4:2-4.

6. Goreng Jehofa a ka re motho o siame le fa gone a na le boleo?

6 Paulo o ile a re fa motho a dumela mo Modimong, “motho yoo o tsewa a siame ka ntlha ya tumelo ya gagwe.” (Bar. 4:5) Gape o ne a re: “Dafide le ene o ne a bua ka motho yo o itumelang ka gonne Modimo a mo tsaya e le motho yo o siameng tota le fa a sa berekela tshiamo eo, a re: ‘Go itumela ba ba itshwaretsweng diphoso le ba maleo a bone a phimotsweng; go itumela motho yo Jehofa a se kitlang a gakologelwa boleo jwa gagwe.’” (Bar. 4:6-8; Pes. 32:1, 2) Modimo o itshwarela kgotsa o phimola maleo a batho ba ba dumelang mo go ene e bile ga a tlhole a akanya ka one. O ba tsaya ba siame ka gonne ba na le tumelo.

7. Goreng re ka re batho ba Modimo ba mo nakong e e fetileng e ne e le batho ba ba siameng?

7 Modimo o ne a tsaya Aborahame, Dafide le batlhanka ba bangwe ba gagwe e le batho ba ba siameng le fa gone ba ne ba na le boleo. O ne a dira jalo ka gonne ba ne ba na le tumelo e bile ba sa tshwane le batho ba ba neng ba sa mo obamele. (Baef. 2:12) Mo lekwalong la Baroma, Paulo o ile a tlhalosa gore re tshwanetse go nna le tumelo gore re kgone go nna ditsala tsa Modimo. Aborahame le Dafide e ne e le ditsala tsa Modimo ka gonne ba ne ba na le tumelo, mme go ka nna fela jalo le ka rona.

TUMELO E AMANA JANG LE DITIRO?

8-9. Batho bangwe ba akanya eng ka se Paulo le Jakobe ba ileng ba se kwala, mme ka ntlha ya eng?

8 Go fetile dingwaga di le dintsi baruti ba ganetsana ka kgang ya gore tumelo le ditiro di a amana. Bangwe ba bone ba ruta gore motho o tlhoka fela go dumela mo go Morena Jesu Keresete gore a bolokwe. O ka tswa o ile wa ba utlwa ba re: “Dumela mo go Jesu mme o tla bolokwa.” Ba ka tswa ba tsaya gore ke se Paulo a neng a se bua fa a ne a re: ‘Modimo o tsaya motho a siame tota le fa a sa berekela tshiamo eo.’ (Bar. 4:6) Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba re motho a ka bolokwa fa a dira dilo tse di siameng e bile a ya kwa mafelong a a tsewang a le boitshepo. Ba ka dirisa Jakobe 2:24 go buelela kgang eo. Temana eno e a re: “Motho o tla kaiwa a siame ka ntlha ya ditiro tsa gagwe, mme e seng ka tumelo fela.”

9 Dikakanyo tseno tse di sa tshwaneng, di ile tsa dira gore batho bangwe ba ba ithutang Baebele ba akanye gore se Paulo le Jakobe ba se kwadileng ga se dumalane. Baruti bangwe ba re Paulo o ne a dumela gore motho o tlhoka fela go nna le tumelo gore Modimo a mo amogele, mme Jakobe ene o ne a dumela gore motho o tshwanetse go dira dilo tse di siameng gore Modimo a mo amogele. Porofesa mongwe wa bodumedi o ile a re Jakobe o ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa Paulo a re motho o tshwanetse go nna le tumelo fela gore a tsewe a siame, e bile Jakobe o ne a sa dumalane le se Paulo a neng a se bua. Le fa go ntse jalo, se Paulo le Jakobe ba ileng ba se kwala se ne se tswa kwa Modimong. (2 Tim. 3:16) Go sekaseka se ba neng ba bua ka sone, go tla re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa go ka lebega e kete ga ba dumalane.

Paulo o ile a bolelela Bakeresete ba Bajuda ba kwa Roma gore tumelo e botlhokwa go na le go ikobela Molao wa ga Moshe (Bona serapa 10) b

10. Paulo o ne a bua ka ditiro dife? (Baroma 3:21, 28) (Bona le setshwantsho.)

10 Ditiro tse Paulo a neng a bua ka tsone mo go Baroma kgaolo 3 le 4 ke dife? O ne a bua ka go ikobela Molao wa ga Moshe o Jehofa a neng a o neile Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai. (Bala Baroma 3:21, 28.) Go lebega ka nako eo, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba dumela gore ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe. Ka jalo Paulo o ile a dirisa sekai sa ga Aborahame go ba bontsha gore motho ga a tlhoke go ikobela Molao oo gore Modimo a mo amogele. Go na le moo, motho o tshwanetse go nna le tumelo. Se Paulo a ileng a se bua se a kgothatsa ka gonne se re thusa go lemoga gore fa re dumela mo Modimong le mo go Keresete, Modimo o tla re amogela.

Jakobe o ile a rotloetsa Bakeresete gore ba dire dilo tse di bontshang gore ba na le tumelo, tse di jaaka go thusa ba bangwe ba sa ba tlhaole (Bona serapa 11-12) c

11. Jakobe o ne a bua ka ditiro dife?

11 Ditiro tse go buiwang ka tsone mo go Jakobe kgaolo 2, ga se ditiro tse Molao wa ga Moshe o neng o laela batho gore ba di dire. Jakobe o ne a bua ka dilo tse Bakeresete ba tshwanetseng go di dira letsatsi le letsatsi. Dilo tseo ke tsone tse di bontshang gore a motho o dumela mo Modimong kgotsa nnyaa. A re tlotle ka dingwe tsa tsone.

12. Jakobe o ile a bontsha jang gore tumelo le ditiro di a amana? (Bona le setshwantsho.)

12 Jakobe o ile a tlhalosa gore Bakeresete ba tshwanetse go tshwara batho botlhe ka go lekana. O ile a dira sekai ka motho mongwe yo o neng a tseela mohumi kwa godimo mme a tseela mohumanegi kwa tlase. O ile a tlhalosa gore motho yoo a ka nna a ipolelela gore o na le tumelo, mme ditiro tsa gagwe di a mo latola. (Jak. 2:1-5, 9) Gape o ile a dira sekai ka motho yo o bonang ‘mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a tlhoka diaparo kgotsa dijo,’ a bo a sa mo thuse. Tota le fa motho yoo a ka ipolelela gore o na le tumelo, dilo tse a di dirang ga di bontshe jalo. Fela jaaka Jakobe a ile a tlhalosa, ‘tumelo fa e se na ditiro, e sule.’​—Jak. 2:14-17.

13. Jakobe o ile a dirisa sekai sefe go gatelela gore re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo ka se re se dirang? (Jakobe 2:25, 26)

13 Jakobe o ile a dirisa sekai sa ga Rahabe go gatelela gore motho o tshwanetse go bontsha ka se a se dirang gore o na le tumelo. (Bala Jakobe 2:25, 26.) Rahabe o ile a utlwela ka se Jehofa a ileng a se dira, mme o ile a lemoga gore Jehofa o ema Baiseraele nôkeng. (Josh. 2:9-11) O ile a bontsha gore o na le tumelo ka go sireletsa ditlhola tse pedi tsa Baiseraele fa kgosi e ne e batla go ba bolaya. Le fa a ne a dira diphoso e bile a sa ikobele Molao wa ga Moshe, Jehofa o ile a mo tsaya e le motho yo o siameng ka ntlha ya se a ileng a se dira. Se Rahabe a ileng a se dira, se re thusa go lemoga gore re tshwanetse go bontsha ka se re se dirang gore re na le tumelo.

14. Goreng re ka re se Paulo le Jakobe ba ileng ba se bua ga se ganetsane?

14 Se Paulo le Jakobe ba ileng ba se bua ga se ganetsane. Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba Bajuda gore ga ba tlhoke go ikobela Molao wa ga Moshe gore Modimo a ba amogele. Jakobe ene o ne a gatelela ntlha ya gore Bakeresete ba tshwanetse go bontsha gore ba na le tumelo ka go thusa batho ba bangwe.

A tumelo e go tlhotlheletsa gore o dire dilo tse Jehofa a di amogelang? (Bona serapa 15)

15. Re ka dira dilo dife go bontsha gore re na le tumelo? (Bona le setshwantsho.)

15 Jehofa ga a lebelela gore re dire sengwe le sengwe se Aborahame a ileng a se dira gore a re tseye re le batho ba ba siameng. Go na le dilo di le dintsi tse re ka di dirang go bontsha gore re na le tumelo. Re ka amogela ba ba tlang mo phuthegong, ra thusa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re ka tlhokomela ba malapa a rona. Fa re dira jalo, Modimo o tla re amogela e bile o tla re segofatsa. (Bar. 15:7; 1 Tim. 5:4, 8; 1 Joh. 3:18) Sengwe gape sa botlhokwa se re ka se dirang, ke go bolelela batho dikgang tse di molemo. (1 Tim. 4:16) Mo godimo ga moo, re ka dira dilo tse di bontshang gore re dumela gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng, le gore melao ya gagwe e re tswela mosola. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re tsaya re le batho ba ba siameng e bile o tla re bitsa ditsala tsa gagwe.

TSHOLOFELO E NONOTSHA TUMELO YA RONA

16. Ke eng se Aborahame a neng a solofetse gore se tla direga?

16 Go na le sengwe gape sa botlhokwa se re ka se ithutang mo go Aborahame mo go Baroma kgaolo 4. Re ithuta gore re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse Jehofa a re solofetsang tsone. Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore “ditšhaba di le dintsi” di tla segofadiwa ka ntlha ya gagwe. Ntle le pelaelo, Aborahame o ne a nna a lebile pele go bona seo se direga. (Gen. 12:3; 15:5; 17:4; Bar. 4:17) Le fa go ntse jalo, fa Aborahame a na le dingwaga di le 100 mme Sara di le 90, ba ne ba ise ba nne le ngwana. Go ne go ka lebega e kete seo se ka se direge. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a tswelela a na le “tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.” (Bar. 4:18, 19) Se se itumedisang ke gore se Aborahame a neng a se solofetse se ile sa direga. O ne a nna rraagwe Isake.​—Bar. 4:20-22.

17. Re itse jang gore Modimo a ka re tsaya re le batho ba ba siameng?

17 Modimo a ka re tsaya re le batho ba ba siameng, e bile re ka nna ditsala tsa gagwe fela jaaka Aborahame. Paulo o ile a gatelela kgang eno fa a ne a re: “Mafoko a a reng, ‘o ne a tsewa e le motho yo o siameng,’ a ne a sa lebisiwa mo go [Aborahame] fela, mme a ne a lebisitswe le mo go rona, gore le rona re tle re tsewe re siame ka gonne re dumela mo Modimong yo o neng a tsosa Jesu, Morena wa rona mo baswing.” (Bar. 4:23, 24) Fela jaaka Aborahame, re tshwanetse go nna le tumelo, go dira dilo tse di siameng le go tlhatswega pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng. Mo go Baroma kgaolo 5, Paulo o tlotla ka dilo tse re solofetseng gore di tla direga. Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

a Re batla gore Modimo a re amogele le gore a re tseye re le batho ba ba siameng. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka se Paulo le Jakobe ba ileng ba se bua go bona gore re ka dira eng gore Modimo a re amogele. Gape re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go bontsha ka se re dirang gore re na le tumelo.

b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bajuda gore ba nne le tumelo, e seng go dira dilo tse Molao wa ga Moshe o neng o laela gore batho ba di dire, tse di jaaka go apara diaparo tse di nang le tlhale e e botala jwa loapi, go keteka Tlolaganyo le go tlhapa go ya ka molao.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jakobe o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba bontshe gore ba na le tumelo ka go dira dilo tse di siameng, jaaka go thusa bahumanegi.