Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POROJEKE YA GO ITHUTA

Ba ba Ikanyegang mo go Jehofa ba Dira Se ba Se Solofeditseng

Ba ba Ikanyegang mo go Jehofa ba Dira Se ba Se Solofeditseng

Bala Baatlhodi 11:30-40 fa o batla go bona gore Jefetha le morwadie ba ile ba dira jang se ba se solofeditseng Jehofa.

Akanyetsa kwa teng ka se go buiwang ka sone. Baiseraele ba ba neng ba ikanyega ba ne ba ikutlwa jang ka dilo tse ba neng ba di solofeditse Jehofa? (Dipa. 30:2) Jefetha le morwadie ba ile ba bontsha jang gore ba dumela mo go Jehofa?​—Baatlh. 11:9-11, 19-24, 36.

Dira dipatlisiso. Jefetha o ne a raya jang fa a ne a re: “Ope fela yo o tswang ka kgoro ya ntlo ya me a tla go nkgatlhantsha . . . ke tla mo isa e le setlhabelo se se fisiwang”? (w16.04 7 ¶12) Ke dilo dife tse Jefetha le morwadie ba ileng ba itima tsone gore ba diragatse se ba se solofeditseng? (w16.04 7-8 ¶14-16) Ke dilo dife tse batlhanka ba ga Jehofa ba mo solofetsang tsone gompieno?​—w17.04 5-8 ¶10-19.

O ithuta eng? Ipotse dipotso tseno:

  • ‘Ke eng se se ka nthusang gore ke tswelele ke direla Jehofa fela jaaka ke mo solofeditse?’ (w20.03 13 ¶20)

  • ‘Nka itima dilo dife gore ke kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng?’

  • ‘Ke eng se se ka nthusang gore ke dire se ke se solofeditseng molekane wa me fa re ne re nyalana?’ (Math. 19:5, 6; Baef. 5:28-33)