Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

PINA 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Tumelo e e Nonofileng

Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Tumelo e e Nonofileng

“Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”​—BAR. 12:2.

SE GO BUIWANG KA SONE

Setlhogo seno se na le dikakantsho tse batsadi ba ka di dirisang go thusa bana ba bone go nonotsha tumelo ya bone mo Modimong le go tshepa Baebele.

1-2. Batsadi ba tshwanetse go dira eng fa bana ba bone ba ba botsa dipotso ka se re se dumelang?

 BATHO ba le bantsi ba a tle ba re motho o nna motsadi botshelo jotlhe. Fa e le gore o na le ngwana yo monnye, ga go pelaelo gore o dira sotlhe se o ka se kgonang go mo thusa gore a nne le tumelo le gore a itumedise Jehofa. (Dute. 6:6, 7) Mme fa ngwana yoo a ntse a gola, a ka nna a simolola go go botsa dipotso ka se re se dumelang, dipotso tse di jaaka gore ke eng fa Jehofa a sa batle gore re dire dilo dingwe tse di rileng.

2 Dipotso tseo di ka nna tsa dira gore o simolole go tshwenyega. Tota e bile, o ka nna wa akanya gore ngwana wa gago o di botsa ka gonne a sa tlhole a dumela mo Modimong kgotsa ka gonne a sa tlhole a tshepa Baebele. Mme gone, boammaaruri ke gore fa bana ba ntse ba gola, ba botsa dipotso gore ba kgone go nonotsha tumelo ya bone. (1 Bakor. 13:11) Ka jalo, ga o tlhoke go tshoga. Fa ngwana wa gago a go botsa dipotso, dirisa tshono eo go mo thusa go nna le bokgoni jwa go akanya.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore batsadi ba ka dira eng go thusa bana ba bone gore (1) ba dumele mo Modimong le gore ba tshepe Baebele, (2) ba tlhaloganye gore go botlhokwa gore ba ikobele melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang le gore (3) ba kgone go tlhalosetsa batho ba bangwe se ba se dumelang. Gape re tla bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba botse dipotso le gore ke dilo dife tse batsadi ba ka di dirang le bana ba bone gore ba kgone go tlotla ka se ba se dumelang.

THUSA NGWANA WA GAGO GORE A DUMELE MO MODIMONG LE GORE A TSHEPE BAEBELE

4. Ke dipotso dife tse ngwana a ka di botsang, mme ka ntlha ya eng?

4 Batsadi ba Bakeresete ba a itse gore bana ba bone ga ba ka ke ba dumela mo Modimong fela ka gonne bone ba dumela mo go ene. Ga lo a tsholwa lo dumela mo Modimong. Go ntse jalo le ka bana ba lona. Fa nako e ntse e tsamaya, ngwana a ka nna a botsa go re: “Re itse jang gore Modimo o teng? Goreng re tshwanetse go dumela se Baebele e se buang?” Boammaaruri ke gore Baebele e re kgothaletsa gore re dirise “bokgoni jwa rona jwa go akanya” le gore re “tlhomamise gore a dilo tsotlhe di boammaaruri.” (Bar. 12:1; 1 Bathes. 5:21) Mme gone, o ka thusa ngwana wa gago jang gore a dumele mo Modimong?

5. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba dumele se Baebele e se buang? (Baroma 12:2)

5 Kgothaletsa ngwana wa gago go batla bosupi jo bo bontshang gore se Baebele e se buang se boammaaruri. (Bala Baroma 12:2.) Fa a go botsa dipotso, mmontshe gore a ka bona dikarabo jang a dirisa didirisiwa tsa rona tsa go dira dipatlisiso, tse di jaaka Watch Tower Publications Index le Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Kaedi ya go Dira Dipatlisiso e na le setlhogo se se reng “Baebele,” ka jalo a ka leba setlhogwana se se reng “E Tlhotlheleditswe ke Modimo” go bona bosupi jwa gore Baebele ga se buka fela e e kwadilweng ke batho. Go na le moo, ke “lefoko la Modimo.” (1 Bathes. 2:13) Ka sekai, a ka nna a dira dipatlisiso ka motse wa bogologolo wa kwa Asiria o o bidiwang Ninife. Mo nakong e e fetileng, batho bangwe ba ba ganetsang Baebele ba ne ba re motse oo ga o ise o ko o nne teng. Mme gone, ka bo1850 marope a motse oo a ile a bonwa. Seo ke bosupi jwa gore pego eo ya Baebele e boammaaruri. (Sefa. 2:13-15) Fa e le gore ngwana wa gago o batla go itse gore boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka gore motse wa Ninife o ne o tla senngwa bo diragaditswe jang, a ka bala setlhogo se se reng “A o Ne o Itse?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 2021. Fa a ithuta dikgatiso tsa rona le dibuka tse dingwe tse di ka ikanngwang, a ka kgona go bona mabaka a a utlwalang a a tla mo thusang go nonotsha tumelo ya gagwe mo go se Baebele e se buang.

6. Batsadi ba ka thusa ngwana wa bone jang gore a nne le bokgoni jwa go akanya? Naya sekai. (Bona le setshwantsho.)

6 Thusa ngwana wa gago gore a nne le bokgoni jwa go akanya. Batsadi ba na le ditshono tse dintsi tsa go bua le bana ba bone ka Baebele kgotsa ka Modimo. Ba ka dira jalo fa ba le kwa musiamong, kwa phakeng kgotsa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Ka sekai, fa lo le kwa musiamong kgotsa lo leba ditshwantsho tse di mo teng ga one mo Internet, o ka mmontsha ditiragalo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng tse di tsamaisanang le se go buiwang ka sone mo Baebeleng. Seo se ka mo thusa gore a lemoge gore Baebele e boammaaruri. Gongwe o ka mo ruta ka letlapa le le kwa musiamong wa kwa France le le bidiwang Letlapa la Moabe. Letlapa leo le na le dingwaga di le 3 000 e bile go kwadilwe leina la Modimo mo go lone. Gape kwa musiamong wa setlhogo se se reng “Baebele le Leina la Modimo,” o o kwa Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick kwa New York, go na le Letlapa la Moabe le le itiretsweng. Letlapa leo le tlhalosa gore Kgosi Mesha wa Moabe o ile a tlhanogela Iseraele. Seo se dumalana le se Baebele e se buang. (2 Dikg. 3:4, 5) Fa ngwana wa gago a na le bosupi jo bo bontshang gore Baebele e boammaaruri, tumelo ya gagwe e tla nonofa.​—Bapisa le 2 Ditiragalo 9:6.

Thusa ngwana wa gago gore a nne le bokgoni jwa go akanya ka go mmontsha dilo tse di fitlhelwang kwa dimusiamong (Bona serapa 6)


7-8. (a) Re ithuta eng mo dipopegong tse re di bonang mo popong? Naya sekai. (Bona le setshwantsho.) (b) Ke dipotso dife tse di ka thusang ngwana wa gago gore a dumele mo Modimong?

7 Kgothaletsa ngwana wa gago gore a akanye ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Fa lo ntse lo tsamaya mo phakeng kgotsa lo bereka mo tshimong, mo thuse go lemoga dipopego tse di farologaneng tse di kgatlhang mo dilong tse Jehofa a di bopileng. Mo tlhalosetse gore dilo tseno di bontsha gore motho yo o di bopileng o botlhale tota. Ka sekai, go na le dilo tse dintsi tse di bopegileng ka go itsoketsa (spiral pattern), tse di jaaka masagaripa, dikgopa, matlhare a dijalo le tlhogo ya sonobolomo. a Baitsesaense ba feditse dingwaga di le dintsi ba ithuta ka tsela e dilo tseno di bopegileng ka yone. Moitsesaense mongwe yo o bidiwang Nicola Fameli, o tlhalosa gore tsela e selo se se itsoketsang se bopegileng ka yone e tsamaisana le mokgwa wa go bala o o bidiwang Fibonacci sequence.

8 Fa ngwana wa gago a le kwa sekolong, a ka rutiwa ka dipopego tse dingwe tse dintsi. A ka rutiwa ka popego e e ipoapoeletsang e e bidiwang fractals. Popego eno e bonala le mo popong. Ka sekai, ditlhare tse dintsi di na le popego e e ipoapoeletsang. Kutu ya tsone e a kgaogana e bo e ntsha dikala, go tswa foo go nna le matlhogela. Mme gone, ke mang yo o bopileng dipopego tseno tse di kgatlhang? Fa ngwana wa gago a nna a akanyetsa kwa teng ka dilo tse di kgatlhang tse Jehofa a di bopileng, tumelo ya gagwe e tla nonofa. (Baheb. 3:4) O ka nna wa mmotsa go re: “Fa e le gore Modimo ke ene a re bopileng, a ga go utlwale gore a re neye melao e e ka re kaelang mo botshelong gore re itumele?” Go tswa foo, o ka mo tlhalosetsa gore Baebele e na le melao eo.

NASA, ESA, and the Hubble Heritage (STScl/​AURA)-ESA/​Hubble Collaboration

Ke mang yo o bopileng dilo tseno tsotlhe tse di kgatlhang? (Bona serapa 7-8)


THUSA NGWANA WA GAGO GORE A IKOBELE MELAO YA MODIMO

9. Ke eng se se ka tswang se dira gore ngwana wa gago a botse dipotso ka melao ya Modimo?

9 Fa ngwana wa gago a go botsa dipotso dingwe ka melao ya Modimo, leka go bona gore ke eng se se dirang gore a botse dipotso tseo. A o botsa ka gonne a sa dumele se Baebele e se buang kgotsa ka gonne a sa kgone go tlhalosetsa batho ba bangwe se a se dumelang? Fa o setse o itse lebaka, o ka dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! go mo thusa go tlhaloganya gore go botlhokwa gore a ikobele melao ya Modimo. b

10. O ka thusa ngwana wa gago jang gore a atamalane le Jehofa?

10 Thusa ngwana wa gago gore a atamalane le Jehofa. Fa o ntse o ithuta le ene buka ya Itumelele go Tshelela Ruri!, dirisa dipotso le dikai tse di mo go yone. (Diane 20:5) Ka sekai, thuto 8 e tshwantsha Jehofa le tsala e e siameng, e e re gakololang gore re dire dilo tse di ka re sireletsang le tse di tla re tswelang mosola. Fa lo sena go tlotla ka 1 Johane 5:3, o ka nna wa mmotsa go re: “E re ka Jehofa e le Tsala e e siameng, re tshwanetse go ikutlwa jang ka dilo tse a reng re di dire?” Potso eo e ka mo thusa go lemoga gore Jehofa o re naya melao ka gonne a re rata.​—Isa. 48:17, 18.

11. O ka thusa ngwana wa gago jang gore a lemoge gore go ikobela melaometheo ya Baebele go tla mo tswela mosola? (Diane 2:10, 11)

11 Thusa ngwana wa gago gore a lemoge gore go ikobela melaometheo ya Baebele go re tswela mosola. Fa lo bala Baebele kgotsa temana ya letsatsi mmogo, tlotlang kafa melaometheo ya Baebele e ileng ya thusa lelapa la lona ka gone. Ka sekai, thusa ngwana wa gago go bona gore go dira ka natla le go ikanyega go botlhokwa. (Baheb. 13:18) Gape o ka mo tlhalosetsa gore go ikobela melaometheo e e mo Baebeleng go a re sireletsa e bile go dira gore re itumele. (Diane 14:29, 30) Go tlotla ka dintlha tseo, go ka thusa ngwana wa gago gore a tlhaloganye gore go ikobela kgakololo ya Baebele go tla mo tswela mosola.​—Bala Diane 2:10, 11.

12. Steve le mosadi wa gagwe ba thusa ngwana wa bone jang go lemoga gore go ikobela melao ya Modimo go re tswela mosola?

12 Rre mongwe yo o bidiwang Steve yo o nnang kwa France, o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba thusang morwaabone yo o bidiwang Ethan ka gone gore a tlhaloganye gore Jehofa o re naya melao ka gonne a re rata. A re: “Re mmotsa go re, ‘Ke eng fa Jehofa a batla gore re ikobele molao ono? Molao ono o re bontsha jang gore Jehofa o a re rata? Go tla direga eng fa re sa o ikobele?’” Dipotso tseno di thusitse Ethan gore a dumele gore se Jehofa a reng re se dire, se siame. Steve a re: “Re batla gore Ethan a tlhaloganye gore go ikobela melao ya Modimo go re tswela mosola go feta se batho ba se akanyang.”

13. Batsadi ba ka thusa ngwana wa bone jang gore a dirise melaometheo e e mo Baebeleng? Naya sekai.

13 Thusa ngwana wa gago gore a dirise melaometheo e e mo Baebeleng. A re re morutabana o naya ngwana wa gago porojeke ya go bala buka nngwe. Batho ba go buiwang a bone mo bukeng eo, ba dira dilo tse Jehofa a reng re se ka ra di dira. Ba tlhakanela dikobo, ba rata ntwa e bile tsela e buka eo e kwadilweng ka yone e dira gore go lebege e kete dilo tseo di itshiametse fela. O ka botsa ngwana wa gago gore Jehofa o ikutlwa jang ka se batho bao ba se dirang. (Diane 22:24, 25; 1 Bakor. 15:33; Bafil. 4:8) Seo se tla mo thusa gore fa morutabana kgotsa bana ba a tsenang tlelase le bone ba mmotsa gore o akanya eng ka buka eo, a ba tlhalosetse se a se dumelang.

THUSA NGWANA WA GAGO GORE A TLHALOSE SE A SE DUMELANG

14. Ke kgang efe e basha ba Bakeresete ba tshabang go bua ka yone, mme ka ntlha ya eng?

14 Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba tshaba go bolelela ba bangwe se ba se dumelang. Ba ka nna ba tshoga fa go buiwa ka evolution mo tlelaseng. Goreng ba tshoga? Ka gonne barutabana ba re thuto ya evolution e boammaaruri, ga se tlhamane fela. Fa e le gore o motsadi, o ka thusa ngwana wa gago jang gore a tlhatswege pelo ka se a se dumelang?

15. Ke eng se se ka thusang mosha wa Mokeresete gore a tlhatswege pelo ka se a se dumelang?

15 Thusa ngwana wa gago gore a tlhatswege pelo ka se a se dumelang. Go itse gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe ga go a tshwanela go mo tlhabisa ditlhong. (2 Tim. 1:8) Goreng re rialo? Baitsesaense ba le bantsi le bone ba dumela gore dilo tsotlhe di bopilwe le gore ga di a itlhagela fela ka botsone. Tsela e di dirilweng ka matsetseleko ka yone, e ba bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o di bopileng. Ka jalo, ga ba dumele thuto ya evolution e e rutiwang mo dikolong tse dintsi. Fa ngwana wa gago a ipha nako ya go sekaseka mabaka a a thusitseng bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe gore ba dumele gore go na le Mmopi, a ka tlhatswega pelo ka se a se dumelang. c

16. Batsadi ba ka thusa ngwana wa bone jang go tlhalosetsa ba bangwe gore Jehofa ke ene a bopileng sengwe le sengwe? (1 Petere 3:15) (Bona le setshwantsho.)

16 Thusa ngwana wa gago gore a kgone go tlhalosetsa ba bangwe gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe. (Bala 1 Petere 3:15.) Lo ka nna lwa tlotla ka motseletsele wa ditlhogo tse di mo jw.org wa setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana​—Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?” Go tswa foo, o bo o botsa ngwana wa gago gore ke dintlha dife tse a ka di dirisang go tlhalosetsa ba bangwe gore dilo tsotlhe di bopilwe ke Modimo. Mo gopotse gore ga a tlhoke go ngangisana le bana ba a tsenang sekolo le bone. Mo kgothaletse gore a tlhalose dintlha ka tsela e e sa raraanang le e e utlwalang sentle fa a bua le batho ba ba ka mo reetsang. Ka sekai, fa ngwana yo a tsenang sekolo le ene a mo raya a re: “Ke dumela fela mo dilong tse ke di bonang, nka se dumele mo Modimong ka gonne ga ke mmone.” A ka mo araba a re: “A re re o tsamaya mo sekgweng o bo o bona sediba, a o ka akanya gore sediba seo se itlhagetse fela? Nnyaa. Nnete ke gore o a itse gore go na le mongwe yo o se epileng. Ka tsela e e tshwanang, dilo tse di bopilweng di bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o di bopileng.”

Tlhalosa dintlha ka tsela e e motlhofo fa o bua le bana ba o tsenang sekolo le bone (Bona serapa 16-17) d


17. Batsadi ba ka kgothaletsa ngwana wa bone jang gore a bolelele ba bangwe ka Baebele? Naya sekai.

17 Kgothaletsa ngwana wa gago gore a bolelele ba bangwe ka Baebele. (Bar. 10:10) O ka nna wa mmolelela gore go bolelela batho ba bangwe ka Baebele go tshwana le go ithuta seletswa sengwe sa mmino. Motho yo o ithutang, o simolola pele ka dipina tse di motlhofo. Fa nako e ntse e tsamaya, go nna motlhofo gore a tshameke seletswa seo. Ka tsela e e tshwanang, mosha a ka simolola go rerela ba bangwe ka tsela e e motlhofo. Ka sekai, a ka botsa ngwana yo a tsenang sekolo le ene a re: “A o ne o itse gore dilo tse dintsi tse baitsesaense ba di dirang ba di kopisitse mo popong? A ke go bontshe bidio eno.” Fa a sena go mmontsha bidio nngwe mo motseletseleng wa A di Tlhamilwe? a ka nna a re: “Fa e le gore baitsesaense ba tlotlomadiwa ka dilo tse ba di dirileng mme ba di kopisitse mo popong, a ga re a tshwanela go tlotlomatsa yo o di bopileng?” Motlotlo oo o ka dira gore ngwana yo o rerelwang a batle go utlwa mo go oketsegileng.

TSWELELA O THUSA NGWANA WA GAGO GORE A NONOTSHE TUMELO YA GAGWE MO MODIMONG

18. Batsadi ba ka thusa ngwana wa bone jang gore a tswelele a nonotsha tumelo ya gagwe mo Modimong?

18 Re tshela le batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa. (2 Pet. 3:3) Ka jalo batsadi, fa lo ntse lo ithuta Baebele le ngwana wa lona, mo kgothaletseng gore a ithute ka dilo tse di tla mo thusang go tlotla Baebele le go ikobela melao ya Modimo. Mo thuseng gore a dirise bokgoni jwa gagwe jwa go akanya ka go akanyetsa kwa teng ka dilo tse di kgatlhang tse Jehofa a di bopileng. Gape mo thuseng go tlhaloganya boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe. Sa botlhokwa thata, rapelang le ene e bile lo mo rapelele. Fa lo dira jalo, lo ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a lo a dirang a go thusa ngwana wa lona gore a nonotshe tumelo ya gagwe mo Modimong.​—2 Ditir. 15:7.

PINA 133 Direla Jehofa o sa Ntse o le Mosha

a O ka bona dintlha tse di oketsegileng mo bidiong ya setlhogo se se reng, The Wonders of Creation Reveal God’s Glory mo jw.org.

b Fa e le gore lo setse lo feditse buka ya Itumelele go Tshelela Ruri!, lo ka nna lwa boeletsa dithuto dingwe mo karolo 3 le 4, tse di buang ka melao ya Modimo ya boitsholo.

c Bala setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo re Dumela Gore Mmopi o Teng” mo makasineng wa Tsogang! wa September 2006, le boroutšhara jwa The Origin of Life​—Five Questions Worth Asking. Fa o batla go bona dikai tse dingwe, lebelela motseletsele wa dibidio wa setlhogo se se reng Se Baitsesaense ba se Buang ka Botshelo mo jw.org.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mosha mongwe wa Mosupi o tlotla le ngwana yo a tsenang sekolo le ene yo o ratang dikhamera. O mmontsha nngwe ya bidio tse di mo motseletseleng wa A di Tlhamilwe?