Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ga ke Ise ke Tsamaye ke Emise go Ithuta

Ga ke Ise ke Tsamaye ke Emise go Ithuta

KE LEBOGA Jehofa fela thata go bo e le “Motlhatlheledi wa [me] yo Mogolo.” (Isa. 30:20) O ruta baobamedi ba gagwe a dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele, dilo tse di kgatlhang tse a di bopileng le phuthego ya gagwe. Gape o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go re ruta. Le fa gone ke na le dingwaga di le 97, tsela e Jehofa a re rutang ka yone a dirisa ditsela tseno tsotlhe e sa ntse e ntswela mosola. Mma ke lo tlhalosetse gore ke raya jang.

Ke na le ba lelapa la gaetsho ka 1948

Ke tsholetswe kwa toropong e nnye e e gaufi le Chicago kwa Illinois, U.S.A. ka 1927. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le batlhano e bong Jetha, Don, nna, Karl le Joy. Rotlhe re ne re ikemiseditse go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Kgaitsadiake e bong Jetha o ne a aloga mo tlelaseng ya bobedi ya Gileade ka 1943. Don o ne a ya go direla kwa Bethele ya Brooklyn kwa New York ka 1944. Karl ene o ne a ya ka 1947, mme Joy a latela ka 1951. Sekao sa bone se sentle le sa batsadi ba me, se ne sa ntlhotlheletsa gore ke dire mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa.

LELAPA LA GAETSHO LE ITHUTA BOAMMAARURI

Batsadi ba me ba ne ba rata Modimo e bile ba rata go bala Baebele, ka jalo ba ne ba re ruta gore le rona re rate Modimo. Le fa go ntse jalo, fa Rre a sena go nna lesole kwa Europe ka nako ya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, o ne a simolola go tlhoa dikereke. Mmê o ne a leboga Modimo fela thata ka gonne Rre a sa swela kwa ntweng. Ka jalo o ne a mo raya a re: “Karl, a re ye kerekeng jaaka re ne re tlhola re dira.” Rre o ne a mo raya a re: “Ke tla tsamaya le wena, mme ga nkitla ke tsena mo teng.” Mmê o ne a mmotsa a re: “Goreng o sa tsene?” Rre o ne a re: “Ka nako ya ntwa, baruti ba dikereke tse di tshwanang ba ba neng ba le mo matlhakoreng a a lwantshanang, ba ne ba segofatsa masole a a neng a lwantshana. A Modimo o ne a thusa masole a a mo matlhakoreng ao a mabedi?”

Nako nngwe fa Mmê a ne a ile kerekeng, banna ba babedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla kwa gae. Ba ne ba naya Rre dibuka tse pedi tsa setlhogo se se reng Light, tse di neng di tlhalosa ditiragalo tse di mo bukeng ya Tshenolo. Rre o ne a kgatlhegela dibuka tseo a bo a di amogela. Fela fa Mmê a bona dibuka tseo, o ne a simolola go di bala. Letsatsi lengwe o ile a bona kitsiso mo lokwalodikgannyeng lwa mo lefelong la rona. Mo kitsisong eo batho ba ne ba lalediwa go ithuta Baebele go dirisiwa dibuka tsa Light. O ile a ya. Fa a goroga, o ne a amogelwa ke mosadimogolo mongwe. Mmê o ne a mmontsha nngwe ya dibuka tseo a bo a mmotsa a re: “A lo ithuta dibuka tseno fano?” Mosadimogolo yoo o ne a re: “Ee mma, tsena.” Mo bekeng e e latelang, Mmê o ne a tsamaya le nna, bonkgonne le bonnake, mme fa e sale go tloga ka nako eo re ne re nna re tsamaya le ene beke le beke.

Kwa pokanong nngwe, mokaulengwe yo o neng a tshwere thuto o ne a nkopa gore ke bale Pesalema 144:15, e e tlhalosang gore batho ba ba obamelang Jehofa ba itumetse. Ke ne ka rata temana eo fela thata, mme go na le ditemana tse dingwe tse pedi tse ke ileng ka di rata. Ditemana tseo ke 1 Timotheo 1:11, e e reng Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” le Baefeso 5:1, e e re kgothaletsang go ‘etsa Modimo.’ Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go itumelela go direla Mmopi wa me le go mo lebogela tshiamelo e a mphileng yone ya go dira jalo. Botshelo jwa me jotlhe, ke ntse ke leka go dira dilo tseno tse pedi.

Phuthego e e neng e le gaufi le rona e ne e le kwa Chicago, e e bokgakala jwa dikilometara di le 32. Le fa go ntse jalo, re ne re nna gone kwa dipokanong e bile kitso ya me e ne e oketsega. Ke gopola letsatsi lengwe mokaulengwe yo o neng a tshwere thuto a supa Jetha gore a arabele. Fa ke ntse ke mo reeditse, ke ne ka ipolelela jaana: “Ke ne ke itse karabo. Nkabo ke tsholeditse ke bo ke araba.” Ke ne ka simolola go baakanyetsa gore ke kgone go araba. Sa botlhokwa le go feta, ke ne ka atamalana le Jehofa, fela jaaka bomorwarre ba babedi le bokgaitsadiake ba babedi. Ke ne ka kolobediwa ka 1941.

JEHOFA O RE RUTA A DIRISA DIKOPANO

Ke sa ntse ke gopola sentle kopano e e neng e tshwaretswe kwa Cleveland kwa Ohio ka 1942. Lelapa la gaetsho le ne le nna mo ditenteng mmogo le malapa a mangwe a mantsi gaufi le lefelo la kopano. Gape bakaulengwe le bokgaitsadi mo mafelong a mangwe a a fetang 50 mo United States, ba ne ba reeditse thulaganyo eo ka founo. Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e ne e tsweletse, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa le go feta. Fa go nna maitseboa, ke ne ka bona ditlhopha tsa bakaulengwe ba phaka dikoloi tsa bone di furaletse ditente. Botlhe ba ne ba dumalane gore go nne le motho mo koloing nngwe le nngwe gore a nne a disitse bosigo jotlhe. Fa go ne go ka nna le matshosetsi, bakaulengwe bano ba ne ba tshwanetse go tshuba dipone tsa dikoloi gore ba fatlhe batho ba ba tlileng go tlhasela ba bo ba letsa dihutara. Ba bangwe ba ne ba tla tswa ba taboga ba ya go thusa. Ke ile ka lemoga gore batho ba ga Jehofa ba ipaakanyeditse maemo mangwe le mangwe. Gone ga go a ka ga direga sepe se se maswe. Mme e re ka ke ne ke sireletsegile, ke ile ka robala boroko!

Dingwaga moragonyana, fa ke ne ke akanya ka kopano eo, ke ne ka lemoga gore Mmê o ne a sa tlhobaele e bile a sa boife. O ne a ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe ka botlalo. Ga nkitla ke lebala sekao sa gagwe se se molemo.

Nakwana fela pele ga kopano eo, Mmê o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. O ile a reetsa ka kelotlhoko fa go ne go neetswe dipuo tse di neng di bua ka tirelo ya nako e e tletseng. Fa re boela gae, o ne a re raya a re: “Nka rata go tswelela ke le mmulatsela, mme nka se kgone go dira jalo ke tla ke tlhokomela legae la rona.” Go tswa foo o ile a re botsa gore a re ka kgona go mo thusa. Re ne ra dumela, mme o ne a abela mongwe le mongwe wa rona kamore e le nngwe kgotsa tse pedi gore a e phepafatse pele ga dijo tsa mo mosong. Fa re sena go ya sekolong, o ne a tlhatlhoba ntlo go bona gore a e phepa a bo a ya bodireding. O ne a nna a tshwaregile, le fa go ntse jalo o ne a ipha nako le rona. Fa re boela gae ka nako ya dijo tsa motshegare le morago ga sekolo, ka metlha re ne re mo fitlhela mo gae a re letetse. Malatsi mangwe fa re tswa sekolong, re ne re tsamaya le ene kwa bodireding, mme seo se ne sa re thusa go tlhaloganya tiro e babulatsela ba e dirang.

KE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Ke ne ka nna mmulatsela ke na le dingwaga di le 16. Le fa gone Rre a ne a ise a nne Mosupi wa ga Jehofa, o ne a kgatlhegela go itse gore bodiredi jwa me bo ne bo tsamaya jang. Maitseboa mangwe, ke ne ka mmolelela gore le fa gone ke ne ke leka ka natla, ke ne ke ise ke bone ope yo o kgatlhegelang gore ke mo rute Baebele. Ke ne ka didimala go se kae ke bo ke mmotsa jaana: “A o ka rata gore re ithute Baebele mmogo?” O ne a akanya ka kgang eo go se kae a bo a re: “Ga ke na lebaka lepe le le utlwalang la go gana.” Rre e ne ya nna ene thuto ya me ya ntlha ya Baebele. Ruri seo e ne e le tshiamelo e kgolo tota!

Re ne re ithuta buka ya setlhogo se se reng, “The Truth Shall Make You Free.” Fa thuto ya rona e ntse e tsweletse, ke ile ka lemoga gore Rre o ne a nthusa go tokafatsa tsela e ke ithutang Baebele ka yone le e ke rutang ba bangwe ka yone. Ka sekai, maitseboa mangwe fa re sena go bala serapa sengwe o ne a re: “Ke a utlwa gore buka eno e a reng. Mme gone, o itse jang gore se e se buang se boammaaruri?” Ke ne ke sa solofela gore a ka mpotsa potso eo, ka jalo ke ile ka mo raya ka re: “Nka se kgone go go araba gone jaanong, mme mo thutong ya rona e e latelang, ke tla go araba.” Mme ke ile ka dira fela jalo. Ke ile ka bona ditemana tse di arabang potso ya gagwe. Morago ga moo, ke ne ka ithuta go dira dipatlisiso gore fa ke tla go tshwara thuto, ke bo ke ipaakantse. Seo se ne sa nthusa gore ke tokafatse tsela e ke neng ke ithuta Baebele ka yone e bile se ne sa thusa le Rre. O ne a dirisa se a neng a se ithuta mme a kolobediwa ka 1952.

MEKGELE YA ME E NTHUSA GORE KE TSWELELE KE ITHUTA

Ke ne ke na le dingwaga di le 17 fa ke tswa kwa gae. Mo e ka nnang ka yone nako eo, Jetha a o ne a nna morongwa, mme Don o ne a ya go direla kwa Bethele. Boobabedi ba ne ba rata dikabelo tsa bone, mme seo se ne sa nkgothatsa fela thata. Ka jalo, ke ne ka tsenya kopo ya go ya go direla kwa Bethele le ya go ya kwa Sekolong sa Gileade ke bo ke tlogelela tsotlhe mo go Jehofa. Go ne ga felela jang? Ka 1946 ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa Bethele.

Ke ile ka nna le dikabelo tse dintsi tse di farologaneng mo Bethele fa dingwaga di ntse di tsamaya, ka jalo ke ne ka kgona go ithuta dilo tse dintsi tse disha. Ke na le dingwaga di le 75 ke direla mo Bethele, mme mo nakong eno yotlhe ke ile ka rutiwa go dira dibuka le go bereka ka diakhaonto. Gape ke rutilwe go reka dilo tse di tlhokegang mo Bethele le go romela dilo tse di tlhokang go ya kwa mafelong a mangwe. Sa botlhokwa thata, ke itumelela thuto ya Baebele e re e amogelang mo kobamelong ya mo mosong le mo dipuong tse dingwe tse di neelwang mo Bethele.

Ke ruta tlelase ya bagolwane ba phuthego

Gape ke ne ka ithuta sengwe mo go nnake e bong Karl, yo o neng a tla go direla mo Bethele ka 1947. E ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Baebele e bile a itse go ruta. Nako nngwe fa ke ne ke baakanyetsa puo e ke neng ke e abetswe, ke ne ka mo kopa gore a nthuse. Ke ne ka tlhalosetsa Karl gore ke kokoantse tshedimosetso e ntsi e ke neng ke e tlhoka, mme ke ne ke sa itse gore ke e dirise jang. O ne a nthusa go rarabolola bothata joo ka go mpotsa jaana: “Joel, setlhogo sa puo ya gago se a reng?” Ka bonako fela, ke ne ka tshwara ntlha. Ke ne ke tlhoka go dirisa fela tshedimosetso e e tlhalosang setlhogo sa puo ya me, mme ke tlogele dintlha tse di sa tlhokegeng. Ga nkitla ke lebala se a ileng a nthuta sone.

Fa re batla go itumelela go direla mo Bethele, re tshwanetse go ya bodireding ka metlha. Fa re dira jalo, re tla nna le maitemogelo a a itumedisang. Tiragalo nngwe e ke sa ntseng ke e gopola sentle ke e e ileng ya direga maitseboa mangwe kwa Bronx kwa New York City. Nna le mokaulengwe mongwe re ne ra etela mosadi yo a neng a amogetse dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo nakong e e fetileng. Re ne ra simolola motlotlo wa rona jaana: “Mo maitseboeng ano, re thusa batho go ithuta dintlha tse di kgothatsang tse di tswang mo Baebeleng.” O ne a re: “Fa e le gore lo bua ka Baebele, lo ka tsena.” Re ile ra bala ditemana di le mmalwa tse di buang ka Bogosi Jwa Modimo le ka lefatshe le lesha re bo re tlotla ka tsone. Seo se ne se mo kgatlhile thata ka gonne fa re tla mo bekeng e e latelang, o ne a laleditse ditsala tsa gagwe gore di nne gone fa re ithuta. Moragonyana, mosadi yoo le monna wa gagwe ba ile ba nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang.

KE ITHUTA MO MOSADING WA ME

Pele ke nyala, ke ne ke feditse dingwaga di le lesome ke batla motho yo nka nyalanang le ene. Ke eng se se nthusitseng go bona mosadi yo o molemo? Ke ne ka rapela Jehofa ke bo ke akanya ka se ke neng ke batla go se dira le mosadi wa me fa re sena go nyalana.

Ke na le Mary mo tirong ya potologo

Morago ga kopano e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium ka 1953, ke ne ka kopana le kgaitsadi yo o bidiwang Mary Aniol. Ene le Jetha ba ile ba aloga mo tlelaseng ya bobedi ya Gileade, mme ba ne ba direla e le barongwa kwa lefelong le le lengwe. Mary o ne a ntlotlela ka dikabelo tsa gagwe tsa borongwa kwa Caribbean a le matlhagatlhaga le ka batho ba a ileng a ba ruta Baebele go ralala dingwaga. Fa re ntse re itsane botoka, re ile ra lemoga gore re na le mekgele e e tshwanang. Lorato lwa rona lo ne lwa gola, mme re ne ra nyalana ka April 1955. Mary o ne a itshupa ka ditsela tse dintsi gore ruri ke mpho e e tswang kwa go Jehofa le gore ke sekao se se molemo. O ne a itumelela kabelo epe fela e a neng a e newa. O ne a dira ka natla, a amega ka batho ba bangwe e bile a baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe. (Math. 6:33) Re ne re feditse dingwaga di le tharo mo tirong ya potologo fa re lalediwa go ya go direla kwa Bethele ka 1958.

Ke ithutile dilo tse dintsi tota mo go Mary. Ka sekai, fela fa re sena go nyalana, re ile ra dumalana gore re tla nna re bala ditemana di le 15 tsa Baebele mmogo. Fa mongwe wa rona a sena go bala karolo e e rileng, re ne re tlotla ka ditemana tseo re bo re buisana gore re ka di dirisa jang mo botshelong jwa rona. Gantsi Mary o ne a ntlotlela dilo tse a neng a di ithutile kwa Gileade kgotsa fa a ne a le morongwa. Dilo tse ke neng ke di ithuta mo go ene di ne tsa nthusa go tokafatsa tsela e ke bayang dipuo ka yone le gore ke itse kafa nka kgothatsang bokgaitsadi ka gone.​—Diane 25:11.

Mosadi wa me yo ke mo ratang thata, o ne a tlhokafala ka 2013. Ke lebile pele go mmona gape kwa lefatsheng le lesha. Fa ke ntse ke letetse nako eo, ke ikemiseditse go tswelela ke ithuta le go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe. (Diane 3:5, 6) Go akanya ka se batho ba ga Jehofa ba tla bong ba se dira kwa lefatsheng le lesha, go a nkgomotsa e bile go ntlisetsa boitumelo. Ga go pelaelo gore seo se tla bo se akaretsa go ithuta go tswa mo Motlhatlheleding wa rona yo Mogolo le go ithuta ka ene. Eleruri, ke mo leboga fela thata ka dilo tsotlhe tse a ntiretseng tsone go tla go fitlha jaanong e bile ke lebogela ditsela tse dintsi tse a mpontshitseng bopelonomi jo bogolo ka tsone!

a Bala kgang ya botshelo jwa ga Jetha Sunal mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 1, 2003, ts. 23-29.