Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Jehofa ‘ga a na go re lesa re raelwa go feta se re ka se itshokelang.’ (1 Bakor. 10:13) A seno se raya gore Jehofa o akanya pele ka diteko tse re ka di itshokelang a bo a re tlhophela tsone?

Akanya ka mathata a go leba dilo ka tsela eo. Mokaulengwe mongwe yo morwawe a neng a ipolaya o ne a botsa jaana: ‘A Jehofa o ile a akanya go sa le gale gore nna le mosadi wa me re ka kgona go itshokela se morwa wa rona a se dirileng? A seno se ile sa direga ka gonne Modimo a akanya gore re ka kgona go itshokela boemo joo?’ A go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Jehofa ke ene a laolang gore matshelo a rona a nne ka tsela eno?

Fa re sekaseka ka botlalo mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 10:13, re tla swetsa ka go re: Ga go na mabaka ape a Dikwalo a a ka dirang gore re dumele gore Jehofa o akanya pele ka diteko tse re ka kgonang go di itshokela mme morago ga moo a bo a re tlhophela tsone. Mma re tlotleng ka mabaka a le manê a go bo re ka swetsa jalo.

Sa ntlha, Jehofa o neile batho kgololesego ya go itlhophela. O batla gore re itlhophele tsela e re batlang go tshela ka yone. (Dute. 30:19, 20; Josh. 24:15) Fa re tlhopha tsela e e siameng ya go tshela, re ka kgona go ikaega ka Jehofa gore a re kaele. (Dia. 16:9) Mme fa re tlhopha tsela e e sa siamang ya go tshela, re tla tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa go dira jalo. (Bagal. 6:7) Fa Jehofa a ka bo a re tlhophela diteko tse re tla lebanang le tsone, re ka bo re se na kgololesego ya go itlhophela.

Sa bobedi, Jehofa ga a re sireletse mo ‘motlheng le tiragalo e e sa bonelwang pele.’ (Mor. 9:11) Dikotsi tse di botlhoko tota di ka direga ka go bo re le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. Jesu o ne a bua ka masetlapelo a mo go one go neng ga swa batho ba le 18 ka gonne ba ile ba welwa ke tora mme o ne a tlhalosa gore dilo tseno ga di a direga ka gonne Modimo a batlile gore di direge. (Luke 13:1-5) Ruri ga go utlwale go dumela gore Modimo a ka tlhopha go sa le gale gore ke mang yo o tla tshelang le gore ke mang yo o tla swang ka ntlha ya dilo tse di itiragaletseng fela.

Sa boraro, rotlhe re amiwa ke kgang ya bothokgami. Gopola gore Satane o ile a gwetlha boikanyegi jwa batho botlhe ba ba direlang Jehofa, a tlhalosa gore re ka se ikanyege mo go Jehofa fa re lebane le diteko. (Jobe 1:9-11; 2:4; Tshen. 12:10) Fa Jehofa a ka bo a ile a dira gore re se ka ra lebana le diteko tse di rileng ka gonne a akanya gore re ka se kgone go di itshokela, a seo se ne se se kitla se dira gore go lebege e kete tatofatso ya ga Satane e boammaaruri?

Sa bonê, Jehofa ga a tlhoke go bonela pele sengwe le sengwe se se re diragalelang. Kgang ya gore Modimo o tlhopha go sa le gale gore ke diteko dife tse re tla lebanang le tsone, e kaya gore o tshwanetse a bo a itse sengwe le sengwe ka isagwe ya rona. Le fa go ntse jalo, kgang eno ga e dumalane le Dikwalo. Ruri Modimo o kgona go bonela pele isagwe. (Isa. 46:10) Mme gone, Baebele e tlhalosa gore o tlhopha dilo tse ene a batlang go di bonela pele. (Gen. 18:20, 21; 22:12) Ka jalo, o dirisa maatla a gagwe a go bonela dilo pele ka tsela e e tekatekano ka gonne a tlotla kgololesego ya rona ya go itlhophela. Ruri go a utlwala gore re lebelele gore Modimo yo o tlotlang kgololesego ya rona le yo o nnang a dirisa bokgoni jwa gagwe ka tsela e e siameng a dire jalo.—Dute. 32:4; 2 Bakor. 3:17.

Ka jalo, re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko ano a ga Paulo: “Modimo . . . ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang”? Fano Paulo ga a tlhalose se Jehofa a se dirang pele re lebana le diteko, go na le moo, o bua ka se a se dirang ka nako ya fa re lebane le diteko. * Mafoko ano a ga Paulo a re tlhomamisetsa gore go sa kgathalesege gore re lebana le diteko dife, Jehofa o tla re nonotsha fa re mo ikanya. (Pes. 55:22) Mafoko ano a a gomotsang a theilwe mo dintlheng tse pedi tse di boammaaruri.

Sa ntlha, diteko tse re lebanang le tsone ke tse di “tlwaelegileng mo bathong.” E re ka re tshela mo tsamaisong eno e e boikepo, re lebana le diteko tse di farologaneng tse bontsi jwa batho le bone ba lebanang le tsone. Re ka kgona go lebana le diteko tseno fa fela re ikaega ka Modimo. (1 Pet. 5:8, 9) Mo ditemaneng tse di dikologileng 1 Bakorintha 10:13, Paulo o bua ka diteko tse Baiseraele ba ileng ba lebana le tsone fa ba le kwa nageng. (1 Bakor. 10:6-11) Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba ka kgona go itshokela diteko tse ba neng ba lebane le tsone. Paulo o ne a bua makgetlo a le manê a re “bangwe ba bone” ga ba a ka ba ikanyega. Ka maswabi, Baiseraele bangwe ba ile ba nna le dikeletso tse di sa siamang ka gonne ba ile ba palelwa ke go ikaega ka Modimo.

Sa bobedi, “Modimo o a ikanyega.” Tsela e Modimo a ileng a dirisana le batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng e bontsha gore o naya “ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe” lorato lo lo ikanyegang. (Dute. 7:9) Gape e bontsha gore Modimo o nna a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Josh. 23:14) E re ka a ikanyega, batho ba ba mo ratang e bile ba mo ikobela ba ka mo ikanya gore o tla diragatsa ditsholofetso tseno tse pedi tse di malebana le diteko tse re lebanang le tsone: (1) Ga a kitla a letlelela gore teko epe e nne thata tota mo re ka se kgoneng go e itshokela, e bile (2) ‘o tla re direla tsela ya go tswa.’

Jehofa ‘o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona’

Jehofa o direla jang ba ba mo ikanyang tsela ya go tswa fa ba lebane le diteko? Gone ke boammaaruri gore fa a batla a ka dira gore re se ka ra lebana le diteko. Le fa go ntse jalo, gopola mafoko ano a ga Paulo: “[Jehofa] o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” Ka jalo, gantsi o dira “tsela ya go tswa” ka go re naya se re se tlhokang gore re kgone itshokela diteko. Akanya ka ditsela dingwe tse Jehofa a di dirisang go re direla tsela ya go tswa:

  • ‘O re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’ (2 Bakor. 1:3, 4) Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le dithuto tsa boammaaruri tse re di newang ke motlhanka yo o boikanyego go dira gore re nne le kagiso ya mogopolo e bile re ritibale pelo le maikutlo.—Math. 24:45; Joh. 14:16; Bar. 15:4.

  • A ka re kaela a dirisa moya o o boitshepo. (Joh. 14:26) Fa re lebana le diteko, moya o o boitshepo o ka re thusa go gopola dipego le melaometheo ya Baebele re bo re kgona go dira ditshwetso tse di siameng.

  • A ka dirisa baengele go re thusa.—Baheb. 1:14.

  • A ka dirisa badumedimmogo le rona ba mafoko a bone le ditiro tsa bone e tla nnang ‘thuso e e re nonotshang.’—Bakol. 4:11.

Jaanong re ka swetsa ka go reng ka bokao jwa mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 10:13? Jehofa ga a re tlhophele diteko tse re tla lebanang le tsone. Le fa go ntse jalo, fa re lebana le diteko, re ka tlhomamisega ka seno: Fa re ikanya Jehofa ka botlalo, ga a kitla a letla gore re feekediwe ke diteko tsa rona; o tla nna a dira tsela ya go tswa gore re kgone go di itshokela. Ruri go nametsa pelo go itse seo!

^ ser. 2 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “thaelo” le ka raya ‘teko.’