Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boipelo—Nonofo e e Tswang Kwa Modimong

Boipelo—Nonofo e e Tswang Kwa Modimong

GANTSI batho ba batla go itumela. Mme mo metlheng eno ya bofelo, mongwe le mongwe o lebana le mathata a “go leng boima go lebana le [one].” (2 Tim. 3:1) Tshiamololo, go lwala, go tlhoka tiro, khutsafalo kgotsa dilo tse dingwe tse di dirang gore batho ba tlhobaele le gore ba utlwe botlhoko, di ka dira gore batho bangwe ba felelwe ke boipelo. Tota le batlhanka ba Modimo ba ka kgobega marapo mme ba feleletsa ba sa itumela. Fa e le gore seno se go diragaletse, o ka dira jang gore o boe o nne le boipelo?

Gore re bone karabo ya potso eo, re tshwanetse go tlhaloganya pele gore boipelo jwa mmatota ke eng le go itse gore batho ba bangwe ba ile ba tswelela jang ba na le boipelo le fa ba lebana le mathata. Morago ga moo, re tla ithuta gore ke eng se re ka se dirang gore re tswelele re na le boipelo.

BOIPELO KE ENG?

Ga re a tshwanela go akanya gore boipelo bo tshwana le go tshega. Ka sekai: Go ka direga gore motho yo o noleng bobe a tshege thata. Le fa go ntse jalo, fa a tlhapogelwa, ga a tlhole a tshega mme o boa a hutsafadiwa ke mathata a gagwe. Boitumelo joo jwa gagwe jwa nakwana, ga se boipelo jwa mmatota.—Dia. 14:13.

Go na le moo, boipelo ke boikutlo jo re nang le jone mo dipelong tsa rona. Bo tlhalosiwa e le “boikutlo jo o nnang le jone fa o amogela sengwe se se molemo kgotsa fa o lebeletse gore go tla direga sengwe se se itumedisang.” Boipelo ke boikutlo jwa go itumela jo bo nnang bo ntse bo le teng mo go rona go sa kgathalesege gore a re mo maemong a a itumedisang kgotsa a a boima. (1 Bathes. 1:6) Tota e bile, motho a ka nna a bo a tshwenyegile ka sengwe mme a sa ntse a na le boipelo. Ka sekai, baaposetoloi ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba rera ka Keresete. Le fa go ntse jalo, ba ne “ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe.” (Dit. 5:41) Ga go pelaelo gore ba ne ba sa ipelele go bo ba ile ba bogisiwa. Go na le moo, ba ne ba itumelela go bo ba ile ba ikanyega mo Modimong.

Ga re a tsholwa re na le boipelo e bile go ipela ga go itlele fela. Ke eng fa re rialo? Ka gonne boipelo jwa mmatota ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo wa Modimo. Moya wa Modimo o tla re thusa gore re nne le “botho jo bosha” jo bo akaretsang go nna le boipelo. (Baef. 4:24; Bagal. 5:22) Mme fa re na le boipelo re tla kgona go lebana le mathata a rona.

DIKAO TSE RE BATLANG GO DI ETSA

Jehofa o ne a batla gore go direge dilo tse di molemo mo lefatsheng, e seng dilo tse di bosula tse gantsi re di bonang gompieno. Le fa go ntse jalo, ditiro tse di bosula tse batho bangwe ba di dirang, ga di dire gore Jehofa a felelwe ke boitumelo. Lefoko la Modimo la re: “Nonofo le boipelo di kwa lefelong la gagwe.” (1 Ditir. 16:27) Mo godimo ga moo, dilo tse di molemo tse batlhanka ba ga Jehofa ba di dirang, di ‘ipedisa pelo ya gagwe.’—Dia. 27:11.

Re ka etsa Jehofa ka go sa tshwenyege thata fa dilo di sa tsamaye jaaka re ne re lebeletse. Go na le gore re felelwe ke boipelo, re ka tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse re nang le tsone gone jaanong le go letela masego a mo isagweng a Modimo ka bopelotelele. *

Gape re ka ithuta ka dikao di le dintsi tsa mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba tswelela ba itumetse le fa ba ne ba lebana le mathata. Aborahame o ile a lebana le mathata a a neng a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing e bile o ile a lebana le mathata a a neng a bakilwe ke batho ba bangwe. (Gen. 12:10-20; 14:8-16; 16:4, 5; 20:1-18; 21:8, 9) Le fa Aborahame a ile a lebana le mathata ano, o ne a nna a itumetse. O ne a dira seo jang? O ne a nna a akantse ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha le le tla busiwang ke Mesia. (Gen. 22:15-18; Baheb. 11:10) Jesu o ne a re: “Aborahame rraalona o ne a itumelela thata tebelelo ya go bona letsatsi la me.” (Joh. 8:56) Re ka etsa Aborahame ka go akanya ka masego a a larileng kwa pele.—Bar. 8:21.

Fela jaaka Aborahame, moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe e bong Silase, ba ne ba tlhomile mogopolo mo ditsholofetsong tsa Modimo. Tumelo ya bone e ne e nonofile e bile ba ne ba nna ba itumetse le fa ba ne ba lebana le mathata a mantsi. Ka sekai, fa ba sena go itewa botlhoko le go latlhelwa mo kgolegelong, “mo e ka nnang gare ga bosigo . . . ba ne ba rapela e bile ba baka Modimo ka pina.” (Dit. 16:23-25) Gape Paulo le Silase ba ne ba nna ba itumetse ka gonne ba ne ba boga ka ntlha ya leina la ga Keresete. Re ka etsa sekao sa ga Paulo le Silase ka go nna re gopotse melemo e e nnang teng fa re direla Modimo ka boikanyegi.—Bafil. 1:12-14.

Gompieno, go na le dikao di le dintsi tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba nna ba itumetse le fa ba lebana le mathata. Ka sekai, ka November 2013, setsokotsane se segolo se se bidiwang Haiyan se ne sa senya matlo a Basupi a feta 1 000 kwa Philippines. George, yo ntlo ya gagwe ya kwa toropong ya Tacloban e neng ya senngwa ke setsokotsane a re: “Le fa go ka tswa go diregileng, bakaulengwe ba itumetse. Ga ke kgone go tlhalosa kafa re itumetseng ka gone.” Nako le nako fa re lebana le mathata, re tla nna re itumetse fa re akanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a re diretseng tsone e bile re bontsha gore re a mo leboga. Ke dilo dife tse dingwe tse Jehofa a re diretseng tsone tse di dirang gore re itumele?

MABAKA A RONA A GO IPELA

Lebaka le legolo le le dirang gore re itumele ke kamano ya rona le Modimo. Akanya ka seno: Re itse Molaodi wa Lobopo lotlhe. Ke Rraarona, Modimo le Tsala ya rona!—Pes. 71:17, 18.

Gape re anaanela go bo Jehofa a re neile mpho ya botshelo le gore re kgona go bo itumelela. (Mor. 3:12, 13) E re ka Jehofa a re atameditse gaufi le ene, re kgona go tlhaloganya gore o batla gore re dire eng. (Bakol. 1:9, 10) Ka jalo, re a itse gore re tshelela eng. Mme batho ba le bantsi bone, ga ba itse gore ke eng fa ba tshela. Paulo o ne a tlhalosa pharologanyo eno jaana: “‘Leitlho ga le ise le bone le tsebe ga e ise e utlwe, le gone ga go ise go bopiwe ka mogopolo mo pelong ya motho dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.’ Gonne Modimo o di senoletse rona ka moya wa gagwe.” (1 Bakor. 2:9, 10) Go itse thato ya ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe go dira gore re ipele.

Akanya ka dilo tse dingwe tse Jehofa a re di diretseng. Re itumelela go bo Jehofa a kgona go re itshwarela. (1 Joh. 2:12) Ka ntlha ya go bo Modimo a re utlwela botlhoko, re na le tsholofelo ya gore lefatshe le lesha le gaufi le go tla. (Bar. 12:12) Tota le gone jaanong Jehofa o dirile gore re nne le baobamedimmogo ba re ka itumelelang botsala jo bo molemo le bone. (Pes. 133:1) Gape Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe mo go Satane le madimona a gagwe. (Pes. 91:11) Fa re akanya ka masego ano a re a newang ke Modimo, re tla nna le boitumelo jo bo oketsegileng.—Bafil. 4:4.

O KA NNA LE BOIPELO JO BOGOLO JANG?

A go a kgonega gore Mokeresete yo o setseng a itumetse a oketse boitumelo jwa gagwe? Jesu o ne a re: “Dilo tseno ke di buile le lona, gore boipelo jwa me bo tle bo nne mo go lona le gore boipelo jwa lona bo tle bo tladiwe.” (Joh. 15:11) Mafoko ano a bontsha gore re ka kgona go bona boipelo jo bogolo. Re ka bapisa boipelo jwa rona le go kgotletsa molelo. Re tshwanetse go tsenya dikgong gore re oketse molelo. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona gore re bone boipelo jo bogolo. Gakologelwa: Moya o o boitshepo o re thusa gore re nne le boipelo. Ka jalo, fa re nna re kopa moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go tlhatlhanya ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, re tla nna le boipelo jo bogolo.—Pes. 1:1, 2; Luke 11:13.

Fa re tshwarega thata ka ditiro tse di itumedisang Jehofa, re oketsa boipelo jwa rona. (Pes. 35:27; 112:1) Ka ntlha yang? Ka gonne re bopetswe go “boifa Modimo wa boammaaruri mme [re] boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Mor. 12:13) Seno se raya gore re bopetswe go dira thato ya Modimo. Ka jalo, fa re direla Jehofa, re nna le boitumelo jo bogolo mo botshelong. *

MELEMO YA GO IPELA

Fa boipelo jwa rona bo ntse bo oketsega, re tla bona melemo e mengwe e e gaisang tsela e re ikutlwang ka yone. Ka sekai, Jehofa o tla re itumelela le go feta fa re tswelela re mo direla re itumetse le fa re ka tswa re lebana le mathata. (Dute. 16:15; 1 Bathes. 5:16-18) Gape, ka ntlha ya boitumelo jwa mmatota jo re nang le jone, re tla kgona go tila go rata dikhumo mme re tla intsha setlhabelo gore re kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng. (Math. 13:44) Fa re bona melemo ya go intsha setlhabelo, re tla nna le boipelo jo bogolo, re tla ikutlwa botoka e bile re tla dira gore batho ba bangwe le bone ba itumele.—Dit. 20:35; Bafil. 1:3-5.

Mmatlisisi mongwe wa kwa Yunibesithing ya Nebraska e e kwa United States o ne a kwala jaana fa a sena go dira dipatlisiso ka botsogo: “Fa o itumetse e bile o kgotsofetse mo botshelong gone jaanong, o tla nna le botsogo jo bo siameng mo isagweng.” Seno se dumalana le se Baebele e se buang, ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” (Dia. 17:22) Eleruri, fa o oketsa boitumelo jwa gago, o tla nna le botsogo jo bo siameng.

Ka jalo, le fa re ka tswa re lebana le mathata, re ka kgona go nna le boipelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri fa re rapelela moya o o boitshepo, re ithuta Lefoko la ga Jehofa le go tlhatlhanya ka lone. Gape re ka oketsa boipelo jwa rona ka go akanya ka dilo tse dintsi tse di molemo tse Modimo a re diretseng tsone, go etsa tumelo ya ba bangwe le go dira thato ya Modimo. Fa re dira jalo, re tla lemoga boammaaruri jwa se Pesalema 64:10 e se buang, ya re: “Yo o siameng o tla ipela mo go Jehofa mme ruri o tla tshabela mo go ene.”

^ ser. 10 Nonofo eno ya bopelotelele e tla sekasekiwa mo isagweng mo motseletseleng wa ditlhogo tse di buang ka dinonofo tse moya o di tlhagisang.

^ ser. 20 Go bona ditsela tse dingwe tse re ka oketsang boipelo jwa rona ka teng, bala lebokose le le reng, “ Ditsela Tse Dingwe Tsa go Oketsa Boipelo.”