KGANG YA BOTSHELO
Thapiso e Nthusitse go Atamalana le Jehofa
MO GARE ga mpa ya bosigo, nna le mokaulengwe mongwe re ne re eme fa pele ga noka e e kgolo ya Niger. Ka nako eo, Ntwa ya Selegae ya kwa Nigeria e ne e fagile, ka jalo, go kgabaganya noka eo go ne go le kotsi. Le fa go ntse jalo, re ne re patelesega go e kgabaganya, tota e bile, re ne ra dira jalo makgetlo a le mmalwa. Go tlile jang gore re nne mo maemong ao? Mma ke go bolelele se se diragetseng pele ke tsholwa.
Rre e bong John Mills, o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 25 ka 1913 kwa New York City. Mokaulengwe Russell ke ene a neng a neela puo ya kolobetso. Moragonyana Rre o ne a fudugela kwa Trinidad, a bo a nyala Moithuti wa Baebele yo o tlhagafetseng e bong Constance Farmer. Rre o ne a tle a thuse tsala ya gagwe William R. Brown go bontsha batho bidio ya “Photo-Drama of Creation.” Ba ne ba dira tiro eno go fitlha lelapa la ga Mokaulengwe Brown le fudugela kwa Afrika Bophirima ka 1923. Rre le Mmê ba e neng e le batlodiwa, ba ne ba tswelela ba direla Jehofa kwa Trinidad.
BATSADI BA BA LORATO
Re ne re le bana ba le robongwe, wa ntlha o ne a bidiwa Rutherford. O ne a teeletswe ka poresidente ya nako eo ya Watch Tower Bible and Tract Society. Ke tshotswe ka December 30, 1922. Nna ke ne ka teelelwa ka morulaganyi wa makasine wa The Golden Age (o jaanong o bidiwang Tsogang!) e bong Clayton J. Woodworth. Le fa gone batsadi ba rona ba ile ba re tsenya sekolo, ba ne ba nna ba re kgothaletsa go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Mmê o ne a kgona go tlhalosa Dikwalo sentle. Rre ene o ne a rata go re tlotlela ka dipego tsa Baebele, mme fa a dira jalo, o ne a bua ka matsogo mme seo se ne se re thusa go tlhaloganya dipego tseo.
Matsapa a bone e ne e se a lefela. Nna le bonnake ba le babedi re ne ra ya kwa Sekolong sa Gileade. Bokgaitsadiake ba le bararo e ne ya nna babulatsela dingwaga di le dintsi kwa Trinidad le Tobago. Sekao se se molemo sa batsadi ba rona le thuto ya bone, di ne tsa re thusa gore re rate go nna “mo ntlong ya ga Jehofa.” Ba ne ba tlhola ba re kgothatsa mme seo se ne sa nonotsha tumelo ya rona le go re thusa gore re tswelele re le “mo malwapeng a Modimo wa rona.”—Pes. 92:13.
Tiro ya go rera e ne e rulaganngwa kwa lapeng. Gantsi babulatsela ba ne ba kopana kwa gae mme ba ne ba tlhola ba bua ka morongwa mongwe wa kwa Canada e bong Mokaulengwe
George Young yo o neng a kile a etela Trinidad. Batsadi ba me ba ne ba rata go bua ka mokaulengwe le kgaitsadi Brown ba ba neng ba kile ba bereka le bone mme ka nako eo ba ne ba le kwa Afrika Bophirima. Metlotlo eno e ne ya dira gore ke simolole go rera fa ke na le dingwaga di le lesome.TIRELO YA ME FA KE SA NTSE KE LE MOSHA
Ka nako eo, dimakasine tsa rona di ne di bua puo phaa, di senola bodumedi jwa maaka, dikgwebo tse di bogagapa le boferefere jwa dipolotiki. Ka ntlha ya seo, ka 1936 baruti ba ne ba tlhotlheletsa molaodi wa kwa Trinidad gore a thibele dikgatiso tsotlhe tsa Basupi. Re ne ra fitlha dikgatiso tse re nang le tsone, mme gone, re ne ra di tsamaisa go fitlha di fela. Re ne re rulaganya matsholo a a farologaneng mme re ne re tsamaya ka dibaesekele, re dirisa dipolakate e bile re tsamaisa dipampitshana. Re ne re rera kwa dikarolong tse di kgakala tsa Trinidad re na le Basupi ba ba nang le koloi ya sebuelagodimo ba kwa Tunapuna. Go ne go le monate tota! Ditiragalo tseno di ne tsa dira gore ke kolobediwe fa ke na le dingwaga di le 16.
Sekao sa batsadi ba me le maitemogelo ao a a molemo di ne tsa dira gore ke batle go nna morongwa. Fa ke ya kwa Aruba ka 1944 go ya go bereka le Mokaulengwe Edmund W. Cum-mings, ke ne ke sa ntse ke na le keletso eo. Re ne re itumetse tota fa batho ba le lesome ba ne ba tla Segopotsong ka 1945. Ngwaga morago ga moo, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha mo setlhaketlhakeng seo.
Nakonyana morago ga moo, ke ne ka rerela lekgarebe lengwe le ke neng ke bereka le lone e bong Oris Williams. Oris o ne a buelela dithuto tse a neng a di rutilwe. Le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele go ne ga mo thusa go lemoga boammaaruri mme o ne a kolobediwa ka January 5, 1947. Fa nako e ntse e ya, re ne ra simolola go ratana re bo re nyalana. O ne a nna mmulatsela ka November 1950. Oris o ne a dira gore ke itumelele botshelo le go feta.
DIKABELO TSE DI ITUMEDISANG KWA NIGERIA
Ka 1955 re ne ra lalediwa kwa Sekolong sa Gileade. Gore re ipaakanyetse kabelo eo, re ne ra tlogela tiro, ra rekisa ntlo le dithoto tse dingwe re bo re fuduga. Ka July 29, 1956, re ne ra aloga mo tlelaseng ya bo27 ya Gileade re bo re abelwa go ya go direla kwa Nigeria.
Oris o ne a re: “Moya wa ga Jehofa o ne wa nthusa go itshokela dikgwetlho tse re neng re kopana le tsone fa re le barongwa. Tota nna ke ne ke sa batle go nna morongwa. Ke ne ke batla go nna le ntlo le bana. Ke ne ka fetola mogopolo fa ke lemoga gore go rera dikgang tse di molemo go potlakile. Fa re ne re aloga kwa Gileade, ke ne ke ikemiseditse go dira bojotlhe mo tirong ya go rera. Worth Thornton yo o neng a bereka kwa ofising ya ga Mokaulengwe Knorr o ne a tla go re laela fa re ne re palama sekepe sa Queen Mary re ya kwa kabelong ya rona. O ne a re bolelela gore re ya go direla kwa Bethele. Ke ne ke sa itumela. Le fa go ntse jalo, moragonyana ke ne ka simolola go rata Bethele mme ke ne ka dira dikabelo tse di farologaneng. E ke neng ke e rata thata e ne e le ya go bereka mo lefelong la go amogela baeng. Ke rata batho, mme kabelo eno e ne e dira gore ke kopane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba kwa Nigeria. Bontsi jwa bone ba ne ba goroga ba le dithole, ba lapile, ba nyorilwe e bile ba tshwerwe ke tlala. Ke ne ke itumelela go ba naya dijo le metsi le go ba bontsha kwa ba ka ikhutsang gone. Ke ne ke itse gore ke direla Jehofa e bile seno se ne se dira gore ke itumele.” Kabelo nngwe le nngwe e ne e re thusa go atamalana le Jehofa.
Fa re ne re etetse batsadi ba me kwa Trinidad ka 1961, Mokaulengwe Brown o ne a re tlotlela ka maitemogelo a gagwe a kwa Afrika. Le nna ke ne ka tlotla ka tiro ya go rera ya kwa Nigeria. Mokaulengwe Brown o ne a raya Rre a re: “Johnny, ga o ise o ye Afrika mme Woodworth o tswa teng.” Rre a bo a re: “Tshwara fela jalo morwaaka!” Go kgothadiwa jalo ke batho ba ba nang le nako e e telele ba direla Jehofa, go ne ga nthusa gore ke tswelele mo kabelong ya me.
Ka 1962, ke ne ka lalediwa gape kwa tlelaseng ya bo37 ya Sekolo sa Gileade e e neng ya tsaya dikgwedi di le lesome. Mokaulengwe Wilfred Gooch yo e neng e le mookamedi wa ofisi ya lekala ya Nigeria, o ne a lalediwa kwa tlelaseng ya bo38 a bo a ya go direla kwa Engelane. Ka jalo, ke ne ka kopiwa go nna mookamedi * Go le gantsi dibese tseno di ne di kwadilwe melaetsa e e kgatlhang. Molaetsa mongwe o ne o re: “Marothodi a mannye a dira lewatle le legolo.”
wa ofisi ya lekala ya Nigeria. Fela jaaka Mokaulengwe Brown, ke ne ka etela mafelo a le mantsi mme seno se ne sa dira gore ke itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba kwa Nigeria. Le fa ba ne ba humanegile, ba ne ba itumetse mme ke ne ka lemoga gore ga re tlhoke madi kgotsa dithoto gore re itumele. Le fa gone maemo a bone a ne a le thata, go ne go kgatlha go ba bona ba le phepa e bile ba apere sentle kwa dipokanong. Fa ba ya dikopanong, bontsi jwa bone ba ne ba tsamaya ka dilori le dibese tse di bulegileng mo matlhakoreng tse di bidiwang bolekajas.Eleruri mafoko ao a boammaaruri! Bonnye jo re bo dirang bo botlhokwa, mme nna le Oris re ne ra tsenya letsogo mo tirong e e neng e dirwa kwa Nigeria. Ka 1974, Nigeria e ne ya nna naga ya ntlha ntle le United States go nna le baboledi ba le 100 000. Ruri phuthego ya ga Jehofa e ne e gola!
Go ne ga nna le Ntwa ya Selegae kwa Nigeria go tloga ka 1967 go fitlha ka 1970, mme gone, phuthego e ne ya tswelela e gola. Go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa bakaulengwe ba ba nnang kwa letlhakoreng la Biafran la Noka ya Niger ba sa kgone go ikgolaganya le ofisi ya lekala. Re ne re patelesega go ba isetsa dikgatiso. Jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong, go rapela le go ikanya Jehofa go ne ga re thusa go kgabaganya noka eo makgetlo a le mmalwa.
Ke sa ntse ke gopola kafa maeto ao a neng a le kotsi ka gone. Re ne re lebana le masole a a galefileng, re le mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse e bile go ne go na le dikotsi tse dingwe. Go ne go le thata go feta mo gare ga masole a puso, mme gone, go feta ka kwa letlhakoreng la Biafran go ne go boifisa le go feta. Nako nngwe, ke ne ka kgabaganya Noka ya Niger bosigo ke tsamaya ka mokoro go tswa kwa Asaba go ya kwa Onitsha, go tswa foo, ke bo ke ya go kgothatsa balebedi ba ba kwa Enugu. Gape ke ne ka kgothatsa bagolwane ba ba kwa Aba. Ka nako eo, baagi ba lefelo leo ba ne ba sa letlelelwa go dirisa dipone bosigo. Kwa Port Harcourt, re ne ra tshwanelwa ke go konela pokano ya rona ka bonako ka thapelo ka gonne masole a puso a ne a tlhasetse lefelo leo.
Dipokano tseo di ne tsa gopotsa bakaulengwe ba rona gore Jehofa o a ba rata. Gape di ne tsa re naya tshono ya go ba naya kgakololo ya botlhokwa malebana le go se tseye letlhakore le go nna le kutlwano. Bakaulengwe ba rona ba kwa Nigeria ba ne ba kgona go itshokela mathata ao a a boima. Ba ne ba bontsha gore lorato lo kgona go kopanya batho ba merafe e e farologaneng e bile ba ne ba tswelela ba le seoposengwe. Ruri go ne go itumedisa go ba ema nokeng ka nako eo e e thata!
Ka 1969, Mokaulengwe Milton G. Henschel e ne e le modulasetulo kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba kwa Yankee Stadium, New York ya setlhogo se se reng, “Kagiso mo Lefatsheng” mme ke ne ka ithuta go le gontsi mo go ene. Ruri kopano eno e ne e le mo nakong ka gonne ka 1970, re ne ra tshwara Kopano ya Boditšhabatšhaba kwa Lagos, Nigeria ya setlhogo se se reng, “Men of Goodwill.” E ne e se kgale ntwa ya selegae e fedile, ka jalo, kopano eno e ne ya atlega fela ka thuso ya ga Jehofa. E ne e le kopano e e kgethegileng tota ka gonne e ne e tshwerwe ka dipuo di le 17 mme go ne go na le batho ba le 121 128. Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel gammogo le baeng ba bangwe ba ba neng ba tlile ka difofane go tswa kwa United States le Engelane ba ne ba bona go kolobediwa batho ba le bantsi tota! Go ne ga kolobediwa ba le 3 775! E ne e le tiro e e seng kana ka sepe go rulaganya tiragalo eo. Ka nako eo, ke ne ke ise ke bone koketsego e e kalo mo nageng e nngwe!
Mo dingwageng di feta 30 tse ke di feditseng kwa Nigeria, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna molebedi yo o etang le go nna molebedi yo o etelang makala kwa Afrika Bophirima. Barongwa ba ba direlang koo ba ne ba itumela tota fa ba etelwa le go kgothadiwa. Go ne go itumedisa tota go ba tlhomamisetsa gore Jehofa ga a ba lebala. Tiro eno e mpontshitse gore go botlhokwa gore re bontshe batho gore re a ba rata
ka gonne seo se nonotsha tumelo ya bone e bile se ba thusa gore ba tswelele ba direla Jehofa ba le seoposengwe.Re ne ra kgona go itshokela mathata a ntwa ya selegae le bolwetse ka gonne Jehofa o ne a re thusa. Go ne go bonala ka dinako tsotlhe gore o re eme nokeng. Oris o ne a re:
“Re ne ra tshwarwa ke malaria makgetlo a le mmalwa. Nako nngwe, Woodworth o ne a idibala, ka jalo, o ne a isiwa kwa bookelong kwa Lagos. Ke ne ka bolelelwa gore a ka nna a swa, le fa go ntse jalo, o ne a fola. Fa a simolola go nna botokanyana, o ne a bolelela mooki wa gagwe ka Bogosi Jwa Modimo. Moragonyana, ke ne ka tsamaya le ene kwa mooking yoo e bong Rre Nwambiwe gore re ithute Baebele le ene. O ne a amogela boammaaruri mme moragonyana a nna mogolwane kwa Aba. Le nna ke ne ka thusa batho ba le bantsi go nna batlhanka ba ga Jehofa go akaretsa Mamoseleme a a neng a ineetse mo tumelong ya bone. Re ne re itumelela go ithuta ka setso sa batho ba Nigeria, dingwao le puo ya bone.”
Gape re ne ra ithuta gore fa re batla go atlega mo kabelong ya rona, re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go sa kgathalasege gore ba farologane jang le rona.
DIKABELO TSE DISHA
Fa re sena go direla kwa Bethele ya kwa Nigeria, re ne ra abelwa go nna barongwa kwa setlhaketlhakeng sa St. Lucia ka 1987 kwa lewatleng la Caribbean. E ne e le kabelo e e itumedisang, mme gone, go ne go na le dikgwetlho. Kwa Afrika go ne go tlwaelegile gore monna a nyale basadi ba le bantsi mme mo St. Lucia gone bothata e ne e le gore batho ba ne ba nna mmogo ba sa nyalana. Lefoko la Modimo le ne la tlhotlheletsa batho ba re neng re ithuta le bone gore ba dire diphetogo.
Fa bogodi bo simolola go ipha maatla, Setlhopha se se Laolang se ne sa re romela kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, New York, U.S.A., ka 2005. Letsatsi le letsatsi ke leboga Jehofa go bo a mphile Oris. O ne a tlhokafala ka 2015 mme seo se ne sa nkutlwisa botlhoko tota. E ne e le mosadi yo o molemo e bile a le lorato. Re feditse dingwaga di le 68 re nyalane mme ke ne ke mo rata thata. Re ne ra ithuta gore selo se se dirang gore motho a itumele mo lenyalong le mo phuthegong, ke go tlotla botlhogo, go itshwarela, go ikokobetsa le go bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang.
Fa re kopana le dikgwetlho kgotsa re kgobegile marapo, re ne re kopa Jehofa gore a re thuse go mo direla. Re ne ra lemoga gore fa Jehofa a re kaela re bo re reetsa, dilo di re tsamaela sentle le gore o tla re segofatsa le mo nakong e e tlang.—Isa. 60:17; 2 Bakor. 13:11.
Jehofa o segofaditse tiro ya batsadi ba me le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Trinidad le Tobago. Gone jaanong go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 9 892 kwa nageng eo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e ke neng ke direla kwa go yone kwa Aruba, ba ile ba dira ka natla go nonotsha phuthego. Gone jaanong, go na le diphuthego di le 14 mo setlhaketlhakeng seo. Kwa Nigeria, palo ya baboledi e oketsegile go nna 381 398. Mme kwa setlhaketlhakeng sa St. Lucia, go na le baboledi ba le 783.
Gone jaanong ke na le dingwaga di feta 90. Pesalema 92:14 ya re batho ba ba ratang ntlo ya ga Jehofa “ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana.” Ga ke ikwatlhaele nako e ke e feditseng ke direla Jehofa. Thapiso e ke e neilweng fa ke sa le mosha e nthusitse go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Jehofa o ile a nthusa go ‘tlhagisa dithunya mo malwapeng a Modimo wa me.’—Pes. 92:13.
^ ser. 18 Bona makasine wa Tsogang! wa March 8, 1972, ts. 24-26 (ka seesemane).