Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Ile a Ntshegofatsa ka Gonne ke Ithutile mo Dikaong Tse di Molemo

Jehofa o Ile a Ntshegofatsa ka Gonne ke Ithutile mo Dikaong Tse di Molemo

FA KE sa ntse ke le mosha, go ne go le thata gore ke rere. Mme fa ke gola, ke ile ka kopiwa gore ke dire dilo tse ke neng ke akanya gore nka se kgone go di dira. Mma ke go bolelele ka batho bangwe ba ba ileng ba nthusa gore ke se ka ka tlhola ke tshaba go rera le gore ke itumelele masego a le mantsi mo dingwageng di le 58 tse ke di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng.

Ke tsholetswe kwa Toropong ya Quebec, kwa porofenseng ya Canada e go buiwang Sefora kwa go yone. Ke godisitswe ke batsadi ba ba lorato e bong Louis le Zélia mme ba ne ba nthata tota. Rre e ne e le motho yo o ditlhong e bile o ne a rata go bala. Ke ne ke rata go kwala, e bile ke ne ke batla gore ke nne mokwadi letsatsi lengwe.

Fa ke na le dingwaga di le 12, monna mongwe yo o neng a bereka le rre e bong Rodolphe Soucy le tsala ya gagwe ba ile ba re etela kwa gae. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa itse Basupi go le kalo, e bile ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi jwa bone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata tsela e ba neng ba dirisa Baebele ka yone go araba dipotso tsa rona. Batsadi ba me le bone ba ile ba kgatlhiwa ke seo, ka jalo, re ile ra dumela go ithuta Baebele.

Ka nako eo, ke ne ke tsena sekolo sa kereke ya Katoliki. Ka dinako dingwe, ke ne ke tlhola ke tlotlela bana ba ke tsenang le bone se ke se ithutang mo Baebeleng. Moragonyana, barutabana ba rona, ba e neng e le baruti, ba ile ba utlwalela ka seo. Go na le gore ba dirise Baebele go bontsha gore se ke se buang ga se boammaaruri, mongwe wa bone o ne a ntatofatsa fa pele ga bana ba bangwe, a re ke seganana. Le fa gone ke ne ke tshogile, ke ile ka lemoga gore dithuto tsa kwa sekolong tsa bodumedi ga di dumalane le se Baebele e se buang. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tswa kwa sekolong seo. Batsadi ba me ba ile ba dumela gore ke ye kwa sekolong se sengwe.

SE SE ILENG SA NTHUSA GORE KE RATE BODIREDI

Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele mme gone, ke ne ke sa kgone go gatela pele ka gonne ke ne ke tshaba go rera ka ntlo le ntlo. Kereke ya Katoliki e ne e na le tlhotlheletso e ntsi e bile e le kgatlhanong le tiro ya rona ya go rera. Moeteledipele wa dipolotiki wa kwa Quebec e bong Maurice Duplessis o ne a dirisana thata le kereke ya Roma. O ne a thusa batho gore ba tlhasele Basupi. Ka nako eo, Basupi ba ne ba tlhoka go nna pelokgale gore ba rere.

Mokaulengwe John Rae o ile a nthusa gore ke se ka ka tlhola ke tshaba go ya bodireding. O ne a alogile mo tlelaseng ya borobongwe ya Sekolo sa Gileade. Le fa gone John a ne a na le maitemogelo, o ne a le bonolo e bile a atamelesega. Ga se gantsi a ne a nkgalemela ka tlhamalalo mme ke ile ka ithuta dilo di le dintsi mo go ene. John o ne a sa itse go bua Sefora, ka jalo, go le gantsi ke ne ke tsamaya le ene kwa bodireding gore ke kgone go mo thusa. Go fetsa nako e ntsi ke na le John, go ne ga dira gore ke batle go nna Mosupi wa ga Jehofa. Dingwaga di le lesome ke sena go kopana le Basupi, ke ile ka kolobediwa, ka May 26, 1951.

Mokaulengwe John Rae (A) o ile a nthusa (B) gore ke itumelele go rera ka ntlo le ntlo

Phuthego ya rona ya kwa Quebec City e ne e na le babulatsela ba le bantsi. Ba ile ba dira gore ke batle go nna mmulatsela. Ka nako eo re ne re rera ka ntlo le ntlo re dirisa Baebele fela. E re ka re ne re se na dikgatiso, re ne re tlhoka go dirisa Dikwalo ka tsela e e siameng. Ka jalo, ke ne ka itlwaelanya le ditemana tsa Baebele gore ke kgone go tlhalosetsa ba bangwe se ke se dumelang. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ne ba gana go bala Baebele e e sa dumelelwang ke Kereke ya Katoliki.

Ka 1952 ke ile ka nyala kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Simone Patry. Re ne ra fudugela kwa Montreal mme morago ga ngwaga re ne ra nna le ngwana wa mosetsana re bo re mmitsa Lise. Le fa gone ke ile ka tlogela go nna mmulatsela pele ga re nyalana, nna le mosadi wa me re ne ra leka go tlhofofatsa botshelo jwa rona gore re kgone go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa phuthego.

Go ne ga feta dingwaga di le lesome pele ke akanya ka go nna mmulatsela gape. Ka 1962 ke ile ka ya kwa Sekolong sa Tirelo sa Bogosi sa bagolwane, se se neng se tshwarelwa kwa Ofising ya Lekala ya kwa Canada e bile se tsaya kgwedi yotlhe. Ke ne ka kopiwa go nna mo kamoreng e le nngwe le mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Camille Ouellette. Camille o ne a dira ka natla mo bodireding le fa a ne a nyetse e bile a na le ngwana. Seo se ile sa nkgatlha tota. Ka nako eo, ke bakaulengwe ba le mmalwa fela mo Quebec ba e neng e le babulatsela mme gape ba godisa bana. Mme gone, Camille o ne a batla go dira jalo. O ile a nkgothaletsa gore ke akanye ka kgang eo. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ile ka lemoga gore ke ka kgona go nna mmulatsela wa ka metlha gape. Bangwe ba ne ba re ga ke a dira tshwetso e e siameng, le fa go ntse jalo, ke ile ka simolola go nna mmulatsela gape ka gonne ke ne ke itse gore Jehofa o tla nthusa.

GO BOELA KWA QUEBEC CITY RE LE BABULATSELA BA BA KGETHEGILENG

Ka 1964 nna le Simone re ne ra tlhomiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Quebec City mme re ile ra direla koo dingwaga di le mmalwa. Ka nako eo, batho ba ne ba sa tlhole ba ganetsa tiro ya go rera thata, mme gone, go ne go sa ntse go na le bangwe ba ba re ganetsang.

Letsatsi lengwe ka Matlhatso, ke ne ka tshwarwa kwa toropong e e bidiwang Sainte-Marie e e gaufi le Quebec City. Lepodise lengwe le ile la nkisa kwa seteisheneng sa mapodise le bo le ntswalela ka gonne ke ne ke se na tetla ya go rera ka ntlo le ntlo. Moragonyana ke ne ka isiwa kwa moatlhoding mongwe yo o neng a tshosa yo o bidiwang Baillargeon. O ile a mpotsa gore mmueledi wa me e ne e tla nna mang. Fa ke mmolelela gore ke tla buelelwa ke Mosupi mongwe yo o bidiwang Glen How, * o ne a bua jaana a tshogile: “Ijaa! E seng Glen!” Mokaulengwe Glen How o ile a kgona go thusa Basupi ba le bantsi kwa dikgotlatshekelong. Go ise go ye kae, ke ile ka bolelelwa gore kgetsi ya me e tsholotswe.

E re ka re ne re ganediwa kwa Quebec, go ne go le thata gore re bone mafelo a a siameng a go tshwara dipokano a re ka a hirang. Phuthego ya rona e ile ya dirisa phaposi e nnye go tshwara dipokano. Gore re kgone go thuthafala fa go le tsididi, re ne re ora hitara ya oli. Gantsi re ne re nna gaufi le yone diura di le mmalwa pele dipokano di simolola gore re tle re tlotle ka maitemogelo a a kgothatsang.

Go itumedisa tota go bona kafa tiro ya go rera e ileng ya oketsega ka gone fa dingwaga di ntse di ya. Ka bo 1960, go ne go na le diphuthego di le mmalwa fela kwa kgaolong ya Côte-Nord le ya Gaspé Peninsula kwa Quebec City. Gompieno go na le dipotologo tse pedi kwa mafelong ao e bile bakaulengwe ba kopanela kwa Diholong tse dintle tsa Bogosi.

TALETSO YA GO NNA MOLEBEDI YO O ETANG

Ka 1977, ke ile ka ya kwa pokanong ya balebedi ba ba etang kwa Toronto

Nna le Simone re ile ra kopiwa go tsena mo tirong ya potologo ka 1970. Mme ka 1973, ke ile ka kopiwa go nna molebedi wa kgaolo. Ke ne ka ithuta go le gontsi mo bakaulengweng ba ba neng ba na le maitemogelo ba ba jaaka Laurier Saumur * le David Splane. * Bakaulengwe bano le bone e ne e le balebedi ba potologo. Morago ga kopano nngwe le nngwe, nna le David re ne re akantshana gore re ka tokafatsa jang tsela e re rutang ka yone. Ke gopola nako nngwe David a nthaya a re: “Léonce, ke ratile puo ya gago ya bofelo. E ne e le monate, mme gone, nkabo ke dirisitse puo ya gago go dira dipuo di le tharo!” Ke ne ke tsenya tshedimosetso e ntsi mo dipuong tsa me. Ke ne ke tlhoka go ithuta go fokotsa.

Ke ile ka direla kwa mafelong a le mantsi kwa Canada

Balebedi ba kgaolo ba ne ba neilwe maikarabelo a go kgothatsa balebedi ba potologo. Baboledi ba le bantsi ba kwa Quebec ba ne ba nkitse. Gantsi ba ne ba batla go tsamaya le nna mo bodireding fa ke etetse dipotologo tsa bone. Le fa gone ke ne ke itumelela go bereka le bone mo bodireding, ke ne ke sa fetse nako e ntsi le molebedi wa potologo. Letsatsi lengwe molebedi wa potologo o ile a nthaya a re: “O dira tiro e ntle ka go ipha nako le bakaulengwe ba bangwe, mme gone, o se ka wa lebala gore eno ke beke ya me. Le nna ke tlhoka go kgothadiwa.” Kgakololo eno e ile ya nthusa go nna tekatekano.

Ka maswabi, ka 1976 go ile ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa e bile se utlwisa botlhoko. Mosadi wa me o ile a lwala thata a bo a tlhokafala. E ne e le mosadi yo o lorato ka gonne a rata Jehofa e bile a sa ikakanyetse a le nosi. Go fetsa nako e ntsi mo bodireding go ile ga nthusa go itshoka e bile ke leboga Jehofa go bo a nthusitse mo dinakong tseo tsa mathata. Moragonyana ke ile ka nyala Carolyn Elliott yo e neng e le mmulatsela yo o tlhagafetseng yo o buang Seesemane. O ne a tlile mo Quebec go tla go direla mo go nang le tlhokego gone. Carolyn ke motho yo o atamelesegang e bile o kgatlhegela ba bangwe, segolobogolo ba ba ditlhong le ba ba jewang ke bodutu. O ne a nthusa thata mo tirong ya potologo.

NGWAGA O O BOTLHOKWA THATA

Ka January 1978, ke ile ka kopiwa go tshwara Sekolo sa ntlha sa Tirelo ya Bobulatsela kwa Quebec. Ke ne ke tshogile tota ka gonne ke ne ke ise ke tsamaye ke ye kwa sekolong seo e bile ke ne ke ise ke bone buka e e dirisiwang kwa sekolong seo. Ka jalo sengwe le sengwe se ne se le sesha mo go nna. Se se itumedisang ke gore tlelase eo e ne e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neng ba na le nako e telele e le babulatsela. Le fa e ne e le nna ke ba rutang, ke ithutile go le gontsi mo go bone.

Moragonyana mo go one ngwaga oo, go ile ga tshwarwa kopano ya boditšhabatšhaba kwa Setadiamong sa Montreal. Go ne ga tla batho ba feta 80 000 kwa kopanong. E ne e le la ntlha go nna le batho ba bantsi jalo. Ke ne ka kopiwa go bereka kwa Lefapheng la Dikgang. Ke ne ke bua le babegadikgang ba le bantsi mme ke ne ke itumetse tota fa ba kwala dilo tse dintle ka rona. Ba ile ba re botsolotsa mo diradiong le mo dithelebisheneng e bile ba ile ba kwala ka rona mo dikoranteng di le dintsi. Seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba itse ka Basupi ba ga Jehofa.

KE NEWA KABELO E NTŠHA

Ka 1996 ke ne ka newa kabelo e nngwe. Morago ga go fetsa dingwaga di le dintsi ke direla kwa Quebec kwa go buiwang Sefora gone, ke ne ka kopiwa go direla kwa Toronto, kwa go buiwang Seesemane gone. Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelegele kabelo eo. Gape ke ne ke ipotsa gore a ke tla kgona go neela dipuo ka gonne ke ne ke sa itse Seesemane sentle. Ke ne ke tlhoka go rapela thata le go ikaega ka Jehofa.

Le fa gone ke ne ke tshogile kwa tshimologong, ke ile ka itumelela go direla kwa Toron-to dingwaga tse pedi. Carolyn o ile a nthusa gore ke tlwaele go bua Seesemane mme bakaulengwe le bone ba ne ba nkeme nokeng. Re ile ra nna le ditsala di le dintsi.

Le fa gone re ne re tshwaregile thata re baakanyetsa kopano, gantsi ka Labotlhano maitseboa ke ne ke rata go ya tshimong. Batho bangwe ba ne ba ka nna ba ipotsa gore ke eng fa ke ya tshimong Labotlhano pele ga kopano, go na le gore ke dirise nako eo go ikhutsa. Mme gone, go bua le batho kwa tshimong go ne go nkgothatsa. Tota le gone jaanong, go ya tshimong go dira gore ke itumele.

Ka 1998, nna le Carolyn re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Mont-real. Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa kabelo ya me e akaretsa go rulaganya matsholo a go rera. Gape ke ne ke tlhola ke bereka le babegadikgang ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba na le tshedimosetso e e phoso ka Basupi, ka jalo re ne re leka go rarabolola bothata joo. Gone jaanong nna le Carolyn re itumelela go rerela batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Bontsi jwa bone ba itumelela go ithuta Baebele.

Ke na le Carolyn

Fa ke akanya ka dingwaga di le 68 tse ke di feditseng mo tirelong ya ga Jehofa, ke itumela tota. Ke a itumela ka gonne Jehofa o ile a nthusa gore ke rate bodiredi e bile ke ile ka thusa batho ba le bantsi gore ba mo itse. Fa morwadiake le monna wa gagwe ba sena go godisa bana ba bone, ba ile ba nna babulatsela ba ka metlha. Go mmona a dira ka natla mo bodireding go dira gore ke itumele. Ke leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba nthusa gore ke atamalane le Jehofa le gore ke mo direle ka ditsela tse dintsi. Ke ile ka lemoga gore re ka kgona go dira dikabelo tsa rona fa fela re ikaega ka moya wa ga Jehofa. (Pes. 51:11) Ke leboga Jehofa ka gonne o ile a nnaya tshiamelo ya go galaletsa leina la gagwe.—Pes. 54:6.

^ ser. 16 Bona kgang ya botshelo ya ga W. Glen How ya setlhogo se se reng, “The Battle Is Not Yours, but God’s,” mo makasineng wa Tsogang! wa April 22, 2000 (ka Seesemane).

^ ser. 20 Bona kgang ya botshelo ya ga Laurier Saumur ya setlhogo se se reng, “I Found Something Worth Fighting For,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1976 (ka Seesemane).

^ ser. 20 Mokaulengwe David Splane ke leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.