Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 7

Re Rata Jehofa Fela Thata

Re Rata Jehofa Fela Thata

“Re a rata, ka gonne a re ratile pele.”—1 JOH. 4:19.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke eng fa Jehofa a ile a dira gore re kgone go nna karolo ya lelapa la gagwe mme o dirile seo jang?

JEHOFA o re laleditse gore re nne karolo ya lelapa la gagwe. Ruri eno ke taletso e e molemo. Maloko a lelapa la ga Jehofa ke batho ba ba ineetseng mo go ene e bile ba na le tumelo mo setlhabelong sa Morwawe. Re lelapa le le itumetseng. Re itumelela botshelo gone jaanong e bile re na le tsholofelo ya go tshelela ruri, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.

2 Jehofa o dirile gore go kgonege gore re nne karolo ya lelapa la gagwe ka gonne o a re rata. Gore seo se kgonege, o ile a tshwanelwa ke go dira sengwe se segolo. (Joh. 3:16) Baebele ya re re “ne [ra] rekwa ka tlhwatlhwa.” (1 Bakor. 6:20) Re kgona go atamalana le Jehofa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. Jehofa o maatla go feta batho botlhe mo lefatsheng, mme re na le tshiamelo ya go mmitsa Rraarona. Mo godimo ga moo, mo setlhogong se se fetileng, re bone gore Jehofa ke Rre yo o molemo.

3. Re ka ipotsa dipotso dife? (Bona lebokoso le le reng “ A Jehofa o a Mpona?”)

3 Gongwe le rona re ikutlwa jaaka mokwadi mongwe wa Baebele yo o ileng a re: “Ke tla duela Jehofa ka eng, ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?” (Pes. 116:12) Boammaaruri ke gore, re ka se kgone go duela Jehofa. Le fa go ntse jalo, re a mo rata ka gonne le ene o a re rata. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Re a rata, ka gonne a re ratile pele.” (1 Joh. 4:19) Re ka dira eng go bontsha Jehofa gore re a mo rata?

TSWELELA O ATAMALANE LE JEHOFA

Re bontsha gore re rata Jehofa fa re rapela, re mo ikobela e bile re thusa ba bangwe gore ba mo rate (Bona serapa 4-14)

4. Go ya ka Jakobe 4:8, ke eng fa re tshwanetse go atamalana le Jehofa?

4 Jehofa o batla gore o re atamalane le ene e bile o batla gore re bue le ene. (Bala Jakobe 4:8.) O re kgothaletsa gore re ‘nnele ruri mo thapelong’ e bile ka metlha o a re reetsa. (Bar. 12:12) Dithapelo tsa rona ga di mo lapise. Re reetsa Jehofa fa re bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Gape re mo reetsa ka go tlhoma mogopolo fa re le kwa dipokanong. Fa bana ba bua le batsadi ba bone ka metlha, ba atamalana le bone. Ka tsela e e tshwanang, re tla atamalana le Jehofa fa re bua le ene ka metlha.

Bona serapa 5

5. Re ka tokafatsa jang dithapelo tsa rona?

5 Akanya ka dithapelo tsa gago. Jehofa o batla gore fa re bua le ene, re mmulele mafatlha. (Pes. 62:8) Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Fa ke rapela, a ke boaboeletsa selo se le sengwe fela, kgotsa a ke bolelela Jehofa se se mo mafatlheng a me?’ Ga go pelaelo gore o rata Jehofa e bile o batla go tswelela o atamalane le ene. Ka jalo, o tshwanetse go bua le ene ka metlha. Mmolelele se se mo pelong ya gago. Mmolelele dilo tse di go itumedisang le tse di go utlwisang botlhoko. O ka kgona go kopa Jehofa gore a go thuse.

6. Re tshwanetse go dira eng gore re atamalane le Jehofa?

6 Fa re batla go tswelela re atamalane le Jehofa, re tshwanetse go mo leboga ka dilo tse a re direlang tsone. Re dumalana le mopesalema yo o ileng a re: “O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.” (Pes. 40:5) Re tshwanetse go bontsha Jehofa gore re lebogela dilo tsotlhe tse dintle tse a re direlang tsone. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore ga re tshwane le batho ba lefatshe leno. Batho ba le bantsi gompieno ga nke ba lebogela dilo tse dintle tse Jehofa a ba direlang tsone. Tota e bile, sengwe se se bontshang gore re tshela mo “mo metlheng ya bofelo,” ke gore batho ga ba leboge. (2 Tim. 3:1, 2) Ga re batle go tshwana le bone.

7. Jehofa o batla gore re dire eng, mme ka ntlha yang?

7 Batsadi ba batla gore bana ba bone ba utlwane. Jehofa le ene o batla gore bana ba gagwe ba utlwane. Tota e bile, fa re ratana, seo se bontsha gore re Bakeresete ba boammaaruri. (Joh. 13:35) Re ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o ileng a re: “Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” (Pes. 133:1) Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re tla bo re bontsha Jehofa gore re a mo rata. (1 Joh. 4:20) Go itumedisa tota go nna karolo ya lelapa la bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba pelonomi, e bile ba le pelotlhomogi.—Baef. 4:32.

IKOBELE JEHOFA

Bona serapa 8

8. Go ya ka 1 Johane 5:3, lebaka la botlhokwa la go bo re ikobela Jehofa ke lefe?

8 Jehofa o batla gore bana ba ikobele batsadi ba bone, ka jalo, le rona o batla gore re mo ikobele. (Baef. 6:1) Re tshwanetse go mo ikobela ka gonne ke ene a re bopileng e bile ke ene a re tlamelang ka dilo tse re di tlhokang. Mo godimo ga moo, o botlhale go feta motsadi ope fela. Mme gone, lebaka la botlhokwa la go bo re ikobela Jehofa ke gore re a mo rata. (Bala 1 Johane 5:3.) Le fa gone go na le mabaka a le mantsi a go bo re tshwanetse go ikobela Jehofa, ga a re pateletse gore re mo ikobele. O re neile kgololesego ya go itlhophela. Ka jalo, o a itumela fa re tlhopha go mo ikobela ka gonne re mo rata.

9-10. Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse melao ya Modimo re bo re e ikobela?

9 Batsadi ba batla gore bana ba bone ba nne ba sireletsegile. Ke gone ka moo ba ba beelang melao. Fa bana ba ikobela melao eo, ba bontsha gore ba tshepa batsadi ba bone e bile ba a ba tlotla. Ka jalo, go botlhokwa gore re itse melao ya ga Jehofa re bo re tshela ka yone. Fa re ikobela melao ya ga Jehofa, re mmontsha gore re a mo rata e bile re a mo tlotla. Mo godimo ga moo, go ikobela melao ya Modimo go re tswela mosola. (Isa. 48:17, 18) Batho ba ba sa ikobeleng Jehofa ba feleletsa ba wetse mo mathateng.—Bagal. 6:7, 8.

10 Go ikobela Jehofa go re sireletsa mo dilong di le dintsi tse di ka re utlwisang botlhoko le tse di ka senyang kamano ya rona le ene. Jehofa o a itse gore re tlhoka eng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Aurora yo o nnang kwa United States a re: “Ke a itse gore go ikobela melao ya ga Jehofa go dira gore ke itumelele botshelo.” Joo ke boammaaruri jo bo senang bana ba phefo. Wena go ikobela melao ya ga Jehofa go ile ga go tswela mosola jang?

11. Go rapela go re thusa jang?

11 Go rapela go re thusa gore re kgone go ikobela Jehofa. Ka dinako tse dingwe, ga go motlhofo go ikobela melao ya ga Jehofa ka gonne re na le boleo. Mme gone, re tshwanetse go leka ka natla gore re mo ikobele. Mopesalema o ile a rapela a re: “Ntira gore ke tlhaloganye, gore ke tle ke boloke molao wa gago le gore ke o boloke ka pelo yotlhe.” (Pes. 119:34) Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Denise a re: “Fa go le thata gore ke ikobele molao wa ga Jehofa, ke mo kopa gore a nthuse.” Jehofa o araba dithapelo tse di ntseng jalo.—Luke 11:9-13.

THUSA BA BANGWE GORE BA RATE JEHOFA

12. Go ya ka Baefeso 5:1, re tshwanetse go dira eng?

12 Bala Baefeso 5:1. E re ka re le “bana ba ba rategang” ba ga Jehofa, re leka ka natla go mo etsa. Re etsa Jehofa fa re rata ba bangwe, re ba tshwara sentle e bile re ba itshwarela. Fa batho ba ba sa obameleng Jehofa ba bona tsela e ntle e re itshwereng ka yone, ba ka nna ba kgatlhegela go ithuta ka ene. (1 Pet. 2:12) Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go etsa Jehofa ka go tshwara bana ba bone sentle. Fa ba dira jalo, bana ba bone ba ka nna ba batla go atamalana le Jehofa.

Bona serapa 13

13. Ke eng se se tla re thusang gore re nne pelokgale?

13 Go le gantsi, bana ba motlotlo ka borraabone e bile ba rata go bua ka bone. Le rona re motlotlo ka Jehofa e bile re batla go bolelela ba bangwe ka ene. Re ikutlwa jaaka Kgosi Dafide yo o ileng a re: “[Ke tla] ipelafatsa mo go Jehofa.” (Pes. 34:2) Mme gone, re ka tswa re palelwa ke go bolelela ba bangwe ka Jehofa ka gonne re le ditlhong. Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale? Ke go nna re gopotse gore fa re bolelela batho ka Jehofa, o a itumela. Mo godimo ga moo, fa re ruta batho ka Jehofa, seo se ba solegela molemo. Jehofa o tla re thusa gore re nne pelokgale. O ile a thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, mme le rona o tla re thusa.—1 Bathes. 2:2.

14. Ke eng fa re tshwanetse go rerela batho ba bangwe?

14 Jehofa ga a na tlhaolele, ka jalo, o a itumela fa a bona re rata batho ba bangwe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kgotsa ba tswa kae. (Dit. 10:34, 35) Re bontsha gore re rata batho ba bangwe fa re ba rerela. (Math. 28:19, 20) Tiro ya rona e thusa batho jang? Fa batho ba reetsa molaetsa wa rona, ba tokafatsa matshelo a bone e bile ba nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.—1 Tim. 4:16.

FA RE RATA JEHOFA RE A ITUMELA

15-16. Re na le mabaka afe a go itumela?

15 Jehofa ke Rre yo o lorato, ka jalo, o batla gore bana ba gagwe ba itumele. (Isa. 65:14) Le fa re ka tswa re na le mathata, re na le mabaka a le mantsi a go itumela. Ka sekai, re a itse gore Jehofa o a re rata. Gape re itse boammaaruri jo bo mo Lefokong la gagwe. (Jer. 15:16) Re karolo ya lelapa la batho ba ba ratang Jehofa, ba ba ratang melao ya gagwe le ba ba ratanang.—Pes. 106:4, 5.

16 Selo se sengwe gape se se dirang gore re itumele ke gore re a itse gore re tlile go tshela monate mo nakong e e tlang. Re a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tlile go fedisa bosula jotlhe a bo a dirisa Bogosi jwa gagwe go dira lefatshe lotlhe Paradaise. Gape re na le tsholofelo ya gore batho botlhe ba ba tlhokafetseng ba tlile go tsosiwa. (Joh. 5:28, 29) Ruri seo se tlile go re itumedisa tota! Mme sa botlhokwa le go feta, re a itse gore ka nako eo, botlhe kwa legodimong le mo lefatsheng ba tla bo ba tlotla Jehofa, ba mo galaletsa e bile ba mo obamela.

PINA 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa

^ ser. 5 Re a itse gore Jehofa o a re rata e bile o re thusitse go nna karolo ya lelapa la gagwe. E re ka Jehofa a re rata, le rona re a mo rata. Re ka bontsha Jehofa jang gore re a mo rata? Re tla bona karabo ya potso eno mo setlhogong seno.