Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

“Tlhogo ya Monna Mongwe le Mongwe ke Keresete”

“Tlhogo ya Monna Mongwe le Mongwe ke Keresete”

“Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.”1 BAKOR. 11:3.

PINA 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se se ka tlhotlheletsang tsela e monna a tshwarang mosadi le bana ba gagwe ka yone?

O AKANYA gore go nna le taolo go kaya eng? Ka sekai, go kaya eng go nna tlhogo ya lelapa? Banna ba bangwe ba tshwara basadi ba bone le bana ba bone go ya ka tsela e ba godisitsweng ka yone kgotsa go ya ka setso sa bone. Kgaitsadi mongwe wa kwa Yuropa e bong Yanita a re: “Kwa ke nnang gone, batho ba dumela gore basadi ke batho ba maemo a a kwa tlase e bile ba ba tsaya e le makgoba.” Mokaulengwe Luke yo o nnang kwa United States a re: “Borre bangwe ba ruta bana ba bone ba basimane gore ga go na sepe sa botlhokwa se basadi ba ka se buang le gore ba se ka ba ba reetsa.” Mme gone, Jehofa ga a batle gore banna ba tshware basadi ba bone jalo. (Bapisa Mareko 7:13.) Jaanong ke eng se se ka thusang monna gore e nne tlhogo ya lelapa e e molemo?

2. Ke eng se tlhogo ya lelapa a tshwanetseng go se itse, mme ka ntlha yang?

2 Fa monna a batla go nna tlhogo ya lelapa e e molemo, o tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng se Jehofa a lebeletseng gore a se dire. Gape o tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a mo neile taolo le gore a ka etsa jang sekao sa ga Jehofa le Jesu. Goreng go le botlhokwa gore banna ba itse dilo tseno? Ka gonne Jehofa o neile ditlhogo tsa malapa taolo e e rileng e bile o lebeletse gore ba e dirise sentle.—Luke 12:48b.

GO NNA TLHOGO GO KAYA ENG?

3. Mo go 1 Bakorintha 11:3, re ithuta eng ka go nna le taolo?

3 Bala 1 Bakorintha 11:3. Temana eno e tlhalosa tsela e Jehofa a rulagantseng lelapa la gagwe la kwa legodimong le la mo lefatsheng ka yone. Go nna tlhogo go akaretsa go nna le taolo le go nna le maikarabelo. Jehofa ke “tlhogo” kgotsa o na le taolo yotlhe. Ka jalo, o neile ba bangwe taolo mme botlhe ba ikarabelela mo go ene mo tseleng e ba dirisang taolo eo ka yone. (Bar. 14:10; Baef. 3:14, 15) Jehofa o tlhomile Jesu go nna tlhogo ya phuthego kgotsa go nna le taolo mo bathong. Mme Jesu o ikarabelela mo go Jehofa ka tsela e a tshwarang phuthego ka yone. (1 Bakor. 15:27) Gape Jehofa o neile banna taolo mo malapeng a bone mme ba ikarabelela mo go Jehofa le Jesu ka tsela e ba tshwarang ba malapa a bone ka yone.—1 Pet. 3:7.

4. Jehofa le Jesu ba na le tshwanelo ya go dira eng?

4 E re ka Jehofa e le Tlhogo ya baengele le batho, o na le tshwanelo ya go dira melao, le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o ikobela melao eo. (Isa. 33:22) Jesu le ene ke tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, ka jalo, o na le tshwanelo ya go tlhoma melao le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o a e latela.—Bagal. 6:2; Bakol. 1:18-20.

5. Tlhogo ya lelapa o na le taolo efe, mme taolo eo e felela kae?

5 Fela jaaka Jehofa le Jesu, tlhogo ya lelapa le ene o na le tshwanelo ya go dira ditshwetso mo lelapeng la gagwe. (Bar. 7:2; Baef. 6:4) Mme gone, go na le fa taolo ya gagwe e felelang gone. Ka sekai, o tshwanetse go tlhoma melao a ikaegile ka melaometheo e e tswang mo Lefokong la Modimo. (Dia. 3:5, 6) E bile tlhogo ya lelapa ga a na tshwanelo ya go beela batho ba e seng ba lelapa la gagwe melao. (Bar. 14:4) Gape fa bana ba gagwe ba gola ba bo ba tswa mo gae, ba tla tswelela ba mo tlotla mme gone, ga e sa tlhole e le tlhogo ya bone.—Math. 19:5.

GORENG JEHOFA A NEILE BA BANGWE TAOLO?

6. Goreng Jehofa a ile a dira gore go nne le ba ba nang le taolo?

6 Jehofa o dirile gore ba bangwe ba nne le taolo ka gonne a rata baengele le batho. Thulaganyo eno ke mpho e e tswang kwa go ene. Fa go na le motho yo o nang le taolo, seo se dira gore batho ba ga Jehofa ba dirisane ka kagiso le gore dilo di tsamaye sentle. (1 Bakor. 14:33, 40) Fa go ne go sa itsiwe gore ke mang yo o nang le taolo, batho ba ga Jehofa ba ne ba tlile go tlhakatlhakana e bile ba ne ba se kitla ba itumela. Ka sekai, go ne go se kitla go itsiwe gore ke mang yo o tshwanetseng go dira ditshwetso le gore ke mang yo o tshwanetseng go tlhomamisa gore ditshwetso tseo di a dirwa.

7. Baefeso 5:25 le 28 ya re Jehofa o batla gore banna ba tshware basadi ba bone jang?

7 Fa e le gore banna ke bone ba ba tshwanetseng go nna le taolo mo malapeng, goreng basadi bangwe ba ikutlwa e kete banna ba bone ga ba ba tshware sentle le gore ba a ba gatelela? Seno ke ka gonne banna ba bangwe ga ba ikobele melao ya ga Jehofa. Go na le moo, ba dira dilo go ya ka tsela e di dirwang ka yone mo lefelong le ba nnang mo go lone kgotsa go ya ka setso sa bone. Bangwe ba sotla basadi ba bone fela ka gonne ba batla go ikutlwa e le banna tota. Ka sekai, monna a ka gatelela mosadi wa gagwe ka gonne a batla go bontsha batho ba bangwe gore ene ga se monna yo o bokoa. A ka nna a akanya gore a ka se pateletse mosadi wa gagwe gore a mo rate mme gone a ka kgona go dira gore a mo tshabe. Mme fa mosadi wa gagwe a mo tshaba, seo se ka dira gore a kgone go mo laola. * Banna ba ba akanyang jalo le ba ba dirang dilo jalo, ba phoso. Ga ba tlotle basadi ka tsela e ba tshwanetseng go ba tlotla ka yone. E bile ba dira se se farologaneng le se Jehofa a batlang ba se dira.—Bala Baefeso 5:25, 28.

KE ENG SE SE KA THUSANG MONNA GO NNA TLHOGO E E MOLEMO YA LELAPA?

8. Ke eng se se ka thusang monna go nna tlhogo ya lelapa e e molemo?

8 Monna a ka nna tlhogo e e molemo fa a etsa tsela e Jehofa le Jesu ba dirisang taolo ya bone ka yone. A re tlotleng ka botho jo bo molemo jo Jehofa le Jesu ba nang le jone mme re bone gore tlhogo ya lelapa a ka ba etsa jang fa a dirisana le mosadi le bana ba gagwe.

9. Jehofa o bontsha jang gore o boikokobetso?

9 Boikokobetso. Jehofa o botlhale go gaisa batho botlhe mme gone, o reetsa dikakantsho tsa batlhanka ba gagwe. (Gen. 18:23, 24, 32) O kile a letla baengele gore ba ntshe dikakantsho. (1 Dikg. 22:19-22) Jehofa ga a dire diphoso mme gone, ga a lebelela gore le rona re se ka ra dira diphoso. Go na le moo, o thusa batho ba ba nang le boleo, ba ba mo direlang gore ba kgone go atlega. (Pes. 113:6, 7) Tota e bile, Baebele e tlhalosa Jehofa e le “mothusi.” (Pes. 27:9; Baheb. 13:6) Kgosi Dafide o ile a tlhalosa gore o ne a kgona go dira dilo di le dintsi ka gonne Jehofa a le boikokobetso e bile a mo thusa.—2 Sam. 22:36.

10. Jesu o ile a bontsha jang gore o boikokobetso?

10 Akanya ka se Jesu a ileng a se dira. Le fa e ne e le Morena wa barutwa ba gagwe, o ile a ba tlhapisa dinao. Ke eng fa Jehofa a ile a letla gore pego eno e kwalwe mo Baebeleng? Ka gonne o ne a batla gore batho botlhe, go akaretsa le ditlhogo tsa malapa ba ithute sengwe mo sekaong sa ga Jesu. Jesu o ile a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Joh. 13:12-17) Le fa Jesu a ne a na le taolo, o ne a sa lebelela gore batho ba mo direle. Go na le moo, o ile a direla ba bangwe.—Math. 20:28.

Tlhogo ya lelapa a ka bontsha gore o boikokobetso ka go dira ditiro tsa mo lapeng, le go thusa ba lelapa la gagwe gore e nne ditsala tsa ga Jehofa (Bona serapa 11, 13)

11. Tlhogo ya lelapa a ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehofa le Jesu?

11 Re ithuta eng? Tlhogo ya lelapa a ka bontsha gore o boikokobetso ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, ga a a tshwanela go lebelela gore mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba se ka ba dira diphoso. O reetsa dikakantsho tsa mosadi le bana ba gagwe, le fa gone dikakantsho tseo, di sa dumalane le tsa gagwe. Marley yo o nnang kwa United States a re: “Ka dinako dingwe, nna le monna wa me ga re lebe dilo ka go tshwana. Mme gone, ke a itse gore o a ntlotla le gore o ntsaya ke le botlhokwa, ka gonne o nna a batla go utlwa gore ke ikutlwa jang ka sengwe pele a dira tshwetso. Go tswa foo, o akanya ka se ke se buileng.” Gape monna yo o boikokobetso, o leka go thusa mosadi wa gagwe ka ditiro tsa mo ntlong, le fa batho ba mo lefelong le ba nnang mo go lone ba akanya gore ditiro tseo ke tsa basadi. Mme gone, go ka nna thata gore monna a dire jalo. Goreng? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Rachel a re: “Kwa ke goletseng gone, fa monna a ka thusa mosadi go tlhatswa dijana kgotsa go phepafatsa ntlo, baagelani le ba masika ba simolola go mo nyatsa. Ba akanya gore monna yoo ga a kgone go laola mosadi wa gagwe.” Fa e le gore batho ba kwa o nnang gone ba na le go akanya jalo, gopola gore Jesu o ile a tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe, le fa tiro eo e ne e tsewa e le ya makgoba. Monna yo e leng tlhogo e e molemo ya lelapa, ga a leke go dira gore ba bangwe ba akanye gore o na le maatla e bile o botlhokwa. Sa botlhokwa mo go ene ke gore mosadi le bana ba gagwe ba itumele. Ke botho bofe gape jo tlhogo ya lelapa a tlhokang go nna le jone?

12. Ke eng se Jehofa le Jesu ba ileng ba se dira ka gonne ba re rata?

12 Lorato. Sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang, o se dira ka gonne a rata ba bangwe. (1 Joh. 4:7, 8) O bontsha gore o a re rata le gore o batla gore re nne ditsala tsa gagwe, ka go re naya Lefoko la gagwe e leng Baebele le phuthego ya gagwe. O dira gore re ikutlwe re sireletsegile ka go re tlhomamisetsa gore o a re rata. A Jehofa a ka re tlamela ka dilo tse re di tlhokang? Baebele ya re Jehofa “o re nayang dilo tsotlhe . . . gore re di ipelele.” (1 Tim. 6:17) Fa re dira diphoso, o a re kgalemela mme ga a tlogele go re rata. E re ka Jehofa a re rata, o ile a re direla thulaganyo ya thekololo. Jesu le ene o ile a re bontsha gore o a re rata ka go re swela. (Joh. 3:16; 15:13) Ga go na sepe se se ka thibelang Jehofa le Jesu go rata ba ba ikanyegang mo go bone.—Joh. 13:1; Bar. 8:35, 38, 39.

13. Goreng go le botlhokwa gore tlhogo ya lelapa a rate ba lelapa la gagwe? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Se Monna Yo a Sa Tswang go Nyala A ka Se Dirang Gore Mosadi wa Gagwe a mo Tlotle.”)

13 Re ithuta eng? Sengwe le sengwe se tlhogo ya lelapa a se dirang, o tshwanetse go se dira ka go bo a rata ba bangwe. Goreng seo se le botlhokwa? Moaposetoloi Johane o ile a re: “Yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, [kgotsa ba lelapa la gagwe] ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Joh. 4:11, 20) Monna yo o ratang ba lelapa la gagwe le yo o batlang go etsa sekao sa ga Jehofa le Jesu, o tlile go thusa ba lelapa la gagwe gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa, go dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile le go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:8) O tla ruta le go kgalemela bana ba gagwe. O tla tokafatsa tsela e a dirang ditshwetso ka yone gore a itumedise Jehofa le ba lelapa la gagwe. A jaanong re tlotle ka dilo tse re sa tswang go bua ka tsone, mme re bone gore tlhogo ya lelapa a ka etsa Jehofa le Jesu jang mo dintlheng tseno.

SE TLHOGO YA LELAPA A TSHWANETSENG GO SE DIRA

14. Tlhogo ya lelapa o dira eng go thusa ba lelapa la gagwe gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa?

14 O tshwanetse go thusa ba lelapa la gagwe gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa. Jesu o ile a bontsha gore o dira dilo jaaka Rraagwe ka gonne o ne a batla go thusa balatedi ba gagwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng. (Math. 5:3, 6; Mar. 6:34) Tlhogo ya lelapa le ene o tshwanetse go thusa ba lelapa la gagwe gore ba nne ditsala tsa ga Jehofa mme o tshwanetse go tsaya boikarabelo joo bo le botlhokwa fela thata. (Dute. 6:6-9) O dira seo ka go tlhomamisa gore ene le ba lelapa la gagwe ba bala le go ithuta Baebele, ba rera dikgang tse di molemo le go tswelela e le ditsala tsa ga Jehofa.

15. Tlhogo ya lelapa a ka dira jang gore ba lelapa la gagwe ba ikutlwe ba ratiwa?

15 O tshwanetse go ba bolelela gore o a ba rata. Jehofa o ile a bolelela Jesu gore o a mo rata ba bangwe ba reeditse. (Math. 3:17) Jesu o ne a nna a bontsha gore o rata balatedi ba gagwe ka dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira. Balatedi ba gagwe le bone ba ne ba mmolelela gore ba a mo rata. (Joh. 15:9, 12, 13; 21:16) Tlhogo ya lelapa le ene a ka bontsha gore o rata ba lelapa la gagwe ka dilo tse a di dirang. Ka sekai, ka go ithuta Baebele le bone. O tshwanetse go bolelela ba lelapa la gagwe gore o a ba rata le gore ba botlhokwa mo go ene mme fa go tlhokega, a ba akgole ba bangwe ba reeditse.—Dia. 31:28, 29.

Fa tlhogo ya lelapa a batla go itumedisa Jehofa o tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang (Bona serapa 16)

16. Ke eng se tlhogo ya lelapa a tshwanetseng go se dira, mme ke eng se a tshwanetseng go se ela tlhoko?

16 O tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Jehofa o ne a netefatsa gore Baiseraele ba nna le dilo tse ba di tlhokang, le fa gone ka nako eo, a ne a ba otlhaya ka gonne ba sa mo ikobele. (Dute. 2:7; 29:5) Le rona Jehofa o re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. (Math. 6:31-33; 7:11) Jesu le ene o ne a naya balatedi ba gagwe dijo. (Math. 14:17-20) Gape o ne a fodisa batho ba le bantsi. (Math. 4:24) Fa tlhogo ya lelapa a batla go itumedisa Jehofa, o tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Mme go na le sengwe se a tshwanetseng go se ela tlhoko. Ga a a tshwanela go fetsa nako e ntsi kwa tirong, mo a feleletsang a palelwa ke go thusa ba lelapa la gagwe gore ba atamalane le Jehofa le go ba bontsha gore o a ba rata.

17. Jehofa le Jesu ba re ruta le go re kgalemela jang?

17 O tshwanetse go ba ruta. Jehofa o a re ruta e bile o a re otlhaya ka gonne a batla go re thusa. (Baheb. 12:7-9) Jesu le ene, o ruta batho ba a ba etelelang pele ka tsela e e lorato. (Joh. 15:14, 15) O ba kgalemela a tiisitse fa go tlhokega mme gape o bonolo. (Math. 20:24-28) O tlhaloganya gore re na le boleo, le gore ka dinako dingwe re dira diphoso.—Math. 26:41.

18. Ke eng se tlhogo ya lelapa a tshwanetse go se gopola?

18 Monna yo o latelang sekao sa ga Jehofa le Jesu o nna a gopola gore mosadi le bana ba gagwe ba dira diphoso. Ga a ba ‘galefele mo go botlhoko.’ (Bakol. 3:19) Go na le moo, o leka go dirisa molaomotheo o o mo go Bagalatia 6:1, a bo a leka go ba thusa a le “bonolo” a gopola gore le ene o dira diphoso. Fela jaaka Jesu, o lemoga gore fa a batla go ruta ba lelapa la gagwe, o tshwanetse go ba tlhomela sekao.—1 Pet. 2:21.

19-20. Tlhogo ya lelapa a ka etsa Jehofa le Jesu jang fa a dira ditshwetso?

19 O tshwanetse go dira ditshwetso a sa ikakanyetse a le nosi. Jehofa o dira ditshwetso tse di tla solegelang ba bangwe molemo. Ka sekai, o bopile dilo tsotlhe ka gonne a batla gore re itumele. Ga go na ope yo o pateleditseng Jehofa gore a romele Morwawe gore a tle go re swela. O ile a dira jalo ka gonne a batla go re thusa. Jesu le ene o ile a dira ditshwetso tse di neng di solegela ba bangwe molemo. (Bar. 15:3) Ka sekai, fa a ne a lapile, go na le gore a ikhutse, o ile a tlhopha go ruta boidiidi jwa batho.—Mar. 6:31-34.

20 Tlhogo ya lelapa o a itse gore selo sa botlhokwa se a tshwanetseng go se dira, mme go se motlhofo go se dira, ke go direla ba lelapa la gagwe ditshwetso tse di siameng. Mme o tsaya maikarabelo ao a le botlhokwa fela thata. Ga a phamoge fela fa a dira ditshwetso mme o di dira a na le mabaka a a utlwalang. Gape o letla Jehofa go mo ruta gore a ka dira jang ditshwetso tse di molemo. * (Dia. 2:6, 7) Fa a dira jalo, o tla kgona go dira ditshwetso a sa ikakanyetse a le nosi.—Bafil. 2:4.

21. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Jehofa o neile ditlhogo tsa malapa maikarabelo a a seng motlhofo. Mme o lebeletse gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang go diragatsa maikarabelo ao. Mme gone, fa monna yo o nyetseng a latela sekao sa ga Jehofa le Jesu, o tla kgona go nna tlhogo ya lelapa e e molemo. Mme fa mosadi a diragatsa maikarabelo a gagwe mo lelapeng, lelapa leo le tlile go itumela. Mosadi o tshwanetse go leba jang maikarabelo a monna wa gagwe a go nna tlhogo ya lelapa? Mme a ka lebana le dikgwetlho dife? Re tla araba dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

PINA 16 Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng

^ ser. 5 Fa monna a nyala, o nna tlhogo ya lelapa. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka gore go kaya eng go nna tlhogo, Jehofa o neile ba bangwe taolo efe, goreng a dirile jalo le gore banna ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehofa le Jesu. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka gore banna le basadi ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu le mo dikaong tsa batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Mo setlhogong sa boraro, re tla ithuta gore bakaulengwe ba ka dirisa jang taolo e ba nang le yone mo phuthegong.

^ ser. 7 Kgang ya gore go itshiametse fela gore banna ba sotle basadi ba bone le go ba itaya, gantsi e tlhagelela mo difiliming le mo dibukeng dingwe. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ka akanya gore go siame gore banna ba gatelele basadi ba bone.

^ ser. 20 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka gore o ka dira jang ditshwetso tse di molemo, bala setlhogo se se reng, “Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2011 ts. 13-17.