Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 6

Tlhogo ya Mosadi ke Monna

Tlhogo ya Mosadi ke Monna

“Mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna.”—1 BAKOR. 11:3.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke dipotso dife tse kgaitsadi a tshwanetseng go ipotsa tsone pele a nyalwa?

JESU KERESETE ke tlhogo ya Bakeresete botlhe mme ene ga a dire diphoso. Mme gone, fa mosadi wa Mokeresete a sena go nyalwa, o ikobela taolo ya monna wa gagwe. Mme go farologana le Jesu, monna wa gagwe ene o dira diphoso. Ka jalo, ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore mosadi a ikobele taolo ya monna wa gagwe. Ka jalo, pele kgaitsadi a nyalwa o tshwanetse go ipotsa gore, ‘A mokaulengwe yono o tlile go nna tlhogo e e molemo ya lelapa? A o tsaya go direla Jehofa go le botlhokwa thata? Fa e le gore ga a dire jalo, ke eng se se dirang gore ke akanye gore o tlile go dira gore re tswelele re direla Jehofa fa re sena go nyalana?’ Gape kgaitsadi o tshwanetse go ipotsa gore, ‘Ke botho bofe jo bo molemo jo ke nang le jone, jo bo tla thusang lenyalo la rona gore le kgone go atlega? A ke pelotelele e bile ke rata go abela ba bangwe? A botsala jwa me le Jehofa bo nonofile?’ (Mor. 4:9, 12) Fa kgaitsadi a dira ditshwetso tse di siameng pele a nyalwa, seo se ka dira gore lenyalo la gagwe le atlege le gore ene le monna wa gagwe ba itumele.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhoma sekao se se molemo ka gonne ba ikobela banna ba bone. Re a ba akgola! Re itumelela go direla Jehofa le bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang. Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka dipotso tseno tse tharo: (1) Ke dikgwetlho dife tse basadi bangwe ba ba nyetsweng ba lebanang le tsone? (2) Goreng mosadi yo o nyetsweng a ikobela monna wa gagwe? (3) Banyalani ba ka ithutang eng mo sekaong sa ga Jesu, Abigaile le Marea mmaagwe Jesu, mo kgannyeng ya go nna boikokobetso le go tlotla ba ba nang le taolo?

BASADI BA BA NYETSWENG BA LEBANA LE DIKGWETLHO DIFE?

3. Goreng banyalani ba lebana le mathata?

3 Lenyalo ke mpho e e molemo e e tswang kwa go Jehofa. Mme gone, batho ba ba nyalanang ba dira diphoso. (1 Joh. 1:8) Ke lone lebaka la go bo Baebele e tlhagisa banyalani gore ba tlile go lebana le mathata mme e tlhalosa mathata ao e le “pitlagano mo nameng.” (1 Bakor. 7:28) Re tlile go tlotla ka dilo di le mmalwa tse di ka dirang gore go nne thata gore mosadi a ikobele monna wa gagwe.

4. Goreng mosadi a ka akanya gore go ikobela monna wa gagwe go dira gore a nyatsege?

4 Ka dinako dingwe, tsela e mosadi a godisitsweng ka yone e ka dira gore a akanye gore fa a ikobela monna wa gagwe seo se dira gore a nyatsege. Kgaitsadi mongwe wa ka United States e bong Marisol a re: “Kwa ke goletseng gone, basadi ba ne ba nna ba bolelelwa gore ba lekana le banna le gore ga go na yo o nang le taolo mo go yo mongwe. Ke a itse gore Jehofa o neile banna ba ba nyetseng taolo le gore basadi ba tshwanetse go ikobela banna ba bone, le gore basadi le bone ba tshwanetse go tlotliwa. Mme gone, go thata gore ke tlotle monna wa me ka gonne batho ba lefatshe leno ba re ga ke tlhoke go dira jalo.”

5. Ke dikgopolo dife tse di phoso tse banna bangwe ba nang le tsone ka basadi?

5 Ka dinako dingwe, mosadi a ka tswa a nyetswe ke monna yo o akanyang gore basadi ke batho ba maemo a a kwa tlase tota fa ba bapisiwa le banna. Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa South America, e bong Ivon a re: “Mo lefelong la rona, banna ba ja pele mme basadi ba ja morago. Go lebeletswe gore bana ba basetsana ba apeye le go phepafatsa. Bana ba basimane bone, ba direlwa sengwe le sengwe ke bana ba basetsana le bommaabone. E bile ba bolelelwa gore ke batho ba botlhokwa thata mo lapeng.” Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Asia, e bong Yingling a re: “Go na le seane sengwe ka puo ya me se se kayang gore mosadi ga a tlhoke go nna botlhale kgotsa go nna le bokgoni. Tiro ya gagwe ke go dira ditiro tsa mo lapeng mme ga a a letlelelwa go bolelela monna wa gagwe gore o akanya eng.” Monna yo o sa bontsheng mosadi wa gagwe gore o a mo rata e bile a sa ikobele melao ya Baebele, o thatafaletsa mosadi wa gagwe botshelo, ga a etse sekao sa ga Jesu e bile ga a itumedise Jehofa.—Baef. 5:28, 29; 1 Pet. 3:7.

6. Basadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go dira eng gore ba tswelele e le ditsala tsa ga Jehofa?

6 Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, Jehofa o lebeletse gore banna ba ba nyetseng ba akanyetse ba malapa a bone, ba ba tlhokomele ka dilo tse ba di tlhokang le go ba thusa gore ba obamele Jehofa. (1 Tim. 5:8) Le fa go ntse jalo, bokgaitsadi ba ba nyetsweng ba tshwanetse go ipha nako ya go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, go akanya ka se ba se badileng le go rapela Jehofa. Go ka nna thata gore basadi ba ba nyetsweng ba dire dilo tseno ka gonne ba na le ditiro tse dintsi e bile ba nna ba lapile. Mme gone, ba tshwanetse go ipha nako ya go dira jalo. Ka ntlha ya eng? Ka gonne Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a nne tsala ya gagwe le gore a tswelele a nonotsha botsala joo.—Dit. 17:27.

7. Ke eng se se ka dirang gore go nne motlhofo gore mosadi a tlotle le go ikobela monna wa gagwe?

7 Mosadi a ka nna a tlhoka go dira ka natla gore a ikobele monna wa gagwe ka gonne monna wa gagwe le ene o dira diphoso. Mme gone, fa a tlhaloganya le go dumalana le mabaka a a mo Baebeleng a go bo a tshwanetse go tlotla le go ikobela monna wa gagwe, o tla kgona go diragatsa maikarabelo ao a Jehofa a mo neileng one.

GORENG MOSADI A IKOBELA MONNA WA GAGWE?

8. Go ya ka Baefeso 5:22-24, goreng mosadi a ikobela monna wa gagwe?

8 Mosadi o ikobela monna wa gagwe ka gonne ke se Jehofa a batlang gore a se dire. (Bala Baefeso 5:22-24.) O tshepa Jehofa ka gonne o a itse gore Jehofa ga a kitla a mo kopa go dira selo se se ka mo utlwisang botlhoko.—Dute. 6:24; 1 Joh. 5:3.

9. Ke eng se se diragalang fa mosadi a ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore a tlotle le go ikobela monna wa gagwe?

9 Batho ba lefatshe la ga Satane ba kgothaletsa basadi gore ba itlhokomolose melao ya ga Jehofa le gore ba tseye gore go ikobela banna ba bone go tla dira gore ba nyatsege. Batho ba ba buang dilo tseno, ga ba itse Jehofa. Jehofa ga a kitla a naya bana ba gagwe taelo e e tla dirang gore ba ikutlwe ba nyatsega. Kgaitsadi yo o dirang ka natla go ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore a ikobele monna wa gagwe, o thusa gore go nne le kagiso mo lelapeng. (Pes. 119:165) Botlhe mo lelapeng ba tla itumela.

10. Ke eng se re ka ithutang sone mo go se Carol a ileng a se bua?

10 Mosadi yo o ikobelang monna wa gagwe, le fa gone monna wa gagwe a dira diphoso, o bontsha gore o tlotla Jehofa e re ka Jehofa e le ene a dirileng thulaganyo ya gore go nne le yo o nang le taolo. Carol yo o nnang kwa South America a re: “Ke a itse gore monna wa me o tla nna a dira diphoso. E bile ke a itse gore tsela e ke dirisanang le ene ka yone le fa a dira diphoso, e tla bontsha gore ke tsaya botsala jwa me le Jehofa bo le botlhokwa go le kae. Ka jalo, ke leka go mo ikobela ka gonne ke batla go itumedisa Jehofa.”

11. Ke eng se se thusang kgaitsadi Aneese gore a itshwarele, mme re ka ithuta eng mo go se a ileng a se bua?

11 Go ka nna thata gore mosadi a ikobele le go tlotla monna wa gagwe fa a ikutlwa e kete monna wa gagwe ga a mo kgathalele e bile ga a akanyetse tsela e a ikutlwang ka yone. Mme gone, akanya ka se kgaitsadi mongwe e bong Aneese a se dirang fa a ikutlwa jalo. A re: “Ke leka gore ke se ka ka tseega maikutlo, ke bo ke ikgopotsa gore kana rotlhe re dira diphoso. Boikaelelo jwa me ke go itshwarela fela jaaka Jehofa a dira. Fa ke sena go itshwarela, ke a ritibala.” (Pes. 86:5) Fa mosadi e le motho yo o ratang go itshwarela, go tla nna motlhofo gore a ikobele monna wa gagwe.

RE KA ITHUTA ENG MO BATHONG BANGWE BA GO BUIWANG KA BONE MO BAEBELENG?

12. Baebele e bua ka batlhanka ba Modimo ba ba neng ba ntse jang?

12 Batho bangwe ba ka nna ba akanya gore motho yo o boikobo, o bokoa. Mme gone, seo ga se nnete. Baebele e bua ka batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba neng ba le boikobo mme gone, ba le pelokgale kgotsa ba kgona go ikemela. Mma re bone gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu, Abigaile le sa ga Marea.

13. Goreng Jesu a ikobela taolo ya ga Jehofa? Tlhalosa.

13 Jesu o tlotla taolo ya ga Jehofa, e seng ka gonne a sena bokgoni kgotsa a se botlhale. Tsela e e sa raraanang e a neng a ruta ka yone e bontsha gore o botlhale. (Joh. 7:45, 46) Jehofa o ne a itse gore Jesu o botlhale, ke lone lebaka la go bo a ile a mo letla gore a dire le ene fa a bopa. (Dia. 8:30; Baheb. 1:2-4) Fa Jehofa a sena go tsosa Jesu, o ile a mo naya ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng.’ (Math. 28:18) Le fa gone Jesu a na le bokgoni, o reetsa kaelo ya ga Jehofa. Goreng? Ka gonne o rata Rraagwe.—Joh. 14:31.

14. Banna ba ba nyetseng ba ka ithuta eng (a) mo tseleng e Jehofa a lebang basadi ka yone? (b) mo go se Diane kgaolo 31 e se buang?

14 Se banna ba ba nyetseng ba ka ithutang sone. Jehofa ga a ka a baya molao wa gore basadi ba ikobele banna ba bone ka gonne a akanya gore basadi ke batho ba maemo a a kwa tlase fa ba bapisiwa le banna. Jehofa o ile a bontsha gore ga a tseye basadi e le batho ba maemo a a kwa tlase, fa a ne a tlhopha banna le basadi gore ba ye go busa le Jesu. (Bagal. 3:26-29) Fa Jehofa a ne a naya Morwawe taolo, o ne a bontsha gore o a mo tshepa. Ka tsela e e tshwanang, monna yo o botlhale o tla naya mosadi wa gagwe taolo e e rileng. Baebele e tlhalosa dilo dingwe tse mosadi yo o botlhale a kgonang go di dira. Ka sekai, o kgona go tlhomamisa gore tiro e a dirwa mo lapeng, go reka le go rekisa setsha le go dira kgwebo. (Bala Diane 31:15, 16, 18.) Ga se lekgoba e bile o na le tshwanelo ya go bua se a se akanyang. Monna wa gagwe o a mo tshepa e bile o reetsa dikakantsho tsa gagwe. (Bala Diane 31:11, 26, 27.) Fa monna a dirisana jalo le mosadi wa gagwe, mosadi wa gagwe o tla itumelela go mo ikobela.

Basadi ba ba nyetsweng ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a ikobelang Jehofa ka yone? (Bona serapa 15)

15. Basadi ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu?

15 Se basadi ba ba nyetsweng ba ka ithutang sone. Le fa gone Jesu a ile a kgona go fitlhelela dilo di le dintsi, ga a ka a akanya gore go ikobela taolo ya ga Jehofa go dira gore a nyatsege. (1 Bakor. 15:28; Bafil. 2:5, 6) Ka tsela e e tshwanang, mosadi yo o botlhale e bile a ikobela taolo ya ga Jesu, ga a kitla a ikutlwa a nyatsega ka gonne a ikobela monna wa gagwe. O tlile go ema monna wa gagwe nokeng e seng fela ka gonne a mo rata mme ka gonne a rata Jehofa e bile a mo tlotla.

Fa Abigaile a sena go romela dijo kwa go Dafide le masole a gagwe, o kgatlhantsha Dafide. O khubama ka mangole mme o kopa Dafide gore a se ka a dira phoso ka go ipusolosetsa (Bona serapa 16)

16. 1 Samuele 25:3 le 23-28, e tlhalosa gore Abigaile o ile a lebana le kgwetlho efe? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

16 Abigaile o ne a na le monna yo o bidiwang Nabale. Nabale o ne a ikakanyetsa a le nosi, a le mabela e bile a sa leboge. Mme gone, dilo tseo ga di a ka tsa dira gore Abigaile a tlhale monna wa gagwe. Fa a ne a batla go fedisa lenyalo la gagwe, a ka bo a ile a letla gore Dafide le masole a gagwe ba bolaye Nabale. Mme gone, o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang gore a sireletse monna wa gagwe le ba lelapa la gagwe. Akanya fela kafa Abigaile a neng a tlhoka go nna pelokgale ka gone gore a bue le banna ba le 400 ba ba tshwereng dibetsa le go tlhalosetsa Dafide ka tlotlo gore go diragetse eng. Tota e bile, o ne a ikemiseditse go kopa maitshwarelo ka ntlha dilo tse monna wa gagwe a di dirileng. (Bala 1 Samuele 25:3, 23-28.) Dafide o ile a lemoga gore Jehofa o ne a dirisa mosadi yono yo o pelokgale go mo naya kgakololo e e neng e tla mo thibela gore a se ka a dira phoso e kgolo.

17. Banna ba ba nyetseng ba ka ithuta eng mo pegong ya ga Dafide le Abigaile?

17 Se banna ba ba nyetseng ba ka ithutang sone. Abigaile e ne e le mosadi yo o botlhale. E re ka Dafide le ene a ne a le botlhale, o ile a reetsa kgakololo ya gagwe. Seo se ile sa mo thusa gore a se ka a bolaya batho ba ba senang molato. Ka tsela e e tshwanang, monna yo o botlhale le ene o tla akanya ka kakantsho ya mosadi wa gagwe pele a dira ditshwetso tsa botlhokwa. Gongwe kakantsho ya mosadi wa gagwe e tla mo thusa gore a se ka a dira tshwetso e moragonyana a tla e ikwatlhaelang.

18. Basadi ba ba nyetsweng ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Abigaile?

18 Se basadi ba ba nyetsweng ba ka ithutang sone. Mosadi yo o ratang Jehofa e bile a mo tlotla, a ka kgona go thusa ba lelapa la gagwe le fa gone monna wa gagwe a sa direle Jehofa kgotsa a sa ikobele melao ya Gagwe. Ga a kitla a batlana le ditsela tsa go fedisa lenyalo la gagwe. Go na le moo, o tla tswelela a tlotla le go ikobela monna wa gagwe mme seo se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a batle go ithuta ka Jehofa. (1 Pet. 3:1, 2) Le fa gone monna wa gagwe a ka se tlhophe go direla Jehofa, Jehofa o tlile go itumela ka gonne mosadi yoo a ikobela monna wa gagwe e bile a tswelela a ikanyega mo go Ene.

19. Ke mo maemong afe a mosadi a se kitlang a ikobela monna wa gagwe?

19 Le fa gone, mosadi a tshwanetse go ikobela monna wa gagwe, ga a a tshwanela go mo ikobela fa monna yoo a batla gore a dire dilo tse di sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele. Ka sekai, ga a kitla a dumela fa monna wa gagwe a mo kopa gore a bue maaka, a utswe kgotsa a dire selo sengwe se se sa itumediseng Jehofa. Bakeresete botlhe, go akaretsa le basadi ba ba nyetsweng, ba tshwanetse go ikobela Jehofa pele. Fa kgaitsadi a kopiwa gore a dire sengwe se se sa dumalaneng le melao ya ga Jehofa, o tshwanetse go gana. Mme a tlhalose lebaka la go bo a sa kgone go dira se monna wa gagwe a se kopang, a le bonolo mme gone a sa potapote.—Dit. 5:29.

Bona serapa 20 *

20. Re itse jang gore Marea e ne e le tsala ya ga Jehofa?

20 Marea e ne e le tsala ya ga Jehofa. O ne a itse Dikwalo sentle. Fa a ne a bua le mmaagwe Johane Mokolobetsi e bong Elisabetha o ile a nopola Dikwalo tsa Sehebera makgetlho a feta 20. (Luke 1:46-55) Gape akanya ka seno, le fa gone Marea a ne a beeleditswe ke Josefa, moengele wa ga Jehofa ga a ka a ya kwa go Josefa pele. Go na le moo, o ile a ya ka tlhamalalo kwa go Marea a bo a mmolelela gore o tlile go tshola Morwa wa Modimo. (Luke 1:26-33) Jehofa o ne a itse Marea sentle, ka jalo, o ne a tlhomamisegile gore o tlile go rata le go tlhokomela Morwawe. E bile, re tlhomamisegile gore Marea o ile a tswelela a direla Jehofa, le fa Jesu a sena go tsosiwa a bo a boela kwa legodimong.—Dit. 1:14.

21. Banna ba ba nyetseng ba ka ithuta eng mo go se Baebele e se buang ka Marea?

21 Se banna ba ba nyetseng ba ka ithutang sone. Monna yo o botlhale o a itumela fa mosadi wa gagwe a itse Baebele sentle. Ga a kgopisege a bo a simolola go akanya gore mosadi wa gagwe o batla go itira tlhogo ya lelapa. O lemoga gore fa mosadi wa gagwe a itse Baebele sentle, seo se ka thusa lelapa. Le fa gone mosadi a tlhaloganya Baebele botoka, monna o sa ntse a na le boikarabelo jwa go thusa ba lelapa la gagwe gore ba obamele Jehofa. Ka sekai, o tshwanetse go rulaganya gore go nne le kobamelo ya lelapa.—Baef. 6:4.

Basadi ba ba nyetsweng ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Marea mmaagwe Jesu, fa go tliwa mo kgannyeng ya go ipha nako ya go ithuta le go akanya ka se ba se badileng? (Bona serapa 22) *

22. Basadi ba ba nyetsweng ba ka ithuta eng mo go Marea?

22 Se basadi ba ba nyetsweng ba ka ithutang sone. Mosadi o tshwanetse go ikobela monna wa gagwe. Mme gone, o na le maikarabelo a gore a nonotshe tumelo ya gagwe mo go Jehofa. (Bagal. 6:5) Ka jalo, o tshwanetse go ipha nako ya go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se a se badileng. Seo se tla mo thusa gore a tswelele a rata le go tlotla Jehofa le go itumelela go ikobela monna wa gagwe.

23. Basadi ba ba ikobelang banna ba bone ba thusa jang malapa a bone le phuthego?

23 Basadi ba ba ikobelang banna ba bone ka gonne ba rata Jehofa ba tlile go itumela. Mme basadi ba ba ganang go ikobela thulaganyo ya ga Jehofa ya botlhogo bone, ga ba kitla ba itumela. Gape fa basadi ba ikobela banna ba bone, ba tlhomela basha ba ba iseng ba tsene mo lenyalong sekao se se molemo. E bile ba dira gore go nne le kagiso mo malapeng a bone le mo phuthegong. (Tito 2:3-5) Gompieno, basadi ba le bantsi ba obamela Jehofa. (Pes. 68:11) Rotlhe, re ka tswa re le banna kgotsa re le basadi, re ka dira gore go nne le boitumelo mo phuthegong. Mo setlhogong se se latelang re tla ithuta gore re ka dira seo jang.

PINA 131 “Se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

^ ser. 5 Jehofa o dirile thulaganyo ya gore mosadi yo o nyetsweng a ikobele le go tlotla monna wa gagwe. Mme gone, seno se kaya eng? Banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng, ba ka ithuta go ikobela le go tlotla ba ba nang le taolo mo sekaong sa ga Jesu le mo dikaong tsa basadi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng.

^ ser. 68 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa Marea a ntse a tlotla le mmaagwe Johane Mokolobetsi e bong Elisabetha, o ile a nopola Dikwalo tsa Sehebera tse a neng a di tshwere ka tlhogo.

^ ser. 70 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mosadi yo o nyetsweng o ipha nako ya go ithuta Baebele gore a kgone go nonotsa tumelo ya gagwe mo go Jehofa.