SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 7
Dira Gore go Bala Baebele go go Tswele Mosola
“Go kwadilwe eng mo Molaong, . . . O o tlhaloganya jang?”—LUKE 10:26.
PINA 97 Lefoko la Modimo le Naya Botshelo
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a
1. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a rata Lefoko la Modimo?
AKANYA fela gore go ne go le monate jang go reetsa Jesu a ruta. O ne a itse ditemana di le dintsi ka tlhogo, ka jalo fa a ruta, go le gantsi o ne a di nopola. Tota e bile, se Jesu a ileng a se bua fa a sena go kolobediwa le pele ga a swa, se ne se tswa mo Dikwalong. b (Dute. 8:3; Pes. 31:5; Luke 4:4; 23:46) Mo godimo ga moo, ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga di le tharo le halofo, go le gantsi Jesu o ne a balela batho Dikwalo, a di nopola e bile a di tlhalosa.—Math. 5:17, 18, 21, 22, 27, 28; Luke 4:16-20.
2. Ke eng se se thusitseng Jesu gore a itse Dikwalo sentle fa a ntse a gola? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)
2 Dingwaga pele Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a setse a itse Lefoko la Modimo ka gonne o ne a le bala e bile a utlwa ba bangwe ba bua ka lone. Kwa gae, o ne a tlhola a utlwa Marea le Josefa ba nopola Dikwalo fa ba tlotla. c (Dute. 6:6, 7) Gape Jesu o tshwanetse a bo a ne a tsamaya le ba lelapa la gaabo kwa sinagogeng Sabata mongwe le mongwe. (Luke 4:16) O tshwanetse a bo a ne a reetsa ka kelotlhoko tota fa Dikwalo di balwa. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgona go ipalela Dikwalo tseo. Ka jalo, Jesu o ne a feleletsa a itse Dikwalo sentle e bile a di rata. Mo godimo ga moo, o ne a letla gore se a se balang se tlhotlheletse se a neng a se dira. Ka sekai, gopola se se ileng sa direga kwa tempeleng fa Jesu a na le dingwaga di le 12. Barutisi ba ba neng ba itse Molao wa ga Moshe sentle ba ne ba “gakgamaditswe ke dikarabo tsa [ga Jesu] le bokgoni jwa gagwe jwa go tlhaloganya dilo.”—Luke 2:46, 47, 52.
3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Le rona fa re bala Baebele ka metlha, re tla e itse e bile re tla e rata. Mme gone, re ka dira jang gore Baebele e re tswele mosola? Re ka ithuta sengwe mo go se Jesu a neng a se bolelela batho ba ba neng ba itse Molao, go akaretsa bakwadi, Bafarasai le Basadukae. Baeteledipele bano ba bodumedi ba ne ba bala Dikwalo ka metlha, mme gone dilo tse ba neng ba di bala di ne di sa ba tswele mosola. Jesu o ne a bua ka dilo di le tharo tse banna bano ba neng ba sa di dire tse di neng di ka ba thusa gore go bala Dikwalo go ba tswele mosola. Se Jesu a ileng a se bua se re thusa go lemoga gore fa re bala Lefoko la Modimo, re tshwanetse (1) go leka go tlhaloganya se re se balang, (2) go batla dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng, le (3) go letla Lefoko la Modimo gore le re fetole.
LEKA GO TLHALOGANYA SE O SE BALANG
4. Luke 10:25-29 e re ruta gore re tshwanetse go dira eng fa re bala Lefoko la Modimo?
4 Re tshwanetse go tlhaloganya se re se balang mo Lefokong la Modimo. Fa re sa tlhaloganye se re se balang, ga se ka ke sa re tswela mosola. Ka sekai, akanya ka se Jesu a ileng a se bolelela “monna mongwe yo o itseng Molao thata.” (Bala Luke 10:25-29.) Fa monna yoo a ne a botsa Jesu gore o tshwanetse go dira eng gore a tshelele ruri, Jesu o ne a mo thusa go bona karabo mo Lefokong la Modimo. O ne a mo raya a re: “Go kwadilwe eng mo Molaong wa ga Moshe? O o tlhaloganya jang?” Monna yoo o ne a re o tshwanetse go rata Modimo le moagelani, e leng se dikwalo di neng di se bua. (Lefi. 19:18; Dute. 6:5) Go tswa foo, o ne a re: “Tota moagelani wa me ke mang?” Potso ya monna yono e ne e bontsha gore o ne a sa tlhaloganye se a neng a se badile mo Molaong. Ka jalo, o ne a sa kgone go dirisa se a neng a se ithutile mo Dikwalong.
Re ka kgona go tlhaloganya se re se balang
5. Go rapela le go bala re iketlile go ka re thusa jang go tlhaloganya se re se balang?
5 Go na le dilo dingwe tse di ka re thusang gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo. Rapela pele o simolola go bala. Re tlhoka thuso ya ga Jehofa gore re kgone go tlhaloganya Baebele, ka jalo mo kope gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o kgone go tlhoma mogopolo. Fa o sena go rapela, bala o iketlile. Go dira jalo go tla go thusa gore o tlhaloganye se o se balang. Sengwe gape se se ka go thusang ke go balela kwa godimo kgotsa go bala o tla o tsamaisana le mmalo wa Baebele o o rekotilweng. Fa o bala o tla o reeditse, go tla nna motlhofo gore o tlhaloganye se o se balang le gore o se gopole. (Josh. 1:8) Fa o sena go bala, rapela gape o leboge Jehofa go bo a go neile Lefoko la gagwe o bo o mo kope gore a go thuse go dirisa se o se ithutileng.
6. Go ipotsa dipotso le go kwala dintlha tse dikhutshwane go tla go thusa jang fa o bala? (Bona le setshwantsho.)
6 Go na le dilo tse dingwe gape tse di ka go thusang go tlhaloganya Baebele. Ipotse dipotso ka se o se balang. Fa o bala, ipotse gore: ‘Ke bomang ba go buiwang ka bone thata mo pegong eno? Ke mang yo o buang? O bua le mang, mme goreng a bua le ene? Se go buiwang ka sone se direga leng le gone kae?’ Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o akanye ka se o se balang le gore o se tlhaloganye. Fa o ntse o bala, kwala dintlha tse dikhutshwane. Fa o kwala, o akanya ka se o se badileng mme seo se tla go thusa gore o kgone go se tlhaloganya. Gape go kwala go tla go thusa gore o se ka wa lebala se o se badileng. O ka kwala dipotso tse o nnileng le tsone fa o ntse o bala le dintlha tse o di boneng fa o dira dipatlisiso. Gape o ka kwala dintlha tsa botlhokwa ka bokhutshwane, wa kwala gore o tla dirisa jang se o se ithutileng kgotsa gore o ikutlwa jang ka sone. Go kwala dintlha go tla go thusa gore o ikutlwe jaaka e kete Lefoko la Modimo le ne le kwaletswe wena.
7. Ke eng se re se tlhokang go tlhaloganya dilo tse re di ithutang mo Baebeleng, mme ka ntlha yang? (Mathaio 24:15)
7 Jesu o ne a re go na le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go tlhaloganya dilo tse re di balang mo Lefokong la Modimo. O ne a re re tlhoka temogo kgotsa bokgoni jwa go tlhaloganya dilo. (Bala Mathaio 24:15.) Temogo ke eng? Ke bokgoni jwa go lemoga gore ntlha nngwe e amana jang le e nngwe, le gore e farologana jang le e nngwe. Gape motho yo o nang le temogo, o kgona go tlhaloganya dilo tse di sa tlhalosiwang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re temogo e tla re thusa go lemoga fa boporofeti jwa Baebele bo diragadiwa. Fa re na le temogo, dilo tse re di balang mo Baebeleng di tla re tswela mosola.
8. Re ka bontsha jang gore re na le temogo fa re bala?
8 Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba nne le temogo. Ka jalo, mo kope gore a go thuse go nna le yone. (Diane 2:6) O tshwanetse go dira eng fa o sena go kopa Jehofa gore a go thuse? Bala ka kelotlhoko mme o leke go lemoga gore se o se balang se amana jang le se o setseng o se itse. Go na le dikgatiso dingwe tse di ka go thusang tse di jaaka Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Dikgatiso tseno di tla go thusa go tlhaloganya se o se balang mo Baebeleng, le gore o ka se dirisa jang mo botshelong jwa gago. (Baheb. 5:14) Fa o na le temogo, o tla nna o tlhaloganya Dikwalo botoka.
BATLA DITHUTO TSA BOTLHOKWA TSE DI FITLHEGILENG
9. Basadukae ba ne ba itlhokomolosa thuto efe ya botlhokwa?
9 Basadukae ba ne ba tlwaetse go bala dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa amogele dithuto tsa botlhokwa tse di mo dibukeng tseo. Ka sekai, utlwa gore Jesu o ne a ba araba jang fa ba ne ba mmotsa ka kgang ya tsogo. O ne a ba raya a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala se se kwadilweng mo bukeng ya ga Moshe ka tsogo ya baswi mo pegong e e buang ka setlhatshana se se mmitlwa, fa Modimo a ne a mo raya a re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’?” (Mar. 12:18, 26) Le fa Basadukae ba ka tswa ba ile ba bala pego eo gantsi, potso ya ga Jesu e ile ya bontsha gore ba itlhokomolosa thuto ya botlhokwa ya gore baswi ba tla tsosiwa.—Mar. 12:27; Luke 20:38. d
10. Goreng re tshwanetse go ntsha matlho dinameng fa re bala?
10 Re ithuta eng? Fa re bala temana kgotsa pego nngwe mo Baebeleng, re tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore re kgone go bona dithuto tsa botlhokwa le melaometheo e go seng motlhofo go e tlhaloganya.
11. O ka dirisa 2 Timotheo 3:16, 17 jang go bona dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng fa o bala Baebele?
11 O ka bona jang dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng fa o bala Baebele? Akanya ka se 2 Timotheo 3:16, 17 e se buang. (E bale.) Ela tlhoko gore “dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo dikwalong tse di boitshepo . . . di re tswela mosola” ka gonne (1) di a re ruta, (2) di a re kgalemela, (3) di tlhamalatsa dilo, e bile (4) di a re otlhaya. O ka kgona go bona dintlha tseno tse nnê tota le mo dibukeng tsa Baebele tse o sa di baleng thata. Sekaseka pego e o e balang mme o bone gore e go ruta eng ka Jehofa, ka se a ikaeletseng go se dira le ka melaometheo ya gagwe. Leka go bona gore e go kgalemela jang. Fa o bala ditemana dingwe, leka go bona mekgwa e e sa siamang e go buiwang ka yone le gore o ka dira jang gore o se ka wa nna le yone gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa. Akanya gore o ka dirisa jang temana e o e balang go tlhamalatsa dilo fa o kopane le mongwe kwa tshimong yo o sa lebeng dilo sentle. Gape leba gore ke ditemana dife tse di re otlhayang tse di re thusang go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Fa o nna o akantse ka dintlha tseno tse nnê fa o ntse o bala Baebele, o tla kgona go bona dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng.
LETLA GORE SE O SE BALANG SE GO FETOLE
12. Goreng Jesu a ne a botsa Bafarasai gore “A ga lo ise lo bale?”
12 Fa Jesu a ne a botsa Bafarasai gore “A ga lo ise lo bale?” o ne a bontsha gore ba ne ba sa lebe Dikwalo ka tsela e e siameng. (Math. 12:1-7) e Bafarasai ba ne ba re barutwa ba ga Jesu ba tlodile molao wa Sabata. Fa Jesu a ne a ba araba o ne a dirisa dikai tse pedi tse di tswang mo Dikwalong, a bo a nopola temana nngwe mo go Hosea go ba bontsha gore ba ne ba sa tlhaloganye lebaka la go bo molao wa Sabata o dirilwe le gore ba ne ba se kutlwelobotlhoko. Ke eng fa banna bano ba ne ba sa fetoge le fa ba ne ba bala Lefoko la Modimo? Ka gonne ba ne ba le boikgogomoso e bile ba rata go tshwayatshwaya diphoso. Seo se ne se dira gore ba se ka ba tlhaloganya se ba se balang.—Math. 23:23; Joh. 5:39, 40.
13. Gore Lefoko la Modimo le re fetole, re tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang?
13 Se Jesu a neng a se bua se re bontsha gore fa re bala Lefoko la Modimo, re tshwanetse go le letla gore le re fetole. Ga re a tshwanela go tshwana le Bafarasai, go na le moo re tshwanetse go nna boikokobetso re bo re ikemisetse go ithuta. Re tshwanetse go nna ‘bonolo re bo re letle Modimo a jalele lefoko la gagwe mo go rona.’ (Jak. 1:21) Fa re le bonolo, re tla letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Fa re sa tshwayatshwaye diphoso e bile re se mabela, Baebele e tla re thusa gore re nne kutlwelobotlhoko, re tlhomogele batho ba bangwe pelo re bo re ba rate.
14. Re ka lemoga jang gore a re letla Lefoko la Modimo gore le re fetole? (Bona le ditshwantsho.)
14 Tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone e ka re thusa go bona gore a re letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Bafarasai ba ne ba sa letle gore Lefoko la Modimo le ba fetole, ka jalo ba ne ba “kgala batho ba ba se nang molato.” (Math. 12:7) Ka tsela e e tshwanang, tsela e re tshwarang batho ka yone le dilo tse re di akanyang ka bone, di bontsha gore a re letla Lefoko la Modimo gore le re fetole. Ka sekai, a go le gantsi re bua ka dilo tse dintle tse batho ba bangwe ba di dirang kgotsa re nnela go bua ka diphoso tsa bone? A re kutlwelobotlhoko e bile re itshwarela ba bangwe, kgotsa a re ba tshwayatshwaya diphoso e bile re ba tshwarela sekgopi? Go ipotsa dipotso tseno go tla re thusa go lemoga gore a re letla Lefoko la Modimo gore le fetole tsela e re akanyang ka yone, e re ikutlwang ka yone le dilo tse re di dirang.—1 Tim. 4:12, 15; Baheb. 4:12.
GO BALA BAEBELE GO DIRA GORE RE ITUMELE
15. Jesu o ne a ikutlwa jang ka Dikwalo Tse di Boitshepo?
15 Jesu o ne a rata Dikwalo Tse di Boitshepo. Pesalema 40:8 e tlhalosa tsela e a neng a ikutlwa ka yone, e a re: “Ke itumedisiwa ke go dira thato ya gago, Modimo wa me, mme molao wa gago o mo pelong ya me.” Seo se ne se dira gore a itumele le gore a kgone go tswelela a direla Jehofa. Le rona re tla itumela e bile re tla tswelela re direla Jehofa fa re bala Lefoko la Modimo e bile re le rata.—Pes. 1:1-3.
16. O tlile go dira eng gore go bala Baebele go go tswele mosola? (Bona lebokoso le le reng, “ Mafoko a ga Jesu A ka Go Thusa go Tlhaloganya Se o Se Balang.”)
16 Se Jesu a neng a se bua se ka re thusa gore re tokafatse tsela e re balang Baebele ka yone. Fa re rapela, re bala ka iketlo, re ipotsa dipotso e bile re kwala dintlha tse di khutshwane, tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone e tla tokafala. Go bala ka kelotlhoko le go dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go tla re thusa gore re nne le temogo. Re ka tlhaloganya dipego tsa Baebele botoka, tota le ditemana tse re sa di baleng gantsi, fa re ipha nako ya go batla dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhegileng. Gape re ka letla Lefoko la Modimo gore le re fetole fa re le boikokobetso e bile re ikemiseditse go ithuta. Fa re leka ka natla go dira dilo tseno, go bala Baebele go tla re tswela mosola e bile re tla atamalana le Jehofa.—Pes. 119:17, 18; Jak. 4:8.
PINA 95 Lesedi le Phatsimela Pele
a Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba leka go bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi. Batho ba ba sa direleng Jehofa le bone ba bala Baebele. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhaloganye se ba se balang. Batho bangwe ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Jesu le bone ba ne ba sa e tlhaloganye. Go sekaseka dilo tse Jesu a ileng a di bolelela batho ba ba neng ba bala Lefoko la Modimo, go tla re thusa go bona dilo tse re ka di dirang gore Baebele e re tswele mosola.
b Fa Jesu a ne a kolobediwa a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo, go lebega a ile a gopola sengwe le sengwe ka botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong.—Math. 3:16.
c Marea o ne a itse Dikwalo sentle e bile o ne a nna a di nopola. (Luke 1:46-55) Go ka direga gore Josefa le Marea ba ne ba se na madi a go ithekela dikhopi tsa Dikwalo. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba reetsa ka kelotlhoko tota kwa sinagogeng fa go balwa Lefoko la Modimo gore ba kgone go le gopola.
d Bona setlhogo se se reng “Atamalana le Modimo—‘Ke Modimo . . . wa Batshedi’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2013.
e Jesu o ne a botsa Bafarasai potso e e tshwanang mo go Mathaio 19:4-6 e e reng: “A ga lo ise lo bale?” Le fa ba ne ba badile pego e e buang ka popo, ba ne ba itlhokomolosa tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone.
f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o thusang ka dibuelagodimo o dira diphoso ka nako ya dipokano. Le fa go ntse jalo morago ga dipokano, bakaulengwe ba ba berekang le ene ba a mo akgola go na le go tlotla ka diphoso tse a di dirileng.