KGANG YA BOTSHELO
“Ke ne Ke se Nosi”
MAEMO a le mantsi mo botshelong a ka dira gore re ikutlwe re le nosi, jaaka fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala, fa re fudugela kwa lefelong le lengwe le fa re se na le batho ba bangwe. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa ntiragalela. Mme fa ke akanya sentle, ke a lemoga gore tota ke ne ke se nosi. Mma ke go tlotlele gore goreng ke rialo.
SEKAO SA BATSADI BA ME
Papa le Mama ba ne ba tsene ka tlhogo mo bodumeding jwa Katoliki. Mme fa ba sena go utlwa gore Baebele e a re leina la Modimo ke Jehofa, ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng. Papa o ne a tlogela go betla ditshwantsho tsa ga Jesu. Go na le moo, o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go betla go fetola karolo e e kwa tlase ya ntlo ya rona gore e nne Holo ya Bogosi ya ntlha kwa San Juan del Monte. Torotswana eno e mo motsemogolong wa Philippines o o bidiwang Manila.
Fa ke sena go tsholwa ka 1952 batsadi ba me ba ile ba simolola go nthuta ka Jehofa fela jaaka ba ne ba ruta bo-abuti ba me ba le banê le bo-ausi ba me ba le bararo. Fa ke ntse ke gola, Papa o ne a nkgothaletsa gore ke bale kgaolo e le nngwe mo Baebeleng letsatsi le letsatsi e bile re ne re bala dikgatiso di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa. Gangwe le gape batsadi ba me ba ne ba tle ba laletse balebedi ba ba etang le baemedi ba makala gore ba tle go nna le rona. Seo se ne se dira gore re itumele fela thata e bile re ne re kgothadiwa ke maitemogelo a bakaulengwe bao ba neng ba re bolelela one. Ba ne ba re kgothaletsa gore bodiredi e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona.
Batsadi ba me ba ne ba ikanyega mo go Jehofa e bile ke ile ka ithuta dilo di le dintsi mo go bone. Fa Mama a sena go tlhokafala ka gonne a lwala, nna le Papa re ne ra simolola go nna babulatsela ka 1971. Ka 1973 fa ke na le dingwaga di le 20, Papa le ene o ile a tlhokafala. Seo se ile sa dira gore ke ikutlwe ke le nosi. Mme gone, tsholofelo e e mo Baebeleng e ne ya nkgomotsa e bile ke ile ka tswelela ke atamalane le Jehofa. (Baheb. 6:19) Nakonyana morago ga gore Papa a tlhokafale, ke ne ka amogela kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa setlhaketlhakeng sa Coron, kwa porofenseng ya Palawan.
KE IKUTLWA KE LE NOSI KWA DIKABELONG TSE DI THATA
Ke ne ke na le dingwaga di le 21 fa ke goroga kwa Coron. E re ka ke ne ke tlwaetse botshelo jwa toropo, ke ne ke maketse tota fa ke lemoga gore e ne e se batho botlhe ba ba nang le motlakase, metsi le dikoloi. Le fa go ne go na le bakaulengwe ba le mmalwa,
ke ne ke a tle ke dire bodiredi ke le nosi. Kgwedi ya ntlha fa ke le koo ke ile ka gopola ba lelapa la me le ditsala tsa me fela thata. Bosigo ke ne ke a tle ke lebelele dinaledi ke lela. Ke ne ke ikutlwa e kete nka tlogela kabelo ya me ke bo ke boela gae.Ka dinako tseo, ke ne ke a tle ke bolelele Jehofa sengwe le sengwe se ke se akanyang le gore ke ikutlwa jang. Go le gantsi fa ke sena go dira jalo, ke ne ke gakologelwa dintlha tse di kgothatsang tse ke ileng ka di bala mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona. Ke ne ke a tle ke akanye ka Pesalema 19:14. Ke ne ka lemoga gore Jehofa o tla nna “Lefika la me le Mogolodi wa me” fa fela ke nna ke akanya ka dilo tse di mo itumedisang, tse di jaaka dinonofo tsa gagwe le dilo tse a di dirileng. Makasine wa Tora ya Tebelo wa setlhogo se se reng, “Ga o Nosi” a ka Seesemane o ne o nthusa fela thata. Ke ne ke o bala gangwe le gape. Tota nka re, ke ne ke se nosi ka gonne Jehofa o ne a na le nna ka dinako tsotlhe. Mme seo se ne sa nthusa gore ke kgone go mo rapela, go ithuta ka ene le go akanyetsa kwa teng ka dilo tse a di dirileng.
Fa ke sena go goroga kwa Coron, ke ne ka tlhomiwa go nna mogolwane. E re ka e ne e le nna fela mogolwane, beke le beke ke ne ke tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, Pokano ya Tirelo, Thuto ya Buka ya Phuthego le Thuto ya Tora ya Tebelo. Gape ke ne ke neela puo ya phatlalatsa beke le beke. Tota go ne go sa tlhole go na le nako ya gore ke ikutlwe ke le nosi!
Ke ne ke itumelela bodiredi fela thata kwa Coron e bile bangwe ba batho ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba ne ba kolobediwa. Le fa go ntse jalo, go ne go na le dikgwetlho. Ka dinako dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go tsamaya motshegare otlhe pele ke goroga kwa tshimong e ke neng ke e bereka, e bile ke ne ke sa itse gore ke tla robala kae fa ke goroga koo. Tshimo ya phuthego ya rona e ne e akaretsa ditlhaketlhake tse dinnye e bile di le dintsi. Gore ke kgone go goroga kwa go tsone, gantsi ke ne ke tsamaya ka sekepe mo lewatleng le le galefileng le fa gone ke ne ke sa itse go thuma. Mme gone, Jehofa o ne a ntshireletsa mo dikgwetlhong tseno tsotlhe. Moragonyana ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a mpaakanyetsa dikgwetlho tse dikgolo tse ke neng ke tla lebana le tsone mo kabelong ya me e e latelang.
KWA PAPUA NEW GUINEA
Ka 1978 ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Papua New Guinea, e e kwa bokone jwa Australia. Papua New Guinea e tletse dithaba e bile e batlile e lekana le Spain. Ke ne ke gakgametse tota fa ke lemoga gore baagi ba koo ba ka nna dimilione di le tharo ba bua dipuo di feta 800. Se se kgatlhang ke gore batho ba le bantsi ba koo ba ne ba itse go bua Se-Melanesian Pidgin, go le gantsi puo eno e bidiwa Se-Tok Pisin.
Ke ile ka abelwa gore ke direle ka nakwana kwa phuthegong ya Seesemane kwa Port Moresby. Moragonyana ke ne ka fudugela kwa phuthegong ya Se-Tok Pisin, mme ke ne ka tsenela ditlelase tsa puo eo. Ke ne ke dirisa se ke se ithutileng mo tlelaseng kwa bodireding. Seo se ne se nthusa gore ke kgone go tshwarelela puo eo ka bonako. Go ise go ye kae, ke ne ka kgona go neela puo ya phatlalatsa ka Se-Tok Pisin. Ke ne ka makala tota fa ke ne ke newa kabelo ya go nna molebedi wa potologo mo diphuthegong tsa Se-Tok Pisin kwa diporofenseng di le mmalwa tse dikgolo. Ka nako eo ke ne ke ise ke fetse le ngwaga ke le mo Papua New Guinea.
E re ka diphuthego tseo di ne di katogane thata, ke ile ka tshwanelwa ke go rulaganya dikopano tsa potologo di le dintsi e bile ke ne ke nna fela ke le mo tseleng. Fa ke goroga koo, go le gantsi ke ne ke ikutlwa
ke le nosi ka gonne ke le mo nageng e nngwe, go buiwa puo e sele e bile go na le dingwao tse ke sa di tlwaelang. Ke ne ke sa kgone go etela diphuthego tseo ka koloi ka gonne go na le dithaba e bile ditsela di le maswe. Ka jalo, mo e ka nnang beke le beke, ke ne ke dirisa sefofane. Ka dinako tse dingwe e ne e le nna le mokgweetsi fela mo sefofaneng se se makgasa. Maeto ao a ne a dira gore ke tshoge fela jaaka ke ne ke tshoga fa ke tsamaya ka sekepe.Batho ba le bantsi ba ne ba sena difouno ka nako eo, ka jalo ke ne ke kwalela diphuthego tseo makwalo. Go le gantsi ke ne ke goroga pele ga one ke bo ke tshwanelwa ke go botsa batho ba mo lefelong leo gore Basupi ba ga Jehofa ba kwa kae. Mme gone, nako le nako fa ke sena go bona bakaulengwe bao, ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi. Seo se ne se nkgopotsa gore se ke neng ke se dira e ne e se matsapa a bophiri. Ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a nkeme nôkeng ka ditsela di le dintsi e bile botsala jwa me le ene bo ne bo nna bo gola.
Lekgetlo la ntlha fa ke ya dipokanong kwa setlhaketlhakeng sengwe se se bidiwang Bougainville, banyalani bangwe ba ne ba tla mo go nna ba smaela ba bo ba nthaya ba re: “A o a re gopola?” Ke ne ka gopola gore fa ke fitlha kwa Port Moresby ke ile ka ba rerela, ke bo ke simolola go ithuta Baebele le bone. Moragonyana, ke ile ka kopa mokaulengwe yo mongwe gore a tsweletse thuto eo. Jaanong ba ne ba kolobeditswe! Ano ke mangwe a masego a mantsi a ke ileng ka nna le one mo dingwageng di le tharo fa ke ne ke direla kwa Papua New Guinea.
LELAPA LA RONA LE DIRA KA NATLA
Ka 1978 pele ke fuduga kwa Coron, ke ne ka kopana le kgaitsadi yo o bidiwang Adel. E ne le lekgarebe la maratagolejwa e bile e le motho yo o ratang go direla batho dilo tse dintle. Adel e ne e le mmulatsela wa ka metlha e bile a godisa bana ba gagwe ba babedi e bong Samuel le Shirley. Gape o ne a tlhokomela mmaagwe yo o neng a godile. Ka May 1981, ke ne ka boela kwa Philippines mme nna le Adel re ne ra nyalana. Fa re sena go nyalana re ne ra nna babulatsela ba ka metlha mme ra tlhokomela lelapa la rona mmogo.
Ka 1983 ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng gape le fa gone ke ne ke nyetse. Ke ile ka abelwa go direla kwa Linapacan Island, kwa porofenseng ya Palawan. Lelapa lotlhe la rona le ile la fudugela kwa lefelong leo le go neng go se na Basupi kwa go lone. Ngwaga moragonyana, mmaagwe Adel o ile a tlhokofala. Le fa go ntse jalo, go ya bodireding go ne go re gomotsa. Batho ba le bantsi ba re neng re ithuta Baebele le bone kwa Linapacan ba ne ba gatela pele, mo e leng gore go ise go ye kae re ne re tlhoka Holo ya Bogosi. Ka jalo, re ne ra ikagela yone. Re ne re feditse dingwaga di le tharo fela re le koo, mme re ne ra itumela tota fa re bona batho ba le 110 ba tlile Segopotsong. Fa re sena go tsamaya, bontsi jwa bone ba ile ba kolobediwa.
Ka 1986, ke ne ka abelwa go ya go direlwa kwa Culion, e leng setlhaketlhake se se neng se na le batho ba ba tshwerweng ke lepero. Adel le ene o ile a nna mmulatsela yo o kgethegileng. Kwa tshimologong re ne re tshaba go rerela batho ba ba nang le lepero. Mme baboledi ba mo lefelong leo ba ne ba re bolelela gore batho bao ba bone kalafi le gore ga ba kitla ba re tshwaetsa. Bangwe ba bone ba ne ba ya dipokanong kwa legaeng la kgaitsadi mongwe. Go ise go ye kae, re ile ra simolola go bua le batho bao ba ba Luke 5:12, 13.
neng ba ikutlwa e kete Modimo ga a ba rate le gore batho ba ba kgaphetse kwa thoko. Re ne re ba bolelela ka tsholofelo e e itumedisang e e mo Baebeleng. Go ne go kgatlha tota go bona batho ba ba neng ba lwala thata ba nna le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe ba tla bo ba sa lwale.—Nna le Adel re ile ra thusa bana ba rona gore ba tlwaele botshelo jwa kwa Culion ka go laletsa bokgaitsadi ba basha ba babedi ba kwa Coron gore ba tle go nna le rona. Seo se ile sa thusa bana ba rona gore ba nne le ditsala tse di siameng. Samuel, Shirley le bokgaitsadi bao ba basha ba ne ba itumelela bodiredi. Fa ba ne ba ithuta Baebele le bana ba le bantsi, nna le Adel re ne re ithuta le batsadi ba bone. Tota e bile, nako nngwe re ne re ithuta Baebele le malapa a le 11. Go ise go ye kae, batho ba le bantsi ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba gatela pele, e bile re ne ra thusa gore go nne le phuthego!
Kwa tshimologong e ne e le nna fela mogolwane mo lefelong leo. Ka jalo, ofisi ya lekala e ne ya nkopa gore ke tshware dipokano tsa mo gare ga beke kwa Culion kwa go neng go na le baboledi ba le robedi gone. Gape ke ne ke tshwara dipokano kwa go neng go na le baboledi ba le robongwe kwa motsaneng o o bidiwang Marily. Re ne re tsamaya diura di le tharo gore re goroge kwa motsaneng oo. Morago ga dipokano, nna le ba lelapa la me re ne re tsamaya diura di le dintsi mo dithabeng gore re ye go tshwara dithuto tsa Baebele kwa motsaneng o o bidiwang Halsey.
Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba le bantsi kwa Marily le kwa Halsey ba ne ba amogela boammaaruri e bile re ile ra aga Diholo Tsa Bogosi mo mafelong ano a mabedi. Bakaulengwe le batho ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele kwa Linapacan ba ne ba thusa ka dilo tse di tlhokegang le ka tiro ya go aga. Holo ya kwa Marily e ne e ka lekana batho ba le 200 e bile e ne e kgona go okediwa, seo se ne se thusa gore re kgone go tshwarela dikopano tsa potologo mo go yone.
KE NE KE HUTSAFETSE E BILE KE IKUTLWA KE LE NOSI, MME KE ILE KA ITUMELA GAPE
Ka 1993 fa bana ba setse ba godile, nna le Adel re ne ra simolola go dira tiro ya potologo kwa Philippines. Go tswa foo, ka 2000 ke ne ka ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi gore ke katisediwe go ruta mo sekolong seo. Ke ne ke sa ikutlwe ke tshwanelega go dira tiro eno, mme ka metlha Adel o ne a nkgothatsa. O ne a nkgopotsa gore Jehofa o ne a tla nnaya maatla a go Bafil. 4:13) Adel o ne a itse seo ka gonne o ne a kgona go dira kabelo e a neng a e neilwe le fa gone a ne a lwala.
e dira. (Ka 2006 fa ke ne ke ruta, re ile ra gakgamala tota fa Adel a bolelelwa gore o na le Parkinson’s disease (bolwetse jo bo golafatsang ditshika jo bo dirang gore motho a rorome). Fa ke bolelela Adel gore go botoka gore ke emise go dira kabelo ya me mme ke mo tlhokomele, o ne a nthaya a re: “Ke kopa gore o batle ngaka e e ka re thusang ka bolwetse jono, ke a itse gore Jehofa o tla re thusa.” Adel o ile a tswelela a direla Jehofa a sa ngongorege ka dingwaga di le thataro tse di neng tsa latela. Fa a ne a sa tlhole a kgona go tsamaya, o ne a rera a le mo wheelchair. Fa a ne a sa tlhole a kgona go bua sentle, o ne a araba ka bokhutshwane kwa dipokanong. Se se itumedisang ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba romelela Adel melaetsa ba mo leboga ka gonne a ne a itshoka. Ba ile ba dira jalo go fitlha a tlhokafala ka 2013. Ke ne ke feditse dingwaga di feta 30 ke na le mosadi yo o ikanyegang le yo o lorato. Ka jalo fa a sena go tlhokafala, ke ile ka simolola go ikutlwa ke le nosi gape ka gonne ke hutsafetse.
Adel o ne a batla gore ke tswelele ke dira kabelo eno, ka jalo ke ile ka tswelela. Ke ile ka dira ka natla, seo se ne sa nthusa gore ke se ka ka tlhola ke ikutlwa ke le nosi. Go tloga ka 2014 go fitlha ka 2017, ke ne ke etela diphuthego tsa Se-Tagalog mo dinageng tse tiro ya rona e neng e thibetswe kwa go tsone. Morago ga moo, ke ile ka etela diphuthego tsa Se-Tagalog kwa Taiwan, United States le kwa Canada. Ka 2019, ke ile ka ruta ka Seesemane kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi kwa India le kwa Thailand. Dikabelo tseno di ne di dira gore ke itumele fela thata. Ke itumela tota fa ke dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa.
KE BONA THUSO FA KE E TLHOKA
Mo kabelong nngwe le nngwe e ke neng ke e newa, ke ne ke kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ke bo ke ba rata thata. Ka jalo, go ne go le thata go kgaogana le bone. Mo maemong ao, ke ne ka ithuta gore ke tshwanetse go tshepa Jehofa ka pelo yotlhe. O ile a nkema nôkeng e bile o ile a nthusa go amogela diphetogo dipe fela tse di neng di direga mo botshelong jwa me. Gone jaanong ke mmulatsela yo o kgethegileng mo Philippines. Ke itumetse mo phuthegong e ke sa tswang go fudugela mo go yone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba nkema nôkeng e bile ba a ntlhokomela. Gape ke itumelela go bona Samuel le Shirley ba etsa tumelo ya mmaabone.—3 Joh. 4.
Boammaruri ke gore ke lebane le dilo tse dintsi tse di botlhoko mo botshelong, jaaka go bona mosadi wa me a lwala a bo a tlhokafala. Gape ke ile ka tshwanelwa ke go tlwaelana le maemo a le mantsi a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore Jehofa ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Dit. 17:27, Thanolo ya Lefatshe le Lesha) Seatla sa ga Jehofa “ga se sekhutshwane” mo a ka palelwang ke go thusa batlhanka ba gagwe le go ba nonotsha, tota le fa ba le kwa mafelong a a kgakala. (Isa. 59:1) Jehofa ke Lefika la me, e bile ke lebogela gore ga a ise a ko a ntatlhe. Tota ke ne ke se nosi!
a Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1972, ts. 521-527.