Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Nna Jang Tsala ya Boammaaruri?

O ka Nna Jang Tsala ya Boammaaruri?

A O KILE wa nna le bothata o bo o ipotsa gore tota o tla nna wa ga mang? E re ka re tshela mo ‘dinakong tse di thata e bile di le kotsi,’ fa go se na ope yo o ka buang le ene o ka kgobega marapo e bile o ka ikutlwa o le nosi. (2 Tim. 3:1) Mme gone, ga o tlhoke go lebana le mathata o le nosi. Baebele e a re ditsala tsa boammaaruri di a re thusa ka “dinako tsa matshwenyego.”​—Diane 17:17.

DITSALA TSA BOAMMAARURI DI KA GO THUSA JANG?

Fa Paulo a ne a sa letlelelwe go tswa mo ntlong, ditsala tsa gagwe di ne di mo thusa gore a kgone go kgothatsa diphuthego

Ditsala tsa ga moaposetoloi Paulo tse a neng a bereka le tsone mo maetong a gagwe a borongwa di ne tsa mo thusa fela thata. (Bakol. 4:7-11) Fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, ditsala tsa gagwe di ne di mo direla dilo tse a neng a ka se kgone go di dira. Ka sekai, Epaforodito o ne a mo isetsa dilo tse a neng a di tlhoka, tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Filipi ba neng ba mo neile tsone. (Bafil. 4:18) Tikiko ene o ne a isa makwalo a ga Paulo kwa diphuthegong tse di farologaneng. (Bakol. 4:7) E re ka ditsala tsa ga Paulo di ne di mo thusa, o ne a kgona go kgothatsa bakaulengwe fa a ne a tswaletswe mo ntlong le moragonyana fa a ne a tshwerwe kwa kgolegelong. O ka nna tsala ya boammaaruri jang?

Le gompieno go na le dikai tse dintsi tse di bontshang gore go botlhokwa go nna le tsala ya boammaaruri. Ela tlhoko se kgaitsadi mongwe a ileng a se direla Elisabet wa kwa Spain yo e leng mmulatsela wa ka metlha. Fa mmaagwe Elisabet a sena go bolelelwa gore o na le bolwetse jwa kankere, kgaitsadi yoo o ile a romelela Elisabet melaetsa e e nang le ditemana tsa Baebele tse di kgothatsang. Elisabet a re: “Melaetsa eo e ne e mpha maatla letsatsi le letsatsi e bile ke ne ke sa ikutlwe ke le nosi.”​—Diane 18:24.

Re ka atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi fa re ba ema nôkeng mo ditirong tse di dirwang mo phuthegong. Ka sekai, o ka ithaopela go isa kgaitsadi yo o godileng kwa dipokanong kgotsa kwa tshimong. Fa o dira jalo, o tla kgona go mo kgothatsa e bile le ene o tla go kgothatsa. (Bar. 1:12) Mme gone, Bakeresete bangwe ga ba kgone go tswa mo magaeng a bone. O ka ba bontsha jang gore o tsala ya boammaaruri?

THUSA BA BA SA KGONENG GO TSWA MO MATLONG

Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba a lwala kgotsa maemo mangwe a dira gore ba se ka ba kgona go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ka sekai, David o ne a bolelelwa gore o na le bolwetse jwa lymphoma, e leng mofuta mongwe wa kankere ya madi. O ile a newa kalafi ka dikgwedi di feta thataro. Mo nakong eo, ene le mosadi wa gagwe yo o bidiwang Lidia ba ne ba tsena dipokano ba le kwa gae.

Ditsala tsa bone di ile tsa ba thusa jang? Morago ga dipokano dingwe le dingwe, bangwe kwa Holong ya Bogosi ba ne ba bua le bone. Mo godimo ga moo, fa David le Lidia ba akgetse kwa dipokanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ba romelela melaetsa e e kgothatsang moragonyana. Seo se ne se dira gore ba ikutlwe ba se nosi.

Rera le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa kgoneng go tswa mo magaeng a bone

Gongwe re ka dira dithulaganyo tsa gore re rere le bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi ba ba sa kgoneng go tswa mo matlong. Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira diphetogo gore re kgone go bereka le bone. Go dira jalo go tla bo go bontsha gore ga re a ba lebala. (Diane 3:27) Gongwe o ka rulaganya go kwala makwalo kgotsa go founela batho o na le bone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa kgoneng go tswa mo matlong a bone, ba ka kgona go tsenela pokano ya tshimo ba le kwa gae. David le Lidia ba ne ba itumelela thulaganyo eno. David a re: “Go reetsa dintlha tse go tlotliwang ka tsone le thapelo, go ne go re kgothatsa.” Mme fa maemo a letla, o ka nna o rulaganya go tsamaya le motho yo o ithutang Baebele le ene gore lo ye go tshwarela thuto kwa legaeng la mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o sa kgoneng go tswa mo ntlong.

Fa o bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa kgoneng go tswa mo matlong a bone, o ka kgona go lemoga dinonofo tsa bone tse dintle. Seo se ka dira gore o atamalane le bone. Ka sekai, fa o bereka le bone o ka kgona go lemoga kafa ba dirisang Lefoko la Modimo ka gone go fitlhelela pelo ya mongwe, mme seo se tla dira gore o atamalane le bone le go feta. Fa o ema bakaulengwe le bokgaitsadi nôkeng mo tirong ya go rera, o tla nna le ditsala tse di oketsegileng.​—2 Bakor. 6:13.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a lebane le maemo a a thata, tsala ya gagwe e bong Tito o ile a ya go mo kgothatsa. Seo se ile sa dira gore Paulo a ikutlwe botoka. (2 Bakor. 7:5-7) Pego eno e re gopotsa gore fa re bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi mafoko a a gomotsang re ka ba kgothatsa. Gape e re bontsha gore re ka ba kgothatsa fa re fetsa nako re na le bone e bile re ba thusa.​—1 Joh. 3:18.

THUSA BA BANGWE FA LO BOGISIWA

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Russia ba re tlhomela sekao se sentle sa go thusa ba bangwe. Akanya ka se se ileng sa diragalela Sergey le mosadi wa gagwe e bong Tatyana. Fa mapodise a sena go phuruphutsha ntlo ya bone, a ile a ba isa kwa seteisheneng sa mapodise gore a ye go ba botsolotsa. Tatyana o ile a gololwa pele, a bo a boela gae. Sergey a re: “Fa [Tatyana] a goroga kwa ntlong ya rona, kgaitsadi mongwe yo o pelokgale o ile a ya go mo etela. Go ise go ye kae, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba tla ba bo ba thusa go phepafatsa ka gonne mapodise a ne a tlhakatlhakantse ntlo ya rona fa a ne a e phuruphutsa.”

Gape Sergey o ne a re: “Ga ke bolo go rata Diane 17:17 e e reng: ‘Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.’ Fa re ne re bogisiwa, ke ne ke tlhoka ditsala gore di nthuse. Ka jalo, ke ile ka lemoga gore mafoko ao a boammaaruri. Jehofa o ile a nnaya ditsala tse di neng di nkema nôkeng di sa boife.” a

Fa maemo a nna thata, re tlhoka ditsala. Mme re tla di tlhoka le go feta ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong go nna ditsala tsa boammaaruri!​—1 Pet. 4:7, 8.