Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Abela Modimo?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Abela Modimo?

“Modimo wa rona, re a go leboga e bile re baka leina la gago le lentle.”—1 DITIR. 29:13.

PINA: 95, 58

1, 2. Jehofa o dirisa jang dilo tsa tlholego?

JEHOFA o rata go aba. Sengwe le sengwe se re nang le sone se tswa kwa go ene. Gauta, selefera le dilo tse dingwe tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo ke tsa gagwe mme o di dirisa gore go tswelele go na le botshelo mo lefatsheng. (Pes. 104:13-15; Hag. 2:8) Mo Baebeleng, go na le dipego di le dintsi tsa kafa Jehofa a ileng a dirisa dilo tsa tlholego go tlhokomela batho ba gagwe.

2 Ka sekai, go ne ga feta dingwaga di le 40 Jehofa a tlamela Baiseraele ka mana le metsi fa ba ne ba nna mo nageng. (Ekes. 16:35) Ka ntlha ya seo, “ba ne ba sa tlhaele sepe.” (Neh. 9:20, 21) Gape Jehofa o ne a dirisa moporofeti Elisha go oketsa leokwane la motlholagadi mongwe ka tsela ya kgakgamatso. Seno se ne sa dira gore a kgone go duela melato ya gagwe e bile o ne a kgona go tlamela ene le morwawe. (2 Dikg. 4:1-7) Jehofa o ne a thusa Jesu go tlamela batho ka dijo ka tsela ya kgakgamatso tota le e leng go ba naya madi.—Math. 15:35-38; 17:27.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Jehofa o kgona go dirisa dilo tsa tlholego go tlhokomela dibopiwa tsa gagwe mo lefatsheng. Mme gone, o kopa batlhanka ba gagwe gore ba dirise dithoto tsa bone go ema nokeng tiro ya gagwe. (Ekes. 36:3-7; bala Diane 3:9.) Ke eng fa Jehofa a lebeletse gore re dirise dithoto tsa rona go mo abela? Batho ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba thusa jang baemedi ba ga Jehofa ka meneelo? Phuthego ya ga Jehofa e dirisa jang meneelo gompieno? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO ABELA JEHOFA?

4. Ke eng fa re abela Jehofa?

4 Re abela Jehofa ka gonne re a mo rata e bile re lebogela dilo tsotlhe tse a re direlang tsone. Fa re akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone, re itumela fela thata. Fa Kgosi Dafide a ne a bua ka dilo tse di neng di tlhokega go aga tempele, o ile a tlhalosa gore dilo tsotlhe tse re nang le tsone di tswa kwa go Jehofa le gore re mo abela dilo tse a re fileng tsone.—Bala 1 Ditiragalo 29:11-14.

5. Dikwalo di bontsha jang gore go abela Jehofa ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona?

5 Go abela Jehofa ke tsela nngwe e re mo obamelang ka yone. Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya moengele kwa legodimong a re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshen. 4:11) Eleruri, re tshwanetse go tlotla Jehofa le go mo galaletsa e bile re tshwanetse go mo abela dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo. Jehofa o ne a dirisa Moshe go laela Baiseraele gore ba kopane gararo ka ngwaga kwa meletlong e e kgethegileng. Tsela nngwe e ba neng ba obamela ka yone kwa meletlong eo, e ne e le ka go abela Jehofa sengwe. Ka jalo ba ne ba sa tshwanela go ‘bonala fa pele ga ga Jehofa ba iphotlhere fela.’ (Dute. 16:16) Le gompieno go ntsha moneelo go tshegetsa tiro e e dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona.

6. Ke eng fa go aba go re solegela molemo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Go aba ka bopelotshweu go ka re solegela molemo. Ga re a tshwanela go lebelela gore ka metlha ba bangwe e nne bone fela ba re abelang. (Bala Diane 29:21.) Akanya ka ngwana yo o rekelang batsadi ba gagwe mpho a dirisa madinyana a ba mo nayang one. Eleruri batsadi ba gagwe ba tlile go anaanela mpho eo fela thata! Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa mmulatsela yo o sa ntseng a nna kwa gae a ka thusa batsadi ba gagwe ka go ba naya madinyana gore ba reke dilo dingwe tse di tlhokegang mo lapeng. Le fa batsadi ba gagwe ba ka tswa ba sa lebelela gore a dire jalo, ba amogela mpho eo ka gonne eo ke tsela e ngwana wa bone a bontshang gore o lebogela dilo tsotlhe tse ba mo direlang tsone. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itse gore fa re mo abela dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo, re tla solegelwa molemo.

GO ABA MO METLHENG YA BAEBELE

7, 8. Batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba ile ba tlhoma sekao jang ka go ntsha moneelo o o neng o thusa (a) fa go dirwa sengwe se se rileng? (b) mo ditirong tse dingwe tse di direlwang Jehofa?

7 Baebele e tlhalosa gore batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba ntsha meneelo go ema tiro ya gagwe nokeng. Ka dinako dingwe, batho ba ga Jehofa ba ne ba ntsha meneelo e e neng e tla dirisediwa sengwe se se rileng. Ka sekai, Moshe o ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba ntshe meneelo fa go ne go dirwa motlaagana mme Kgosi Dafide le ene o ne a dira jalo fa go ne go agiwa tempele. (Ekes. 35:5; 1 Ditir. 29:5-9) Ka nako ya ga Kgosi Jehoashe, baperesiti ba ne ba dirisa meneelo go baakanya ntlo ya ga Jehofa. (2 Dikg. 12:4, 5) Fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba utlwa gore bakaulengwe bangwe ba ne ba amilwe ke leuba, “ba ne ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.”—Dit. 11:27-30.

8 Mo maemong a mangwe, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba thusa baemedi ba gagwe ka meneelo. Ka sekai, go ya ka Molao wa ga Moshe, Balefi ba ne ba sa newe boswa jaaka ditso tse dingwe. Go na le moo, Baiseraele ba ne ba ntsha meneelo e e neng e ba thusa gore ba kgone go tswelela ka tiro ya bone ya kwa motlaaganeng. (Dipa. 18:21) Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba thusiwa ke basadi bangwe ba ba pelotshweu “ba ba neng ba ba direla ka dilo tsa bone.”—Luke 8:1-3.

9. Batho ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba dira eng gore ba kgone go ntsha meneelo?

9 Batho ba Modimo ba ne ba dira dilo tse di farologaneng gore ba kgone go ntsha meneelo. Ka sekai, fa ba ne ba ntsha meneelo fa go agiwa tempele, ba ne ba ntsha dilo tse ba neng ba tlile ka tsone go tswa kwa Egepeto. (Ekes. 3:21, 22; 35:22-24) Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ne ba rekisa dilo tsa bone tse di jaaka masimo le matlo ba bo ba isa madi ao kwa baaposetoloing. Baaposetoloi ba ne ba dirisa madi ao go thusa ba ba tlhokang. (Dit. 4:34, 35) Bakeresete ba bangwe bone ba ne ba beela madi kwa thoko gore ba tle ba kgone go ntsha meneelo. (1 Bakor. 16:2) Ka jalo, batho botlhe, ba ba humileng le ba ba humanegileng ba ne ba kgona go abela Jehofa sengwe.—Luke 21:1-4.

RE KA ABELA JEHOFA JANG?

10, 11. (a) Re ka bontsha jang bopelotshweu jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo? (b) O ikutlwa jang ka tshiamelo e o nang le yone ya go ema nokeng tiro ya Bogosi?

10 Le gompieno go ka tlhokega meneelo gore go dirwe sengwe se se rileng. Ka sekai, gongwe go tlile go agiwa Holo ya Bogosi e phuthego ya lona e tla e dirisang. Kgotsa gongwe Holo ya lona ya Bogosi e a baakanngwa. Gape go ka tlhokega meneelo go baakanya ofisi ya lekala ya mo nageng ya lona, go rulaganyetsa kopano kgotsa go thusa bakaulengwe ba ba amilweng ke masetlapelo mangwe a tlholego. Mme gape meneelo ya rona e thusa go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang kwa ntlokgolo le mo diofising tsa makala mo lefatsheng lotlhe. Gape meneelo ya rona e tlhokomela barongwa, babulatsela ba ba kgethegileng le balebedi ba potologo le basadi ba bone. Ga go pelaelo gore phuthego ya lona e dirile maitlamo a gore e tla ntsha madi a a rileng kgwedi le kgwedi go thusa mo porojekeng ya go aga Diholo tsa Dikopano le Diholo tsa Bogosi tse di solegelang bakaulengwe ba le bantsi molemo.

11 Rotlhe re ka tsenya letsogo mo tirong ya botlhokwa e Jehofa a e dirang mo metlheng eno ya bofelo. Fa re ntsha moneelo, ga go tlhokege gore re tlhalose gore re bomang. Go na le moo, re tsenya meneelo ya rona mo mabokoseng a moneelo a a mo Holong ya Bogosi, kgotsa re ntsha moneelo ka Internet re dirisa jw.org. Gongwe re ka tswa re akanya gore ga re ntshe go le kalo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa meneelo e phuthego e e amogelang e tswa mo mading a mannye a bakaulengwe le bokgaitsadi ba a ntshang. Bakaulengwe ba rona botlhe, tota le ba ba humanegileng, ba tshwana le Bamakedonia ba ba neng ba le mo ‘lehumeng le legolo’ le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa go ntsha meneelo mme ba ne ba dira jalo ka bopelotshweu.—2 Bakor. 8:1-4.

12. Phuthego ya ga Jehofa e dira eng go tlhomamisa gore meneelo e dirisiwa sentle?

12 Setlhopha se se Laolang se tlhomamisa gore meneelo e dirisiwa sentle le ka tsela e e botlhale. (Math. 24:45) Go dirwa bajete go tlhomamisa gore madi a dirisiwa sentle. (Luke 14:28) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, balebedi ba ba neng ba tlhomilwe go tlhokomela meneelo ba ne ba latela ditaelo tse di rileng go tlhomamisa gore meneelo eo e dirisiwa sentle. Ka sekai, Esera o ne a ya kwa Jerusalema ka gauta, selefera le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo tse kgosi ya Peresia e neng e di ntshitse e le moneelo. Dilwana tseo di ne di na le boleng jwa diranta di le dibilione di feta 1,3 go ya ka madi a gompieno. E re ka dilo tseno di ne di abetswe Jehofa, Esera o ile a dira dithulaganyo tse di neng di tla dira gore a sireletse dilo tseo e re ka ba ne ba tsamaya mo mafelong a a kotsi. (Esera 8:24-34) Moaposetoloi Paulo o ne a phutha meneelo gore e kgone go thusa bakaulengwe ba kwa Judea. O ne a tlhomamisa gore ba ba neng ba isa meneelo eo ba e tlhokomela “ka boikanyegi, e seng fela mo ponong ya ga Jehofa, mme le mo ponong ya batho.” (Bala 2 Bakorintha 8:18-21.) Phuthego ya ga Jehofa e etsa sekao sa ga Paulo le Esera ka go latela ditaelo tse di rileng go tlhomamisa gore meneelo e dirisiwa sentle.

13. Ke eng fa phuthego ya ga Jehofa e dirile diphetogo dingwe tse di rileng?

13 Lelapa le ka nna la leka go tokafatsa tsela e le dirisang madi ka yone kgotsa le ka tlhofofatsa botshelo e le gore ba lelapa ba kgone go oketsa tirelo ya bone. Phuthego ya ga Jehofa le yone e dira jalo. Bosheng jaana, go ile ga nna le diphetogo di le dintsi mo phuthegong. Seo se ile sa dira gore go dirisiwe madi a mantsi go feta meneelo e e amogelwang. Ka jalo, phuthego ya ga Jehofa e ile ya fokotsa ditshenyegelo le go tlhofofatsa tiro ya yone gore e kgone go dirisa meneelo ka tsela e e molemo.

KAFA MENEELO E THUSANG KA GONE

Meneelo ya lona e thusa mo tirong ya lefatshe lotlhe (Bona serapa 14-16)

14-16. (a) Phuthego ya ga Jehofa e dirisa meneelo go dira eng? (b) O ile wa solegelwa molemo jang ke dilo tse phuthego e re direlang tsone?

14 Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ba nang le nako e telele ba le mo phuthegong ba re ba itumelela dilo tse phuthego e re direlang tsone gone jaanong go feta le fa e le leng pele. Akanya fela! Go ile ga dirwa website ya jw.org le JW Broadcasting. Gone jaanong, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e teng ka dipuo di le dintsi. Ka 2014 le 2015, go ile ga tshwarwa dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa setlhogo se se reng: “Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo!” mo ditadiamong tse dikgolo tsa ditoropo di le 14. Ba ba neng ba le gone kwa dikopanong tseno ba ne ba itumetse fela thata!

15 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lebogela dilo tse dintsi tse phuthego ya ga Jehofa e re direlang tsone. Ka sekai, banyalani bangwe ba ba direlang kwa nageng nngwe ya kwa Asia ba ne ba bua jaana ka JW Broadcasting: “Re direla mo toropong e nnye. Ka ntlha ya seo re ikutlwa re le kgakala thata le bakaulengwe ba rona e bile ka dinako dingwe re na le go lebala tiro e ntsi e e dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa. Mme go lebelela JW Broadcasting go re thusa go gakologelwa gore re karolo ya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leno ba itumelela thulaganyo eno fela thata. Ba re thulaganyo eno e dira gore ba ikutlwe ba atamalane le maloko a Setlhopha se se Laolang. Seno se dira gore ba itumelele thata go nna mo phuthegong ya Modimo.”

16 Gone jaanong go na le dithulaganyo tsa go aga kgotsa go baakanya Diholo tsa Bogosi di ka nna 2 500 mo lefatsheng lotlhe. Bakaulengwe ba phuthego nngwe kwa Honduras ba ile ba kwala jaana morago ga go agelwa Holo ya Bogosi: “Re itumelela go nna karolo ya lefatshe lotlhe ya phuthego ya ga Jehofa e e re thusitseng gore re nne le Holo eno ya Bogosi.” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi le bone ba ile ba ikutlwa fela jalo fa ba sena go amogela Baebele kgotsa dikgatiso ka puo ya bone, fa ba sena go thusiwa morago ga masetlapelo a tlholego kgotsa fa ba bona diphelelo tse di molemo tsa go rera phatlalatsa mo ditoropong tsa bone.

17. Tsela e phuthego e dirang dilo ka yone e bontsha jang gore Jehofa o re eme nokeng?

17 Batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye gore re kgona jang go dira tiro e e kana kana re dirisa fela meneelo e e ntshiwang ka go rata. Fa manejara mongwe wa khampani e kgolo a sena go bona bogatisetso jwa rona, o ile a gakgamala tota fa a utlwa gore tiro eno e dirwa ke baithaopi le gore go dirisiwa meneelo e e ntshiwang ka go rata go se na lotseno lepe e bile go sa dirwe matsholo ape a go dira madi. O ne a re se re se dirang ga se kgonege. Ruri o bua nnete! Re kgona go dira tiro eno fela ka gonne Jehofa o re eme nokeng.—Jobe 42:2.

MELEMO YA GO ABELA JEHOFA

18. (a) Jehofa o re segofatsa jang fa re ema nokeng tiro e e direlwang Bogosi jwa gagwe? (b) Re ka thusa jang bana le batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba abele Jehofa?

18 Jehofa o re tlotla ka go re naya tshiamelo ya go ema nokeng tiro ya gagwe. O re solofetsa gore o tla re segofatsa fa re ema nokeng tiro e e direlwang Bogosi jwa gagwe. (Mal. 3:10) Jehofa a re motho yo o abang ka bopelotshweu o tla atlega. (Bala Diane 11:24, 25.) Mo godimo ga moo, go aba go dira gore re itumele ka gonne “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Se re se buang le se re se dirang se ka thusa bana le batho ba re ithutang Baebele le bone go lemoga gore ba ka abela Jehofa le gore fa ba dira jalo Jehofa o tla ba segofatsa.

19. Setlhogo seno se go kgothaditse jang?

19 Sengwe le sengwe se re nang le sone re se filwe ke Jehofa. Fa re mo abela, re bontsha gore re lebogela dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone. (1 Ditir. 29:17) Fa Baiseraele ba ne ba ntsha meneelo fa go agiwa tempele, ba ne “ba ipela ka ntlha ya go ntsha ga bone meneelo ka go rata, gonne ba ne ba ntshetsa Jehofa meneelo ka go rata ka pelo e e feletseng.” (1 Ditir. 29:9) E kete le rona re ka itumelela go abela Jehofa, ka gonne dilo tsotlhe tsa rona di tswa kwa go ene.