Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Madagascar

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Madagascar

KGAITSADI mongwe wa mmulatsela yo o mo dingwageng tsa bo20 yo o bidiwang Sylviana a re: “Fa ke utlwa ditsala tsa me di bua ka maitemogelo a bone a go direla kwa go nang le tlhokego ya babulatsela gone, le nna ke eletsa go direla teng. Mme gone, ke ne ke akanya gore nka se kgone go direla kwa go nang le tlhokego gone.”

A le wena o ikutlwa jaaka Sylviana? A o eletsa go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone, mme o ipotsa gore a o tla kgona? Fa go le jalo, o se ka wa kgobega marapo. Jehofa o thusitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gore ba kgone go fenya dilo tse di neng di ba kgoreletsa go oketsa bodiredi jwa bone. Mma re tlotle ka bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba direlang kwa Madagascar, mme re bone kafa Jehofa a ileng a ba thusa ka gone.

Mo dingwageng di le 10 tse di fetileng, baboledi le babulatsela ba feta 70 go tswa kwa dinageng di le 11, * ba ile ba fudugela kwa nageng eno ya kwa Afrika mme batho ba koo ba rata go ithuta Baebele. Mo godimo ga moo, baboledi ba le bantsi kwa nageng eno ba ile ba fudugela kwa mafelong a mangwe gore ba thuse go rera molaetsa wa Bogosi mo setlhaketlhakeng seno se segolo. Mma re tlotle ka bangwe ba bone.

GO FENYA GO BOIFA LE GO KGOBEGA MARAPO

Perrine le Louis

Banyalani bangwe ba ba mo dingwageng tsa bo30 ba kwa Fora e bong Louis le Perrine ba ne ba fudugela kwa Madagascar. Go ne go fetile dingwaga di le mmalwa ba ntse ba akanyetsa go ya go direla kwa nageng e nngwe, mme gone, Perrine o ne a okaoka. Perrine a re: “Ke ne ke tshaba go fudugela kwa lefelong le ke sa le itseng. Ke ne ke sa batle go tlogela ba lelapa la gaetsho, phuthego ya rona, folete, mafelo a ke a tlwaetseng e bile ke ne ke sa batle go tlogela go dira dilo tse ke di tlwaetseng. Boammaaruri ke gore, go tlhobaela e ne e le jone bothata jwa me.” Ka 2012, o ne a ipeta pelo mme ba fudugela kwa Madagascar. Perrine o ikutlwa jang ka tshwetso e ba e dirileng? A re: “Go nnonotsha tumelo tota go bona kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone.” Louis a re: “Akanya fela, la ntlha fa re ya Segopotsong mo Madagascar, batho ba le 10 ba re ithutang Baebele le bone ba ne ba le teng!”

Ke eng se se ba thusitseng gore ba tswelele ba le mo kabelong ya bone le fa ba ile ba lebana le mathata? Ba ne ba kopa Jehofa gore a ba neye maatla a go itshoka. (Bafil. 4:13) Louis a re: “Jehofa o ne a araba dithapelo tsa rona mme o ne a re naya ‘kagiso ya Modimo.’ Re ne ra tlhoma mogopolo mo boitumelong jo re neng re na le jone mo kabelong ya rona. Gape Bakeresetemmogo le rona kwa gae ba ne ba re romelela melaetsa le makwalo ba re kgothatsa gore re se ka ra ineela.”—Bafil. 4:6, 7; 2 Bakor. 4:7.

Jehofa o ne a segofatsa Louis le Perrine fela thata. Louis a re: “Ka October 2014, re ne ra ya Sekolong sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete * kwa Fora. Eo ke mpho e re ka se e lebaleng e e tswang kwa go Jehofa.” Fa Louis le Perrine ba sena go aloga, ba ne ba abelwa go ya go direla kwa Madagascar gape.

“RE TLA NNA MOTLOTLO KA LONA!”

Nadine le Didier

Fa banyalani bangwe ba kwa Fora e bong Didier le Nadine ba ne ba fudugela kwa Madagascar ka 2010, ba ne ba le mo dingwageng tsa bo50. Didier a re: “Fa re sa le basha, re ne re le babulatsela, mme re ne ra nna le bana ba le bararo. Fa ba sena go gola, re ne ra akanyetsa go ya go direla kwa nageng e nngwe.” Nadine a re: “Fa ke akanya ka go nna kgakala le bana ba rona, ke ne ke utlwa botlhoko, mme ba ne ba re raya ba re: ‘Fa lo ka ya go direla kwa go nang le tlhokego gone, re tla nna motlotlo ka lona.’ Seno se ne sa re tlhotlheletsa go tsamaya. Le fa gone re nna kgakala le bana ba rona, re itumelela gore re kgona go tlotla le bone nako le nako.”

Go ne go se motlhofo gore Didier le Nadine ba ithute Se-Malagasy. Nadine o bua jaana a nyenya: “Ga re tlhole re le basha.” Ke eng se se neng sa ba thusa go ithuta puo eo? Ba ile ba simolola ka go kopanela kwa phuthegong e e buang Sefora. Moragonyana fa ba setse ba rulagantse dilo tsa bone sentle, ba ne ba fudugela kwa phuthegong e e buang Se-Malagasy. Nadine a re: “Re kopana le batho ba le bantsi mo bodireding ba ba ratang go ithuta Baebele. Go le gantsi ba lebogela go bo re ba etela. Kwa tshimologong, e ne e kete ke a lora. Ke itumelela go rera mo lefelong leno fela thata. Fa ke tsoga mo mosong, ke itumela tota ka gonne ke itse gore ke ya go rera.”

Didier o a nyenya fa a akanya ka nako ya fa a ithuta Se-Malagasy. A re: “Ke ne ke tshwere pokano nngwe kwa phuthegong, mme gone, ke ne ke sa tlhaloganye dikarabo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi, ke ne ke kgona go bua fela ke re: ‘Re a leboga.’ Fa ke sena go leboga kgaitsadi mongwe ka karabo ya gagwe, bangwe ba ba neng ba dutse fa morago ga gagwe ba ne ba tshikinya ditlhogo e le go mpontsha gore ga a araba sentle. Ke ne ka supa mokaulengwe mongwe yo ke solofelang gore ene o ne a araba sentle.”

O NE A AMOGELA TALETSO

Kwa kopanong ka 2005, Thierry le mosadi wa gagwe e bong Nadia ba ne ba lebeletse terama ya setlhogo se se reng “Gagamalela Mekgele e e Tlotlang Modimo.” Terama eo e e theilweng mo Baebeleng e e buang ka Timotheo, e ne ya ba ama pelo mme ya dira gore ba eletse go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Thierry a re: “Fa terama eo e fela, fa re ne re opa diatla, ke ne ka sebela mosadi wa me ke mmotsa jaana: ‘Re fudugela kae?’ Mosadi wa me o ne a re le ene o ne a akantse ka kgang eo.” Morago ga kopano eo, ba ne ba simolola go rulaganya dilo tsa bone gore ba kgone go fudugela kwa go nang le tlhokego gone. Nadia a re: “Re ne ra fokotsa dithoto tsa rona ka bonya go fitlhelela re setse ka dilo tse di neng di kgona go tsena mo dibekeng di le nnê fela.”

Kwa molemeng: Nadia le Marie-Madeleine; Kwa mojeng: Thierry

Ba ne ba goroga kwa Madagascar ka 2006 mme ba ne ba itumelela bodiredi fela thata. Nadia a re: “Batho ba re ithutang Baebele le bone ba dira gore re itumele.”

Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le thataro, ba ile ba lebana le mathata. Mmaagwe Nadia e bong Marie-Madeleine o ne a wa mme a robega letsogo a bo a gobala mo tlhogong. Fa banyalani bano ba sena go bua le ngaka ya ga Marie-Madeleine, ba ne ba mo kopa gore a tle go nna le bone kwa Madagascar. Le fa gone a ne a na le dingwaga di le 80, o ne a dumela. O ikutlwa jang ka go nna kwa nageng e nngwe? A re: “Le fa gone go se motlhofo go tlwaela, ke kgona go dira dilo di le dintsi mo phuthegong le fa ke le bokoa. Mme se se intumedisang le go feta ke gore go nna kwano go dira gore banake ba tswelele ba le mo kabelong ya bone.”

“JEHOFA O NE A NTHUSA”

Riana a neela puo ka Se-Tandroy

Riana ke mokaulengwe yo o mo dingwageng tsa bo20. O goletse kwa Alaotra Mangoro, e leng lefelo le le siametseng temothuo le le kwa botlhaba jwa Madagascar. O ne a dira bontle tota kwa sekolong mme o ne a batla go ya yunibesithing. Le fa go ntse jalo, fa a sena go ithuta Baebele, o ne a fetola mekgele ya gagwe. A re: “Ke ne ka ikemisetsa go fetsa sekolo pele ga nako, ke bo ke solofetsa Jehofa gore fa nka falola ditlhatlhobo tsa makgaolakgang, ke tlile go nna mmulatsela.” Fa Riana a sena go aloga, o ne a dira jaaka a ne a solofeditse. O ne a ya go nna le mokaulengwe mongwe wa mmulatsela, a batla tiro ya nakwana a bo a simolola bobulatsela. A re: “Ke dirile tshwetso e e molemo tota.”

Mme gone, ba losika lwa ga Riana ba ne ba sa tlhaloganye gore ke eng fa a sa batle go ya yunibesithing. A re: “Rre, rangwane le mangwaneagwe rre, ba ne ba ntlhotlheletsa gore ke ye yunibesithing. Mme ke ne ke sa batle go tlogela bobulatsela.” Go ise go ye kae, Riana o ne a batla go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Ke eng se se neng se dira gore a eletse go fuduga? A re: “Magodu a ne a re thubela a bo a utswa dithoto tsa me di le dintsi. Seno se ne sa dira gore ke akanye ka se Jesu a ileng a se bua ka go ipolokela ‘matlotlo kwa legodimong.’ Ke ne ka swetsa ka gore ke dire ka natla go ipolokela matlotlo kwa legodimong.” (Math. 6:19, 20) O ne a fudugela kwa lefelong le lengwe le le bokgakala jwa dikilometara di le 1 300 go tswa kwa a neng a nna gone. Lefelo leo le omeletse mme go nna Ba-Antandroy kwa go lone. Ke eng fa a ile a fudugela kwa lefelong leo?

Kgwedi pele Riana a thubelwa, o ne a simolola go ithuta Baebele le banna ba babedi ba Ba-Antandroy. O ne a ithuta puo eo go sekae a bo a simolola go akanya ka Ba-Antandroy ba le bantsi ba ba iseng ba utlwe molaetsa wa Bogosi. A re: “Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse go fudugela kwa lefelong le go buiwang Se-Tandroy kwa go lone.”

Riana o ne a fuduga, mme o ile a lebana le kgwetlho nngwe. O ne a sa bone tiro ya boitshediso. Monna mongwe o ne a mo raya a re: “Ke eng fa o fudugetse kwano? Batho ba fudugela kwa o tswang teng gore ba bone tiro.” Morago ga dibeke tse pedi, Riana o ne a ya kwa kopanong ya tikologo a sena madi e bile a ipotsa gore o tlile go dira eng. Ka letsatsi la bofelo la kopano, mokaulengwe mongwe o ne a tsenya sengwe mo kgetsaneng ya jase ya ga Riana. E ne e le madi, mme madi ao a ne a lekane go mo thusa go boela kwa Antandroy le go ipulela kgwebo ya go rekisa yokate. Riana a re: “Jehofa o ne a nthusa ka nako e e siameng. Ke ne ka kgona go tswelela ke thusa batho ba ba neng ba sa itse Jehofa.” Gape tiro e ne e le ntsi mo phuthegong e Riana a kopanelang kwa go yone. A re: “Ke ne ke neela puo ya phatlalatsa gangwe le gape. Jehofa o ne a nthapisa a dirisa phuthego ya gagwe.” Riana o sa ntse a rerela Ba-Antandroy ba ba batlang go ithuta ka Jehofa.

BA TLA SEGOFADIWA KE “MODIMO WA TUMELO”

Jehofa o re tlhomamisetsa gore ‘ope fela yo o itshegofatsang mo lefatsheng o tla segofadiwa ke Modimo wa tumelo.’ (Isa. 65:16) Fa re dira ka natla go fenya dilo tse di re kgoreletsang go oketsa bodiredi jwa rona, Jehofa o tla re segofatsa. Akanya ka Sylviana yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno. O ne a akanya gore a ka se kgone go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi teng. Ke eng fa a ne a akanya jalo? A re: “Leoto la me la molema le lekhutshwane mo go la moja ka disentimetara di le robongwe. Ka jalo, ke tsamaya botlhoko e bile ke lapa ka bonako.”

Sylviana (mo molemeng) le Sylvie Ann (mo mojeng) ba na le Doratine fa a ne a kolobediwa

Le fa go ntse jalo, ka 2014, Sylviana le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela mo phuthegong ya bone e bong Sylvie Ann, ba ne ba fudugela kwa motseng o o bokgakala jwa dikilometara di le 85 go tswa kwa ba nnang gone. Le fa go ne go se motlhofo, Sylviana o ne a fitlhelela mokgele wa gagwe mme Jehofa o ne a mo segofatsa tota. A re: “Morago ga ngwaga ke le kwa kabelong ya me, mosadi mongwe yo mosha yo ke neng ke ithuta Baebele le ene e bong Doratine, o ne a kolobediwa kwa kopanong ya potologo.”

“KE TLA GO THUSA”

Jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba re sa tswang go tlotla ka bone ba bontsha, fa re dira ka natla go fenya dilo tse di re kgoreletsang go oketsa bodiredi jwa rona, re tla itemogela boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jehofa: “Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” (Isa. 41:10) Ka ntlha ya seo, kamano ya rona le Jehofa e tla nonofa. Mo godimo ga moo, fa re ithaopa ka go rata go direla mo nageng ya rona kgotsa kwa nageng e nngwe, seno se re thapisetsa tiro e re tla e dirang kwa lefatsheng le lesha. Jaaka Didier yo re tlotlileng ka ene a tlhalosa, “go direla kwa go nang le tlhokego gone go re thapisetsa tiro e re tla e dirang mo isagweng.” E kete badiri ba le bantsi ba ka simolola thapiso eno mo bogautshwaneng!

^ ser. 4 Baboledi ba ba fudugetseng kwa Madagascar ba tswa kwa Canada, Czech Republic, France, Germany, Guadeloupe, Luxembourg, New Caledonia, Sweden, Switzerland, United Kingdom le United States.

^ ser. 8 Jaanong se emiseditswe ke Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Badiredi ba nako e e tletseng ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ba ka tsenya kopo go ya sekolong seno kwa nageng ya bone kgotsa kwa nageng e sekolo seno se leng teng ka puo ya bone.