Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Segopotso se Dira Gore re Nne le Kutlwano

Segopotso se Dira Gore re Nne le Kutlwano

“Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—PES. 133:1.

PINA: 149, 99

1, 2. Ka 2018, ke tiragalo efe e e kgethegileng e e tla re thusang gore re nne seoposengwe, mme ke eng fa go le jalo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

KA March 31, 2018, fa letsatsi le sena go phirima, batho ba Modimo le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba tla kopana mmogo go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mo lefatsheng lotlhe, batho ba le dimilione ba tla kopana go gopola loso lwa ga Keresete. Ngwaga le ngwaga tiragalo eno e kopanya batho lefatshe ka bophara!

2 Ruri Jehofa le Jesu ba itumela tota fa ba ntse ba bona batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba keteka tiragalo eno e e kgethegileng. Baebele e ne ya bolelela pele gore, “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme” bo tla goa bo re: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.” (Tshen. 7:9, 10) Ruri go a itumedisa go bona gore ngwaga le ngwaga kwa Segopotsong batho ba le bantsi ba leboga Jehofa le Jesu ka dilo tse di molemo tse ba di dirileng!

3. Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka dipotso di le nnê. (1) Re ka ipaakanyetsa Segopotso jang gore se re solegele molemo? (2) Segopotso se thusa batho ba Modimo jang gore ba nne seoposengwe? (3) Ke eng se re ka se dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong? (4) A go tla tsamaya go nna le Segopotso sa bofelo? Fa go le jalo, se tla nna leng?

RE KA IPAAKANYETSA SEGOPOTSO JANG GORE SE RE SOLEGELE MOLEMO?

4. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne gone kwa Segopotsong?

4 Ke eng fa go le botlhokwa gore o nne gone kwa Segopotsong? Gakologelwa gore dipokano ke karolo ya kobamelo ya rona. Ga go pelaelo gore Jehofa le Jesu ba bona mongwe le mongwe yo o tsayang matsapa gore a nne gone kwa pokanong eno e e botlhokwa mo ngwageng. Re batla gore ba bone gore re tla nna gone kwa Segopotsong ntle le fa go sa kgonege gotlhelele. Fa re bontsha gore re tsaya dipokano di le botlhokwa, Jehofa o tla nna le lebaka la go re kwala mo ‘bukeng ya gagwe ya kgakologelo.’ Buka eno e bidiwa ‘buka ya botshelo.’ E na le maina a batho botlhe ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng.—Mal. 3:16; Tshen. 20:15.

5. Malatsi a le mmalwa pele ga Segopotso, re ka ‘leka gore a re mo tumelong’ ka tsela efe?

5 Malatsi a le mmalwa pele ga Segopotso, re ka ipha nako ya go rapela le go sekaseka kamano ya rona le Jehofa. (Bala 2 Bakorintha 13:5.) Re ka dira seo jang? Ka go ‘leka gore a re mo tumelong.’ Gore re dire jalo re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke dumela gore ke karolo ya phuthego e Jehofa a e dirisang go diragatsa thato ya gagwe? A ke dira bojotlhe gore ke rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi? A dilo tse ke di dirang di bontsha gore ke dumela gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore puso ya ga Satane e gaufi le go fedisiwa? A ke sa ntse ke dumela mo go Jehofa le Jesu jaaka ka nako ya fa ke ne ke ineela mo Modimong?’ (Math. 24:14; 2 Tim. 3:1; Baheb. 3:14) Go akanya ka dipotso tseno go tla re thusa gore re ipontshe se rona ka borona re leng sone.

6. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng? (b) Mogolwane mongwe o ipaakanyetsa Segopotso jang, mme wena o ka se ipaakanyetsa jang?

6 Bala mme o tlhatlhanye ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di tlhalosang botlhokwa jwa Segopotso. (Bala Johane 3:16; 17:3.) Re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng fa fela re “tsenya kitso” ka Jehofa le fa re ‘dumela’ mo go Morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu. Gore o ipaakanyetse Segopotso, o ka itirela diporojeke tsa go ithuta tse di tla go thusang gore o atamalane le Jehofa le Jesu. Akanya ka se mogolwane mongwe a tlwaetseng go se dira. Mo dingwageng tse di fetileng, o ntse a kokoanya ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tse di buang ka Segopotso le tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone. Dibeke di le mmalwa pele ga Segopotso, o bala ditlhogo tseo a bo a tlhatlhanya ka botlhokwa jwa Segopotso. Gangwe le gape, o nna a oketsa ka ditlhogo tse disha di le mmalwa. Mogolwane yono o ile a lemoga gore fa a ntse a boaboeletsa ditlhogo tseo le go tlhatlhanya ka mmalo wa Baebele wa Segopotso, o ithuta dilo tse disha ngwaga le ngwaga. Sa botlhokwa le go feta, a re tsela e a ratang Jehofa le Jesu ka yone e a gola ngwaga le ngwaga. Porojeke eno ya go ithuta e ka go thusa gore o rate Jehofa le Jesu thata le gore o solegelwe molemo ke Segopotso.

SEGOPOTSO SE RE THUSA GORE RE NNE SEOPOSENGWE

7. (a) Jesu o ne a rapelela eng mo bosigong jwa Sejo sa Morena sa Maitseboa? (b) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o arabile thapelo ya ga Jesu?

7 Mo bosigong jwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o ne a rapelela balatedi ba gagwe gore ba nne seoposengwe jaaka ene le Rraagwe ba le seoposengwe. (Bala Johane 17:20, 21.) Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a araba thapelo eo ya Morwawe, mme jaanong batho ba le bantsi ba dumela gore Jehofa o rometse Morwawe. Segopotso ke pokano e e di gaisang tsotlhe e e bontshang gore Basupi ba ga Jehofa ba seoposengwe. Ka letsatsi leo, batho ba ditšhaba le ba merafe e e farologaneng ba kopana mmogo mo lefatsheng lotlhe. Kwa mafelong mangwe, ga go a tlwaelega gore batho ba merafe e e farologaneng ba kopane mmogo go dira dilo tsa bodumedi, ba bangwe ba tsaya gore ga go a tshwanela. Mme gone, Jehofa le Jesu ba a itumela fa ba bona batho ba le seoposengwe.

8. Jehofa o ne a naya Esekiele molaetsa ofe?

8 Basupi ba ga Jehofa ga ba gakgamalele go bo ba le seoposengwe ka gonne Jehofa o ne a bolelela pele gore go tla nna jalo. Akanya ka se a ileng a se bolelela moporofeti Esekiele malebana le go kopanngwa ga dithobane tse pedi e leng, thobane “ya ga Juda” le “ya ga Josefa.” (Bala Esekiele 37:15-17.) Setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 2016 se ne sa re: “Jehofa o ne a naya Esekiele molaetsa o mo go one a solofetsang gore setšhaba sa Iseraele se tla nna seoposengwe fa se sena go boela kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Gape molaetsa oo o bolelela pele go nna seoposengwe ga batho ba Modimo go go neng ga simolola go direga mo malatsing a bofelo.”

9. Boporofeti jo bo mo go Esekiele bo diragadiwa jang kwa Segopotsong?

9 Go simologa ka 1919, Jehofa o ne a simolola go rulaganya le go kopanya batlodiwa ba ba tshwantshediwang ke thobane “ya ga Juda.” Mme fa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba ba tshwantshediwang ke thobane “ya ga Josefa” ba kopana le batlodiwa, ditlhopha tseno tse pedi e ne ya nna “letsomane le le lengwe.” (Joh. 10:16; Seka. 8:23) Jehofa o ne a solofetsa gore o tla kopanya dithobane tseno tse pedi a bo a di dira thobane e le nngwe fela mo seatleng sa gagwe. (Esek. 37:19) Gone jaanong, ditlhopha tseno tse pedi di dira mmogo di kaelwa ke Kgosi e le nngwe e bong Jesu Keresete yo o tlhalosiwang e le “Dafide motlhanka” wa Modimo. (Esek. 37:24, 25) Kutlwano e e tlhalosiwang ke Esekiele re e bona ngwaga le ngwaga fa batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba kopana mmogo go gopola loso lwa ga Keresete! Le fa go ntse jalo, re ka dira eng gore re tswelele re utlwana?

RE KA DIRA ENG GORE GO NNE LE KUTLWANO?

10. Re ka dira eng gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

10 Tsela nngwe e re ka dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong ke ka go nna boikokobetso. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba ikokobetse. (Math. 23:12) Fa re le boikokobetso, ga re kitla re itseela kwa godimo. Go na le moo, go nna boikokobetso go tla re thusa gore re ikobele ba ba eteletseng pele, mme seno se tla dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Sa botlhokwa le go feta, fa re le boikokobetso, Modimo o tla itumela ka gonne o “ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Pet. 5:5.

11. Go akanya ka bokao jwa ditshwantshetso tse di dirisiwang kwa Segopotsong, go re thusa jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

11 Tsela ya bobedi e re ka dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong ke ka go akanya ka bokao jwa ditshwantshetso tse di dirisiwang kwa Segopotsong e leng, senkgwe se se sa bedisiwang le beine e e khibidu. Mme re tshwanetse go dira jalo pele ga Segopotso le ka nako ya Segopotso. (1 Bakor. 11:23-25) Senkgwe se emela mmele wa ga Jesu o o itekanetseng o a o ntshitseng setlhabelo mme beine e emela madi a gagwe a a tsholotsweng. Mme gone, go itse fela gore senkgwe le beine di emela eng ga go a lekana. Gape re tshwanetse go gopola gore setlhabelo sa ga Keresete se re bontsha gore Jehofa le Jesu ba a re rata. Jehofa o ile a bontsha seo ka go ntsha Morwawe setlhabelo, mme Jesu ene o ne a bontsha seo ka go iketleeletsa go re swela. Go akanya ka tsela e ba re ratang ka yone, go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore le rona re ba rate. Tsela e baobamedi ba ga Jehofa ba mo ratang ka yone e tshwana le sebofo se se ba kopanyang le se se dirang gore ba utlwane.

Fa re itshwarela ba bangwe, re dira gore go nne le kutlwano (Bona serapa 12 le 13)

12. Setshwantsho sa ga Jesu sa kgosi le batlhanka ba yone se re bontsha jang gore Jehofa o batla gore re itshwarele ba bangwe?

12 Tsela ya boraro e re ka dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong ke ka go itshwarela ba bangwe. Fa re itshwarela ba ba re diretseng diphoso, re bontsha gore re lebogela go bo Jehofa a re itshwarela ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete. Akanya ka setshwantsho sengwe sa ga Jesu se se mo go Mathaio 18:23-34. Ipotse jaana: ‘A ke dirisa se Jesu a neng a se ruta? A ke bontsha baobamedimmogo le nna bopelotelele e bile a ke a ba akanyetsa? A ke ikemiseditse go itshwarela ba ba ntirelang phoso?’ Ke boammaaruri gore maleo mangwe a masisi go feta a mangwe le gore ka dinako tse dingwe go thata go itshwarela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, setshwantsho seno se re ruta gore Jehofa o lebeletse eng mo go rona. (Bala Mathaio 18:35.) Jesu o re ruta gore Jehofa a ka se re itshwarele fa re sa itshwarele bakaulengwe ba rona segolobogolo fa go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Ruri re tshwanetse go nna re gopotse ntlha eno ya botlhokwa! Re dira gore go tswelele go na le kutlwano mo phuthegong fa re itshwarela ba bangwe jaaka Jesu a ile a re ruta.

13. Ke eng fa go agisana le baobamedimmogo le rona go dira gore go nne le kutlwano?

13 Fa re itshwarela ba bangwe, re bontsha gore re rata kagiso. Gopola gore moaposetoloi Paulo o ne a re re tshwanetse go “leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:3) Mo pakeng eno ya Segopotso le ka letsatsi la Segopotso, akanya ka tsela e o dirisanang ka yone le batho ba bangwe. Ipotse jaana: ‘A ke itshupa gore ke motho yo o sa bolokeng sekgopi? A ke itsege ke le motho yo o ratang go agisana le ba bangwe le yo o dirang gore go nne le kutlwano?’ Tseno ke dipotso tse re tshwanetseng go akanya ka tsone mo nakong eno.

14. Re ka bontsha jang gore re “itshokelana ka lorato”?

14 Tsela ya bonê e re ka dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong ke ka go rata ba bangwe fela jaaka Jehofa Modimo a ba rata. (1 Joh. 4:8) Ga re a tshwanela go dira e kete re patelediwa go rata baobamedimmogo le rona, go na le moo, re tshwanetse go ba rata go tswa pelong. Fa re dira jalo, re tla bo re dira go dumalana le kgakololo ya ga Paulo ya gore re ‘itshokelane ka lorato.’ (Baef. 4:2) Ela tlhoko gore ga a ka a re re ‘itshokelane’ fela. Go na le moo, o ne a re re tshwanetse go dira jalo “ka lorato.” Jehofa o gogetse batho ba mefuta e e farologaneng mo phuthegong ya gagwe. (Joh. 6:44) E re ka Jehofa a ba gogetse kwa go ene, o tshwanetse a bo a ba rata. Ka jalo, ga re a tshwanela go tsaya gore go na le moobamedi mongwe wa ga Jehofa yo re sa tshwanelang go mo rata. Re tshwanetse go rata baobamedimmogo le rona fela jaaka Jehofa a re laela!—1 Joh. 4:20, 21.

SEGOPOTSO SA BOFELO SE TLA NNA LENG?

15. Re itse jang gore go tla nna le Segopotso sa bofelo?

15 Letsatsi lengwe go tla nna le Segopotso sa bofelo. Re itse seo jang? Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a bolelela Bakeresete ba ba tloditsweng gore fa ba gopola loso lwa ga Jesu ngwaga le ngwaga, ‘ba nna ba bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.’ (1 Bakor. 11:26) Fano lefoko “goroga” le bua ka tiragalo e Jesu a neng a e umaka mo boporofeting jwa gagwe jo bo buang ka bokhutlo. Jesu o ne a bua jaana ka pitlagano e kgolo: “Sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme go tswa foo ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya di lela selelo sa khutsafalo, mme di tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo ka maatla le kgalalelo e kgolo. Mme [Jesu] o tla romela baengele ba gagwe ka modumo o mogolo wa terompeta, mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng ba gagwe go tswa kwa diphefong tse nnè, go tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo go ya kwa ntlheng e nngwe ya one.” (Math. 24:29-31) Go ‘phuthiwa ga ba ba tlhophilweng’ go kaya nako ya fa Bakeresete botlhe ba batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng ba tla bo ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong. Seno se tla direga fa pitlagano e kgolo e sena go simologa le pele ga ntwa ya Haramagedona. Mme botlhe ba ba 144 000 ba tla dira mmogo le Jesu go fenya dikgosi tsa lefatshe leno. (Tshen. 17:12-14) Segopotso se re tla yang kwa go sone pele Jesu a tla go phutha batlodiwa, e tla nna sone sa bofelo.

16. Ke eng fa o ikemiseditse go nna gone kwa Segopotsong sa ngwaga ono?

16 A re ikemisetseng go nna gone kwa Segopotsong ka March 31, 2018 gore se tle se re solegele molemo. Mme a re kopeng Jehofa gore a re thuse go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong! (Bala Pesalema 133:1.) Gopola gore letsatsi lengwe Segopotso se re tla yang kwa go sone, e tla nna sa bofelo. Gone jaanong, a re lekeng ka natla go nna gone kwa Segopotsong mme re itumeleleng kutlwano e e nnang gone kwa go sone.