Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Kwa Iseraele wa bogologolo, a Molao wa ga Moshe o ne o dirisiwa fa go rarabololwa dikgang tsa semolao tsa letsatsi le letsatsi?

KA DINAKO dingwe go ne go ntse jalo. Akanya ka sekai sengwe. Duteronome 24:14, 15 ya re: “O se ka wa tsietsa modiri yo o thapilweng yo o mo mathateng e bile a humanegile, e ka ne e le wa bomorwarrago kgotsa wa baagi ba gago ba baeng ba ba mo lefatsheng la gaeno . . . gore a se ka a lelela kwa go Jehofa ka ga gago, mme ya nna boleo mo go wena.”

Kgapetla ya nkgo e e thubegileng e e kwadilweng pego ya kgetsi ya modiri wa tshimo

Pego nngwe ya kgetsi ya semolao e e ka tswang e kwadilwe ka lekgolo la bosupa la dingwaga e ne ya fitlhelwa gaufi le Ashedoda. Pego eo e e kwadilweng mo kgapetleng ya nkgo e e thubegileng e ka tswa e kwadilwe mo boemong jwa modiri mongwe wa tshimo yo o neng a latofadiwa ka go palelwa ke go isa korong e ene le mothapi wa gagwe ba neng ba dumalane ka yone. Pego eno ya re: “Fa motlhanka wa gago [motho yo o tlhatlhetseng kgetsi] a sena go tsenya korong mo mabolokelong malatsi a le mmalwa a a fetileng, Hoshayahu morwa Shobay o ne a tla a bo a tsaya seaparo sa motlhanka wa gago. . . . Batlhankammogo le nna ba ke neng ke dira le bone mo letsatsing le le babolang ba ka neela bosupi . . . gore se ke se buang ke boammaaruri. Ga ke a dira molato ope. . . . Fa molaodi a bona go sa tlhokege gore a laele Hoshayahu gore a busetse motlhanka wa gago seaparo sa gagwe, a molaodi a dire jalo ka gonne a nkutlwela botlhoko! A molaodi a se ka a didimala fela motlhanka wa gagwe a diretswe tshiamololo.”

Rahisitori mongwe e bong Simon Schama o ne a re: “Kopo eno ga e re rute fela ka modiri yo o batlang seaparo sa gagwe. Gape e re ruta gore modiri yono o ne a itse molao wa mo Baebeleng, segolobogolo molao o o mo go Lefitiko le Duteronome o o kgatlhanong le go sa tshwarwe sentle ga batho ba ba humanegileng.”