Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pharologanyo fa Gare Ga yo O Direlang Jehofa Le yo O sa Mo Direleng

Pharologanyo fa Gare Ga yo O Direlang Jehofa Le yo O sa Mo Direleng

“Lo tla bona . . . pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo.”—MAL. 3:18.

PINA: 61, 53

1, 2. Batho ba Modimo ba lebana le kgwetlho efe gompieno? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)

DINGAKA le baoki ba le bantsi ba bereka ka batho ba ba tshwerweng ke malwetse a a tshelanwang. Ba tlhokomela batho bano ka gonne ba batla go ba thusa. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go itshireletsa gore ba se ka ba tshwaediwa ke malwetse ao. Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa rona re tshela le batho ba ba nang le mekgwa e e farologaneng le dinonofo tse Modimo a batlang gore re nne le tsone. Eno ke kgwetlho e kgolo.

2 Mo metlheng eno ya bofelo go tletse boitshwaro jo bo sa siamang. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Timotheo o ne a tlhalosa mekgwa ya batho ba ba sa ikobeleng Modimo mme mekgwa eno e tla nna maswe le go feta fa bokhutlo bo ntse atamela. (Bala 2 Timotheo 3:1-5, 13.) Le fa re ka tswa re gakgamadiwa ke gore batho ba le bantsi ba na le mekgwa e e sa siamang, re ka tshwaediwa ke boitshwaro jwa bone jo bo sa siamang. (Dia. 13:20) Mo setlhogong seno re tla sekaseka kafa batho ba ba nang le mekgwa e e sa siamang ba farologaneng ka teng le batho ba ba bontshang dinonofo tsa Modimo. Gape re tla bona kafa re ka itshireletsang ka gone gore re se ka ra tshwaediwa ke mekgwa e e sa siamang mme re tswelele re thusa ba bangwe gore ba se ka ba nna le mekgwa eo.

3. 2 Timotheo 3:2-5 e umaka batho ba ba ntseng jang?

3 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Morago ga moo o ne a umaka mekgwa e le 19 e e sa siamang e batho ba mo metlheng eno ba nang le yone. Mekgwa eno e tshwana le e e umakilweng mo go Baroma 1:29-31. Mme gone, mo lenaaneng le Paulo a le kwaletseng Timotheo, go na le dipolelwana tse di seyong mo dibukeng tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Paulo o simolola ka go bua a re: “Gonne batho ba tla nna . . . ” Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba nang le mekgwa eno. Bakeresete bone ba na le dinonofo tse di molemo.—Bala Malaki 3:18.

KAFA RE ITEBANG KA GONE

4. O ka tlhalosa jang batho ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso?

4 Fa Paulo a sena go tlhalosa gore batho ba tla nna baithati le barati ba madi, o ne a re batho ba tla nna baipegi, ba tla nna mabela le gore ba tla gogomosiwa ke boikgogomoso. Batho ba ba nang le mekgwa eno ba itseela kwa godimo ka gonne ba na le bokgoni bongwe, ba le bantle, ba humile kgotsa ba na le maemo mangwe a a rileng. Batho ba ba nang le mekgwa eno ba batla go ratiwa. Moithuti mongwe o ile a kwala jaana ka motho yo o ikgogomosang: “Mo pelong ya gagwe, o itsaya e le modimo.” Ba bangwe ba ile ba re tota le batho ba ba ikgogomosang ga ba rate go bona batho ba bangwe ba ikgogomosa.

5. Go tlile jang gore batho bangwe ba ba ikanyegang ba nne boikgogomoso?

5 Ga go pelaelo gore Jehofa o tlhoile boikgogomoso. O tlhoile “matlho a a ikgodisang.” (Dia. 6:16, 17) Boikgogomoso bo dira gore motho a se ka a atamalana le Modimo. (Pes. 10:4) Ke nngwe ya mekgwa e Diabolo a nang le yone. (1 Tim. 3:6) Le fa go ntse jalo, ka maswabi, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba tshwaediwa ke boikgogomoso. Kgosi ya Juda e bong Usia o ne a ikanyega dingwaga di le dintsi. Baebele ya re: “Le fa go ntse jalo, fela fa a sena go nonofa, pelo ya gagwe ya nna mabela gore a bo a dire bosula, mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.” Moragonyana, Kgosi Hesekia le ene o ne a ikgogomosa le fa gone e ne e le ka nakwana.—2 Ditir. 26:16; 32:25, 26.

6. Ke eng se se ka bong se ile sa dira gore Dafide a ikgogomose, mme ke ka ntlha yang fa a ile a se ka a dira jalo?

6 Batho ba bangwe ba ikgogomosa ka gonne ba le bantle, ba na le bokgoni jwa mmino, ba nonofile mo mmeleng kgotsa ba na le maemo a a kwa godimo. Dafide o ne a na le dilo tseno tsotlhe mme gone o ne a nna a ikokobeditse botshelo jwa gagwe jotlhe. Fa Dafide a sena go bolaya Goliathe le go newa morwadia Kgosi Saulo gore e nne mosadi wa gagwe, o ne a re: “Nna ke mang le ba losika lwa me ke bomang, lelapa la ga rre, mo Iseraele, mo nka nnang mogwe wa kgosi?” (1 Sam. 18:18) Ke eng se se ileng sa thusa Dafide gore a nne boikokobetso? Dafide o ne a itse gore Modimo o boikokobetso le gore o ne a mo tsaya tsia, ke ka moo a neng a mo naya dinonofo, bokgoni le ditshiamelo. (Pes. 113:5-8) Dafide o ne a itse gore sengwe le sengwe se se molemo se a neng a na le sone, se tswa kwa go Jehofa.—Bapisa 1 Bakorintha 4:7.

7. Ke eng se se ka re thusang go nna boikokobetso?

7 Gompieno batho ba ga Jehofa ba leka ka natla go nna boikokobetso fela jaaka Dafide. Go a kgatlha go itse gore Motho yo mogolo mo lobopong lotlhe e bong Jehofa, o boikokobetso. (Pes. 18:35) Re leka go dira tumalanong le kgakololo e e reng: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakol. 3:12) Gape re a itse gore lorato “ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” (1 Bakor. 13:4) Fa batho ba bona gore re boikokobetso, ba ka batla go itse Jehofa. Fela jaaka banna ba ba nyetseng ba e seng Basupi ba ka kgona go gapiwa ke boitshwaro jo bo siameng jwa basadi ba bone, batho ba bangwe le bone ba ka batla go itse Modimo ka ntlha ya boitshwaro jo bo siameng jwa batlhanka ba gagwe.—1 Pet. 3:1.

KAFA RE DIRISANANG LE BA BANGWE KA GONE

8. (a) Batho ba leba jang mokgwa wa go sa utlwe batsadi? (b) Baebele e kgothaletsa bana go dira eng?

8 Paulo o ne a tlhalosa tsela e batho ba mo metlheng ya bofelo ba tla dirisanang ka yone. O ne a re mo metlheng ya bofelo, bana ga ba kitla ba utlwa batsadi. Dibuka, difilimi le mananeo a thelebishene di dira gore go bonale e kete go itshiametse fela fa bana ba sa tlotle batsadi ba bone. Mokgwa ono o dira gore maloko a lelapa a se ka a atamalana. Tota e bile, kwa Gerika wa bogologolo, fa motho a ne a ka itaya batsadi ba gagwe, o ne a tla latlhegelwa ke ditshwanelo tsa gagwe tsa botho mme molao wa Roma one, o ne o re fa ngwana a itaya rraagwe, kgang eno e masisi fela jaaka ya polao. Dikwalo Tsa Sehebera le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di kgothaletsa bana gore ba tlotle batsadi ba bone.—Ekes. 20:12; Baef. 6:1-3.

9. Ke eng se se tla thusang bana gore ba ikobele batsadi ba bone?

9 Bana ba ka kgona go itshireletsa gore ba se ka ba tshwaediwa ke mokgwa wa go sa utlwe batsadi ka go akanya ka dilo tse di molemo tse batsadi ba bone ba ba diretseng tsone. Fa bana ba itse gore Jehofa o batla gore ba ikobele batsadi ba bone, seo se tla dira gore ba anaanele batsadi ba bone le go feta. Fa bana ba bua dilo tse di molemo ka batsadi ba bone, ba ka thusa bana ba bangwe gore le bone ba tlotle batsadi ba bone. Gone ke boammaaruri gore fa batsadi ba sa rate bana ba bone ka pelo yotlhe, go tla nna thata gore bana bao ba ba tlotle. Mme fa ngwana a bona gore batsadi ba gagwe ba a mo rata, o tla leka ka natla go ba itumedisa le fa a raelesega go sa ba ikobele. Mokaulengwe mongwe e bong Austin a re: “Le fa ka dinako dingwe ke ne ke raelesega go dira se se sa siamang, batsadi ba me ba ne ba baya melao mme ba bo ba tlhalosa mabaka a go bo ba baya melao eo e bile ba ne ba dira gore go nne motlhofo gore ke bue le bone. Seno se nthusitse gore ke ba ikobele. Ke ne ke lemoga gore ba a nkgathalela mme seo se ne se dira gore ke batle go ba itumedisa.”

10, 11. (a) Ke mekgwa efe e e sa siamang e e bontshang gore batho ga ba ratane? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba rata batho go le kana kang?

10 Paulo o umaka mekgwa e mengwe e e sa siamang e e bontshang gore batho ga ba ratane. Fa a sena go tlhalosa gore bana ga ba kitla ba utlwa batsadi ba bone, o ne a re batho e tla nna ba ba sa lebogeng. Seno se a utlwala ka gonne batho ba ba sa lebogeng ga ba anaanele dilo tse di molemo tse ba bangwe ba ba direlang tsone. Gape o ne a re batho ga ba kitla ba ikanyega. Ba tla nna ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe e bile ga ba kitla ba batla go rarabolola dikgotlhang. O ne a re ba tla nna batlhapatsi le baoki, ba bua dilo tse di bosula ka batho ba bangwe le ka Modimo. Mo godimo ga moo, o ne a re go tla nna le batho ba ba senyang ba bangwe maina. *

11 Batho ba ba obamelang Jehofa ba farologane le batho ba ba se nang lorato ka gonne batho ba ga Jehofa ba rata batho. Ga go bolo go nna jalo. Jesu o ne a re taelo ya ntlha ya botlhokwa e e mo Molaong wa ga Moshe ke go rata Modimo mme ya bobedi ke go rata moagelani e leng lorato lwa a·ga’pe. (Math. 22:38, 39) Gape Jesu o ne a re Bakeresete ba boammaaruri ba tla itsiwe ka go ratana. (Bala Johane 13:34, 35.) Tota e bile ba ne ba tla rata baba ba bone.—Math. 5:43, 44.

12. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata batho?

12 Jesu o ne a rata batho fela thata. O ne a tsamaya mo metseng yotlhe a bolelela batho ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. O ne a fodisa batho ba ba sa boneng, ba ba golafetseng, balepero le ba ba sa utlweng mo ditsebeng. O ne a tsosa baswi. (Luke 7:22) Mo godimo ga moo, Jesu o ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, le fa gone batho ba le bantsi ba ne ba mo tlhoile. Jesu o ne a rata batho fela jaaka Rraagwe. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba rata batho ba bangwe.

13. Fa re bontsha ba bangwe gore re a ba rata, seno se ka ba thusa jang gore ba atamalane le Jehofa?

13 Fa re bontsha batho gore re a ba rata, seno se ka dira gore ba batle go atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong. Ka sekai, kwa kopanong ya tikologo, monna mongwe wa kwa Thailand o ne a kgatlhwa ke tsela e bakaulengwe ba ratanang ka yone. Fa a goroga kwa legaeng la gagwe, o ne a kopa gore a rutiwe Baebele gabedi mo bekeng. O ne a rerela ba losika lwa gagwe mme dikgwedi di le thataro morago ga kopano, o ne a bala mmalo wa Baebele lekgetlo la ntlha kwa Holong ya Bogosi. Gore re bone gore re rata ba bangwe go le kana kang, re ka ipotsa jaana: ‘A ke tsaya matsapa go thusa ba lelapa la me, batho ba ke kopanelang le bone mo phuthegong le ba ke kopanang le bone mo bodireding? A ke leka ka natla go leba batho jaaka Jehofa a ba leba?’

DIPHIRI LE DIKWANYANA

14, 15. Ke mekgwa efe ya bophologolo e batho ba le bantsi ba e bontshang, mme ba bangwe ba ile ba fetoga jang?

14 Mekgwa e mengwe e batho ba mo metlheng ya bofelo ba e bontshang, e naya Bakeresete mabaka a mangwe a go bo ba tshwanetse go katogela kgakala le bone. Paulo o ne a re batho bano ga ba kitla ba rata se se molemo. Ba ne ba se kitla ba nna le boikgapo e bile ba ne ba tla nna le bogale jo bo tshabegang. Ba bangwe ba ne ba tla nna tlhogoethata kgotsa ba dira dilo ba sa akanye.

15 Batho ba le bantsi ba ba neng ba na le mekgwa e e sa siamang e gantsi e bontshiwang ke diphologolo, ba ne ba fetola botho jwa bone. Phetogo eno ga e bolo go bolelelwa pele mo boporofeting bongwe jwa Baebele. (Bala Isaia 11:6, 7.) Boporofeti joo bo bua ka diphologolo tsa naga tse di jaaka diphiri le ditau mme bo tlhalosa gore di tla tshela ka kagiso le diphologolo tsa mo gae tse di jaaka dikwanyana le dinamane. Ela tlhoko gore go tla nna le kagiso eo “ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isa. 11:9) E re ka diphologolo di sa kgone go ithuta ka Jehofa, boporofeti jono bo tshwantshetsa diphetogo tse batho ba neng ba tla di dira mo matshelong a bone.

Go dirisa melaometheo ya Baebele go fetola matshelo! (Bona serapa 16)

16. Baebele e ile ya thusa batho jang gore ba fetole botho jwa bone?

16 Go na le batho ba le bantsi ba ba kileng ba bo ba le bogale jaaka diphiri mme gone jaanong ba tshela ka kagiso le batho ba bangwe. O ka bala ka maitemogelo a bangwe ba bone mo motseletseleng wa setlhogo se se reng, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” mo jw.org. Batho ba ba batlang go itse Jehofa le go mo direla ba farologana le batho ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone e bile ba itira e kete ba obamela Modimo mme ditiro tsa bone di supa gore se ba se buang ga se boammaaruri. Go na le moo, batho bangwe ba ba kileng ba bo ba le bogale ba “[apere] botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baef. 4:23, 24) Fa batho ba ntse ba ithuta ka Modimo, ba lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone gore ba ikobele melao ya gagwe. Mme seno se dira gore ba tlogele dilo tse ba neng ba di dumela le mekgwa e e sa siamang e ba neng ba na le yone. Go dira diphetogo tseno ga go motlhofo, mme gone go a kgonega, ka gonne moya wa Modimo o thusa ba ba eletsang go dira thato ya gagwe.

“BANO O BA FULARELE”

17. Re ka tila jang go tlhotlhelediwa ke batho ba ba nang le mekgwa e e sa siamang?

17 Gone jaanong go nna motlhofo go bona pharologanyo fa gare ga batho ba ba direlang Modimo le ba ba sa mo direleng. Batho ba ba direlang Modimo ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke mekgwa e e sa siamang ya batho ba bangwe. Ka jalo, re tshwanetse go reetsa kgakololo e e mo go 2 Timotheo 3:2-5 ya gore re ba fularele. Gone ke boammaaruri gore re ka se kgone go tila gotlhelele go dirisana le batho ba ba nang le mekgwa e e sa siamang. Re ka tshwanelwa ke go bereka le bone, go tsena sekolo le bone kgotsa go dirisana le bone mo ditirong tse dingwe. Mme gone re ka kgona go tila go tlhotlhelediwa ke dikakanyo le mekgwa ya bone. Re ka dira seo ka go nonotsha kamano ya rona le Jehofa ka go ithuta Baebele le go itsalanya le batho ba ba ikemiseditseng go direla Jehofa.

18. Se re se buang le tsela e re itshwarang ka yone e ka thusa ba bangwe jang gore ba itse Jehofa?

18 Re tshwanetse go leka ka natla go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa. Re ka dira seo ka go kopa Jehofa gore a re thuse go bua dilo tse di tshwanetseng ka nako e e siameng fa re rera. Re tshwanetse go bolelela ba bangwe gore re Basupi ba ga Jehofa. Fa re dira jalo, tsela e e siameng e re itshwereng ka yone e tla dira gore ba bangwe ba galaletse Modimo e seng rona. Re rutilwe “gore re gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.” (Tito 2:11-14) Fa re itshwere sentle, batho ba bangwe ba tla re bona mme bangwe ba bone ba ka nna ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—Seka. 8:23.

^ ser. 10 Lefoko la Segerika le le tlhalosang “go senya ba bangwe maina” ke di·aʹbo·los, mme lefoko leo le dirisiwa mo Baebeleng e le leina la moganetsi wa Modimo yo o boikepo e bong Satane.