Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

Go ya Dipokanong go Bontsha Eng ka Rona?

Go ya Dipokanong go Bontsha Eng ka Rona?

‘Nnang lo bolela loso lwa Morena, go fitlha a goroga.’—1 BAKOR. 11:26.

PINA 18 Re Lebogela Thekololo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke eng se Jehofa a se etseng tlhoko fa a bona batho ba le dimilione ba tlile go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa? (Bona setshwantsho sa khabara.) (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

O AKANYA gore Jehofa o ikutlwa jang fa a bona batho ba le dimilione ba tlile go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa? Mo go Jehofa, ga se kgang fela ya gore go tlile batho ba le kae, o etse tlhoko mongwe le mongwe wa batho ba ba tlileng Segopotsong. Ka sekai, Jehofa o itse batho botlhe ba ba tlang Segopotsong ngwaga le ngwaga, le fa bangwe ba bone ba bogisiwa botlhoko. Go na le batho ba ba sa tleng dipokanong beke le beke mme ba tla Segopotsong ka gonne ba se tsaya se le botlhokwa thata. Gape Jehofa o etse tlhoko batho ba e leng la ntlha ba tla Segopotsong, gongwe ba tlisiwa ke gore ba batla go bona gore go diragalang.

2 Re a itse gore Jehofa o a itumela fa a bona batho ba bantsi ba tlile Segopotsong. (Luke 22:19) Mme gone Jehofa ga a tshwenyege fela ka palo ya batho ba ba tlileng, go na le moo, o tshwenyegile thata ka lebaka la go bo ba tlile. Mo setlhogong seno, re tlile go araba potso eno e e botlhokwa thata: Goreng re nna gone kwa Segopotsong le kwa dipokanong tsotlhe tse Jehofa a di rulaganyeditseng batho botlhe ba ba mo ratang?

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba amogelwa ka lorato kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa (Bona dirapa 1-2)

BOIKOKOBETSO BO DIRA GORE RE YE DIPOKANONG

3-4. (a) Goreng re ya dipokanong? (b) Go ya dipokanong go bontsha eng ka rona? (c) Go ya ka ya ka 1 Bakorintha 11:23-26, ke eng fa re tshwanetse go nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga?

3 Lebaka la botlhokwa le le dirang gore re ye dipokanong, ke ka gonne dipokano ke karolo ya kobamelo ya rona. Gape re ya dipokanong ka gonne ke gone kwa Jehofa a re rutang teng. Batho ba ba boikgogomoso ga ba dumele gore ba tlhoka go rutiwa ka gonne ba tsaya gore ba itse sengwe le sengwe. (3 Joh. 9) Mme rona re batla gore Jehofa e nne ene a re rutang a dirisa phuthego ya gagwe.—Isa. 30:20; Joh. 6:45.

4 Fa re ya dipokanong, re bontsha gore re ikokobeditse e bile re batla go rutiwa ke Jehofa. Re ya Segopotsong sa loso lwa ga Jesu e se ka gonne re patelesega go dira jalo, go na le moo, re ya kwa tiragalong eno ya botlhokwa ka gonne re ikokobeditse e bile re reetsa taelo ya ga Jesu e e reng: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Bala 1 Bakorintha 11:23-26.) Tiragalo eno e dira gore re se ka ra lebala dilo tse Modimo a re solofeditseng tsone e bile e re gopotsa gore Jehofa o a re rata. Mme Jehofa o a itse gore ga re tlhoke go kgothadiwa gangwe fela mo ngwageng. Ke ka moo a dirileng gore go nne le dipokano beke le beke e bile a re laletsang gore re ye kwa go tsone. Fa re le boikokobetso, re tla ya dipokanong. Beke le beke re fetsa nako e ntsi re baakanyetsa dipokano le go ya kwa go tsone.

5. Ke eng fa batho ba ba ikokobeditseng ba amogela taletso ya ga Jehofa?

5 Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba ba ikokobeditseng ba tsibogela taletso ya ga Jehofa ya gore ba tle go rutiwa ke ene. (Isa. 50:4) Ba tla Segopotsong mme morago ba bo ba simolola go tla dipokanong tse dingwe. (Seka. 8:20-23) Rotlhe re itumelela go rutiwa ke Jehofa ‘mothusi’ le “mofalotsi” wa rona. (Pes. 40:17) Eleruri ga go na sepe se se botlhokwa kgotsa se se itumedisang thata go gaisa go rutiwa ke Jehofa le Morwawe yo a mo ratang thata e bong Jesu!—Math. 17:5; 18:20; 28:20.

6. Go nna boikokobetso go ile ga thusa monna mongwe jang gore a ye Segopotsong?

6 Ngwaga le ngwaga re dira maiteko a go laletsa batho ba bantsi gore ba tle Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Bontsi jwa batho ba ba ikokobeditseng ba thusitswe thata ke go amogela taletso ya go tla Segopotsong. Ka sekai, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mokaulengwe o ile a naya monna mongwe taletso ya Segopotso mme monna yoo o ile a re a ka se kgone go tla. Ka letsatsi la Segopotso, mokaulengwe o ne a gakgametse tota fa a bona monna yoo a tsena mo Holong ya Bogosi. Monna yono o ne a itumeletse tsela e a amogetsweng ka yone mo a ileng a simolola go tla dipokanong beke le beke. Mo ngwageng o o latelang, o ile a fosiwa ke dipokano gararo fela. Ke eng fa monna yono a ile a ya Segopotsong? Ka gonne o ne a le boikokobetso. Mokaulengwe yo o ileng a mo laletsa a re: “Monna yono ke motho yo o ikokobeditseng thata.” Ga go na pelaelo ya gore Jehofa ke ene a gogetseng monna yono kwa go ene. Gone jaanong monna yono ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng.—2 Sam. 22:28; Joh. 6:44.

7. Dilo tse re di ithutang kwa dipokanong le tse re di balang mo Baebeleng di ka re thusa jang go nna boikokobetso?

7 Dilo tse re di ithutang kwa dipokanong le tse re di balang mo Baebeleng di ka re thusa gore re nne boikokobetso. Dibeke pele ga Segopotso, dipokano di gatelela botlhokwa jwa sekao sa ga Jesu le tsela e a ileng a bontsha boikokobetso ka yone fa a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. Malatsi pele ga Segopotso, re kgothalediwa go bala dipego tsa Baebele tse di buang ka dilo tse di ileng tsa direga pele Jesu a bolawa le morago ga gore a tsosiwe mo baswing. Dilo tse re di ithutang kwa dipokanong le tse re di balang mo Baebeleng, di re thusa go bona botlhokwa jwa setlhabelo sa ga Jesu. Mme seo se dira gore re batle go etsa sekao sa gagwe sa go nna boikokobetso le go dira thato ya ga Jehofa le fa go ka nna thata jang.—Luke 22:41, 42.

BOPELOKGALE BO RE THUSA GO YA DIPOKANONG

8. Jesu o ile a bontsha jang gore o pelokgale?

8 Gape re leka go etsa sekao sa ga Jesu sa go nna pelokgale. Akanya ka tsela e a ileng a bontsha gore o pelokgale ka yone malatsi pele a bolawa. O ne a itse sentle gore baba ba gagwe ba ne ba tlile go mo tlontlolola, go mo itaya le go mo mmolaya. (Math. 20:17-19) Mme o ne a ikemiseditse go swa. Fa baba ba gagwe ba le mo tseleng ba tla go mo tshwara, o ile a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba na le ene kwa Gethesemane a re: “Nanogang, a re tsamayeng. Bonang! Yo o nkokang o atametse.” (Math. 26:36, 46) Fa ba tla go mo tshwara, Jesu o ile a ba atamela, a ba bolelela gore ke ene yo ba mmatlang mme a laela masole gore a tlogele baaposetoloi ba gagwe gore ba tsamaye. (Joh. 18:3-8) Ruri Jesu o ile a bontsha bopelokgale! Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le ba dinku tse dingwe ba leka go etsa sekao seno sa ga Jesu. Jang?

Fa o nna le bopelokgale jwa go ya dipokanong, o kgothatsa ba bangwe (Bona serapa 9) *

9. (a) Goreng re tlhoka bopelokgale gore re kgone go ya dipokanong ka metlha? (b) Sekao sa rona se ka thusa jang bakaulengwe ba ba tshwerweng ka ntlha ya tumelo ya bone?

9 Fa re kopana le maemo a a thata, re tlhoka bopelokgale gore re kgone go ya dipokanong beke le beke. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba yang dipokanong le fa ba tlhokafaletswe, ba kgobegile marapo kgotsa ba lwala thata. Ba bangwe ba ya dipokanong le fa ba ganediwa ke ba masika a bone kgotsa ba thibetswe ke puso ya naga ya bone. Akanya kafa sekao sa rona se ka thusang ka gone bakaulengwe ba ba tshwerweng ka ntlha ya tumelo ya bone. (Baheb. 13:3) Fa ba utlwa gore re direla Jehofa le fa re lebana le mathata, seo se dira gore ba tswelele ba na le tumelo, ba le pelokgale e bile ba ikanyega mo go Jehofa. Seno ke se se ileng sa diragalela moaposetoloi Paulo. Fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, o ne a itumela nako le nako fa a utlwa gore bakaulengwe ba gagwe ba direla Jehofa ka boikanyegi. (Bafil. 1:3-5, 12-14) Pele ga a gololwa kgotsa fela fa a sena go gololwa, o ile a kwalela Bakeresete ba Bahebera lekwalo. O ile a ba kgothaletsa gore ‘lorato lwa bone lwa bokaulengwe lo tswelele’ le gore ba se ka ba lesa go phuthega mmogo.—Baheb. 10:24, 25; 13:1.

10-11. (a) Re tshwanetse go laletsa bomang kwa Segopotsong? (b) Go ya ka Baefeso 1:7, ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

10 Re bontsha bopelokgale fa re laletsa ba losika, badirimmogo le baagelani ba rona kwa Segopotsong. Goreng re ba laletsa? Ka gonne re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. Re batla ba ithute gore bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa jo a bo bontshitseng ka setlhabelo sa ga Jesu, le bone bo ka ba solegela molemo.—Bala Baefeso 1:7; Tshen. 22:17.

11 Fa re bontsha gore re pelokgale ka go ya dipokanong, gape re bontsha gore re na le nonofo nngwe e e botlhokwa e Jehofa le Jesu ba e bontshang ka ditsela tse di tlhomologileng.

LORATO LO RE TLHOTLHELETSA GO YA DIPOKANONG

12. (a) Dipokano di dira jang gore re rate Jehofa le Jesu? (b) 2 Bakorintha 5:14, 15 e re kgothaletsa go etsa Jesu jang?

12 Re rata Jehofa le Jesu mme lorato loo lo re tlhotlheletsa go ya dipokanong. Tota e bile se re se ithutang kwa dipokanong se dira gore re ba rate le go feta. Fa re le kwa dipokanong, re gopodiwa se ba re diretseng sone. (Bar. 5:8) Segopotso sa loso lwa ga Jesu se re thusa go gopola gore Jehofa le Jesu ba re rata fela thata go akaretsa le batho ba ba iseng ba tlhaloganye gore thekololo e botlhokwa go le kana kang. Ka jalo, re leka go etsa sekao sa ga Jesu ka tsela e re tshelang ka yone e le go bontsha gore re lebogela lorato lwa bone. (Bala 2 Bakorintha 5:14, 15.) Mo godimo ga moo, re galaletsa Jehofa ka ntlha ya mpho ya thekololo. Re ka mo galaletsa ka go araba go tswa pelong fa re le kwa dipokanong.

13. Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa le Jesu? Tlhalosa.

13 Re ka bontsha gore re rata Jehofa le Jesu ka go iketleeletsa go tlogela dilo dingwe gore re kgone go ya dipokanong. Diphuthego di le dintsi di tshwara dipokano mo gare ga beke morago ga tiro mme bontsi jwa rona re a bo re lapile ka nako eo. Dipokano tse dingwe di tsena mafelobeke e leng nako e bontsi jwa batho ba ratang go ikhutsa ka yone. A Jehofa o bona matsapa a re a tsayang go ya dipokanong le fa ka dinako tse dingwe re lapile? Ee o a bona! Jehofa o bona matsapa a re a tsayang gore re kgone go ya dipokanong e bile o a anaanela.—Mar. 12:41-44.

14. Jesu o re tlhometse sekao sa ga bontsha ba bangwe lorato jang?

14 Jesu o re tlhometse sekao sa ga bontsha ba bangwe lorato. O ne a ikemiseditse go swela barutwa ba gagwe, mo godimo ga moo, dilo tse ba di tlhokang di ne di le botlhokwa thata mo go ene. Ka sekai, o ne a kopana le balatedi ba gagwe le fa gone a ne a lapile kgotsa a tshwenyegile mo maikutlong. (Luke 22:39-46) Selo sa botlhokwa mo go ene e ne e le go direla batho e seng gore bone ba mo direle. (Math. 20:28) Fa re rata Jehofa le bakaulengwe ba rona, re tla dira bojotlhe gore re nne teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu le kwa dipokanong tsotlhe.

15. Re itumelela go thusa bomang?

15 Re mo phuthegong e le nngwe fela ya boammaaruri e bile re itumelela go laletsa batho ba bangwe go tla go kopanela le rona. Mme gone, re batla go thusa segolobogolo “ba ba amanang le rona mo tumelong” ba ba sa tlholeng ba ya bodireding kgotsa dipokanong. (Bagal. 6:10) Re bontsha gore re a ba rata ka go ba kgothaletsa go nna gone kwa dipokanong le kwa Segopotsong. Fela jaaka Jehofa le Jesu, re a itumela fa ba boela kwa go Jehofa, Rre le Modisa wa rona yo o lorato.—Math. 18:14.

16. (a) Re ka kgothatsana jang, mme go ya dipokanong go ka re thusa jang? (b) Ke eng fa eno e le nako e e siameng go gopola mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 3:16?

16 Mo dibekeng tse di tlang, laletsa batho ba le bantsi go tla Segopotsong se se tla tshwarwang ka Labotlhano maitseboa, April 19, 2019. (Bona lebokose le le reng “ A o Tla ba Laletsa?”) Mo ngwageng ono, mma re direng bojotlhe go kgothatsana ka go nna gone kwa dipokanong tsotlhe. Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, go ya dipokanong go tla re thusa gore re tswelele re le boikokobetso, re le pelokgale e bile re le lorato. (1 Bathes. 5:8-11) A re bontsheng gore re lebogela lorato lo Jehofa le Jesu ba re bontshitseng lone.—Bala Johane 3:16.

PINA 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

^ ser. 5 Segopotso sa loso lwa ga Keresete se se tla tshwarwang ka April 19, 2019, ke tiragalo ya botlhokwa thata mo ngwageng. Ke eng fa re nna gone kwa Segopotsong? Ka gonne re batla go itumedisa Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore ke eng fa re nna gone kwa Segopotsong le kwa dipokanong tsotlhe.

^ ser. 52 DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o mo kgolegelong o kgothadiwa ke lekwalo le le tswang kwa gae. O itumelela go itse gore ba lelapa la gagwe ga ba a mo lebala le gore ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le fa go na le dintwa mo lefelong la bone.