Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 3

O ka Disa Pelo ya Gago Jang?

O ka Disa Pelo ya Gago Jang?

“Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.”—DIA. 4:23.

PINA 36 A re Diseng Dipelo Tsa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-3. (a) Goreng Jehofa a ne a rata Solomone, mme o ile a mo segofatsa jang? (b) Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

SOLOMONE o ile a nna kgosi ya Iseraele a sa ntse a le mosha. Fa a simolola go busa, Jehofa o ile a tla mo go ene mo torong mme a mmotsa gore a ka rata gore a mo direle eng. Solomone o ile a bolelela Jehofa gore o sa ntse a le monnye thata e bile ga a na maitemogelo, ka jalo, o ne a mo kopa gore a mo neye “pelo e e utlwang” gore a kgone go atlhola batho ba Modimo sentle. (1 Dikg. 3:5-10) Kopo ya ga Solomone ruri e bontsha gore e ne e le motho yo o ikokobeditseng, ke ka moo Jehofa a neng a mo rata thata! (2 Sam. 12:24) Modimo o ne a kgatlhilwe thata ke kopo ya ga Solomone mo a ileng a mo “naya pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang.”—1 Dikg. 3:12.

2 Solomone o ile a tswelela a direla Modimo mme Modimo o ile a mo segofatsa ka dilo tse dintsi. O ile a nna le tshiamelo ya go aga tempele e “leina la ga Jehofa Modimo wa Iseraele” le neng le bidiwa mo go yone. (1 Dikg. 8:20) Botlhale jo Modimo a neng a mo neile jone bo ile jwa dira gore a tume thata. Gape Modimo o ile a dira gore Solomone a kwale dibuka di le tharo tsa Baebele. Nngwe ya tsone ke buka ya Diane.

3 Buka ya Diane e umaka lefoko pelo makgetlo a le mantsi tota. Ka sekai, Diane 4:23 ya re: “Go feta [dilo] tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.” Mo temaneng eno, lefoko “pelo” le kayang? Re tla utlwa karabo ya potso eno fa re ntse re tsweletse. Gape re tla utlwa karabo ya dipotso tseno tse pedi: Satane o dirang go leka go faposa dipelo tsa rona? Re ka disa dipelo tsa rona jang? Gore re kgone go tswelela re direla Modimo, re tlhoka go itse dikarabo tsa dipotso tseno tsa botlhokwa.

PELO KE ENG?

4-5. (a) Pesalema 51:6 e re thusa jang go tlhaloganya gore lefoko “pelo” le kayang? (b) Go tlhokomela mebele ya rona go tshwana jang le go tlhokomela pelo ya rona ya tshwantshetso?

4 Mo go Diane 4:23, lefoko “pelo” le kaya se tota re leng sone ka fa teng kgotsa botho jo bo itsiweng ke rona fela. (Bala Pesalema 51:6.) Ka mafoko a mangwe, lefoko pelo le kaya dikakanyo, maikutlo, maitlhomo le dikeletso tsa rona.

5 Botsogo jwa rona bo re bontsha se se diregang mo teng ga mebele ya rona. Ka sekai, fa re batla go nna re itekanetse mo mmeleng, re tshwanetse go ja dijo tse di nang le dikotla le go ikatisa ka metlha. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla go tswelela re le ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go bala Baebele ka metlha le go bontsha Jehofa gore re na le tumelo. Re bontsha gore re na le tumelo fa re dirisa dilo tse re di ithutang le fa re bolelela ba bangwe ka tsone. (Bar. 10:8-10; Jak. 2:26) Mo godimo ga moo, re ka tswa re lebega e kete re itekanetse sentle mo mmeleng mme gone re lwala thata. Ka tsela e e tshwanang, re ka tswa re na le thulaganyo ya go ithuta Baebele e bile re akanya gore tumelo ya rona e nonofile, mme gone dikeletso tse di sa siamang di ntse di gola mo go rona. (1 Bakor. 10:12; Jak. 1:14, 15) Ga re a tshwanela go lebala gore Satane o batla gore re akanye jaaka ene. Ke ditsela dife tse a di dirisang thata? Mme re ka itshireletsa jang?

SATANE O LEKA GO FAPOSA DIPELO TSA RONA JANG?

6. Boikaelelo jwa ga Satane ke eng, mme o leka jang gore a kgone go bo fitlhelela?

6 Satane o batla gore re tshwane le ene mme re itlhokomolose melao ya ga Jehofa le go dira dilo ka ntlha ya bopelotshetlha. Satane a ka se re pateletse gore re akanye le go dira dilo ka tsela e ene a di dirang ka yone. Ka jalo, o dirisa ditsela tse dingwe go re faposa. Ka sekai, o dirile gore go nne le batho ba bantsi ba ba tshwanang le ene. (1 Joh. 5:19) O dirile jalo ka boikaelelo jwa gore re fetse nako e ntsi le batho bao mme gone re ntse re itse gore go itsalanya le batho ba ba bosula go senya dilo tse dintle tse re di akanyang le tse re di dirang. (1 Bakor. 15:33) Leano leo la gagwe le ile la bereka mo go Kgosi Solomone. Solomone o ile a nyala basadi ba bantsi ba ba neng ba sa direle Modimo mme ba ile ba “faposa pelo ya gagwe ka iketlo.”—1 Dikg. 11:3.

O ka sireletsa jang pelo ya gago gore Satane a se ka a e faposa? (Bona serapa 7) *

7. Satane o leka jang go fetola tsela e re akanyang ka yone, mme ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?

7 Satane o dirisa difilimi le mananeo a thelebishene go dira gore batho ba akanye jaaka ene. O a itse gore dilo tseno ga di re tlose bodutu fela, di re ruta gore re akanye jang, re ikutlwe jang le gore re dire dilo jang. Jesu le ene o ne a dirisa mokgwa o o tshwanang fa a ruta batho. Ka sekai, o ile a tlotlela bareetsi ba gagwe ka moagelani yo o molemo le ka mosimane yo o neng a tswa mo lapeng mme a ya go senya boswa jwa gagwe. (Math. 13:34; Luke 10:29-37; 15:11-32) Batho ba ba akanyang jaaka Satane ba ka dirisa difilimi le mananeo a thelebishene go senya tsela e e siameng e re akanyang ka yone. Re tlhoka go nna tekatekano. Le fa go na le difilimi le mananeo a thelebishene a a ka tswang a se kotsi, re sa ntse re tlhoka go nna kelotlhoko. Fa re batla go leba filimi kgotsa lenaneo lengwe la thelebishene, re tlhoka go ipotsa gore: ‘A filimi eno kgotsa lenaneo leno le dira gore ke akanye gore go siame go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya ga Jehofa?’ (Bagal. 5:19-21; Baef. 2:1-3) O tshwanetse go dirang fa o lemoga gore lenaneo lengwe le go tlhotlheletsa go akanya jaaka Satane? Tswa mo go lone ntle le go okaoka!

8. Batsadi ba ka disa dipelo tsa bana ba bone jang?

8 Batsadi, lo neilwe boikarabelo jo bo kgethegileng jwa go disa dipelo tsa bana ba lona gore Satane a se ka a di faposa. Lo dira sotlhe se lo ka se kgonang go sireletsa bana mo dilong tse di ka ba lwatsang. Lo phepafatsa matlo a lona e bile lo latlha sengwe le sengwe se se ka dirang gore lona kgotsa bana ba lona ba lwale. Ka tsela e e tshwanang, lo tlhoka go sireletsa bana ba lona mo difiliming, mo mananeong a thelebishene, mo metshamekong ya dibidio le mo di-website tse di ka ba rotloetsang go akanya jaaka Satane. Jehofa o lo neile boikarabelo jwa go ruta bana ba lona ka ene. (Dia. 1:8; Baef. 6:1, 4) Ka jalo, se tshabeng go baya melao mo malapeng a lona. Bolelelang bana ba lona gore ke eng se ba tshwanetseng go se leba le se ba sa tshwanelang go se leba mme lo ba thuse go tlhaloganya mabaka a ditshwetso tse lo di dirang. (Math. 5:37) Fa bana ba ntse ba gola, ba ruteng go dirisa melao ya ga Jehofa gore e kgone go ba thusa go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang. (Baheb. 5:14) Mme se lebaleng gore bana ba ithuta dilo tse dintsi, e seng fela mo dilong tse lo ba bolelelang tsone mme sa botlhokwa le go feta, mo sekaong sa lona se se molemo.—Dute. 6:6, 7; Bar. 2:21.

9. Ke kgopolo efe e e sa siamang e Satane a e rotloetsang, mme ke eng fa e le kotsi?

9 Gape Satane a ka leka go faposa dipelo tsa rona ka go dira gore re tshepe matlhale a batho go na le go tshepa Jehofa. (Bakol. 2:8) Ka sekai, Satane o rotloetsa kgopolo e e sa siamang ya gore go huma go botlhokwa thata mo botshelong. Go ka direga gore batho ba ba dumelang seo ba hume kgotsa ba se ka ba huma. Mme gone, batho bano ba mo kotsing ka gonne ba ka nna ba tlhoma mogopolo thata mo go nneng le madi a mantsi mo ba feleletsang ba tlhokomologa botsogo, malapa a bone le botsala jwa bone le Modimo. (1 Tim. 6:10) Re leboga Rraarona yo o kwa legodimong ka gonne o re thusa gore re kgone go dirisa madi sentle.—Mor. 7:12; Luke 12:15.

RE KA DISA PELO YA RONA JANG?

Fela jaaka balebeledi le balebedi ba dikgoro ba bogologolo, nna o ntshitse matlho dinameng le go tsaya kgato gore Satane a se ka a faposa pelo ya gago (Bona serapa 10-11) *

10-11. (a) Re tshwanetse go dirang fa re batla go itshireletsa? (b) Tiro ya balebeledi ba bogologolo e ne e le eng, mme digakolodi tsa rona di ka nna jang balebeledi ba rona?

10 Fa re batla go atlega mo go sireletseng dipelo tsa rona, re tshwanetse go itse dikotsi tse di ka nnang teng le go di thibela ka bonako. Mo go Diane 4:23, lefoko “disiwa” le re gopotsa tiro e e neng e dirwa ke balebeledi. Ka nako ya ga Kgosi Solomone, molebeledi o ne a nna kwa godimo ga dipota tsa motse a disitse, mme fa a bona kotsi, o ne a tlhaba mokgosi. Seno se re thusa go bona se re tlhokang go se dira go thibela Satane gore a se ka a faposa dipelo tsa rona.

11 Bogologolo balebeledi ba ne ba bereka mmogo le balebedi ba dikgoro tsa motse. (2 Sam. 18:24-26) Fa baba ba tla go tlhasela motse, balebeledi ba ne ba tlhaeletsa balebedi ba dikgoro gore ba di tswale go thibela baba bao go tsena mo motseng. (Neh. 7:1-3) Digakolodi tsa rona tse di katisitsweng ka Baebele * di ka nna jaaka balebeledi ka gonne di tla re tlhagisa fa Satane a leka go faposa dipelo tsa rona kgotsa a leka go dira gore re nne le dikakanyo, maikutlo, maitlhomo kgotsa dikeletso tse di sa siamang. Fa digakolodi tsa rona di re tlhagisa, re tshwanetse go di reetsa le go tsaya kgato ka bonako.

12-13. Re ka raelesega go dirang, mme re tshwanetse go tsiboga jang?

12 Akanya ka sekai sa kafa re ka itshireletsang ka gone gore Satane a se ka a dira gore re akanye jaaka ene. Jehofa o re rutile gore “kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go [rona].” (Baef. 5:3) Jaanong re tshwanetse go dirang fa badirimmogo kgotsa baithuti le rona ba simolola go bua ka tlhakanelodikobo? Re a itse gore re tshwanetse go ‘gana boikepo le dikeletso tsa selefatshe.’ (Tito 2:12) Segakolodi sa rona se ka nna sa re tlhagisa. (Bar. 2:15) A re tla se reetsa kgotsa a re tla raelesega go reetsa batho bao le go leba ditshwantsho tse di leswe tse ba di lebileng? Fa re reetsa digakolodi tsa rona, re tla leka go fetola motlotlo oo kgotsa re tla itsamaela.

13 Re tlhoka bopelokgale gore re kgone go gana fa dithaka tsa rona di re pateletsa go bua kgotsa go dira dilo tse di sa siamang. Re a itse gore Jehofa o bona maiteko a re a dirang e bile o tla re naya maatla le botlhale gore Satane a se ka a re faposa. (2 Ditir. 16:9; Isa. 40:29; Jak. 1:5) Mme ke eng gape se re ka se dirang gore re kgone go tswelela re disitse dipelo tsa rona?

NNA O DISITSE PELO YA GAGO

14-15. (a) Goreng re tshwanetse go bula dipelo tsa rona, mme re ka dira seo jang? (b) Diane 4:20-22 e re thusa jang go itumelela go bala Baebele? (Bona lebokoso le le reng, “ Se re Ka se Dirang fa re Tlhatlhanya.”)

14 Fa re batla go disa dipelo tsa rona, ga re a tshwanela fela go gana dilo tse di sa siamang, gape re tshwanetse go amogela tse di siameng. A re boele gape kwa sekaing sele sa balebedi ba dikgoro tsa motse. Balebedi ba ne ba tswala dikgoro fa baba ba tla go tlhasela mme ka dinako tse dingwe ba ne ba di bula fa batho ba tla ka dijo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang mo motseng. Fa e le gore dikgoro tseo di ne di sa tshwanelwa go bulwa gotlhelele, batho ba motse oo ba ne ba tlile go bolawa ke tlala. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go bula dipelo tsa rona gore re kgone go amogela tsela e Modimo a batlang gore re akanye ka yone.

15 Baebele e re tlhalosetsa tsela e Jehofa a akanyang ka yone, ka jalo, nako le nako fa re e bala, re simolola go akanya, go ikutlwa le go dira dilo jaaka Jehofa. Re ka dirang gore re kgone go tlhaloganya Baebele sentle? Re tshwanetse go rapela. Kgaitsadi mongwe a re: “Pele ke bala Baebele, ke kopa Jehofa gore a nthuse go bona ‘dilo tse di gakgamatsang’ tse di mo Lefokong la gagwe.” (Pes. 119:18) Gape re tshwanetse go tlhatlhanya ka dilo tse re di balang. Fa re rapela, re bala e bile re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, re tla rata Jehofa e bile Lefoko la gagwe le tla re fitlhelela pelo.—Bala Diane 4:20-22; Pes. 119:97.

16. JW Broadcasting e thusitse batho ba bantsi jang?

16 Selo se sengwe gape se se ka re thusang go akanya jaaka Modimo, ke go lebelela dibidio tse di mo JW Broadcasting®. Banyalani bangwe ba re: “Kgwedi nngwe le nngwe, re ithuta dilo tse dintsi tota mo thulaganyong [ya JW Broadcasting®]. E re kgothaditse thata ka nako ya fa re ne re kgobegile marapo kgotsa re jewa ke bodutu. Gantsi re tshameka dipina tsa kgwedi le kgwedi fa re apaya, re phepafatsa kgotsa re iketlile fela.” Dibidio tse di mo JW Broadcasting® di re thusa go disa dipelo tsa rona. Di re ruta go akanya jaaka Jehofa le gore re se ka ra akanya jaaka Satane.

17-18. (a) Go ya ka 1 Dikgosi 8:61, go diregang fa re dirisa dilo tse Jehofa a re rutang tsone? (b) Re ka ithutang mo sekaong sa ga Kgosi Hesekia? (c) Go ya ka Pesalema 139:23, 24, ke eng se re ka se rapelelang?

17 Nako le nako fa re dira dilo tse di siameng re bo re atlega, tumelo ya rona e a nonofa. (Jak. 1:2, 3) Re a itumela ka gonne re a itse gore Jehofa o motlotlo go re bitsa bana ba gagwe mme seo se dira gore re batle go mo itumedisa le go feta. (Dia. 27:11) Teko nngwe le nngwe e re kopanang le yone e re naya tshono ya go bontsha Rraarona gore ga re mo direle ka pelo e e sa felelang. (Pes. 119:113) Re tsaya diteko tseo e le tshono ya go mmontsha gore re mo direla ka pelo yotlhe e bile re ikemiseditse go ikobela melao ya gagwe le go dira thato ya gagwe.—Bala 1 Dikgosi 8:61.

18 Nnete ke gore re tlile go dira diphoso ka gonne re baleofi. Fa seo se direga, re tshwanetse go gopola sekao sa ga Kgosi Hesekia. Le fa a ile a dira diphoso, o ile a ikwatlhaya, a bo a direla Jehofa ka “pelo e e feletseng.” (Isa. 38:3-6; 2 Ditir. 29:1, 2; 32:25, 26) Ka jalo, a re ikemisetseng gore ga re kitla re letla Satane go re dira gore re akanye jaaka ene. A re kopeng Jehofa gore a re neye “pelo e e utlwang.” (1 Dikg. 3:9; bala Pesalema 139:23, 24.) Fa re disa dipelo tsa rona, re tla kgona go tswelela re direla Jehofa.

PINA 54 “Tsela ke E”

^ ser. 5 A re tla tswelela re direla Jehofa kgotsa a re tla letla Satane gore a re kgaoganye le Modimo? Karabo ya potso eno ga ya ikaega ka diteko tse di botlhoko tse re lebanang le tsone mo botshelong, go na le moo, e ikaegile ka gore re disa dipelo tsa rona go le kana kang. Lefoko “pelo” le kayang? Satane o dirang go leka go faposa dipelo tsa rona? Re ka disa dipelo tsa rona jang? Setlhogo seno se tla re thusa go araba dipotso tseno tsa botlhokwa.

^ ser. 11 TLHALOSO: Jehofa o re neile bokgoni jwa go tlhatlhoba dikakanyo, maikutlo le ditiro tsa rona go bona gore a di siame kgotsa gore ga di a siama. Baebele e bitsa bokgoni joo e re ke segakolodi. (Bar. 2:15; 9:1) Segakolodi se se katisitsweng ka Baebele se dirisa melao ya ga Jehofa e e mo Baebeleng go re thusa go bona gore a selo se re se akanyang, se re se dirang kgotsa se re se buang se siame kgotsa gore ga se a siama.

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o kolobeditsweng o lebile thelebishene mme go tlhaga dilo tse di sa siamang. O tshwanetse go tlhopha gore o tla dirang.

^ ser. 58 SETSHWANTSHO: Molebeledi o bona baba ba tla go tlhasela. O goeletsa balebedi ba dikgoro mme ba tswala dikgoro tsa motse ka bonako ba bo ba di lotlela.