Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 1

‘O se Ka wa Tlhobaela, Gonne ke Modimo wa Gago’

‘O se Ka wa Tlhobaela, Gonne ke Modimo wa Gago’

“O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.”—ISA. 41:10.

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Mafoko a a mo go Isaia 41:10 a thusitse Yoshiko jang? (b) Mafoko a a mo go Isaia 41:10 a ka thusa bomang gape?

NGAKA e ne ya bolelela kgaitsadi mongwe yo o ratang Modimo e bong Yoshiko gore o setse ka dikgwedi di se kae fela a bo a tlhokafala. O ile a ikutlwa jang? O ne a gopola temana nngwe ya Baebele e a e ratang thata ya Isaia 41:10. (E bale.) Morago ga moo, o ne a bolelela ngaka ya gagwe a ritibetse gore ga a tshoga ka gonne Jehofa o mo tshwere ka seatla. * Mafoko a a gomotsang a temana eno a thusitse kgaitsadi yono go ikanya Jehofa ka botlalo. Le rona a ka re thusa go nna re ritibetse fa re lebane le diteko. Gore re tlhaloganye gore a ka re gomotsa jang, mma re tlotle pele ka lebaka le le dirileng gore Modimo a laele Isaia go kwala mafoko ao.

2 Kwa tshimologong, Jehofa o ne a laela Isaia go kwala mafoko ano go kgothatsa Bajuda ba ba neng ba tlile go isiwa botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a kwalela Bajuda fela mafoko ao mme gape o ile a a kwalela le batho ba gagwe gompieno. (Isa. 40:8; Bar. 15:4) E re ka re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ re tlhoka mafoko ano a kgomotso go feta le fa e le leng pele.—2 Tim. 3:1.

3. (a) Ke ditsholofetso dife tse di fitlhelwang mo temaneng ya ngwaga ya 2019 e e tswang mo go Isaia 41:10? (b) Goreng re tlhoka ditsholofetso tseo?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le tharo tse Jehofa a re solofetsang tsone mo go Isaia 41:10 e leng: (1) Jehofa o tla nna le rona, (2) ke Modimo wa rona le (3) O tla re thusa. Re tlhoka ditsholofetso * tseno ka gonne fela jaaka Yoshiko le rona re lebana le diteko. Gape re na le mathata ka ntlha ya dilo tse di diregang mo lefatsheng. Bangwe ba rona re itshokela go bogisiwa ke dipuso. Mma re tlotle ka ditsholofetso tseo.

“KE NA LE WENA”

4. (a) Re tla tlotla pele ka tsholofetso efe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Jehofa o ikutlwa jang ka rona? (c) Mafoko a ga Jehofa a dira gore o ikutlwe jang?

4 Jehofa o re gomotsa ka mafoko ano a a reng: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena.” * O bontsha gore o na le rona ka gonne o amega ka rona e bile o a re rata. Ela tlhoko gore o ikutlwa jang ka rona. A re: “[O] tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me, o ile wa tsewa o le yo o tlotlegang, mme ke go ratile.” (Isa. 43:4) Ga go na sepe se se ka dirang gore Jehofa a se ka a rata batho ba ba mo direlang ka gonne boikanyegi jwa gagwe bo tsepame. (Isa. 54:10) Lorato lwa gagwe le botsala jwa gagwe di tla re naya bopelokgale. Fela jaaka a ile a sireletsa tsala ya gagwe e bong Aberame (Aborahame) mo nakong e e fetileng, le rona o tla re sireletsa. O ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa, Aberame. Ke nna thebe ya gago.”—Gen. 15:1.

Jehofa o tla re thusa go nna pelokgale le go itshokela teko nngwe le nngwe le fa teko eo e ka tshwana le molapo o o tletseng kgotsa molelo o mogolo (Bona serapa 5-6) *

5-6. (a) Re itse jang gore Jehofa o batla go re thusa fa re lebana le diteko? (b) Sekao sa ga Yoshiko se re ruta eng?

5 Re a itse gore Jehofa o batla go re thusa fa re lebana le diteko ka gonne o re solofetsa jaana: “Fa go ka direga gore o ralale metsi, ke tla nna le wena; le fa o ralala dinoka, ga di kitla di go rwalelela. Fa go ka direga gore o ralale molelo, ga o kitla o sha, le kgabo ya molelo ga e kitla e go babola.” (Isa. 43:2) Temana eno e kayang?

6 Jehofa ga a re solofetse gore o tla dira gore re se ka ra lebana le mathata mo botshelong, mme gone, ga a kitla a letla mathata a re fekeetsa mo re se kitlang re kgona go itshoka. O re tlhomamisetsa gore o tla nna le rona, a re thusa go ‘ralala’ mathata ao. Jehofa o tla dira eng? O tla re thusa gore re se ka ra boifa gore re kgone go nna re ikanyega mo go ene le fa re ka lebana le loso. (Isa. 41:13) Yoshiko yo re buileng ka ene pelenyana o ile a iponela seo. Morwadie a re: “Re ne re kgatlhiwa ke tsela e Mmê a neng a ritibetse ka yone. Eleruri Jehofa o ile a mo naya kagiso ya mogopolo. O ile a tswelela a bua le dingaka le balwetse ka Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe go fitlha a tlhokafala.” Sekao sa ga Yoshiko se re ruta eng? Fa re ikanya mafoko a ga Jehofa a a reng “Ke tla nna le wena,” le rona re tla nna pelokgale fa re lebane le diteko.

“KE MODIMO WA GAGO”

7-8. (a) Re tla tlotla ka tsholofetso efe ya bobedi mme e kaya eng? (b) Goreng Jehofa a ile a laela Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore ‘ba se ka ba leba kwa le kwa’? (c) Ke mafoko afe a a mo go Isaia 46:3, 4 a a ileng a thusa batho ba Modimo gore ba se ka ba tshoga?

7 Tsholofetso ya bobedi e Isaia a ileng a tlhotlhelediwa go e kwala ya re: “O se ka wa leba kwa le kwa, [kgotsa wa tlhobaela] gonne ke Modimo wa gago.” Mafoko ano a kayang? A na le kgopolo ya “go nna o leba kwa morago ka gonne o boifa gore sengwe kgotsa mongwe a ka go utlwisa botlhoko” kgotsa “go tshoga ka ntlha ya go bo o le mo maemong mangwe a a kotsi.”

8 Goreng Jehofa a ile a laela Bajuda ba ba neng ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona gore ba se ka ba tlhobaela? Ka gonne o ne a itse gore baagi ba Babelona ba ne ba tla tshoga. Ka ntlha yang? Go ela kwa bofelong jwa dingwaga di le 70 Bajuda ba le kwa botshwarwa, masole a Bameda le Baperesia a ne a tla tlhasela motse wa Babelona. Jehofa o ne a tla dirisa masole ano go golola batho ba gagwe go tswa botshwarwa. (Isa. 41:2-4) Fa Bababelona le batho ba ditšhaba tse dingwe ba ne ba lemoga gore baba ba bone ba ne ba ba atamela, ba ne ba leka go nna pelokgale ka go raana ba re: ‘Nonofang.’ Gape ba ne ba itirela medimo ya disetwa ba ithaya ba re e tla ba sireletsa. (Isa. 41:5-7) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o ne a thusa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa go ritibala. O ne a ba raya a re: “Mme wena Iseraele, o motlhanka wa me . . . O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago.” (Isa. 41:8-10) Ela tlhoko gore Jehofa o ne a re: “Ke Modimo wa gago.” Fa Jehofa a ne a bua mafoko ao, o ne a tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba tlogele go tshwenyega ka gonne ga a ba lebala le gore ke Modimo wa bone mme le bone e sa ntse e le batho ba gagwe. O ne a ba raya a re: ‘Ke tla go rwala . . . le go go falotsa.’ Mafoko ao a a kgothatsang le a a gomotsang, a ile a nonotsha Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa.—Bala Isaia 46:3, 4.

9-10. Goreng re sa tlhoke go tshwenyega? Tshwantsha.

9 Gone jaanong batho ba tshwenyegile thata ka gonne maemo mo lefatsheng a nna maswe le go feta mme le rona mathata ao a a re ama. Mme gone ga re tlhoke go tshoga. Jehofa o re bolelela jaana: “Ke Modimo wa gago.” Ke eng fa mafoko ano a dira gore re ritibale?

10 Akanya ka sekai seno: Jim le Ben ba mo sefofaneng se se fetang mo diphefong tse di maatla. Fa se ntse se tshikinngwa ke diphefo jalo, mokgweetsi wa sefofane o raya bapalami a re: “Nnang lo bofile mabante. Go tla feta nakonyana re ntse re tsamaya mo diphefong.” Jim o simolola go tshwenyega. Mokgweetsi wa sefofane a bo a re: “Tsweetswee lo se ka lwa tshwenyega.” Ka nako eo, Jim o tshikinya tlhogo a bontsha gore ga a dumele se mokgweetsi wa sefofane a se buang fa a ba solofetsa gore dilo di tla siama. Mme gone, o lemoga gore Ben ene ga a tshwenyega. Jim o mmotsa go re: “Ke eng fa o ritibetse jaana?” Ben o a nyenya a bo a re: “Ka gonne ke itse mokgweetsi wa sefofane seno. Ke papa!” Go tswa foo, Ben a bo a re: “Fa nka go bolelela ka papa le bokgoni jwa gagwe jwa go kgweetsa sefofane, le wena ga o kitla o tshwenyega.”

11. Setshwantsho sa bapalami ba sefofane se re ruta eng?

11 Setshwantsho seno se re ruta eng? Fela jaaka Ben, le rona re ritibetse ka gonne re itse Rraarona e bong Jehofa sentle. Re a itse gore o tla re thusa go itshokela mathata a a boima mo metlheng eno ya bofelo. (Isa. 35:4) Re tshepa Jehofa, ka jalo re nna re ritibetse fa batho ba lefatshe leno bone ba boifisiwa ke dilo tse di diregang. (Isa. 30:15) Fela jaaka Ben, le rona re bolelela baagelani ba rona mabaka a a dirang gore re ikanye Modimo. Seo se tla dira gore ba tlhomamisege gore le fa ba ka lebana le mathata, Jehofa o tla ba ema nokeng.

“KE TLA GO THATAFATSA [E BILE] KE TLA GO THUSA”

12. (a) Re tla tlotla ka tsholofetso efe ya boraro? (b) Fa Baebele e bua ka “lebogo” la ga Jehofa e re gopotsa eng?

12 Tsholofetso ya boraro e Isaia a ileng a tlhotlhelediwa go e kwala ya re: “Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” Isaia o ne a setse a bontshitse gore Jehofa o tla thatafatsa kgotsa o tla nonotsha batho ba gagwe jang fa a ne a re: “Jehofa o tla tla jaaka yo o nonofileng, le lebogo la gagwe le tla bo le busa mo boemong jwa gagwe.” (Isa. 40:10) Gantsi Baebele fa e bua ka “lebogo” e kaya maatla. Ka jalo mafoko a a reng “lebogo la gagwe le tla bo le busa” a re gopotsa gore Jehofa ke Kgosi e e maatla. O dirisitse maatla a gagwe go sireletsa batlhanka ba gagwe mo nakong e e fetileng mme o tla nna a sireletsa batho ba ba mo ikanyang le gompieno.—Dute. 1:30, 31; Isa. 43:10.

Fa Jehofa a re thusa, ga go na sebetsa sepe se se tla atlegang kgatlhanong le rona (Bona serapa 12-16) *

13. (a) Jehofa o solofetsa gore o tla re thatafatsa mo maemong afe? (b) Ke tsholofetso efe e e re nayang maatla?

13 Jehofa o diragatsa tsholofetso eno ya gagwe fa re bogisiwa: “Ke tla go thatafatsa.” Mo mafelong a mangwe, batho ba ba sa re rateng ba leka go thibela tiro ya rona ya go rera kgotsa mokgatlho wa rona. Le fa go ntse jalo, dilo tse ba di dirang ga di re tshose. Jehofa o re file tsholofelo e e re nayang maatla. A re: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” (Isa. 54:17) Mafoko ano a re gopotsa dintlha tse tharo tsa botlhokwa.

14. Goreng re sa tshwanela go gakgamala fa baba ba Modimo ba re tlhasela?

14 Sa ntlha, re a itse gore re tlile go tlhoiwa. (Math. 10:22) Jesu o ile a bolelelapele gore mo dinakong tseno tsa bofelo balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa. (Math. 24:9; Joh. 15:20) Sa bobedi, boporofeti jwa ga Isaia ga bo re tlhagise fela gore baba ba rona ba tla re tlhoa mme gape bo bontsha gore ba tla dirisa dibetsa tse di farologaneng kgatlhanong le rona. Ba ka leka go bua maaka ka rona kgotsa go re bogisa. (Math. 5:11) Jehofa a ka se thibele baba bano go dirisa dibetsa tseno kgatlhanong le rona. (Baef. 6:12; Tshen. 12:17) Mme gone ga re tlhoke go tshoga. Ka ntlha yang?

15-16. (a) Ntlha ya boraro e re tlhokang go e gopola ke efe, mme Isaia 25:4, 5 e gatelela jang ntlha eo? (b) Isaia 41:11, 12 ya re go tla direga eng ka batho ba ba re lwantshang?

15 Akanya ka ntlha nngwe ya boraro e re tlhokang go e gopola. Jehofa a re ga go na “sebetsa le fa e ka nna sefe” se se tla dirisiwang kgatlhanong le rona se se tla ‘atlegang.’ Fela jaaka ntlo e re sireletsa mo puleng ya matsubutsubu, Jehofa le ene o re sireletsa fela jalo. (Bala Isaia 25:4, 5.) Baba ba rona ga ba kitla ba re utlwisa botlhoko go ya go ile.—Isa. 65:17.

16 Gape Jehofa o dira gore re mo ikanye ka go re bolelela se se tla diragalelang ‘ba ba tla re galefelang.’ (Bala Isaia 41:11, 12.) Le fa ba ka re lwantsha jang kgotsa ba re utlwisa botlhoko, ditlamorago tsa bone di a tshwana: Baba botlhe ba Modimo “ba tla fetoga go nna lefela e bile ba tla nyelela.”

RE KA IKANYA JEHOFA JANG LE GO FETA?

Re ka ikanya Jehofa le go feta fa re bala ka ene mo Baebeleng letsatsi le letsatsi (Bona serapa 17-18) *

17-18. (a) Go bala Baebele go ka re thusa jang gore re ikanye Modimo le go feta? Naya sekai. (b) Go tlhatlhanya ka temana ya ngwaga wa 2019 go tla re thusa jang?

17 Fa re tsaya matsapa go itse Jehofa botoka, re tla mo ikanya le go feta. Gore re kgone go mo itse sentle, re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka se re se balang. Baebele e na le dipego tse di ikanyegang tse di tlhalosang kafa Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe ka gone mo nakong e e fetileng. Dipego tseo di re tlhomamisetsa gore le rona Jehofa o tla re tlhokomela.

18 Akanya ka setshwantsho se Isaia a ileng a se dirisa go tlhalosa kafa Jehofa a re sireletsang ka gone. O tshwantsha Jehofa le modisa mme o tshwantsha batho ba Gagwe le dikwanyana. Isaia o bua jaana ka Jehofa: “O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe.” (Isa. 40:11) Go itse gore re mo matsogong a a nonofileng a ga Jehofa go re thusa gore re ikutlwe re sireletsegile e bile re ritibetse. Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o tlhophile Isaia 41:10 go nna temana ya rona ya ngwaga wa 2019 gore e re thuse go ritibala le fa re lebana le mathata. Temana eo ya re: ‘O se ka wa tlhobaela, gonne ke Modimo wa gago.’ Tlhatlhanya ka mafoko ao a a gomotsang. A tla go nonotsha fa o lebana le dikgwetlho mo botshelong.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

^ ser. 5 Temana ya ngwaga ya 2019 e re naya mabaka a mararo a gore ke eng fa re tshwanetse go ritibala le fa go direga dilo tse di bosula mo lefatsheng kgotsa tse di re amang. Setlhogo seno se tla re thusa go bona mabaka ao le go re thusa gore re se ka ra tlhobaela mme re ikanye Jehofa le go feta. Nna o tlhatlhanya ka temana eno ya ngwaga. Fa o kgona, e tshware ka tlhogo. E tla go thusa gore o kgone go itshokela mathata a o tla lebanang le one mo nakong e e tlang.

^ ser. 3 TLHALOSO: Tsholofetso ke lefoko le le re tlhomamisetsang gore sengwe se tlile go direga. Ditsholofetso tsa ga Jehofa di dira gore re se ka ra tshwenyega thata ka mathata a re ka nnang ra lebana le one.

^ ser. 4 Mafoko a a reng “O se ka wa boifa” a tlhagelela makgetlho a le mararo mo go Isaia 41:10, 13, le 14. Gape ditemana tseno di dirisa lefoko “ke” makgetlho a le mantsi (di bua ka Jehofa). Goreng Jehofa a ile a tlhotlheletsa Isaia go boeletsa lefoko “ke” thata? Ka gonne o ne a batla go bontsha ntlha ya botlhokwa ya gore re ka se boife fa fela re mo ikanya.

^ ser. 52 SETSHWANTSHO: Maloko a lelapa a lebana le dikgwetlho kwa tirong, kwa bodireding, kwa sekolong le mathata a botsogo.

^ ser. 54 SETSHWANTSHO: Mapodise a tlhasela Basupi ba ba tshwereng pokano kwa legaeng lengwe mme bakaulengwe le bokgaitsadi ga ba a tshoga.

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Go tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha go tla re thusa go itshoka.