Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

Sejo se se Motlhofo Se se Re Rutang ka Kgosi e e Kwa Legodimong

Sejo se se Motlhofo Se se Re Rutang ka Kgosi e e Kwa Legodimong

“Seno se kaya mmele wa me. . . . Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me.”—MATH. 26:26-28.

PINA 16 Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Goreng go sa gakgamatse go bo Jesu a re bontshitse tsela e e motlhofo ya go gopola loso lwa gagwe? (b) Ke dinonofo dife tsa ga Jesu tse re tlileng go tlotla ka tsone?

A O KA kgona go tlhalosa gore go diragalang ka nako ya Segopotso sa loso lwa ga Keresete? Nnete ke gore bontsi jwa rona re gopola sentle se se dirwang mo letsatsing leo. Ka ntlha yang? Ka gonne sejo seno se motlhofo tota. Mme gone tiragalo eno e botlhokwa thata. Ka jalo, re ka ipotsa gore: ‘Goreng Jesu a ile a rulaganya gore sejo seno se nne motlhofo jaana?’

2 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itsiwe e le motho yo o rutang ka tsela e e utlwalang sentle le e e tlhaloganyesegang motlhofo. (Math. 7:28, 29) O ne a sa rate dilo tse di raraaneng, ke ka moo a ileng a re bontsha tsela e e motlhofo ya go gopola * loso lwa gagwe mme gone e le botlhokwa thata. A re sekaseke sejo seno sa Morena le dilo tse Jesu a ileng a di bua le go di dira. Go dira jalo go tla re thusa go tlhaloganya gore goreng re re Jesu o boikokobetso, o pelokgale e bile o rata batho mme re tla bona kafa re ka etsang sekao sa gagwe ka gone.

JESU O BOIKOKOBETSO

Beine le senkgwe tse di dirisiwang ka nako ya Segopotso, di re gopotsa gore Jesu o ile a re swela le gore gone jaanong ke Kgosi kwa legodimong (Bona serapa 3-5)

3. Go ya ka Mathaio 26:26-28, sejo se Jesu a ileng a se rulaganya se ne se le motlhofo ka tsela efe, mme senkgwe le beine di emela eng?

3 Jesu o ne a na le baaposetoloi ba gagwe ba le 11 fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe. O ile a tsaya dijo tsa Tlolaganyo tse di neng di setse mme a simolola sejo seno se se motlhofo. (Bala Mathaio 26:26-28.) O ile a dirisa fela beine le senkgwe se se se nang sebediso. Jesu o ile a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore beine le senkgwe, di ne di emela madi le mmele wa gagwe o a neng a tlile go o ntsha setlhabelo. Baaposetoloi ba ka tswa ba ne ba sa gakgamala fa ba bona Jesu a rulagantse sejo seno se se motlhofo. Goreng ba ne ba sa gakgamala?

4. Kgakololo e Jesu a e neileng Maratha e re thusa jang go tlhaloganya lebaka la go bo a dirile gore sejo sa Morena se nne motlhofo?

4 Dikgwedi di le mmalwa pele ga sejo seo, Jesu o ile a etela ditsala tsa gagwe e bong Lasaro, Maratha le Marea. Le fa Jesu a ne a ba ruta dithuto tsa botlhokwa, Maratha ene o ne a iteilwe tsebe ke dijo tse dintsi tse a neng a di apeetse moeng wa gagwe yo o tlotlegang. Jesu o ile a bua le Maratha a leka go mmontsha gore ga se ka dinako tsotlhe go tlhokegang dijo tse dintsi. (Luke 10:40-42) Diura di le mmalwa pele Jesu a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, o ile a dirisa yone kgakololo e a ileng a e naya Maratha ka go dira gore sejo sa Morena se nne motlhofo. Seno se re ruta eng ka Jesu?

5. Tsela e sejo sa Morena se leng motlhofo ka yone e re ruta eng ka Jesu, mme seno se dumalana jang le Bafilipi 2:5-8?

5 Dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di bua le go di dira, di bontsha gore o ne a le boikokobetso. Ka jalo, ga re gakgamale go bo a ile a bontsha boikokobetso mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. (Math. 11:29) Jesu o ne a itse gore setlhabelo sa gagwe se ne se tlile go thusa batho ba le bantsi le gore Jehofa o ne a tlile go mo tsosa le go mo dira Kgosi kwa legodimong. Le fa a ne a itse dilo tseno, ga a ka a itlotlomatsa ka go dira gore sejo sa Morena e nne tiragalo e e raraaneng. Go na le moo, o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore gangwe fela mo ngwageng, ba tshwanetse go gopola loso lwa gagwe ka tsela eo e e motlhofo. (Joh. 13:15; 1 Bakor. 11:23-25) Seno se re bontsha gore Jesu o ne a sa ikgogomose. Re a itumela gore sengwe sa dilo tse di rategang thata ka Kgosi ya rona e e kwa legodimong, ke gore o boikokobetso tota.—Bala Bafilipi 2:5-8.

6. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go nna boikokobetso fa re lekwa?

6 Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go nna boikokobetso? Ka go kgatlhegela dilo tse ba bangwe ba di ratang go na le tse rona re di ratang. (Bafil. 2:3, 4) Jesu o ile a dira jalo mo bosigong jo a neng a bolawa ka jone. Le fa a ne a itse gore o tlile go swa setlhogo, o ne a tshwenyegile thata ka tsela e loso lwa gagwe lo neng lo tlile go ama baaposetoloi ba gagwe ka yone. Ka jalo, o ile a fetsa bosigo jotlhe a ba laela, a ba kgothatsa le go ba netefaletsa gore o a ba rata. (Joh. 14:25-31) Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka gonne o ne a amega ka batho ba bangwe go na le go amega ka se se tlileng go mo diragalela. O re tlhometse sekao se se molemo tota!

JESU O PELOKGALE

7. Fa Jesu a sena go simolola Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ile a bontsha bopelokgale jang?

7 Fa Jesu a sena go simolola Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ile a bontsha gore o pelokgale. Jang? O ile a dumela go dira thato ya Modimo le fa a ne a itse gore go dira jalo go ne go raya gore o tla bolawa ka ditatofatso tsa gore o tlhapaditse Modimo. (Math. 26:65, 66; Luke 22:41, 42) Jesu o ile a swa a ikanyega mo go Jehofa. Seno se dirile gore leina la ga Jehofa le galalediwe, bolaodi jwa gagwe bo tlotlomadiwe le gore batho ba ba ikwatlhayang ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Gape Jesu o ile a thusa balatedi ba gagwe gore ba kgone go fenya diteko tse ba neng ba tlile go lebana le tsone.

8. (a) Jesu o ile a raya baaposetoloi ba gagwe a reng? (b) Barutwa ba ga Jesu ba ile ba bontsha bopelokgale jang dingwaga morago ga loso lwa gagwe?

8 Gape Jesu o ile a bontsha bopelokgale ka gonne ga a ka a tshwenyega thata ka dilo tse di neng di tlile go mo diragalela, go na le moo, o ne a tshwenyegile thata ka dilo tse baaposetoloi ba gagwe ba neng ba di tlhoka. Jesu o ile a simolola sejo sa Morena fa a sena go leleka Judase. Sejo seo se ne se tla thusa ba ba neng ba tlile go tlodiwa gore ba gopole melemo ya setlhabelo sa ga Jesu le ya go nna le seabe mo kgolaganong e ntšha. (1 Bakor. 10:16, 17) Jesu o ile a bolelela balatedi ba gagwe se ene le Rraagwe ba se lebeletseng mo go bone gore ba kgone go tshwanelega go tsena kwa legodimong. (Joh. 15:12-15) Gape Jesu o ile a bolelela baaposetoloi ba gagwe ka diteko tse ba tlileng go kopana le tsone. Go tswa foo, o ile a ba kgothaletsa gore ba etse sekao sa gagwe sa go ‘nna pelokgale.’ (Joh. 16:1-4a, 33) Barutwa ba ga Jesu ba ile ba tswelela ba etsa sekao sa gagwe ka gonne dingwaga moragonyana, ba ile ba bontsha bopelokgale le go thusana ka nako ya fa ba ne ba kopana le diteko tse di farologaneng.—Baheb. 10:33, 34.

9. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go nna pelokgale?

9 Le rona gompieno re bontsha bopelokgale fela jaaka Jesu. Ka sekai, re tlhoka bopelokgale gore re kgone go thusa Bakeresetemmogo le rona ba ba bogisiwang ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang. Ka dinako tse dingwe, bakaulengwe ba rona ba tsenngwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka, ka jalo, re tshwanetse go ba ema nokeng le go ba buelela fa go kgonega. (Bafil. 1:14; Baheb. 13:19) Gape re ka bontsha bopelokgale ka go tswelela re rera. (Dit. 14:3) Fela jaaka Jesu, re ikemiseditse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le fa batho ba ka re ganetsa kgotsa ba re bogisa. Mme ka dinako tse dingwe, go ka direga gore re palelwe ke go nna pelokgale. Re ka dirang fa seo se direga?

10. Dibeke pele ga Segopotso, re tshwanetseng go dira eng, mme ka ntlha yang?

10 Go akanya ka dilo tse setlhabelo sa ga Keresete di se fitlheletseng, go tla re thusa gore re nne pelokgale le go feta. (Joh. 3:16; Baef. 1:7) Dibeke pele ga Segopotso, re nna le tshono e e kgethegileng ya go bontsha gore re leboga Modimo ka ntlha ya thekololo. Re ka dira seo ka go bala mmalo wa Baebele o o buang ka dilo tse di ileng tsa direga pele Jesu a bolawa le go tlhatlhanya ka tsone. Seo se tla re thusa gore ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa, re kgone go tlhaloganya sentle botlhokwa jwa se beine le senkgwe di se emelang. Fa re tlhaloganya dilo tse Jesu le Jehofa ba re diretseng tsone le kafa ba re thusang ka gone, tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo e a nonofa e bile re kgona go nna pelokgale le go itshoka go ya bokhutlong.—Baheb. 12:3.

11-12. Re ithutile eng go tla go fitlha ga jaana?

11 Go tla go fitlha ga jaana, re ithutile gore Sejo sa Morena sa Maitseboa se re gopotsa setlhabelo sa ga Jesu le gore e ne e le motho yo o ikokobeditseng e bile a le pelokgale. Re itumelela gore le fa Jesu e le Moperesiti yo Mogolo kwa legodimong e bile a re buelela mo go Jehofa, o sa ntse a na le tsone dinonofo tseno. (Baheb. 7:24, 25) Go bontsha Modimo gore re a leboga, re tshwanetse go tswelela re gopola loso lwa ga Jesu, fela jaaka a re laetse. (Luke 22:19, 20) Re dira jalo ka letsatsi le le botlhokwa thata mo ngwageng, e leng letsatsi la Nisane 14.

12 Sejo seno se se motlhofo se re ruta nonofo e nngwe gape e e dirileng gore Jesu a re swele. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a itsiwe thata ka yone. Nonofo eo ke efe?

JESU O LORATO

13. Johane 15:9 le 1 Johane 4:8-10 di tlhalosa jang tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone, mme ke bomang ba ba solegelwang molemo ke lorato loo?

13 Sengwe le sengwe fela se Jesu a neng a se dira, se ne se bontsha gore fela jaaka Jehofa, o re rata thata. (Bala Johane 15:9; 1 Johane 4:8-10.) Sa botlhokwa le go feta, o ile a bontsha gore o a re rata ka go re swela. Le fa re ka tswa re le batlodiwa kgotsa ba “dinku tse dingwe,” re solegelwa molemo thata ke lorato lo Jehofa le Morwawe ba re bontshitseng lone ka go re ntshetsa setlhabelo seno. (Joh. 10:16; 1 Joh. 2:2) Gape dilo tse di dirisiwang ka nako ya sejo sa Morena di re bontsha gore Jesu o rata balatedi ba gagwe e bile o a ba akanyetsa. Jang?

Jesu o bontshitse balatedi ba gagwe gore o a ba rata ka go simolola sejo se se motlhofo se ba ka kgonang go se gopola le fa maemo a ka nna thata jang (Bona serapa 14-16) *

14. Jesu o ile a bontsha jang gore o rata balatedi ba gagwe?

14 Jesu o ile a bontsha gore o rata balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ka go dira gore sejo sa Morena e nne tiragalo e e motlhofo e e sa raraanang. Fa nako e ntse e ya, batlodiwa bangwe ba ile ba tlhoka go gopola loso lwa ga Jesu mo tlase ga maemo a a thata, bangwe ba ile ba dira jalo ba le mo kgolegelong. (Tshen. 2:10) Seno se bontsha gore ba ile ba kgona go ikobela taelo ya ga Jesu.

15-16. Balatedi bangwe ba ga Jesu ba ile ba kgona jang go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa le fa maemo a ne a le thata?

15 Go tla go fitlha le gompieno, balatedi ba ga Keresete ba sa ntse ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go gopola loso lwa ga Jesu. Ba dira dilo fela jaaka Jesu a ile a di dira ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa mme ka dinako tse dingwe ba dira jalo mo maemong a a thata. Ka sekai, fa Mokaulengwe Harold King a ne a le mo kgolegelong ya kwa China, o ile a tshwanelwa ke go batla ditsela tsa go gopola loso lwa Morena. O ile a dirisa dilo tse a neng a na le tsone go dira beine le senkgwe sa Segopotso. Gape o ile a netefatsa gore o gopola sejo sa Morena ka letsatsi le le tshwanetseng. Le fa a ne a le esi mo kgolegelong, o ile a opela, a rapela le go neela puo ya Segopotso.

16 Sekai se sengwe ke sa bokgaitsadi ba ba neng ba tsentswe mo kampeng ya pogisetso ka Ntwa ya Lefatshe II. Ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba kgone go gopola loso lwa Morena. Ba kgonne go dira jalo mo sephiring ka gonne dilo tse di dirisiwang ka nako ya Segopotso ga di a raraana. Bokgaitsadi bano ba re: “Re ne re kgobokanetse tafole e e adilweng ka letsela le lesweu mme re beile beine le senkgwe mo go yone. Re ne re dirisa kerese ka gonne re tshaba gore lebone la motlakase le ne le tla re tshwarisa. . . . Re ile ra bolelela Rraarona gore re tlile go dira sotlhe se re ka se kgonang go tlotlomatsa leina la gagwe le le boitshepo.” Bokgaitsadi bano ba ne ba na le tumelo tota! Jesu o ile a bontsha gore o a re rata ka go dira gore go nne motlhofo go gopola sejo sa Morena le fa maemo a ka nna thata jang.

17. Ke dipotso dife tse re tlhokang go di ipotsa?

17 Fa Segopotso se ntse se atamela, go botlhokwa gore re ipotse dipotso tse di latelang: ‘Nka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go rata batho ba bangwe? A ke tshwenyega thata ka dilo tse badumedimmogo le nna ba di tlhokang go na le tse nna ke di tlhokang? A ke lebeletse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba dire dilo tse ba ka se kang ba di kgona?’ E kete re ka etsa sekao sa ga Jesu mme re ‘utlwele ba bangwe botlhoko.’—1 Pet. 3:8.

O SE KA WA LEBALA DILO TSE O ITHUTILENG TSONE

18-19. (a) Ke eng se re tlhomamisegileng ka sone? (b) O ikemiseditse go dira eng?

18 Go tlile go nna le nako e re se kitlang re tlhola re gopola loso lwa Morena ka yone. Fa Jesu a “goroga” ka nako ya pitlagano e kgolo, o tla phutha “ba ba tlhophilweng” gore ba ye kwa legodimong mme re tla bo re sa tlhole re tlhoka go gopola loso lwa Morena.—1 Bakor. 11:26; Math. 24:31.

19 Le fa Segopotso se tlile go khutla, re tlhomamisegile gore batho ba ga Jehofa ba tla tswelela ba akanya ka sejo seno se se motlhofo, se se re thusang go bona gore kgosi ya rona e boikokobetso, e pelokgale le gore e lorato. Mo godimo ga moo, batho ba ba kileng ba nna gone fa sejo sa Morena se gopolwa, ba tla tlotlela batho ba ba tla bong ba tshela fa sejo seno se sena go khutla. Mme fa re batla gore sejo seno se re thuse gone jaanong, re tshwanetse go leka ka thata go etsa Jesu mme re nne boikokobetso, re nne pelokgale e bile re rate ba bangwe. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa.—2 Pet. 1:10, 11.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

^ ser. 5 Mo nakong e e sa fediseng pelo, re tlile go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa. Sejo seno se se motlhofo se re ruta gore Jesu o boikokobetso, o pelokgale e bile o rata batho. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore re ka etsa jang dinonofo tseo tse di molemo tsa ga Jesu.

^ ser. 2 TLHALOSO: Fa go diragetse sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa gago, o se gopola ka go dira sengwe se se kgethegileng mo letsatsing leo.

^ ser. 56 DITSHWANTSHO: Tsela e sejo sa Morena se neng se gopolwa ka yone ka lekgolo la ntlha la dingwaga; ka dingwaga tsa bo1800; kwa kampeng ya Banasi; mo Holong ya Bogosi kwa Amerika Borwa.