Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 2

O ka kgona go Gomotsa ba Bangwe

O ka kgona go Gomotsa ba Bangwe

‘Bano ke badirimmogo le nna ba bogosi jwa Modimo, e bile bone bano ba nnile thuso e e nnonotshang [kgotsa e e nkgomotsang].’—BAKOL. 4:11.

PINA 90 A re Kgothatsaneng

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lebane le maemo afe a a utlwisang botlhoko?

BATLHANKA ba le bantsi ba ga Jehofa ba lebane le maemo a a ba utlwisang botlhoko. Ga go pelaelo gore le mo phuthegong ya lona ba teng. Bangwe ba a lwala kgotsa ba swetswe ke mongwe yo ba mo ratang. Ba bangwe ba utlwisiwa botlhoko ke gore mongwe yo ba mo ratang o tlogetse go direla Jehofa. Ba bangwe bone ba wetswe ke masetlapelo a tlholego. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tlhoka go gomodiwa. Re ka ba thusa jang?

2. Ke eng fa Paulo a ne a tlhoka go kgothadiwa ka dinako dingwe?

2 Moaposetoloi Paulo o ile a lebana le mathata a le mantsi. (2 Bakor. 11:23-28) Gape o ile a tshwanela ke go itshokela “mutlwa mo nameng.” Go ka direga gore mutlwa oo e ne e le bolwetse. (2 Bakor. 12:7) Mo godimo ga moo, o ile a utlwa botlhoko fa mokaulengwe mongwe yo a neng a bereka le ene e bong Demase a mo tlogela ka gonne “a rata tsamaiso ya jaanong ya dilo.” (2 Tim. 4:10) Paulo o ne a le pelokgale e bile a rata go thusa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, le ene ka dinako dingwe o ne a tle a kgobege marapo.—Bar. 9:1, 2.

3. Jehofa o ile a gomotsa Paulo jang?

3 Jehofa o ile a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go gomotsa Paulo le go mo nonotsha. (2 Bakor. 4:7; Bafil. 4:13) Gape Jehofa o ile a gomotsa Paulo a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi. Paulo o ile a tlhalosa gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ‘ba nnile thuso e e mo nonotshang.’ (Bakol. 4:11) Bangwe ba bone e ne e le Arisetareko, Tikiko le Mareko. Ba ile ba thusa Paulo gore a kgone go itshoka. Ke eng se se ba thusitseng gore ba kgone go gomotsa Paulo? Re ka ba etsa jang?

IKANYEGE JAAKA ARISETAREKO

Fela jaaka Arisetareko, le rona re ka thusa ditsala tsa rona ka nako ya “matshwenyego” (Bona serapa 4-5) *

4. Arisetareko o ile a dirang go bontsha gore ke tsala e e ikanyegang ya ga Paulo?

4 Mokeresete mongwe wa kwa Thesalonika yo o bidiwang Arisetareko o ile a bontsha gore ke tsala e e ikanyegang ya ga Paulo. Lekgetlo la ntlha fa Baebele e bua ka Arisetareko ke fa Paulo a le mo loetong lwa boraro lwa borongwa kwa Efeso. Nako nngwe fa a ne a tsamaya le Paulo, batho bangwe ba ile ba mo tsaya ka dikgoka. (Dit. 19:29) Fa ba sena go mo golola, ga a ka a tlhanola direthe, go na le moo, o ile a tswelela a tsamaya le Paulo. Dikgwedi di le mmalwa morago ga moo, Arisetareko o ne a sa ntse a na le Paulo kwa Gerika, le fa batho bangwe ba ne ba batla go bolaya Paulo. (Dit. 20:2-4) Mo e ka nnang ka 58 C.E. Paulo e ne e le legolegwa mme o ile a romelwa kwa Roma. Arisetareko o ile a tsamaya le ene mme mo loetong loo lo loleele, ba ile ba thubegelwa ke sekepe. (Dit. 27:1, 2, 41) Fa ba le kwa Roma, go bonala Arisetareko a ile a dula nakonyana kwa kgolegelong le Paulo. (Bakol. 4:10) Ga go pelaelo gore Paulo o ile a gomotsega tota ka gonne o ne a na le tsala e e ikanyegang.

5. Go ya ka Diane 17:17, re ka nna jang ditsala tse di ikanyegang?

5 Le rona re tshwanetse go wa re tsoga le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa go le monate le ka nako ya “fa go na le matshwenyego.” (Bala Diane 17:17.) Le fa mathata a sena go feta, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ka tswa ba sa ntse ba tlhoka go gomodiwa. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Frances * o ile a tlhokafalelwa ke rraagwe. Dikgwedi di le tharo morago ga moo, mmaagwe le ene o ile a tlhokafala. A re: “Fa re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko go ka tsaya nako pele re ikutlwa botoka. Ke lebogela gore ditsala dingwe tsa me di a itse gore ke sa ntse ke utlwile botlhoko le fa gone batsadi ba me ba na le nako e e telele ba tlhokafetse.”

6. Ditsala tse di ikanyegang di dira eng?

6 Tsala e e ikanyegang e tsaya matsapa go thusa ba bangwe. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Peter o ile a bolelelwa gore o na le bolwetse jo bo se nang kalafi. Mosadi wa gagwe e bong Kathryn a re: “Fa re ya kwa ngakeng e e ileng ya re bolelela ka bolwetse jwa ga Peter, banyalani bangwe mo phuthegong ya rona ba ile ba re isa. Ba ile ba re bolelela gore ba tla re thusa go itshoka mo nakong eo e e thata mme nako le nako fa re ba tlhoka, ba ne ba le teng.” Ruri go a gomotsa go nna le ditsala tse di ikanyegang tse di re gomotsang fa re na le mathata.

NNA TSALA YA NNETE JAAKA TIKIKO

Re ka nna tsala ya nnete jaaka Tikiko fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba na le mathata (Bona serapa 7-9) *

7-8. Go ya ka Bakolosa 4:7-9, Tikiko o ile a bontsha jang gore o a ikanyega?

7 Mokeresete mongwe wa kwa Asia yo o bidiwang Tikiko e ne e le tsala ya nnete ya ga Paulo. (Dit. 20:4) Mo e ka nnang ka 55 C.E., Paulo o ile a kopa Bakeresete ba bangwe gore ba ntshetse Bakeresete ba kwa Judea meneelo. Paulo a ka tswa a ile a kopa Tikiko gore a mo thuse go phutha meneelo eo. (2 Bakor. 8:18-20) Moragonyana fa Paulo a ne a tshwerwe lekgetlo la ntlha kwa Roma, Tikiko ke ene a neng a isa makwalo a ga Paulo le mafoko a gagwe a kgothatso kwa diphuthegong tsa kwa Asia.—Bakol. 4:7-9.

8 Tikiko o ne a tswelela e le tsala e e ikanyegang ya ga Paulo. (Tito 3:12) Bakeresete bangwe ka nako eo ba ne ba sa ikanyege jaaka Tikiko. Mo e ka nnang ka 65 C.E., fa Paulo a ne a tshwerwe lekgetlo la bobedi, o ile a re Bakeresete bangwe ba kwa Asia ba ne ba mo tlhanogetse, gongwe ka gonne ba ne ba tshaba go bogisiwa. (2 Tim. 1:15) Mme Tikiko ene ga a ka a tlhanogela Paulo, ka jalo, Paulo o ile a mo naya kabelo e nngwe. (2 Tim. 4:12) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a itumelela go nna le tsala e e ikanyegang jaaka Tikiko.

9. Re ka etsa Tikiko jang?

9 Le rona re ka nna ditsala tse di ikanyegang fela jaaka Tikiko. Ka sekai, re tshwanetse go tsaya matsapa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go na le go bua fela re re re tla ba thusa. (Math. 5:37; Luke 16:10) Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhatswegile pelo gore re tla ba thusa, seno se a ba gomotsa. Kgaitsadi mongwe o dumalana le seo. A re: “Ga o tshwenyege ka gonne o a itse gore fa motho a rile o tla go thusa, o tlile go dira fela jaaka a go solofeditse.”

10. Go ya ka Diane 18:24, ke bomang ba ba ka re gomotsang fa re na le mathata?

10 Go le gantsi fa motho a lebane le mathata, o a gomotsega fa a bua le mongwe yo a mo tshepang. (Bala Diane 18:24.) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Bijay o ne a utlwile botlhoko tota fa morwawe a sena go tlosiwa mo phuthegong. A re: “Ke ne ke tlhoka mongwe yo ke ka mmolelelang gore ke ikutlwa jang.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Carlos o ile a dira phoso, ka jalo, o ile a latlhegelwa ke ditshiamelo. A re: “Ke ne ke tlhoka go bua le mongwe yo ke mo tshepang.” Carlos o ile a bua le bagolwane mme ba ile ba kgona go mo thusa ka bothata jwa gagwe. Gape o ile a gomodiwa ke go itse gore bagolwane ba ne ba ka se bolelele ope mathata a gagwe.

11. Ke eng se se ka go thusang gore o nne tsala e e ikanyegang?

11 Fa o batla go nna tsala e e ikanyegang, o tshwanetse go nna pelotelele. Fa monna wa ga Zhanna a ne a mo tlogela, o ile a gomodiwa ke go bolelela ditsala tsa gagwe gore o ikutlwa jang. A re: “Ba ne ba sa mphelele pelo le fa gone ke ne ke bua selo se le sengwe kgapetsakgapetsa.” Le wena ditsala tsa gago di tla go tshepa fa o ba reetsa fa ba go bolelela gore ba ikutlwa jang.

THUSA BA BANGWE JAAKA MAREKO

Mareko o ile a thusa Paulo gore a kgone go itshoka, mme le rona re ka kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa ba na le mathata (Bona serapa 12-14) *

12. Mareko e ne e le mang, mme o ile a bontsha jang gore o rata go thusa batho?

12 Mareko e ne e le Mokeresete wa Mojuda wa kwa Jerusalema. Ntsalae e bong Barenabase e ne e le morongwa yo o itsegeng. (Bakol. 4:10) Go bonala ba kwa gaabo Mareko e ne e le bahumi, le fa go ntse jalo, o ne a sa rate dikhumo. O ne a rata go thusa batho. Ka sekai, o ile a thusa moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ka dikabelo tsa bone. A ka tswa a ne a ba rekela dijo, a ba batlela kwa ba ka nnang teng, jalo le jalo. (Dit. 13:2-5; 1 Pet. 5:13) Paulo o ile a re Mareko e ne e le ‘modirimmogo le ene wa bogosi jwa Modimo,’ e bile o ile a tlhalosa gore Mareko e ne e le ‘thuso e e mo nonotshang.’—Bakol. 4:10, 11.

13. 2 Timotheo 4:11 e bontsha jang gore Paulo o ne a lebogela dilo tse Mareko a neng a mo diretse tsone?

13 Mareko le Paulo e ile ya nna ditsala. Ka sekai, mo e ka nnang ka 65 C.E. fa Paulo a ne a tshwerwe lekgetlo la bofelo kwa Roma, o ile a kwalela Timotheo lekwalo. Mo lekwalong leo, Paulo o ile a kopa Timotheo gore a mo etele kwa Roma mme o ne a mo raya a re a tle le Mareko. (2 Tim. 4:11) Ga go pelaelo gore o ne a rata Mareko ka ntlha ya dilo tse a neng a mo diretse tsone mo nakong e e fetileng, ka jalo, o ile a mo kopa gore a mo etele ka nako eo ya botlhokwa. Mareko o ile a thusa Paulo ka dilo tse a neng a di tlhoka. Gongwe o ile a mo rekela dijo le dilo tse a neng a di dirisa go kwala. Seo se ile sa thusa Paulo gore a kgone go itshokela malatsi ao a bofelo pele a bolawa.

14-15. Mathaio 7:12 e re thusa jang go itse gore re ka thusa ba bangwe jang?

14 Bala Mathaio 7:12. Fa re na le mathata, re a itumela fa ba bangwe ba re thusa. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ryan yo o ileng a tlhokafalelwa ke rraagwe a re: “Fa o utlwile botlhoko, go thata gore o dire le dilo tse o tlwaetseng go di dira letsatsi le letsatsi. Ka jalo, o a gomotsega fa mongwe a go thusa, le fa a ka tswa a go diretse selo se sennye fela.”

15 Fa re le kelotlhoko, re tla kgona go itse gore re ka thusa ba bangwe jang. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a tsaya matsapa go thusa Peter le Kathryn ba re buileng ka bone pelenyana go ya ngakeng. Peter le Kathryn ba ne ba sa tlhole ba kgona go kgweetsa, ka jalo, kgaitsadi yoo o ile a dira lenaane gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgone go refosana go ba isa kwa ngakeng. A go dira jalo go ne ga ba thusa? Kathryn a re: “Re ne ra ikutlwa re imologile tota.” Le fa o ka tswa o akanya gore selo se o se dirang ga se botlhokwa go le kalo, o se ka wa lebala gore se ka kgona go gomotsa ba bangwe.

16. Re ka ithuta eng mo go Mareko?

16 Mareko o ne a tshwaregile thata mo tirong ya ga Jehofa. O ne a dira dikabelo tse di botlhokwa tota, go akaretsa le go kwala buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako ya go gomotsa Paulo, ka jalo Paulo o ne a sa tshabe go mo kopa gore a mo thuse. Fa nkokoagwe Angela a sena go bolawa botlhoko, ditsala tsa gagwe di ile tsa mo gomotsa mme o ile a lebogela seo fela thata. A re: “Fa o lemoga gore ditsala tsa gago di batla go go thusa, go nna motlhofo gore o bue le bone fa o tlhoka thuso. O a itse gore ba batla go go thusa e bile ga ba tshabe go dira jalo.” O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke itsege ke le motho yo o iketleeleditseng go thusa ba bangwe fa ba utlwile botlhoko?’

GOMOTSA BA BANGWE

17. Go akanya ka mafoko a a mo go 2 Bakorintha 1:3 le 4 go ka re thusa jang gore re gomotse ba bangwe?

17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhoka go gomodiwa. Tota e bile, re ka ba gomotsa ka tsela e le rona re ileng ra gomodiwa ka yone fa re ne re utlwile botlhoko. Nino yo o ileng a tlhokafalelwa ke nkokoagwe a re: “Jehofa a ka kgona go re dirisa go gomotsa batho ba bangwe.” (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) Frances yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Mafoko a a mo go 2 Bakorintha 1:4 a boammaaruri. Re ka gomotsa ba bangwe ka mafoko a le rona re ileng ra gomodiwa ka one.”

18. (a) Ke eng fa ka dinako tse dingwe go se motlhofo go gomotsa ba bangwe? (b) Re ka gomotsa ba bangwe jang? Naya sekai.

18 Re tshwanetse go tsaya matsapa go thusa ba bangwe le fa go dira jalo go ka tswa go se motlhofo. Ka sekai, fa motho a na le mathata, re ka tswa re sa itse gore re mo reye re reng kgotsa re mo thuse jang. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Paul o gopola matsapa a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ileng ba a tsaya go mo gomotsa fa rraagwe a sena go tlhokafala. A re: “Ke ne ke lemoga gore go ne go se motlhofo gore ba bue le nna. Ba ne ba sa itse gore ba ntheye ba reng. Mme gone, ke ne ke lebogela matsapa a bone.” Go ile ga nna le thoromo ya lefatshe kwa lefelong le mokaulengwe Tajon a nnang kwa go lone. A re: “Ga ke gopole melaetsa yotlhe e batho ba ileng ba nthomelela yone morago ga thoromo ya lefatshe. Mme gone, ke gopola gore ba ne ba ntlhola.” Fa re bontsha ba bangwe gore re a ba rata, re ka kgona go ba gomotsa.

19. Ke eng fa o ikemiseditse go gomotsa ba bangwe?

19 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, botshelo bo tlile go nna thata le go feta. (2 Tim. 3:13) Re tla nna re tlhoka go gomodiwa ka gonne ga re a itekanela e bile re dira diphoso. Moaposetoloi Paulo o ile a kgona go itshokela mathata a gagwe ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba mo gomotsa. A re nneng re ikanyega jaaka Arisetareko, re nne ditsala tsa nnete jaaka Tikiko, re bo re iketleeletse go thusa ba bangwe jaaka Mareko. Fa re dira jalo, re tla kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore ba tswelele ba direla Jehofa.—1 Bathes. 3:2, 3.

^ ser. 5 Moaposetoloi Paulo o ile a lebana le mathata a le mantsi mo botshelong. Ka dinako tsa mathata, bakaulengwe bangwe ba ile ba mo gomotsa. Mo setlhogong seno re tla bona gore ke eng se se ileng sa ba thusa gore ba kgone go gomotsa ba bangwe. Gape re tlile go bona gore re ka ba etsa jang.

^ ser. 5 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela

^ ser. 56 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Arisetareko le Paulo ba ile ba thubegelwa ke sekepe.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Tikiko ke ene a neng a isa makwalo a ga Paulo kwa diphuthegong.

^ ser. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mareko o ne a thusa Paulo ka dilo tse a di tlhokang.