Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 1

‘Jalo Tsamayang Mme lo Dire Barutwa’

‘Jalo Tsamayang Mme lo Dire Barutwa’

TEMANA YA NGWAGA WA 2020: “Jalo tsamayang mme lo dire . . . , barutwa, lo ba kolobetse.”—MATH. 28:19.

PINA 79 Ba Rute go Nitama

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Moengele o ile a raya basadi ba ba neng ba ile kwa lebitleng la ga Jesu a reng, mme Jesu ene o ile a ba raya a reng?

MO MOSONG wa Nisane 16, 33 C.E., malatsi a ka nna mabedi Jesu a sena go bolawa, basadi bangwe ba ba ratang Jehofa ba ile ba ya kwa lebitleng la ga Jesu ba utlwile botlhoko tota. Ba ne ba ile go tshasa mmele wa ga Jesu ditswaiso le leokwane le le nkgang monate. Mme gone, ba ile ba fitlhela go se na sepe mo lebitleng. Moengele o ile a ba bolelela gore Jesu o tsositswe mo baswing. Gape o ne a re: “O lo etile pele go ya kwa Galalea; lo tla mmona koo.”—Math. 28:1-7; Luke 23:56; 24:10.

2 Jesu le ene o ile a iponatsa mo basading bano a bo a ba raya a re: “Tsamayang, begelang bomorwarre, gore ba tle ba tswe ba ye kwa Galalea; mme ba tla mpona gone.” (Math. 28:10) E re ka Jesu a ile a rulaganya go kopana le barutwa ba gagwe ka bonako fela fa a sena go tsosiwa, go bonala a ne a batla go ba bolelela sengwe sa botlhokwa.

JESU O NE A LAELA BOMANG?

Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a kopana le baaposetoloi le barutwa ba bangwe kwa Galalea a bo a ba laela gore ba ‘tsamaye mme ba dire barutwa.’ (Bona serapa 3-4)

3-4. Re itse jang gore taelo e e mo go Mathaio 28:19 le 20 e ne e sa newa baaposetoloi fela? (Bona setshwantsho sa khabara.)

3 Bala Mathaio 28:16-20. Fa Jesu a ne a na le balatedi ba gagwe, o ile a ba bolelela ka tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira, e leng tiro e le rona re e dirang gompieno. O ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”

4 Jesu o ne a sa laele baaposetoloi fela gore ba rere, go na le moo, o ne a batla gore balatedi ba gagwe botlhe ba dire tiro eno. Ke eng fa re rialo? Fa Jesu a ne a ntsha taelo ya gore go dirwe barutwa, baaposetoloi e ne e se bone fela ba ba neng ba le kwa thabeng e e kwa Galalea. Ke eng fa re rialo? Moengele o ile a raya basadi ba ba neng ba ile kwa lebitleng la ga Jesu a re: “Lo tla mmona [kwa Galalea].” Ka jalo, go bonala basadi bangwe ba ne ba le teng fa Jesu a ne a ntsha taelo ya gore go dirwe barutwa. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ile a re Jesu “o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe.” (1 Bakor. 15:6) Jesu o ile a bonala mo go bone kae?

5. Ke eng fa re ka re mo go 1 Bakorintha 15:6, Paulo o ne a bua ka pokano e Jesu a neng a e tshwere le barutwa ba gagwe kwa thabeng e e kwa Galalea?

5 Go bonala Paulo a ne a bua ka pokano e Jesu a neng a e tshwere le balatedi ba gagwe kwa Galalea e go buiwang ka yone mo go Mathaio 28. Ke eng fa re rialo? Sa ntlha, bontsi jwa balatedi ba ga Jesu ba ne ba nna kwa Galalea. Ka jalo, go a utlwala go bo a ile a kopana le bone kwa thabeng go na le go kopana le bone mo ntlong ya mongwe kwa Jerusalema. Sa bobedi, fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a kopana le baaposetoloi ba gagwe kwa Jerusalema. Fa e le gore Jesu o ne a batla gore baaposetoloi e nne bone fela ba dirang tiro ya go rera le go ruta, a ka bo a ile a ba naya taelo eo fa a ne a kopane le bone kwa Jerusalema. Mme gone, ga ka a dira jalo. Go na le moo, o ile a laela barutwa ba gagwe gore ba kopane le ene kwa Galalea.—Luke 24:33, 36.

6. Mathaio 28:20 e bontsha jang gore taelo ya ga Jesu e ne e sa ame Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga fela, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ikobela taelo eo jang gompieno?

6 Taelo ya ga Jesu e ne e sa ame Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga fela. Re itse jang? Jesu o ile a wetsa taelo eo ka go re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) Fela jaaka Jesu a buile, gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tshwaregile tota mo tirong ya go dira barutwa. Akanya fela! Ngwaga le ngwaga, batho ba ka nna 300 000 e nna balatedi ba ga Jesu, ba a kolobediwa, e bo e nna Basupi ba ga Jehofa.

7. Re tla tlotla ka eng mme ka ntlha yang?

7 Bontsi jwa batho ba re ithutang Baebele le bone ba dira diphetogo mo matshelong a bone ba bo ba kolobediwa. Mme gone, bangwe ba re ithutang le bone ba okaoka go nna balatedi ba ga Jesu. Le fa ba itumelela go ithuta Baebele, ga ba dire diphetogo dipe mo matshelong a bone. Rotlhe re batla go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba dirise se ba se ithutang le go nna balatedi ba ga Jesu. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore ba rate Jehofa ba bo ba gatela pele. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla ka kgang eno? Ka gonne ka dinako dingwe re ka nna ra tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a re tla tswelela re ithuta le mongwe kgotsa nnyaa.

MO THUSE GO RATA JEHOFA

8. Ke eng fa ka dinako dingwe go le thata go thusa batho gore ba rate Jehofa?

8 Jehofa o batla gore batho ba mo direle ka gonne ba mo rata. Ka jalo, re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang le bone go tlhaloganya gore Jehofa o a ba rata e bile o amega ka bone. Gape re tshwanetse go ba thusa go tlhaloganya gore Jehofa ke “rraagwe basimane ba ba se nang rre” kgotsa dikhutsana le “moatlhodi wa batlholagadi.” (Pes. 68:5) Fa batho ba o ithutang Baebele le bone ba lemoga gore Jehofa o a ba rata, le bone ba tla simolola go mo rata. Batho bangwe ba godisitswe ke borre ba ba senang lorato, ka jalo, go ka nna thata gore ba dumele gore Jehofa o a ba rata. (2 Tim. 3:1, 3) Fa o ithuta le bone, ba thuse go itse Jehofa botoka. Ba thuse go lemoga gore Jehofa o batla ba tshelela ruri e bile o ikemiseditse go ba thusa. Re ka ba thusa jang gape?

9-10. Re tshwanetse go dirisa dibuka dife fa re ithuta le batho mme ka ntlha yang?

9 Dirisa buka ya “Baebele e re Ruta Eng?” le ya “Ipolokeng mo Loratong lwa Modimo.” Dibuka tseno di diretswe go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba rate Jehofa. Ka sekai, kgaolo 1 ya buka ya E re Ruta Eng e araba dipotso tseno: A Modimo o amega ka rona kgotsa o setlhogo? Modimo o ikutlwa jang fa batho ba boga? le A o ka kgona go nna tsala ya Modimo? Buka ya Lorato Lwa Modimo yone e tla thusa batho ba re ithutang le bone go lemoga gore go dirisa melaometheo ya Baebele go tla ba tswela mosola jang. Gape e tla ba thusa go atamalana le Jehofa. Le fa o kile wa dirisa dibuka tseno go ithuta le batho bangwe mo nakong e e fetileng, go botlhokwa gore o baakanyetse thuto nngwe le nngwe ka gonne batho ga ba tshwane.

10 O tshwanetse go dira eng fa motho yo o ithutang le ene a kgatlhegela setlhogo sengwe se go tlotliwang ka sone mo kgatisong e re sa e diriseng fa re ithuta Baebele le batho? O ka mo kopa gore a ipalele kgatiso eo a le nosi gore lo kgone go tswelela ka thuto ya lona mo bukeng ya Baebele e re Ruta Eng kgotsa ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.

Simolola thuto ka thapelo (Bona serapa 11)

11. Fa re ithuta le mongwe, re tshwanetse go simolola leng go rapela mme re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene go lemoga gore go rapela go botlhokwa?

11 Simolola thuto ka thapelo. Fa re ithuta le mongwe, re tshwanetse go simolola go rapela leng? Go le gantsi go molemo gore re simolole go rapela ka bonako fela fa re sena go simolola thuto ya Baebele ya ka metlha le motho. Re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang le bone go lemoga gore moya o o boitshepo ke one fela o o ka re thusang go tlhaloganya Baebele. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba dirisa Jakobe 1:5 go tlhalosa gore ke eng fa re tshwanetse go rapela fa re ithuta. Ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo.” Go tswa foo, ba botsa motho yo ba ithutang le ene jaana: “Re ka kopa botlhale kwa Modimong jang?” Go le gantsi motho o araba ka gore, re tshwanetse go rapela.

12. O ka dirisa jang Pesalema 139:2-4 go thusa motho yo o ithutang le ene gore a bue le Jehofa a phuthologile?

12 Mo rute go rapela. Mmolelele gore Jehofa o batla gore a bue le ene. Mo tlhalosetse gore fa a rapela, a ka kgona go bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang e bile a ka kgona go mmolelela dilo tse a sa batleng go di bolelela batho ba bangwe. Boammaaruri ke gore Jehofa o a itse gore re akanyang e bile o a itse gore re ikutlwa jang. (Bala Pesalema 139:2-4.) Gape o ka mo kgothaletsa gore a kope Jehofa gore a mo thuse go tlogela mekgwa mengwe e e sa siamang. Ka sekai, gongwe motho yo re ithutang le ene o rata moletlo mongwe o Jehofa a o tlhoileng. O rata dilo dingwe ka moletlo oo le fa gone a itse gore Jehofa o o tlhoile. Mo kgothaletse gore a bolelele Jehofa gore o ikutlwa jang le gore a mo kope gore a mo thuse go rata dilo tse di siameng.—Pes. 97:10.

Laletsa motho yo o ithutang le ene kwa dipokanong (Bona serapa 13)

13. (a) Ke eng fa re tshwanetse go laletsa batho ba re ithutang le bone kwa dipokanong? (b) Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene gore a kgone go phuthologa fa a le kwa dipokanong?

13 Mo laletse kwa dipokanong. Go ya dipokanong go ka mo thusa gore a gatele pele le gore a direle Jehofa. Mmontshe bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? o bo o mo laletsa kwa dipokanong. Fa go kgonega, mmolelele gore o tla ya go mo tsaya lo bo lo tsamaya lotlhe. O tshwanetse go tsamaya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng fa o ithuta le mongwe. Seno se tla mo thusa gore a tlwaelane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona mme o tla kgona go phuthologa fa a le kwa dipokanong.

MO THUSE GO GATELA PELE

14. Ke eng se se ka thusang motho yo re ithutang le ene gore a gatele pele?

14 Re batla go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba gatele pele. (Baef. 4:13) Go le gantsi fa motho a dumela go ithuta Baebele, o a bo a batla go bona gore Baebele e ka mo tswela mosola jang. Mme fa a simolola go rata Jehofa, a ka nna a batla go thusa ba bangwe go akaretsa bakaulengwe le bokgaitsadi. (Math. 22:37-39) Ka nako e e tshwanetseng, mmolelele gore a ka kgona go ntsha moneelo go tshegetsa tiro ya go rera.

Ruta motho yo o ithutang le ene gore o tshwanetse go dirang fa mathata a tlhaga (Bona serapa 15)

15. Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene gore a itse gore a ka dirang fa a na le mathata?

15 Mo thuse gore a itse gore a ka dirang fa mathata a tlhaga. A re re motho yo o ithutang le ene ke mmoledi yo o sa kolobediwang mme o go bolelela gore mongwe mo phuthegong o mo kgopisitse. O se ka wa tsaya letlhakore mo kgannyeng eo, go na le moo, mo tlhalosetse gore Baebele ya re o tshwanetse go dira eng. A ka nna a itshwarela motho yoo a bo a tlogela kgang eo. Fa a sa kgone, o tshwanetse go ya go bua le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o mo kgopisitseng ka maikaelelo a go mo ‘gapa’ kgotsa go agisana le ene. (Bapisa Mathaio 18:15.) Mo thuse go akanyetsa gore wa go reng fa a ya go bua le motho yoo. Mmontshe gore a ka dirisa jang JW Library®, Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa le jw.org® go bona gore a ka rarabolola bothata joo jang. Fa a ithuta go rarabolola mathata a ise a kolobediwe, o tla kgona go dirisana sentle le batho fa a setse a kolobeditswe.

16. Ke eng fa re tshwanetse go tsamaya le ba bangwe kwa dithutong tsa rona?

16 Kopa ba bangwe mo phuthegong gore ba tsamaye le wena fa o ya kwa thutong ya gago. Gape o ka nna wa kopa le molebedi wa potologo. Ka ntlha yang? Gongwe baboledi ba bangwe ba ka kgona go thusa motho yo o ithutang le ene ka dilo tse o sa kgoneng go mo thusa ka tsone. Ka sekai, a re re motho yo o ithutang le ene o batla go tlogela go goga mme go thata. Kopa mongwe yo o kileng a lebana le bothata joo mo phuthegong gore a tsamaye le wena fa o ya kwa thutong eo. Gongwe a ka kgona go mo thusa. Fa e le gore o tshaba go tshwara thuto fa pele ga mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o nang le nako e e telele a direla Jehofa, o ka mo kopa gore a go e tshwarele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka kgona go thusa motho yo o ithutang le ene. Sa botlhokwa ke gore re thuse batho ba re ithutang le bone gore ba gatele pele.

A O TSHWANETSE GO TLOGELA GO ITHUTA LE ENE?

17-18. O tshwanetse go akanyetsa eng fa o dira tshwetso ya gore a ke ka o emise go ithuta le mongwe?

17 Fa e le gore motho yo o ithutang le ene ga a dire diphetogo mo botshelong jwa gagwe, o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke tlogele go ithuta le ene?’ Mme gone, pele o dira tshwetso, o tshwanetse go akanyetsa maemo a gagwe. Batho ga ba tshwane, ka jalo, ba bangwe go tsaya nako gore ba dire diphetogo. Ipotse jaana: ‘A motho yo ke ithutang le ene o leka go dira diphetogo?’ ‘A o “boloka” kgotsa o dirisa dilo tse a di ithutang?’ (Math. 28:20) Go ka tsaya nako gore motho e nne molatedi wa ga Jesu, mme gone, o tshwanetse go dira diphetogo.

18 A re re o na le nako e e telele o ithuta le motho, mme ga a dire sepe se se bontshang gore o tsaya thuto eo e le botlhokwa. Gongwe lo feditse go bala buka ya E re Ruta Eng e bile lo simolotse go bala ya Lorato Lwa Modimo mme ga ise a tsamaye a ye dipokanong, tota le kwa Segopotsong. Mme ka dinako tse dingwe fa o ya kwa go ene o dira diipato. Mo maemong ano, o tshwanetse go bua le ene. *

19. Fa motho yo o ithutang le ene a sa bontshe gore thuto eo e botlhokwa mo go ene, o ka mo raya o reng, mme o tshwanetse go akanyetsa eng?

19 O ka nna wa simolola ka go mmotsa jaana: ‘O akanya gore ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore o nne Mosupi wa ga Jehofa?’ A ka nna a go raya a re: ‘Ke rata go ithuta Baebele, mme ga nkitla ke nna Mosupi wa ga Jehofa!’ Fa e le gore o na le nako e e telele o ithuta le ene mme o sa ntse a ikutlwa jalo, a tota go a tlhokega gore o tswelele o ithuta le ene? Mme gone, gongwe a ka nna a go bolelela gore ke eng se se dirang gore go nne thata gore a dire diphetogo. Gongwe o tshaba go rera ka ntlo le ntlo. Fa o itse gore o ikutlwa jang, o ka kgona go mo thusa.

O se ka wa senya nako o bala le batho ba ba sa tseyeng kgato (Bona serapa 20)

20. Ditiro 13:48 e ka re thusa jang go bona gore a re tshwanetse go tswelela re ithuta le mongwe kgotsa nnyaa?

20 Ka maswabi, batho bangwe ba re ithutang le bone ba tshwana le Baiseraele ba motlha wa ga Esekiele. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Bona! mo go bone o tshwana le pina ya lorato lwa maikutlo, jaaka mongwe yo o nang le lentswe le lentle e bile a tshameka seletswa sa megala sentle. Ruri ba tla utlwa mafoko a gago, mme ga go na bape ba ba a diragatsang.” (Esek. 33:32) Go ka nna thata gore re bolelele mongwe gore re batla go emisa go ithuta le ene. Mme gone, “nako e e setseng e khutshwafetse.” (1 Bakor. 7:29) Go na le go senya nako re ithuta le motho yo o sa batleng go dira diphetogo, re tshwanetse go batla batho ba ba bontshang gore “ba na le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Bala Ditiro 13:48.

Go ka tswa go na le bangwe mo tshimong ya lona ba ba rapelelang thuso (Bona serapa 20)

21. Temana ya ngwaga ya 2020 ya reng, mme e tla re thusa go dira eng?

21 Temana ya ngwaga ya 2020 e tla re thusa go bona gore re ka tokafatsa jang mo tirong ya go dira batho barutwa. Temana eno e akaretsa mafoko mangwe a Jesu a ileng a a bua kwa thabeng ya Galalea. Ya re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho . . .  barutwa, lo ba kolobetse.”Math. 28:19.

Re batla go tokafatsa tsela e re dirang barutwa ka yone e bile re batla go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe (Bona serapa 21)

PINA 70 Batlang ba ba Tshwanelegang

^ ser. 5 Temana ya rona ya ngwaga wa 2020 ya re re ‘dire barutwa.’ Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go ikobela taelo eno. Re ka thusa jang batho ba re ithutang Baebele le bone gore e nne barutwa ba ga Jesu? Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore e nne ditsala tsa ga Jehofa. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go bona gore a ke ka re tswelele re ithuta le motho kgotsa nnyaa.