Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 3

Boidiidi jo Bogolo Jwa Dinku Tse Dingwe bo Baka Modimo le Keresete

Boidiidi jo Bogolo Jwa Dinku Tse Dingwe bo Baka Modimo le Keresete

“Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.”—TSHEN. 7:10.

PINA 14 Bakang Kgosi e Ntšha ya Lefatshe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Puo e e ileng ya neelwa kwa kopanong ya 1935, e ile ya thusa mosha mongwe jang?

GO NA LE banyalani bangwe ba ba neng ba na le bana ba bararo ba basimane le ba babedi ba basetsana. Mme lelapa leo e ne e le Baithuti ba Baebele. Leo ke lone leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka lone bogologolo. Banyalani bao ba ile ba ruta bana ba bone go direla Modimo le go etsa sekao sa ga Jesu Keresete. Morwa mongwe wa bone o ile a kolobediwa ka 1926, a na le dingwaga di le 18. Mosha yono o ne a ja senkgwe le go nwa beine fa a le kwa Segopotsong mme le baithuti bangwe ba Baebele le bone ba ne ba dira jalo. Mme gone, tsela e a neng a dira dilo ka yone e ile ya fetoga fa a sena go utlwa puo ya setlhogo se se reng, “Boidiidi jo Bogolo.” Puo eo e ile ya neelwa ka 1935 kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa United States kwa Washington, D.C., ke mokaulengwe J. F. Rutherford. Baithuti ba Baebele ba ile ba ithuta eng kwa kopanong eo?

2. Ke ntlha efe e e kgatlhang e mokaulengwe Rutherford a ileng a e tlhalosa mo puong ya gagwe?

2 Mo puong e mokaulengwe Rutherford a ileng a e neela, o ile a tlhalosa gore ke bomang ba ba welang mo setlhopheng sa ba “boidiidi jo bogolo,” jo go buiwang ka jone mo go Tshenolo 7:9. Pele Baithuti ba Baebele ba utlwa puo eno, ba ne ba akanya gore ba boidiidi jo bogolo ke setlhopha sa batho ba ba tla yang go tshela kwa legodimong mme ba ne ba sa ikanyege thata jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng. Mokaulengwe Rutherford o ile a dirisa Baebele go tlhalosa gore ba boidiidi jo bogolo, ga ba a tlhophiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. Mme ba wela mo setlhopheng se Jesu a se bitsang dinku tse dingwe * e bile ba tlile go falola “pitlagano e kgolo,” ba bo ba tshelela ruri mo lefatsheng. (Tshen. 7:14) Jesu o ile a re: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” (Joh. 10:16) Ba dinku tse dingwe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Math. 25:31-33, 46) A re boneng gore tsela e ntšha e dilo di ileng tsa tlhaloganngwa ka yone e ile ya fetola jang matshelo a batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa, go akaretsa le jwa mokaulengwe yole yo mosha.—Pes. 97:11; Dia. 4:18.

GO NNA LE DIPHETOGO DI LE DINTSI

3-4. Ke eng se batho ba le bantsi ba ileng ba se tlhaloganya ka tsholofelo ya bone kwa kopanong ya 1935, mme ka ntlha yang?

3 Go ile ga diragala sengwe se se kgatlhang kwa kopanong fa mokaulengwe Rutherford a ne a re: “A botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba eme!” Mokaulengwe mongwe yo o neng a le teng kwa kopanong eo a re go ile ga ema batho ba feta 10 000. Morago ga moo, mokaulengwe Rutherford o ile a re: “Bona! Boidiidi jo bogolo!” Go tswa foo batho botlhe ba ba neng ba tlile kopanong, ba ile ba opa diatla ba itumetse. Batho botlhe ba ba neng ba eme, ba ne ba tlhaloganya gore Jehofa ga a ba tlhopha gore ba ye go tshela kwa legodimong. Ba ne ba itse gore ga ba a tlodiwa ka moya o o boitshepo. Mo letsatsing le le latelang la kopano, batho ba le 840 ba ile ba kolobediwa mme bontsi jwa bone e ne e le ba dinku tse dingwe.

4 Morago ga puo eo, mokaulengwe yo mosha yo re buileng ka ene le bakaulengwe ba bantsi ba ile ba tlogela go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong. Mokaulengwe mongwe o ile a re: “Morago ga Segopotso sa 1935, ke fa ke tlogela go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong. Ke ne ka lemoga gore Jehofa ga a ntlhopha ka moya wa gagwe o o boitshepo gore ke ye go tshela kwa legodimong. Go na le moo, ke na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, le go thusa go dira gore e nne paradaise.” Bakaulengwe ba bangwe le bone ba ne ba ikutlwa fela jaaka mokaulengwe yono. (Bar. 8:16, 17; 2 Bakor. 1:21, 22) Go tloga ka nako eo, palo ya boidiidi jo bogolo e ntse e oketsega mme ba ntse ba dira mmogo le batlodiwa ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng.

5. Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba ileng ba tlogela go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong?

5 Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba ileng ba tlogela go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong morago ga 1935? Mme o ikutlwa jang ka Mokeresete yo o jang le go nwang kwa Segopotsong mme moragonyana a bo a tlhaloganya gore Jehofa ga a mo tlotsa ka moya wa gagwe o o boitshepo? (1 Bakor. 11:28) Batho bangwe ba ile ba ja kwa Segopotsong ka gonne ba sa tlhaloganye tsholofelo ya bone. Mme fa ba amogela gore ba dirile phoso, ba tlogela go ja kwa Segopotsong ba bo ba tswelela go direla Jehofa ka boikanyegi, Jehofa o tlile go ba itshwarela. Le fa gone ba sa je senkgwe le go nwa beine, ba tswelela ba ya Segopotsong ka gonne ba anaanela se Jehofa le Jesu ba ba diretseng sone.

TSHOLOFELO E E KGETHEGILENG

6. Jesu o laetse baengele gore ba dire eng?

6 Go ise go ye kae, pitlagano e kgolo e tlile go simologa. Ka jalo, re ka kgothadiwa ke go sekaseka se Tshenolo kgaolo 7 e se buang ka Bakeresete ba ba tloditsweng le ka boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe. Jesu o ile a laela baengele gore ba nne ba tshwere diphefo tse nnê tse di tlileng go baka tshenyo. Baengele bao ba tshwanetse go nna ba ngangatletse diphefo tseo go fitlha batlodiwa botlhe ba sena go tshwaiwa, e leng nako ya fa Jehofa a sena go swetsa ka gore ba a ikanyega. (Tshen. 7:1-4) Jehofa o tlile go ba duelela go bo ba ile ba ikanyega, ka go ba tlhoma gore e nne dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (Tshen. 20:6) Jehofa, Jesu le baengele ba tlile go itumela tota fa ba bona Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba newa tuelo ya bone ya kwa legodimong.

Ba boidiidi jo bogolo ba apere diaparo tse ditelele tse di tshweu ba tshwere dikala tsa mokolane, ba eme fa pele ga setulo sa Modimo se se galalelang sa Bogosi le fa pele ga Kwana (Bona serapa 7)

7. Mo go Tshenolo 7:9 le 10, Johane o ile a bona bomang mo ponatshegelong mme ba ne ba dira eng? (Bona setshwantsho sa khabara.)

7 Fa Johane a sena go bua ka dikgosi le baperesiti ba ba 144 000, o bona sengwe gape se se kgatlhang. O bona “boidiidi jo bogolo” jo bo sa tswang go falola Haramagedona. Ditlhopha tseno tse pedi di farologane ka gonne ba “boidiidi jo bogolo” ba feta palo ya 144 000 e bile ga re itse gore fa ba feletse ba tla bo ba le bakae. (Bala Tshenolo 7:9, 10.) Johane o ba bona ba “apere diaparo tse di telele tse ditshweu,” seno se bontsha gore ga ba a ka ba itetla go kgotlelwa ke lefatshe la ga Satane e bile ba ntse ba ikanyega mo go Jehofa le mo go Jesu. (Jak. 1:27) Mme ba goa ka boitumelo ka gonne ba bolokilwe ka ntlha ya se Jehofa le Jesu ba se dirileng. Gape ba tshwere dikala tsa mokolane go bontsha gore ba amogela Jesu yo o tlhophilweng ke Jehofa go nna Kgosi.—Bapisa Johane 12:12, 13.

8. Tshenolo 7:11 le 12, e re bolelela eng ka Jehofa, Jesu, baengele le batlodiwa?

8 Bala Tshenolo 7:11, 12. Ke eng se se ileng sa diragala fa ba ba kwa legodimong ba bona boidiidi jo bogolo? Johane o ile a bona mo ponatshegelong botlhe ba ba kwa legodimong ba itumetse e bile ba baka Jehofa fa ba bona ba boidiidi jo bogolo. Jehofa, Jesu, baengele le batlodiwa ba tlile go itumela fela thata fa ba bona ponatshegelo eno e diragadiwa; fa ba boidiidi jo bogolo ba tla bo ba falola pitlagano e kgolo.

9. Go ya ka Tshenolo 7:13-15, ke eng se ba boidiidi jo bogolo ba se dirang gone jaanong?

9 Bala Tshenolo 7:13-15. Johane o ile a tlhalosa gore ba boidiidi jo bogolo “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Seno se raya gore ba na le digakolodi tse di phepa le gore Jehofa o a ba amogela. (Isa. 1:18) Ba ineetse mo go Jehofa, ba kolobeditswe, ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu e bile ke ditsala tsa ga Jehofa. (Joh. 3:36; 1 Pet. 3:21) Ka ntlha ya seo, Modimo o a ba amogela. Ka jalo, ba kgona go “mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo” mo lefatsheng. Gone jaanong, ba tlhagafetse e bile ba dira ka natla mo tirong ya go rera ka Bogosi ka gonne ba tsaya Bogosi Jwa Modimo bo le botlhokwa fela thata.—Math. 6:33; 24:14; 28:19, 20.

Ba boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe ba falotse pitlagano e kgolo mme ba itumetse (Bona serapa 10)

10. Ke eng se ba boidiidi jo bogolo ba tlhomamisegileng ka sone mme ke tsholofetso efe e ba tlileng go bona e diragadiwa?

10 Bakeresete ba ba tlileng go falola pitlagano e kgolo e leng ba boidiidi jo bogolo, ba tlhomamisegile gore Modimo o tlile go tswelela a ba tlhokomela. Ba tlhomamisegile ka seno ka gonne Baebele ya re “Yo o ntseng mo setulong sa bogosi o tla tsharolola mogope wa gagwe [mo] godimo ga bone.” Ba tlile go bona tsholofetso e ba sa bolong go e letela e diragadiwa. Tsholofetso eo ke e e reng, “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshen. 21:3, 4

11-12. (a) Tshenolo 7:16 le 17 ya re ke masego afe a ba boidiidi jo bogolo ba tlileng go a newa mo nakong e e tlang? (b) Ke eng se ba dinku tse dingwe ba ka se dirang fa ba le kwa Segopotsong mme ka ntlha yang?

11 Bala Tshenolo 7:16, 17. Gone jaanong, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba bolawa ke tlala ka gonne ba sena madi a go reka dijo tse ba di tlhokang kgotsa ka ntlha ya mathata a a bakiwang ke dintwa. Bangwe ba mo kgolegelong ka gonne ba direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba boidiidi jo bogolo ba itumetse ka gonne ba a itse gore fa ba sena go falola fa lefatshe leno le fedisiwa, ba tlile go nna le dijo tse dintsi e bile Jehofa o tla tswelela a ba kaela. Fa Jehofa a fedisa lefatsheng la ga Satane, o tlile go netefatsa gore ba boidiidi jo bogolo ba sireletsegile kgatlhanong le bogale jwa gagwe jo bo tshwanang le “mogote . . . o o fisang.” Morago ga pitlagano e kgolo, Jesu o tla kaela ba ba tla bong ba falotse go ya kwa ‘metsing a botshelo’ jo bo sa khutleng. Ba boidiidi jo bogolo ba na le tsholofelo e e itumedisang. Mo bathong botlhe ba ba kileng ba tshela, ke bone ba ba nang le tsholofelo ya gore ba ka nna ba se ka ba tlhola ba swa!—Joh. 11:26.

12 Ba dinku tse dingwe ba na le tsholofelo e e itumedisang. Mme ba leboga Jehofa le Jesu go bo ba ba neile yone. Le fa Jehofa a sa ba tlhopha gore ba ye go tshela kwa legodimo, o ba rata fela jaaka a rata Bakeresete ba ba tloditsweng. Batlodiwa le ba dinku tse dingwe, ba ka kgona go baka Modimo le Keresete. Tsela nngwe e ba dirang seno ka yone ke ka go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu.

BAKA JEHOFA LE JESU FA O LE KWA SEGOPOTSONG

Senkgwe le beine tse di fetisiwang kwa Segopotsong, di re gopotsa gore Jesu o ile a re swela gore re kgone go bona botshelo (Bona serapa 13-15)

13-14. Goreng batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba tshwanetse go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu?

13 Mo dingwageng tse di sa tswang go feta, motho a le mongwe mo go ba le 1 000 ke ene fela a ntseng a ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong. Mo diphuthegong di le dintsi ga go na batho ba ba jang le go nwa kwa Segopotsong. Batho ba le bantsi ba ba nnang teng kwa Segopotsong ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Jaanong, goreng ba nna gone kwa Segopotsong, le fa gone ba sa je senkgwe le go nwa beine? Akanya ka sekai seno. Fa batho ba ya lenyalong, ba ya ka gonne ba batla go ema nokeng batho ba ba nyalanang, gape ba bontsha gore ba rata batho bao. Ka tsela e e tshwanang, ba dinku tse dingwe ba ya Segopotsong ka gonne ba batla go bontsha gore ba rata Jesu le Bakeresete ba ba tloditsweng le gore ba ba ema nokeng. Gape ba nna gone kwa Segopotsong ka gonne ba batla go bontsha gore ba lebogela setlhabelo sa ga Jesu. Ka ntlha ya setlhabelo seo, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.

14 Lebaka lengwe la botlhokwa la go bo ba dinku tse dingwe ba nna gone kwa Segopotsong ke ka gonne ba batla go ikobela taelo ya ga Jesu. Fa Jesu a ne a tshwere Sejo sa Morena sa Maitseboa o ile a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (1 Bakor. 11:23-26) Ka jalo, fa fela batlodiwa ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng, ba dinku tse dingwe ba tla tswelela ba nna gone kwa Segopotsong. E bile ba laletsa ba bangwe gore le bone ba nne gone kwa go sone.

15. Ke eng se re ka se dirang fa re le kwa Segopotsong go bontsha gore re baka Modimo le Keresete?

15 Fa re le kwa Segopotsong, re baka Modimo le Keresete ka go opela le go rapela. Puo ya Segopotso e e tlileng go neelwa mo ngwageng ono e na le setlhogo se se reng, “Bontsha Gore o Lebogela se Modimo le Keresete ba go Diretseng Sone!” Puo eno e tla dira gore re rate Jehofa le Jesu le go feta. Ka jalo, fa senkgwe le beine di tla bo di fetisiwa, re tla kgona go akanya ka se ditshwantshetso tseno di se emelang, e leng mmele wa ga Jesu le madi a gagwe. Mme re tla kgona go akanya ka lorato lo Jehofa a re bontshitseng lone fa a ne a letla gore Morwawe a bolawe, gore re kgone go bona botshelo. (Math. 20:28) Batho botlhe ba ba ratang Jehofa le Jesu ba tla nna gone kwa Segopotsong.

LEBOGELA TSHOLOFELO E JEHOFA A GO NEILENG YONE

16. Ke dilo dife tse batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba tshwanang ka tsone?

16 Ka tsela nngwe, batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba a tshwana. Jehofa o ba rata ka go lekana. Botlhe ba botlhokwa mo go ene. Re itse seno ka gonne o ba rekile botlhe ka madi a Morwawe yo a mo ratang fela thata. Batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba farologane fela ka gonne ba na le ditsholofelo tse di sa tshwaneng. Mme gone, botlhe ba tshwanetse go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le Jesu. (Pes. 31:23) E bile moya o o boitshepo o kgona go dira ka tsela e e tshwanang mo go rona rotlhe. Jehofa o naya motho moya o o boitshepo ka gonne a o tlhoka, e seng ka gonne a tloditswe kgotsa a sa tlodiwa.

17. Ke eng se batlodiwa ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng, ba lebileng pele go se bona?

17 Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba tsholwe ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Modimo ke ene a ba nayang yone. Ba akanya ka tsholofelo eo, ba a e rapelela e bile ba swegaswega pelo gore ba tlile go e amogela leng. Ga ba itse gore mebele ya bone e tla bo e ntse jang fa ba le kwa legodimong. (Bafil. 3:20, 21; 1 Joh. 3:2) Mme gone, ba lebile pele go kopana le Jehofa, Jesu, baengele le batlodiwa ba bangwe le go busa mmogo le bone.

18. Ke eng se ba dinku tse dingwe ba lebileng pele go bona se diragala?

18 Ba dinku tse dingwe ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Mme eo ke keletso e batho botlhe ba nang le yone. (Mor. 3:11) Ba lebile pele go thusa go dira gore lefatshe e nne paradaise. Mme ba swegaswega pelo go aga matlo a bone, go jala masimo le go godisa bana ba bone ba sa lwale. (Isa. 65:21-23) Gape ba lebile pele go etela mafelo a a farologaneng, go bona dithaba, dikgwa, mawatle le go ithuta ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng. Mme se se dirang gore ba itumele le go feta, ke go itse gore ba tlile go tswelela e le ditsala tsa ga Jehofa, le gore botsala joo bo tlile go nonofa le go feta.

19. Segopotso se re naya tshono ya go dira eng, mme se tlile go tshwarwa leng mo ngwageng ono?

19 Jehofa o neile batlhanka ba gagwe botlhe tsholofelo e e itumedisang. (Jer. 29:11) Kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu, rotlhe re na le tshono ya go baka Modimo le Keresete. Re ba lebogela dilo tse di molemo tse ba re diretseng tsone ka gonne dilo tseo di dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Segopotso ke pokano ya botlhokwa e Bakeresete ba e tshwarang ngwaga le ngwaga. Mo ngwageng ono, se tlile go tshwarwa ka Matlhatso, March 27, 2021. Batho ba le bantsi ba tlile go nna gone kwa pokanong eno ka gonne ba nna kwa mafelong a puso e sa thibelang tiro ya rona ya go rera kwa go one. Mme bangwe ba tlile go leka go tshwara pokano eno le fa go na le dithibelo kwa dinageng tsa bone. Mme ba bangwe bone ba tlile go tshwara pokano eno ba le kwa kgolegelong. Jehofa, Jesu, baengele le batlodiwa botlhe ba ba setseng ba tshela kwa legodimong, ba tla bo ba lebile tiragalo eno e e kgatlhang. Ka jalo, e kete lotlhe lo ka itumelela Segopotso!

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

^ ser. 5 Letlha la March 27, 2021, ke la botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. Mo maitseboeng a letsatsi leo, re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu. Bontsi jwa batho ba ba tlileng go nna gone kwa Segopotsong seo ke ba Jesu a ba bitsang “dinku tse dingwe.” Ka 1935, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta boammaaruri bofe ka setlhopha seno sa batho? Ke eng se se tlileng go diragala morago ga pitlagano e kgolo, se ba dinku tse dingwe ba lebileng pele go se bona? Mme ba ka baka Modimo le Keresete jang fa ba le kwa Segopotsong?

^ ser. 2 TLHALOSO: Dinku tse dingwe ke batho ba ba ikobelang Jesu e bile ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Bangwe ba bone ba ile ba simolola go obamela Jehofa mo metlheng ya bofelo. Boidiidi jo bogolo ke ba dinku tse dingwe, ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela fa Jesu a tla bo a atlhola batho ka nako ya pitlagano e kgolo. Mme bone ba tlile go falola pitlagano e kgolo.