SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4
Tswelela o Rata ba Bangwe
“Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.”—BAR. 12:10.
PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1. Ke eng se se bontshang gore malapa a le mantsi ga a tlhole a ratana?
BAEBELE e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo batho ga ba kitla ba tlhola ba rata ba malapa a bone. (2 Tim. 3:1, 3) Boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno. Ka sekai, batsadi ba le bantsi ba a tlhalana, ka jalo, ba simolola go galefelana, mme dilo tseno tsotlhe di bo di dira gore bana ba ikutlwe ba sa ratiwe. Ka dinako dingwe, tota le malapa a a nnang mmogo ga a atamalana. Ka sekai, rre mongwe yo e leng mogakolodi wa malapa a re: “Batsadi le bana ba nna fela ba le mo dikhomputareng, ba tobetsa difouno kgotsa ba tshameka di-video game. Mme seo se dira gore ba se ka ba nna le nako ya go tlotla. Le fa gone ba nna mo ntlong e le nngwe, ga ba itsane sentle.”
2-3. (a) Baroma 12:10 ya re re tshwanetse go rata bomang? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
2 Ga re batle go nna le mokgwa o batho ba lefatshe leno ba nang le one wa go sa rate ba bangwe. (Bar. 12:2) Go na le moo, re tshwanetse go tswelela re rata ba malapa a rona le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bala Baroma 12:10.) Lorato lwa bopelonomi ke eng? Ke tsela e mongwe le mongwe mo lelapeng a ikutlwang ka yone ka yo mongwe fa lelapa leo le ratana kgotsa le atamalane thata. Eo ke tsela e re tshwanetseng go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ka yone. Fa re rata ba bangwe ka pelo yotlhe, seo se ba thusa gore ba direle Jehofa ba itumetse.—Mika 2:12.
3 A re boneng gore dikai tsa batho ba mo Baebeleng di ka re thusang jang gore re rate ba bangwe ka pelo yotlhe.
JEHOFA O RATA BATLHANKA BA GAGWE KA PELO YOTLHE
4. Jakobe 5:11 e re bolelela eng ka Jehofa?
4 Mo Baebeleng re ithuta ka dinonofo kgotsa botho jo bontle 1 Joh. 4:8) Fa re ithuta ka botho jwa ga Jehofa, seo se dira gore re batle go nna ditsala tsa gagwe. Gape Baebele ya re Jehofa o ‘pelonomi tota mo go bontsheng lorato.’ (Bala Jakobe 5:11.) Seno se bontsha sentle gore ruri Jehofa o a re rata.
jwa Modimo. Ka sekai, Baebele ya re “Modimo ke lorato.” (5. Jehofa o re bontshang jang gore o re utlwela botlhoko mme re ka mo etsa jang?
5 Ela tlhoko gore Jakobe 5:11 e bua ka bopelonomi jwa Modimo le nonofo e nngwe gape e e dirang gore re batle go atamalana le ene, e leng, kutlwelobotlhoko. (Ekes. 34:6) Tsela nngwe e Jehofa a re bontshang ka yone gore o re utlwela botlhoko, ke ka go re itshwarela fa re dirile diphoso. (Pes. 51:1) Fa Baebele e bua ka kutlwelobotlhoko, ga e bue fela ka go itshwarela motho fa a dirile phoso. Gape e kaya tsela e motho a ikutlwang ka yone fa a bona motho yo mongwe a tshwenyegile. Mme seo se bo se mo tlhotlheletsa gore a mo thuse. Jehofa a re tsela e a ikutlwang ka yone ka rona fa re tlhoka thuso, e gaisa le tsela e mmê a ikutlwang ka yone ka ngwana wa gagwe fa a tlhoka thuso. (Isa. 49:15) E re ka Jehofa a re utlwela botlhoko, fa re tshwenyegile o batla go re thusa. (Pes. 37:39; 1 Bakor. 10:13) Re ka bontsha gore re utlwela bakaulengwe ba rona botlhoko ka go ba itshwarela fa ba re kgopisitse le go sa nnele go akanya ka se ba re dirileng sone. (Baef. 4:32) Tsela nngwe ya botlhokwa e re ka ba bontshang gore re ba utlwela botlhoko, ke ka go ba thusa fa ba na le mathata. Fa re utlwela ba bangwe botlhoko, re a bo re etsa Jehofa Modimo yo o lorato le yo o kutlwelobotlhoko.—Baef. 5:1.
JONATHANE LE DAFIDE E NE E LE DITSALA TSA MMATOTA
6. Tlhalosa gore botsala jwa ga Jonathane le Dafide bo ne bo ntse jang.
6 Baebele e re bolelela ka ditsala tse di neng di atamalane thata e bile di ratana. Akanya ka Jonathane le Dafide. Baebele ya re: “Moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide, mme Jonathane a simolola go mo rata jaaka moya wa gagwe ka esi.” 1 Sam. 18:1) Jehofa o ne a tlhophile Dafide go nna kgosi morago ga Saulo. Morago ga moo, Saulo o ile a fufegela Dafide, a bo a leka go mmolaya. Mme morwa wa ga Saulo e bong Jonathane ene, ga a ka a ema rraagwe nokeng fa a ne a batla go bolaya Dafide. Jonathane le Dafide ba ile ba ikana gore ba tla tswelela e le ditsala e bile ba tla emana nokeng.—1 Sam. 20:42.
(7. Ke eng se se neng se ka thibela gore Jonathane le Dafide e nne ditsala?
7 Go a gakgamatsa go bo Jonathane le Dafide e ne e le ditsala ka gonne go na le dilo di le dintsi tse di neng di ka ba kgoreletsa go nna ditsala. Ka sekai, Jonathane o ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30. Jonathane a ka bo a ile a akanya gore ga a kitla a kgona go tsalana le motho yo monnye thata mo go ene e bile a sena maitemogelo. Mme gone, ga a ka a akanya jalo e bile o ne a tlotla Dafide fela thata.
8. Goreng o ka re Jonathane e ne e le tsala e e molemo ya ga Dafide?
8 Jonathane a ka bo a ile a fufegela Dafide. E re ka e ne e le morwa Kgosi Saulo, a ka bo a ile a lwela gore ke ene a tshwanetseng go nna kgosi morago ga rraagwe. (1 Sam. 20:31) Mme Jonathane o ne a le boikokobetso e bile a ikanyega mo go Jehofa. Ka jalo, o ile a tshegetsa tshwetso e Jehofa a neng a e dirile ya gore Dafide e nne kgosi morago ga ga Saulo. Gape o ile a ikanyega mo go Dafide le fa seo se ne se galefisa Saulo.—1 Sam. 20:32-34.
9. Re itse jang gore Jonathane o ne a sa fufegele Dafide? Tlhalosa.
9 Jonathane o ne a rata Dafide, ka jalo, ga a ka a mo fufegela. Jonathane o ne a le pelokgale mme o ile a lwa dintwa di le dintsi e bile o ne a itse go dirisa bora le motswi. Batho ba ne ba re ene le rraagwe ba “bofefo go feta bontsu” le gore ba “thata go feta ditau.” (2 Sam. 1:22, 23) Ka jalo, Jonathane a ka bo a ile a ikgantsha ka dilo tse a ileng a kgona go di dira. Mme gone, ga a ka a leka go ipapisa le Dafide kgotsa go mo fufegela. Go na le moo, o ne a rata Dafide ka gonne Dafide a le pelokgale e bile a ikanya Jehofa. Ka sekai, fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, Jonathane o ne a simolola go mo rata le go feta. Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi, fela jaaka Jonathane a ne a rata Dafide?
RE KA RATA BA BANGWE JANG KA PELO YOTLHE?
10. Go rata ba bangwe ka “lorato lo logolo lo lo tswang pelong” go kaya eng?
10 Baebele ya re re tshwanetse go ‘ratana ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.’ (1 Pet. 1:22) Jehofa o re tlhomela sekao se se molemo sa go rata ba bangwe. Jehofa o re rata thata mme fa re ikanyega mo go ene, o tla tswelela a re rata. (Bar. 8:38, 39) Baebele ya re re ratane ka lorato lo logolo, seno se kaya gore re tshwanetse go tsaya matsapa go bontsha ba bangwe gore re a ba rata. Mme ka dinako dingwe, go ka nna thata go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata. Fa ba bangwe ba re kgopisa, re tlhoka go tswelela re “itshokelana ka lorato, [re] leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:1-3) Fa re leka ka natla go dirisana le bakaulengwe ba rona ka kagiso, ga re kitla re tlhoma mogopolo mo diphosong tsa bone. Re tla leka ka natla go leba bakaulengwe le bokgaitsadi jaaka Jehofa a ba leba.—1 Sam. 16:7; Pes. 130:3.
11. Goreng ka dinako dingwe go ka nna thata go rata ba bangwe?
11 Ka dinako dingwe go ka nna thata go rata bakaulengwe le bokgaitsadi segolobogolo fa Bafil. 4:2, 3.
re itse diphoso tsa bone. Seno se ile sa diragalela Bakeresete bangwe ba bogologolo. Ka sekai, Yudia le Sentike ba ne ba sena bothata jwa go bereka mmogo le Paulo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Mme fa Paulo a seyo, ba ne ba sa kgone go dirisana sentle. Ka jalo, Paulo o ile a ba kopa gore “ba nne [le] mogopolo o o tshwanang mo Moreneng.”—12. Ke eng se re ka se dirang fa re batla go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi?
12 Re ka leka jang go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re ba rata ka pelo yotlhe? Fa re ipha nako ya go itse bakaulengwe le bokgaitsadi botoka, re tla kgona go ba tlhaloganya sentle le go ba rata le go feta. Re ka kgona go tsalana le bone le fa ba godile, ba le bannye kgotsa ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Gopola gore Jonathane o ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30 mme ene le Dafide, ba ne ba kgona go nna ditsala. A go na le mongwe mo phuthegong ya lona, yo mogolo mo go wena kgotsa yo monnye, yo o ka ratang go tsalana le ene? Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o ‘rata bakaulengwe botlhe.’—1 Pet. 2:17.
13. Ke eng fa re ka atamalana thata le ba bangwe mo phuthegong?
13 A go rata ba bangwe go kaya gore o tla tsalana le batho botlhe mo phuthegong? Nnyaa, seo ga se kgonege. Re ka atamalana thata le batho ba bangwe ka gonne re rata dilo tse di tshwanang mme re bo re sa kgone go atamalana le ba bangwe jalo. Jesu o ile a re baaposetoloi botlhe ke “ditsala” tsa gagwe mme gone, o ne a atamalane thata le Johane. (Joh. 13:23; 15:15; 20:2) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a dira gore baaposetoloi ba bangwe ba akanye gore o rata Johane go ba gaisa. Ka sekai, fa Johane le morwarraagwe e bong Jakobe ba ne ba kopa maemo a a kgethegileng mo Bogosing Jwa Modimo, Jesu o ile a ba raya a re: “Go nna kafa mojeng wa me mono kgotsa kafa molemeng wa me ga se ga me go go naya.” (Mar. 10:35-40) Fela jaaka Jesu, le rona ga re a tshwanela go tseela ditsala tsa rona ka godimo thata mme re bo re tseela ba bangwe kwa tlase kgotsa re sa dirisane sentle le bone. (Jak. 2:3, 4) Fa re ka dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba se botlhokwa mo go rona, ga go kitla go nna le kagiso mo phuthegong.—Jude 17-19.
14. Bafilipi 2:3 e ka re thusa jang gore re se ka ra gaisana le ba bangwe?
14 Fa re rata ba bangwe, ga re kitla re leka go gaisana le bone. Gopola gore Jonathane ga a ka a fufegela Dafide e bile ga a ka a leka go dira gore go tlhomiwe ene go nna kgosi mo boemong jwa ga Dafide. Rotlhe re ka etsa sekao sa ga Jonathane. O se ka wa fufegela ba bangwe ka gonne ba kgona go dira dilo tse wena o sa kgoneng go di dira, go na le moo, nna le ‘mogopolo o o ikokobeditseng mme o tseye ba bangwe ba le kwa godimo ga gago.’ (Bala Bafilipi 2:3.) Gopola gore rotlhe re ka kgona go dira sengwe se se ka thusang ba bangwe mo phuthegong. Fa re le boikokobetso re tla kgona go lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba na le botho jo bo molemo, re bo re ithuta mo dikaong tsa bone.—1 Bakor. 12:21-25.
15. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Tanya le ba lelapa la gagwe?
15 Fa re diragaletswe ke sengwe se se botlhoko, Jehofa o a re gomotsa e bile o dirisa bakaulengwe gore ba re thuse. Akanya ka se se se diragaletseng lelapa lengwe. Ka 2019, ba ne ba ya kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya kwa United States ya setlhogo se se reng, “Lorato Ga lo Ke lo Fela”! Fa ba ne ba ya kwa ba robalang gone ka Matlhatso, koloi nngwe e ne ya thula koloi ya bone. Kgaitsadi Tanya a re: “Go ne go sena ope yo o neng a gobetse mme re ne re tshogile. Re ile ra tswa mo koloing
re bo re ema mo tseleng. Motho mongwe o ne a re bitsa a re re tle go nna mo koloing ya gagwe. E ne e le mokaulengwe mongwe yo le ene a neng a tswa kopanong. Mme e ne e se ene fela yo a neng a eme. Basupi bangwe ba ba tswang kwa Sweden le bone ba ne ba ema. Bokgaitsadi bangwe ba ile ba haka nna le banake mme seo se ile sa dira gore re ikutlwe botoka. Ke ile ka bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi gore re siame ba ka nna ba tsamaya. Mme ba ne ba sa batle go re tlogela foo. Le fa ba thuso ya potlako ba sena go tla go re thusa, bakaulengwe ba ile ba nna le rona ba bo ba tlhomamisa gore re na le dilo tsotlhe tse re di tlhokang. Re ne ra lemoga gore ruri Jehofa o a re rata. Se se re diragaletseng se ile sa dira gore re rate bakaulengwe le go feta, re rate Jehofa le go mo lebogela se a re diretseng sone.” A o gopola nako nngwe fa o ne o tlhoka thuso mme mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe a bo a go thusa?16. Ke mabaka afe a a dirang gore re ratane?
16 Akanya ka dilo tse di molemo tse di diregang fa re ratana ka pelo yotlhe. Re kgona go kgothatsa bakaulengwe ba rona fa ba lebana le mathata. Re ba thusa gore ba kgone go direla Jehofa ba itumetse. Re bontsha gore re barutwa ba ga Jesu mme seo se dira gore batho ba batle go direla Jehofa. Mme sa botlhokwa le go feta re galaletsa “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe,” e bong Jehofa. (2 Bakor. 1:3) E kete re ka tswelela re ratana ka pelo yotlhe!
PINA 130 Lo Itshwarelane
^ ser. 5 Jesu o ile a re batho ba tla lemoga gore re barutwa ba gagwe fa re ratana. Re dira sotlhe se re ka se kgonang go bontsha ba bangwe go- re re a ba rata. Re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi fela jaaka re rata ba malapa a rona. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se re ka se dirang go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore re a ba rata le go tswelela re dira jalo.
^ ser. 55 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane yo o godileng, o laleditse mogolwane yo mosha kwa legaeng la gagwe mme boobabedi ke ditsala. Malapa ano a a ratana e bile a rata go abelana.