Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 1

“Ba ba Senkang Jehofa . . . ga ba Kitla ba Tlhoka Sepe se se Molemo”

“Ba ba Senkang Jehofa . . . ga ba Kitla ba Tlhoka Sepe se se Molemo”

TEMANA YA NGWAGA YA 2022: “Ba ba senkang Jehofa . . . ga ba kitla ba tlhoka sepe se se molemo.”—PES. 34:10.

PINA 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Dafide o ne a ikutlwa a sa ‘tlhaele sepe se se molemo’ le fa a ne a na le mathata (Bona serapa 1-3) *

1. Dafide o ne a iphitlhela a le mo boemong bofe jo bo thata?

 DAFIDE o ne a sia ka gonne kgosi e e maatla ya Iseraele e ne e batla go mmolaya. Fa Dafide a ne a tlhoka dijo, o ne a ya kwa motseng wa Nobe mme a kopa dinkgwe di le tlhano fela. (1 Sam. 21:1, 3) Moragonyana, ene le banna ba gagwe ba ne ba tshabela kwa legageng. (1 Sam. 22:1) Go tlile jang gore Dafide a nne mo boemong jono?

2. Saulo o ne a itsenya mo dipharagobeng jang? (1 Samuele 23:16, 17)

2 Saulo o ne a fufegela Dafide ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba rata Dafide e bile ba mo akgola ka gonne a fentse dintwa di le dintsi. Gape Saulo o ne a itse gore Jehofa ga a sa tlhole a mo amogela e le kgosi ya Iseraele ka gonne a sa mo ikobela le gore o ne a tlhophile Dafide go nna kgosi e e latelang. (Bala 1 Samuele 23:16, 17.) Le fa go ntse jalo, Saulo e ne e sa ntse e le kgosi ya Iseraele e bile o ne a na le mophato o mogolo wa masole le batho ba le bantsi ba ba neng ba mo ema nôkeng, ka jalo Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshaba. A tota Saulo o ne a akanya gore a ka thibela Modimo go diragatsa maikaelelo a gagwe a go dira Dafide kgosi? (Isa. 55:11) Le fa gone Baebele e sa bue sepe ka kgang eno, re itse selo se le sengwe: Saulo o ne a itsenya mo dipharagobeng. Mongwe le mongwe yo o emang kgatlhanong le Modimo ga a ke a atlega!

3. Dafide o ne a ikutlwa jang fa a ne a le mo maemong ao a a thata?

3 Dafide o ne a sa rate maemo. Ga a ka a itlhophela go nna kgosi ya Iseraele, Jehofa ke ene a neng a mo tlhophile gore a nne kgosi. (1 Sam. 16:1, 12, 13) Seo se ne sa dira gore Saulo a tlhoe Dafide thata. Le fa go ntse jalo, Dafide ga a ka a tshwaya Jehofa phoso ka ntlha ya mathata a a neng a mo tlhagela e bile ga a ka a ngongorega ka gore o na le dijo tse dinnye le ka gore o ne a iphitlhile mo legageng. Go na le moo, fa a ne a le mo legageng leo a ka tswa a ile a kwala mafoko a a monate a pina ya pako a mangwe a one e leng mafoko a temana e setlhogo seno se theilweng mo go one, a a reng: “Ba ba senkang Jehofa . . . ga ba kitla ba tlhoka sepe se se molemo.”—Pes. 34:10.

4. Re tlile go tlotla ka dipotso dife, mme ke ka ntlha yang fa di le botlhokwa?

4 Gompieno batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ga ba na dijo tse di lekaneng le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. * Re bone seno se direga thata ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19. E bile re solofetse gore dilo di tla nna thata le go feta fa “pitlagano e kgolo” e ntse e atamela. (Math. 24:21) Ka jalo, go ka nna molemo gore re arabe dipotso tseno tse nnê: Dafide o ne a kaya eng fa a ne a re ga a “kitla a tlhoka sepe se se molemo”? Ke eng fa re tshwanetse go ithuta go kgotsofalela se re nang le sone? Goreng re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re tlhokomela? Re ka dira eng gone jaanong go ipaakanyetsa se se tla diregang mo nakong e e tlang?

“GA NKITLA KE TLHOKA SEPE”

5-6. Pesalema 23:1-6 e re thusa jang go tlhaloganya se Dafide a neng a se kaya fa a ne a re batlhanka ba Modimo ga ba kitla ba “tlhoka sepe se se molemo”?

5 Dafide o ne a kaya eng fa a ne a re batlhanka ba ga Jehofa ga ba “kitla ba tlhoka sepe se se molemo”? Re kgona go bona se a neng a se kaya fa re bala mafoko a a mo go Pesalema 23. (Bala Pesalema 23:1-6.) Dafide o simolola pesalema eno ka mafoko a a reng: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga nkitla ke tlhoka sepe.” Mo pesalemeng eno yotlhe, Dafide o umaka dilo tse di leng botlhokwa tse di jaaka masego a Jehofa a mo neileng one ka gonne a mo tsaya e le Modisa wa gagwe. Jehofa o ne a tsamaisa Dafide mo “ditselaneng tsa tshiamo” e bile o ne a mo ema nôkeng fa go le monate le fa go le thata. Dafide o ne a tlhaloganya gore o ne a tla nna le mathata fa a ntse a le mo “mafulong a a tletseng bojang” a ga Jehofa. E bile o ne a itse gore ka dinako dingwe o ne a tla kgobega marapo, go bo go nna jaaka e kete o tsamaya mo “mokgatšheng o o lefifi le lentshontsho” le gore o tla nna le baba. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a sa “boife sepe se se kotsi” ka gonne Jehofa e ne e le Modisa wa gagwe.

6 Re setse re bone karabo ya potso e e reng: Dafide o ne a kaya eng fa a ne a re ga a ‘kitla a tlhoka sepe se se molemo’? O ne a na le sengwe le sengwe se a se tlhokang gore a nne a atamalane le Jehofa. O ne a sa tlhoke dithoto tse dintsi gore a itumele. Dafide o ne a kgotsofalela sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mo neile sone. Selo sa botlhokwa mo go ene e ne e le gore Jehofa a mo segofatse le gore a mo sireletse.

7. Go ya ka Luke 21:20-24, Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba lebane le maemo afe a a boima?

7 Mafoko a ga Dafide a re bontsha gore dithoto ga e a tshwanela go nna selo sa botlhokwa mo matshelong a rona. Gone re ka itumelela dithoto tse re nang le tsone, mme ga re a tshwanela go di tsaya e le sengwe sa botlhokwa thata mo matshelong a rona. Eo e ne e le ntlha ya botlhokwa e Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Judea ba ileng ba e tlhaloganya. (Bala Luke 21:20-24.) Jesu o ne a ba tlhagisa gore go ne go tla tla nako e ka yone motse wa Jerusalema o neng o tla ‘dikologiwa ke masole.’ Fa seo se direga, ba ne ba tshwanetse go “tshabela kwa dithabeng.” Fa ba ne ba ka tswa mo motseng oo ba ne ba tla sireletsega, le fa go ntse jalo ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlogela dithoto tse dintsi. Tora ya Tebelo e ne ya bua seno mo dingwageng tse di fetileng: “Ba ile ba tlogela masimo le matlo a bone, le e seng go phutha dithoto tsa bone mo matlong. Ba ile ba tsaya kobamelo ya ga Jehofa e le botlhokwa go gaisa selo sepe fela se se ka tswang se lebega se le botlhokwa, ba se na pelaelo gore o tla ba sireletsa le go ba ema nôkeng.”

8. Re ithuta thuto efe ya botlhokwa mo go se se diragaletseng Bakeresete ba kwa Judea?

8 Re ithuta thuto efe e e botlhokwa mo go se se diragaletseng Bakeresete ba kwa Judea? Tora ya Tebelo e re buileng ka yone fa godimo e a re: “Go ka nna ga direga gore re rakane le diteko kwa pele malebana le gore re leba dithoto jang; a re di tsaya di le botlhokwa thata, kana a poloko e e tla tlelang botlhe ba ba ka fa letlhakoreng la Modimo ke yone e re e tsayang e le botlhokwa thata? Ee, go tshaba ga rona go ka nna ga akaretsa mathata mangwe le go tingwa dilo dingwe. Re tla tshwanelwa ke go nna re iketleeleditse go dira sepe fela se se tlhokegang, fela jaaka go ile ga dira bengkarona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba ileng ba tshaba kwa Judea.” *

9. Kgakololo e Paulo a neng a e naya Bahebera, e go kgothatsa jang?

9 Go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo gore Bakeresete bano ba tlogele sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone, mme ba ye go simolola botshelo kwa lefelong le lesha. Ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gore ba ikanye Jehofa gore o tla ba naya dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se neng se tla ba thusa gore ba nne le tumelo e e ntseng jalo. Dingwaga di le tlhano pele ga Baroma ba dikaganyetsa Jerusalema, moaposetoloi Paulo o ne a naya Bahebera kgakololo eno e e mosola: “Lo se ka lwa rata madi, go na le moo, kgotsofalelang dilo tse lo nang le tsone. Gonne Modimo o rile: ‘Ga nkitla ke go tlogela, e bile ga nkitla ke go latlha.’ Ka jalo, a re se kang ra boifa mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga nkitla ke boifa. Motho a ka ntira eng?’” (Baheb. 13:5, 6) Ga go pelaelo gore Bakeresete ba ba neng ba reetsa kgakololo ya ga Paulo pele Baroma ba tla go dikaganyetsa motse, ba ne ba kgotsofalela botshelo jo bo motlhofo kwa legaeng la bone le lesha. Ba ne ba itse gore Jehofa o ne a tla ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka. Mafoko a ga Paulo a re bontsha gore le rona ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa o tla re tlhokomela.

“RE TLA KGOTSOFALELA DILO TSENO”

10. Paulo o re bolelela ka “sephiri” sefe?

10 Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo e e tshwanang le e a neng a e naya Bahebera, mme le rona kgakololo eo e ka re solegela molemo. O ne a re: “Ka jalo, e re ka re na le dijo le diaparo, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Tim. 6:8) A seno se raya gore ga re a tshwanela go ja dijo tse di monate, go nna le magae a mantle le go reka diaparo? Paulo o ne a sa reye jalo. Go na le moo, o ne a raya gore re tshwanetse go kgotsofalela se re nang le sone. (Bafil. 4:12) Seo ke sone “sephiri” se Paulo a neng a bua ka sone. Selo sa botlhokwa thata ke kamano ya rona le Modimo, e seng dilo tse re nang le tsone.—Hab. 3:17, 18.

Baiseraele ga ba a ka ba “tlhoka sepe” fa ba ne ba le kwa nageng ka dingwaga di le 40. Go tweng ka rona, a re kgotsofalela se re nang le sone gone jaanong? (Bona serapa 11) *

11. Mafoko a Moshe a neng a a bolelela Baiseraele a re ruta eng ka go kgotsofala?

11 Gantsi dilo tse re akanyang gore re a di tlhoka ga se tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa thata. Akanya ka mafoko ano a Moshe a neng a a bolelela Baiseraele morago ga gore ba fetse dingwaga di le 40 ba le mo nageng: “Jehofa, Modimo wa gago o go segofaditse mo go sotlhe se o se dirileng. Modimo o tlhaloganya sentle gore o ne wa tsamaya o raletse naga eno e kgolo. Jehofa, Modimo wa gago o ntse a na le wena dingwaga tseno tse 40 e bile ga o a tlhaela sepe.” (Dute. 2:7) Mo dingwageng tseo tse 40, Jehofa o ne a tlamela Baiseraele ka mana. Jehofa o ne a tlhomamisa gore diaparo tse ba neng ba di apere fa ba tswa kwa Egepeto ga di onale. (Dute. 8:3, 4) Le fa Baiseraele bangwe ba ne ba akanya gore dilo tse ba nang le tsone ga di a lekana, Moshe o ne a ba gakolola gore ba ne ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang. Jehofa o tla itumela fa a re bona re ithuta go kgotsofalela sengwe le sengwe se re nang le sone, tota le dilo tse dinnye tse a re tlamelang ka tsone, re bo re di tsaya e le tshegofatso e e tswang kwa go ene.

O SE KA WA BELAELA GORE JEHOFA O TLA GO TLHOKOMELA

12. Ke eng se se bontshang gore Dafide o ne a ikanya Jehofa e seng bokgoni jwa gagwe?

12 Dafide o ne a itse gore Jehofa o a ikanyega e bile o amega thata ka batho ba ba mo ratang. Tota le fa botshelo jwa ga Dafide bo ne bo le mo kotsing fa a ne a kwala Pesalema ya bo34, o ne a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa mo e neng e kete o bona “moengele wa ga Jehofa” a mo dikologile gore a mo sireletse. (Pes. 34:7) Gongwe Dafide o ne a tshwantsha moengele wa ga Jehofa le lesole le le kwa nageng le le nnang le disitse gore mmaba a se ka a tlhasela. Le fa Dafide e ne e le lesole le le pelokgale e bile Jehofa a mo solofeditse gore e tla nna kgosi, o ne a sa ikaega ka bokgoni jwa gagwe jwa go konopa leje ka motsekedi kgotsa jwa go dirisa tšhaka go fenya baba. (1 Sam. 16:13; 24:12) O ne a ikanya Jehofa a sa belaele gore ‘moengele wa Gagwe o golola ba ba mmoifang.’ Gone ke boammaaruri gore, gompieno ga re a lebelela gore re sirelediwe ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, re a itse gore ga go na ope yo o ikanyang Jehofa yo o tla bogang go ya go ile.

Ka nako ya pitlagano e kgolo, masole a Gogo wa Magogo a ka nna a leka go re tlhasela mo magaeng a rona. Mme re ka kgothadiwa ke go itse gore Jesu le baengele ba gagwe ba tla bo ba bona se se diragalang e bile ba tla re sireletsa (Bala serapa 13)

13. Fa Gogo wa Magogo a tlhasela, ke eng fa go tla bonala e kete ga re a sireletsega, mme ke eng fa re sa tshwanela go boifa? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

13 Mo bogautshwaneng, tumelo e re nang le yone ya gore Jehofa o tla re sireletsa, e tla lekwa. Fa dipuso tsa lefatshe tse di kopaneng tse di bidiwang Gogo wa Magogo di tla bo di tlhasela rona batho ba Modimo, matshelo a rona a tla lebega a le mo kotsing. Re tla tshwanelwa ke go dumela re sa belaele gore Jehofa a ka kgona go re golola e bile o tla re golola. Ditšhaba di tla bona e kete re dinkunyana tse di se nang ope yo o ka di sireletsang. (Esek. 38:10-12) Re tla bo re se na dibetsa e bile re sa katisediwa go lwa. Ditšhaba di tla akanya gore di ka kgona go re fenya motlhofo. Di tla bo di sa bone se rona re se bonang ka gonne re na le tumelo, e leng gore baengele ba ga Jehofa ba dikologile batho ba gagwe gore ba ba sireletse. Ditšhaba ga di kitla di bona baengele bano ka gonne ga di na tumelo mo Modimong. Di tla bo di gakgametse tota fa masomosomo a baengele a re thusa!—Tshen. 19:11, 14, 15.

IPAAKANYETSE SE SE TLA DIREGANG MO NAKONG E E TLANG

14. Ke eng se re ka se dirang gone jaanong go ipaakanyetsa se se tla diregang mo nakong e e tlang?

14 Ke eng se re ka se dirang gone jaanong go ipaakanyetsa se se tla diregang mo nakong e e tlang? Sa ntlha, ga re a tshwanela go akanya gore dikhumo di botlhokwa, ka gonne letsatsi lengwe di tlile go re latlhegela. Gape re tshwanetse go kgotsofalela se re nang le sone le go itumelela kamano e re nang le yone le Jehofa. Fa re ntse re ithuta ka Jehofa, re tla mo itse botoka e bile re tla tlhatswega pelo gore o tla kgona go re sireletsa fa Gogo wa Magogo a tlhasela.

15. Ke dilo dife tse di neng tsa diragalela Dafide fa a sa ntse a le monnye tse di neng tsa dira gore a se ka a belaela gore Jehofa ga a kitla a mo latlha?

15 Akanya gore ke eng gape se se thusitseng Dafide gore a kgone go itshokela mathata, le kafa seo se ka re thusang ka gone fa re tlhagelwa ke diteko. Dafide o ne a re: “Lekang Jehofa mme lo bone gore o molemo; go itumela motho yo o tshabelang mo go ene.” (Pes. 34:8) Mafoko ano a tlhalosa lebaka la go bo Dafide a ne a sa belaele gore Jehofa o tla mo ema nôkeng. Dafide o ne a ikaega ka Jehofa ka makgetlo a le mantsi, mme Modimo wa gagwe ga a ise a ko a mo swabise. Fa Dafide a ne a le monnye, o ne a lwa le seganka sengwe sa Mofilisitia e bong Goliathe, a bo a raya motlhabani yoo yo o maatla a re: “Mo letsatsing leno, Jehofa o tla go tsenya mo seatleng sa me.” (1 Sam. 17:46) Moragonyana fa Dafide a ne a direla kgosi Saulo, kgosi eno e ne ya leka go mmolaya ka makgetlo a le mantsi. Mme “Jehofa o ne a na le” Dafide. (1 Sam. 18:12) E re ka Jehofa a ile a thusa Dafide mo nakong e e fetileng, Dafide o ne a sa belaele gore o ne a tla mo thusa fa a tlhagelwa ke mathata.

16. Re ka ‘leka’ Jehofa ka ditsela dife gore re bone gore o molemo?

16 Fa re ikaega ka Jehofa gone jaanong re tla mo ikanya le go feta re itse gore o tla re sireletsa mo nakong e e tlang. Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mme re ikemisetse go ikaega ka Jehofa fa re kopa bathapi gore ba re neye nako ya go nna gone kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, kgotsa fa re kopa gore ba re fokoletse nako ya go tla tirong gore re kgone go nna gone kwa dipokanong le kwa bodireding. Mme gone, gotweng fa mothapi a ka gana go re naya se re se kopang re bo re latlhegelwa ke tiro? A re tla nna le tumelo ya gore Jehofa ga a kitla a re latlha kgotsa a re tlogela le gore ka metlha o tla re naya se re se tlhokang? (Baheb. 13:5) Batho ba le bantsi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba ka go tlotlela maitemogelo a mantsi a a bontshang kafa Jehofa a ileng a ba thusa ka gone fa ba ne ba tlhoka thuso ya gagwe. Jehofa o a ikanyega.

17. Temana ya ngwaga ya 2022 e a reng, mme goreng e tshwanela?

17 Fa Jehofa a re eme nôkeng, ga re na lebaka la go boifa se se tla diregang mo nakong e e tlang. Jehofa ga a kitla a re latlha fa fela re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona. E le go re gopotsa gore re tlhoka go ipaakanyetsa dinako tse di thata tse re tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang, le gore re ikanye Jehofa gore ga a kitla a re tlogela, Setlhopha se se Laolang se tlhophile Pesalema 34:10 gore e nne temana ya ngwaga ya 2022. E a re: “Ba ba senkang Jehofa . . . ga ba kitla ba tlhoka sepe se se molemo.”

PINA 38 O Tla go Nonotsha

^ Temana ya ngwaga ya 2022 e tserwe mo go Pesalema 34:10 e e reng: “Ba ba senkang Jehofa . . . ga ba kitla ba tlhoka sepe se se molemo.” Bontsi jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba a itsholela. Ka jalo, ke eng fa gotwe ‘ga ba tlhoke sepe se se molemo’? Go tlhaloganya se temana eno e se kayang go tla re thusa jang gore re ipaakanyetse dinako tse di thata tse re tla lebanang le tsone mo nakong e e tlang?

^ Bala setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 15, 2014.

^ Bala makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1, 1999, ts. 19.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Tota le fa Dafide a ne a iphitlhile mo legageng ka gonne a tshaba Kgosi Saulo, o ne a lebogela Jehofa dilo tsotlhe tse a neng a mo neile tsone.

^ TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto, Jehofa o ne a ba tlamela ka mana a bo a dira gore diaparo tsa bone di se ka tsa onala.