Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

Dirisang “Nako ya Lona Sentle”

Dirisang “Nako ya Lona Sentle”

“Elang tlhoko thata tsela e lo itshwarang ka yone, gore lo se ka lwa itshwara jaaka batho ba ba seng botlhale mme lo itshware jaaka ba ba botlhale, lo dirisa nako ya lona sentle.”—BAEF. 5:15, 16.

PINA 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re ka fetsa nako le Jehofa jang?

 RE ITUMELELA go fetsa nako le batho ba re ba ratang. Monna le mosadi ba ba nyalaneng ba itumelela go fetsa nako mmogo. Basha ba itumelela go fetsa nako le ditsala tse ba atamalaneng le tsone, e bile rotlhe re itumelela go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Mme sa botlhokwa le go feta, re itumelela go fetsa nako le Modimo wa rona. Re dira seo ka go mo rapela, ka go bala Lefoko la gagwe le ka go akanya ka boikaelelo jwa gagwe le ka botho jwa gagwe jo bo kgatlhang. Nako e re e fetsang le Jehofa e botlhokwa thata!—Pes. 139:17.

2. Ke kgwetlho efe e re ka nnang le yone?

2 Le fa gone re itumelela go rapela le go ithuta Baebele, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Re nna re tshwaregile, ka jalo seo se ka dira gore go nne thata go bona nako ya go obamela Jehofa. Tiro ya rona ya boitshediso, maikarabelo a lelapa le dilo tse dingwe tse re tshwanetseng go di dira, di ka ja nako ya rona e ntsi mo re ka akanyang gore ga re na nako e e lekaneng ya go rapela, go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka dilo tse re di ithutang.

3. Ke eng gape se se ka re jelang nako?

3 Go na le selo se sengwe gape se se ka re jelang nako. Fa re se kelotlhoko, re ka tshwarega thata ka dilo tse di seng botlhokwa tse di ka re jelang nako e re tshwanetseng go e dirisetsa go atamalana le Jehofa. Ka sekai, akanya ka boitlosobodutu. Rotlhe re tlhoka go nna re itlosa bodutu. Le fa gone boitlosobodutu jo re bo tlhophang bo ka tswa bo siame, fa re fetsa nako e ntsi mo go jone, bo ka re jela nako ya go obamela Jehofa. Re tshwanetse go gopola gore boitlosobodutu ga bo a tshwanela go nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.—Diane 25:27; 1 Tim. 4:8.

4. Re tlile go tlotla ka eng?

4 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka lebaka la go bo re tshwanetse go dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele mo botshelong jwa rona. Gape re tlile go sekaseka kafa re ka dirisang nako ya rona sentle ka gone mo kobamelong ya ga Jehofa le gore go dira jalo go tla re solegela molemo jang.

DIRA DITSHWETSO TSE DI SIAMENG; DIRA GORE DILO TSA BOTLHOKWA DI TLE PELE

5. Go akanya ka kgakololo e e mo go Baefeso 5:15-17, go ka thusa mosha jang gore a dire tshwetso e e siameng mo botshelong?

5 Dira tshwetso e e siameng mo botshelong. Basha ba nna ba tshwenyegile ka gore ke eng se ba ka se dirang gore ba itumelele botshelo. Barutabana le ba lelapa ba e seng Basupi ba ga Jehofa, ba ka ba kgothaletsa gore ba ye kwa yunibesithing gore ba bone tiro e e duelang madi a mantsi. Go dira jalo go ka ba jela nako e ntsi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batsadi le ditsala mo phuthegong ba ka kgothaletsa basha gore ba direle Jehofa. Ke eng se se ka thusang mosha yo o ratang Jehofa gore a dire tshwetso e e siameng? A ka solegelwa molemo ke go bala Baefeso 5:15-17 le go akanyetsa kwa teng ka yone. (E bale.) Fa mosha a sena go bala ditemana tseno, a ka nna a ipotsa jaana: ‘Ke eng “se Jehofa a batlang gore ke se dire”? O tla itumela fa ke dira tshwetso efe? Nka dira tshwetso efe e e tla dirang gore ke dirise nako ya me sentle?’ Gakologelwa gore “malatsi a re tshelang mo go one a bosula,” le gore lefatshe leno le le laolwang ke Satane le tlile go fedisiwa mo bogautshwaneng. Ka jalo, go tla bo go le botlhale gore re tshele ka tsela e e tla dirang gore Jehofa a itumele.

6. Marea o ne a dira tshwetso efe, mme goreng e ne e le tshwetso e e molemo?

6 Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. E le gore re kgone go dirisa nako ya rona sentle, re ka nna ra tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga dilo tse pedi tse di seng phoso. Re kgona go bona seo mo go se se ileng sa direga fa Jesu a ne a etetse Marea le Maratha. E re ka Maratha a ne a itumeletse go amogela Jesu, o ne a apaya dijo tse dintsi. Mme Marea ene, o ne a nna go bapa le Jesu a bo a reetsa se a neng a se bua. Se Maratha a neng a se dira se ne se se phoso, le fa go ntse jalo Jesu o ne a re Marea o “tlhophile karolo e e molemo.” (Luke 10:38-42, ntlh.) Fa nako e ntse e tsamaya, Marea a ka tswa a ile a lebala se ba ileng ba se ja mo letsatsing leo, mme gone ga re belaele gore ga a ka a lebala se a ileng a se ithuta mo go Jesu. Fela jaaka Marea a ne a itumelela go nna le Jesu, le rona re itumelela go fetsa nako le Jehofa. Re ka dira jang gore nako eo e re solegele molemo?

DIRISA NAKO E O E FETSANG LE JEHOFA SENTLE

7. Ke eng fa go rapela, go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang go le botlhokwa thata?

7 O tshwanetse go gopola gore go rapela, go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang ke karolo ya kobamelo ya rona. Fa re rapela, re a bo re bua le Rraarona yo o kwa legodimong yo o re ratang fela thata. (Pes. 5:7) Fa re bala Baebele, re ithuta ka “kitso ya Modimo” yo o botlhale go gaisa botlhe. (Diane 2:1-5) Go akanyetsa kwa teng ka dilo tse re di ithutang ka Jehofa, go re thusa go lemoga gore o na le botho jo bo molemo e bile re gakologelwa dilo tse di kgatlhang tse a batlang go re direla tsone le go di direla batho ba bangwe. Fa re dira jalo, re tla bo re dirisa nako ya rona sentle. Mme gone, ke eng se se ka re thusang go dirisa nako ya rona sentle?

Batla lefelo le le didimetseng gore o kgone go ithuta o le nosi (Bona serapa 8-9)

8. Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a ileng a dirisa nako ya gagwe ka yone fa a ne a le kwa nageng?

8 Fa go kgonega, batla lefelo le le didimetseng. Akanya ka sekao sa ga Jesu. Pele a simolola bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a fetsa malatsi a le 40 kwa nageng. (Luke 4:1, 2) Fa Jesu a ne a le mo lefelong leo le le didimetseng, o ne a rapela Jehofa a bo a akanyetsa kwa teng ka se Rraagwe a neng a batla gore a se dire. Ga go pelaelo gore go dira jalo, go ne ga thusa Jesu gore a ipaakanyetse diteko tse a neng a tlile go nna le tsone. O ka solegelwa molemo jang ke sekao seno sa ga Jesu? Fa e le gore lo bantsi mo lelapeng la lona, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go bona lefelo le le didimetseng mo ntlong. Fa go le jalo, o ka batla lefelo le le didimetseng kwa ntle. Seo ke se Julie a se dirang fa a batla go fetsa nako le Jehofa a rapela. Ene le monna wa gagwe ba nna mo foleteng e nnye kwa Fora, e bile ga go motlhofo gore a nne a le nosi a sa kgorelediwe ke ope. Julie a re: “Ke ya kwa phakeng letsatsi le letsatsi. Fa ke le koo, ke kgona go nna ke le nosi ke tlhomile mogopolo ke bo ke bua le Jehofa.”

9. Le fa Jesu a ne a nna a tshwaregile, o ile a bontsha jang gore o tsaya botsala jwa gagwe le Jehofa bo le botlhokwa?

9 Jesu o ne a nna a tshwaregile. Boidiidi jwa batho bo ne bo mo sala morago fa a tswa kwa lefelong le lengwe a ya kwa go le lengwe bo batla go fetsa nako le ene. Nako nngwe “batho botlhe mo motseng ba ne ba kokoane fa kgorong ya ntlo” ba batla go mmona. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhomamisa gore o ipha nako ya go rapela Jehofa. Pele letsatsi le tlhaba, o ne a ya “kwa lefelong le le se nang batho” gore a kgone go fetsa nako le Rraagwe.—Mar. 1:32-35.

10-11. Go ya ka Mathaio 26:40 le 41, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe kgakololo efe kwa tshingwaneng ya Gethesemane, mme go ne ga direga eng?

10 Mo bosigong jwa bofelo pele Jesu a tlhokafala e bile a wetsa bodiredi jwa gagwe, o ne a batla lefelo le le didimetseng gape gore a kgone go akanyetsa kwa teng le go rapela. O ne a bona lefelo leo kwa tshingwaneng ya Gethesemane. (Math. 26:36) Fa Jesu a le koo, o ne a naya barutwa ba gagwe kgakololo ya botlhokwa ka thapelo.

11 Akanya ka se se neng sa direga. Fa ba ne ba goroga kwa tshingwaneng ya Gethesemane, go ne go setse go le bosigo tota, gongwe e bile go setse go potile bosigogare ka kwa. Jesu o ne a raya baaposetoloi a re ba ‘nne ba disitse’ a bo a ya go rapela. (Math. 26:37-39) Mme fa a ne a ile go rapela, ba ne ba robala. Fa Jesu a ba fitlhela ba robetse, o ne a ba bolelela gape gore ba ‘nne ba disitse e bile ba rapela ba sa kgaotse.’ (Bala Mathaio 26:40, 41.) O ne a tlhaloganya gore ba ne ba tshwenyegile thata le gore ba ne ba lapile. O ne a le pelotlhomogi e bile a itse gore ‘nama e bokoa.’ Jesu o ne a ya go rapela ka makgetlo a mangwe a mabedi, mme fa a boa o ne a fitlhela barutwa ba gagwe robetse go na le gore ba rapele.—Math. 26:42-45.

Leka go rapela o sa lapa thata (Bona serapa 12)

12. Re ka dira eng fa ka dinako dingwe re palelwa ke go rapela ka gonne re tshwenyegile thata kgotsa re lapile thata?

12 Batla nako e e siameng. Ka dinako dingwe re ka palelwa ke go rapela ka gonne re tshwenyegile thata kgotsa re lapile thata. Fa e le gore seo se kile sa go diragalela, itse gore ga o nosi. Mme gone, ke eng se o ka se dirang? Batho bangwe ba ba tlwaetseng go rapela Jehofa pele ga ba robala, ba bone go le molemo go rapela nakwana pele ga foo ba sa lapa thata. Ba bangwe ba lemogile gore ba kgona go tlhoma mogopolo fa ba rapela ba ntse fa fatshe kgotsa ba khubame. Mme go tweng fa e le gore ga o kgone go rapela ka gonne o tshwenyegile thata kgotsa o kgobegile marapo? Bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang. Ga go pelaelo gore Rraarona yo o kutlwelobotlhoko o tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone.—Pes. 139:4.

Tila go araba melaetsa kgotsa di-email fa o le kwa dipokanong (Bona serapa 13-14)

13. Didirisiwa tsa rona tsa ileketeroniki di ka re itaya tsebe jang fa re rapela, re ithuta kgotsa re le kwa dipokanong?

13 Tlosa dilo tse di ka go itayang tsebe fa o ithuta. Thapelo ga se yone fela e e re thusang go nonotsha botsala jwa rona le Jehofa. Go ithuta Lefoko la Modimo le go nna teng kwa dipokanong le gone go re thusa gore re atamalane le ene. A go na le sengwe se o ka se dirang gore o solegelwe molemo ke go ithuta le go nna teng kwa dipokanong? Ipotse gore, ‘Ke eng se se dirang gore ke iteege tsebe fa ke le kwa dipokanong kgotsa fa ke leka go ithuta?’ A ke ka gonne founo ya me e lela, batho ba nthomelela di-email le melaetsa mo founong kgotsa mo didirisiweng tse dingwe tsa ileketeroniki? Gompieno batho ba le bantsi ba na le didirisiwa tseno. Babatlisisi bangwe ba re fa re leka go tlhoma mogopolo mme re tshwere founo re ka iteega tsebe. Moporofesa yo o rutang ka malwetse a tlhaloganyo a re: “Ga o kgone go tlhoma mogopolo mo go se o se dirang. O a bo o akantse ka sengwe se sele.” Gantsi pele thulaganyo ya dikopano tse dinnye kgotsa tse dikgolo e simolola, re gopodiwa gore re dire gore didirisiwa tsa rona tsa ileketeroniki di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe. A re ka dira se se tshwanang fa re le nosi gore didirisiwa tsa rona tsa ileketeroniki di se ka tsa re itaya tsebe kgotsa tsa re kgoreletsa fa re rapela kgotsa re ithuta?

14. Go ya ka Bafilipi 4:6 le 7, Jehofa o tla re thusa jang gore re kgone go tlhoma mogopolo?

14 Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhoma mogopolo. Fa o lemoga gore o simolola go akanya ka dilo tse dingwe fa o ithuta kgotsa fa o le kwa dipokanong, kopa Jehofa gore a go thuse. Mme fa e le gore o tshwenyegile ka sengwe kgotsa o a tlhobaela, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore o tlhome mogopolo fa o ithuta Lefoko la Modimo, le fa go ntse jalo go botlhokwa gore o tlhome mogopolo. Rapelela gore Modimo a go neye kagiso e e tla disang pelo ya gago le ‘mogopolo’ wa gago.—Bala Bafilipi 4:6, 7.

RE SOLEGELWA MOLEMO KE GO FETSA NAKO LE JEHOFA

15. Re solegelwa molemo jang ke go fetsa nako le Jehofa?

15 O tla solegelwa molemo tota fa o ipha nako ya go bua le Jehofa, go mo reetsa le go akanya ka ene. Jang? Sa ntlha, o tla dira ditshwetso tse di siameng. Baebele e re bolelela gore “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Ka jalo, fa o fetsa nako le motho yo o botlhale go gaisa botlhe e bong Jehofa, o tla nna botlhale le go feta. O tla kgona go dira ditshwetso tse di mo itumedisang le go tila tse di ka mo utlwisang botlhoko.

16. Go rapela Jehofa le go ithuta ka ene go ka tokafatsa jang tsela e re rutang ka yone?

16 Sa bobedi, o tla kgona go ruta ba bangwe sentle. Fa re ruta motho Baebele, selo sa botlhokwa se re batlang go se fitlhelela ke go mo thusa gore a atamalane le Jehofa. Fa re nna re rapela Jehofa e bile re ithuta ka ene, tsela e re mo ratang ka yone e tla gola e bile re tla kgona go thusa batho ba re ba rutang gore ba mo rate. Seo ke se Jesu a ileng a se dira. Tsela e e lorato e a neng a tlhalosa Rraagwe ka yone e ne ya dira gore barutwa ba gagwe le bone ba rate Jehofa.—Joh. 17:25, 26.

17. Goreng go rapela le go ithuta re le nosi go nonotsha tumelo ya rona?

17 Sa boraro, tumelo ya gago e tla nonofa. Akanya ka se se diregang fa o rapela Modimo o mo kopa gore a go kaele, a go gomotse kgotsa a go eme nôkeng. Nako le nako fa Jehofa a araba dithapelo tseo, tumelo ya gago e a nonofa. (1 Joh. 5:15) Ke eng gape se se ka nonotshang tumelo ya gago? Ke go ithuta o le nosi. Gakologelwa gore “motho o nna le tumelo fa a sena go utlwa lefoko.” (Bar. 10:17) Le fa go ntse jalo, fa re batla gore tumelo ya rona e nonofe, ga re a tshwanela go ithuta fela. Ke eng gape se re tlhokang go se dira?

18. Tlhalosa sekai se se bontshang botlhokwa jwa go akanyetsa kwa teng.

18 Re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang. Akanya ka se se diragaletseng mokwadi wa Pesalema 77. O ne a tshwenyegile thata ka gonne a ne a akanya gore Jehofa ga a tlhole a amogela ene le Baiseraele ba bangwe. O ne a sa kgone go robala ka gonne kgang eo e mo tshwentse thata. (Temana 2-8) O ne a dira eng? O ne a raya Jehofa a re: “Ke tla akanyetsa kwa teng ka tiro yotlhe ya gago e bile ke tla akanya thata ka dilo tse o di dirang.” (Temana 12) Gone ke boammaaruri gore mokwadi yono wa pesalema o ne a itse dilo tse Jehofa a di diretseng batho ba gagwe mo nakong e e fetileng, mme gone o ne a sa ntse a ipotsa potso eno: “A Modimo o lebetse go nna pelontle, kgotsa a bogale jwa gagwe bo dirile gore kutlwelobotlhoko ya gagwe e fele?” (Temana 9) O ne a akanyetsa kwa teng ka ditiro tse Jehofa a neng a di dirile le ka tsela e a ileng a bontsha kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka yone mo nakong e e fetileng. (Temana 11) Seo se ne sa felela ka eng? Mokwadi yoo wa pesalema o ne a tlhatswega pelo gore Jehofa o ne a ka se ka a latlha batho ba Gagwe. (Temana 15) Ka tsela e e tshwanang, tumelo ya gago e tla nonofa fa o akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a setseng a se diretse batho ba gagwe botlhe le ka se a go diretseng sone.

19. Go fetsa nako le Jehofa go re solegela molemo jang gape?

19 Sa bonê e bile e le sa botlhokwa thata, tsela e o ratang Jehofa ka yone e tla gola. Lorato lo tla go tlhotlheletsa gore o ikobele Jehofa, o itime dilo dingwe gore o mo itumedise le gore o itshokele diteko dipe fela tse o lebanang le tsone. (Math. 22:37-39; 1 Bakor. 13:4, 7; 1 Joh. 5:3) Ruri ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa go ratiwa ke Jehofa le go atamalana le ene!—Pes. 63:1-8.

20. O tla dira eng gore o nne le nako ya go rapela, go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se o se ithutang?

20 Gakologelwa gore thapelo, go ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang ke karolo ya kobamelo ya rona. Fela jaaka Jesu, batla lefelo le le didimetseng gore o kgone go fetsa nako le Jehofa. Tlosa dilo tse di ka go itayang tsebe. Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhoma mogopolo fa o rapela, o ithuta le fa o le kwa dipokanong. Fa o dirisa nako ya gago sentle gone jaanong, Jehofa o tla go segofatsa ka go go naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha.—Mar. 4:24.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

^ Jehofa ke Tsala ya rona e kgolo. Re itumelela botsala jo re nang le jone le ene, e bile re batla go mo itse botoka. Go tsaya nako go itse mongwe. Botsala jwa rona le Jehofa le jone bo ka tsaya nako gore bo gole. E re ka re nna re tshwaregile, re ka bona jang nako ya go atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong, mme seo se ka re solegela molemo jang?