Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

Goreng re Nna Gone Kwa Segopotsong?

Goreng re Nna Gone Kwa Segopotsong?

“Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—LUKE 22:19.

PINA 20 O re Neile Morwao yo o Rategang

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Gantsi re gopola motho yo o tlhokafetseng yo re mo ratang leng? (b) Jesu o ne a tlhoma eng mo bosigong jwa pele a tlhokafala?

 LE FA gone batho ba re ba ratang ba ka tswa ba na le lobaka lo loleele ba tlhokafetse, re sa ntse re ba gopola e bile re ba gopola thata ka letsatsi le ba tlhokafetseng ka lone.

2 Ngwaga le ngwaga, re nna bangwe ba batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba ba gopolang letsatsi la loso lwa motho yo re mo ratang thata e bong Jesu Keresete. (1 Pet. 1:8) Re kopana mmogo gore re tle go gopola motho yo o ileng a ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo gore a re golole mo boleong le mo losong. (Math. 20:28) Tota e bile, Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe. Mo bosigong jwa pele a tlhokafala, o ne a tlhoma sejo se se kgethegileng sa maitseboa a bo a laela jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” *Luke 22:19.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo bathong ba ba nnang gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, ke ba le mmalwa fela ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Mme gone, batho ba le dimilione ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba nna teng. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka mabaka a go bo ditlhopha tseno tse pedi di nna di lebile pele go nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga. Gape re tlile go bona gore re solegelwa molemo jang ke go nna teng kwa Segopotsong. A re simololeng pele ka go tlotla ka mabaka a go bo batlodiwa ba nna teng kwa Segopotsong.

GORENG BATLODIWA BA NNA GONE KWA SEGOPOTSONG?

4. Ke eng fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ja senkgwe e bile ba nwa beine kwa Segopotsong?

4 Ngwaga le ngwaga, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nnang teng kwa Segopotsong, ba ja senkgwe e bile ba nwa beine. Goreng ba dira jalo? Go bona karabo, akanya ka se se neng sa diragala mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa. Morago ga dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. O ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang senkgwe gore ba se je le beine gore ba e nwe. Jesu o ne a bua le bone ka dikgolagano kgotsa ditumalano tse pedi, e leng kgolagano e ntšha le kgolagano ya Bogosi. * (Luke 22:19, 20, 28-30) Dikgolagano tseno di ne tsa naya baaposetoloi bao le batho ba bangwe ba palo e e lekanyeditsweng tshono ya gore e nne dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (Tshen. 5:10; 14:1) Masalela a batlodiwa * a a mo dikgolaganong tse pedi tseno, ke one fela a a jang senkgwe e bile a nwa beine kwa Segopotsong.

5. Batlodiwa ba itse eng ka tsholofelo e ba nang le yone?

5 Lebaka le lengwe la go bo Bakeresete ba ba tloditsweng ba rata go nna gone kwa Segopotsong ke gore Segopotso se ba naya tshono ya go akanya ka tsholofelo e ba nang le yone. Jehofa o ba neile tsholofelo e e itumedisang ya go tshela kwa legodimong ba na le mebele e e sa boleng e bile ba sa swe, ba busa le Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing le batlodiwa mmogo le bone ba ba setseng ba le kwa legodimong. Mo godimo ga moo, ba na le tshiamelo ya go bona Jehofa Modimo. (1 Bakor. 15:51-53; 1 Joh. 3:2) Bakeresete ba ba tloditsweng ba a itse gore ba neilwe tshono ya go itumelela ditshiamelo tseo kwa legodimong. E le gore ba kgone go tshela kwa legodimong, ba tshwanetse go tswelela ba ikanyega go fitlha ba swa. (2 Tim. 4:7, 8) Ba a itumela fa ba akanya ka tsholofelo e ba nang le yone ya go tshela kwa legodimong. (Tito 2:13) Go tweng ka ba “dinku tse dingwe”? (Joh. 10:16) Goreng bone ba nna teng kwa Segopotsong?

GORENG BA DINKU TSE DINGWE BA NNA GONE KWA SEGOPOTSONG?

6. Goreng ba dinku tse dingwe ba nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga?

6 Ba dinku tse dingwe ba itumelela go nna teng kwa Segopotsong le fa ba sa je senkgwe e bile ba sa nwe beine. Ka 1938, e ne e le lekgetlo la ntlha Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba lalediwa go nna teng kwa Segopotsong. Makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1938 o ne wa re: “Go tla bo go tshwanela gore [ba dinku tse dingwe] ba nne teng kwa pokanong eo le gore ba bone se se diregang. . . . Eo e tshwanetse go nna nako e e itumedisang e le bone ba e itumelelang.” Fela jaaka balalediwa ba itumelela go nna teng kwa lenyalong, ba dinku tse dingwe le bone ba itumelela go nna teng kwa Segopotsong.    

7. Goreng ba dinku tse dingwe ba itumelela go reetsa puo ya Segopotso?

7 Ba dinku tse dingwe le bone ba akanya ka tsholofelo e ba nang le yone. Ba nna ba lebile pele go reetsa puo ya Segopotso e e buang ka se Keresete le babusimmogo le ene ba ba 144 000 ba tlileng go se direla batho ba ba ikanyegang mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete. Mo pusong eo e e eteletsweng pele ke Kgosi ya bone e bong Jesu Keresete, babusi bao ba tla fetola lefatshe gore le nne paradaise ba bo ba thusa batho ba ba ikanyegang gore ba se ka ba tlhola ba nna le boleo. Batho ba le dimilione ba ba nnang teng kwa Segopotsong ba itumelela go akanya ka boporofeti jwa Baebele jo bo tla diragadiwang mo nakong e e tlang, jaaka jo bo mo go Isaia 35:5, 6; 65:21-23 le Tshenolo 21:3, 4. Fa ba ipona ka leitlho la mogopolo ba tshela kwa lefatsheng le lesha ba na le batho ba ba ba ratang, tsholofelo ya bone ka bokamoso e a nonofa e bile ba ikemisetsa go tswelela ba direla Jehofa.—Math. 24:13; Bagal. 6:9.

8. Lebaka le lengwe la go bo ba dinku tse dingwe ba nna teng kwa Segopotsong ke lefe?

8 Lebaka le lengwe la go bo ba dinku tse dingwe ba nna teng kwa Segopotsong ke gore ba batla go bontsha batlodiwa gore ba a ba rata le gore ba ba ema nôkeng. Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele gore batlodiwa le ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba tla dira mmogo ba le seoposengwe. Ba ne ba tla dira seo jang? A re tlotleng ka dikai di le mmalwa.

9. Boporofeti jo bo mo go Sekarea 8:23 bo bontsha gore ba dinku tse dingwe ba ikutlwa jang ka batlodiwa?

9 Bala Sekarea 8:23. Boporofeti jono bo tlhalosa sentle kafa ba dinku tse dingwe ba ikutlwang ka teng ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tloditsweng. Mafoko “Mojuda” le “lona” a bua ka setlhopha se le sengwe sa batho, e leng masalela a batlodiwa. (Bar. 2:28, 29) “Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba emela ba dinku tse dingwe. Ba “ngangatlela” batlodiwa ka go kopanela le bone mo kobamelong e e boitshepo ka boikanyegi. Ka jalo, ka letsatsi la Segopotso ba bontsha gore ba atamalane le batlodiwa ka go nna le bone mo Segopotsong.

10. Ke eng se Jehofa a se dirileng go diragatsa boporofeti jo bo mo go Esekiele 37:15-19, 24 le 25?

10 Bala Esekiele 37:15-19, 24, 25. Jehofa o diragaditse boporofeti jono ka go dira gore batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba dire mmogo ba le seoposengwe. Boporofeti jono bo bua ka dithobane tse pedi. Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong ba tshwana le thobane “ya ga Juda” (lotso lo go neng go tlhophiwa dikgosi tsa Iseraele mo go lone), mme ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tshwana le thobane “ya ga Eferaime.” * Jehofa o ne a tla kopanya ditlhopha tseo tse pedi gore di nne “thobane e le nngwe.” Seno se raya gore ba dira mmogo ba eteletswe pele ke Kgosi e le nngwe e bong Keresete Jesu. Ngwaga le ngwaga, batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba nna teng kwa Segopotsong, e se ditlhopha tse pedi mme e le “letsomane le le lengwe” le le nang le “modisa a le mongwe.”—Joh. 10:16.

11. “Dinku” tse go buiwang ka tsone mo go Mathaio 25:31-36 le 40, di ema bomorwarraagwe Keresete nôkeng jang?

11 Bala Mathaio 25:31-36, 40. “Dinku” tse Jesu a buang ka tsone mo setshwantshong seno ke batho ba ba siameng ba ba tshelang mo motlheng wa bokhutlo, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, ke bone ba dinku tse dingwe. Ba ema masalela a bomorwarraagwe Keresete nôkeng ka go ba thusa go diragatsa maikarabelo a bone a magolo, e leng tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go rera le go dira batho barutwa.—Math. 24:14; 28:19, 20.

12-13. Ba dinku tse dingwe ba thusa bomorwarraagwe Keresete ka ditsela dife tse dingwe?

12 Ngwaga le ngwaga dibeke di le mmalwa pele ga Segopotso, ba dinku tse dingwe ba ema bomorwarraagwe Keresete nôkeng ka go nna le seabe mo letsholong le le dirwang mo lefatsheng lotlhe la go laletsa batho ba ba kgatlhegang gore ba nne gone kwa Segopotsong. (Bala lebokoso le le reng “ A o Ipaakanyeditse Paka ya Segopotso?”) Gape ba thusa ka go dira dithulaganyo tse di tlhokegang gore phuthego nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe e kgone go tshwara Segopotso, tota le fa go se na batlodiwa mo diphuthego tsa bone. Ba dinku tse dingwe ba itumelela go ema bomorwarraagwe Keresete nôkeng ka ditsela tseo. Ba a itse gore Jesu o tsaya se ba se direlang bomorwarraagwe ba batlodiwa e kete ba se direla ene.—Math. 25:37-40.

13 Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, re na le mabaka afe a mangwe a go nna gone kwa Segopotsong?

KE ENG FA ROTLHE RE NNA GONE KWA SEGOPOTSONG?

14. Jehofa le Jesu ba re bontshitse lorato lo logolo jang?

14 Re lebogela lorato lo Jehofa le Jesu ba re bontshitseng lone. Jehofa o re bontshitse lorato ka ditsela tse dintsi, mme gone go na le tsela e le nngwe e e tlhomologileng mo go tsone. Modimo wa rona o re bontshitse lorato lo logolo fa a ne a ntsha Morwawe yo o tshotsweng a le esi gore a boge a bo a re swele. (Joh. 3:16) Jesu le ene o re bontshitse lorato lo logolo ka go ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata. (Joh. 15:13) Ga re ka ke ra kgona go duela Jehofa le Jesu ka ntlha ya lorato lo logolo lo ba re bontshitseng lone. Mme gone, re ka bontsha gore re a ba leboga ka tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi. (Bakol. 3:15) Gape re nna teng kwa Segopotsong e le go ikgopotsa lorato lo ba re bontshitseng lone le go ba bontsha gore le rona re a ba rata.

15. Ke ka ntlha yang fa batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba tsaya mpho ya thekololo e le botlhokwa thata?

15 Re tsaya mpho ya thekololo e le botlhokwa thata. (Math. 20:28) Batlodiwa ba lebogela thekololo ka gonne e dira gore tsholofelo ya bone e diragadiwe. E re ka ba dumela mo setlhabelong sa ga Keresete, Jehofa o ba tsaya ba siame e bile o ba itseetse gore e nne bana ba gagwe. (Bar. 5:1; 8:15-17, 23) Ba dinku tse dingwe le bone ba lebogela thekololo. E re ka ba dumela mo setlhabelong sa ga Keresete, Modimo o a ba amogela. Ba kgona go mo direla tirelo e e boitshepo e bile ba na le tsholofelo ya go falola ba ‘tswa mo pitlaganong e kgolo.’ (Tshen. 7:13-15) Tsela e nngwe e batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba bontshang ka yone gore ba lebogela thekololo, ke ka go nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga.

16. Lebaka le lengwe la go bo re nna teng kwa Segopotsong ke lefe?

16 Lebaka le lengwe la go bo re nna teng kwa Segopotsong ke gore re batla go ikobela Jesu. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, mongwe le mongwe wa rona o batla go ikobela taelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe mo bosigong jo a neng a tlhoma Segopotso mo go jone e e reng: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—1 Bakor. 11:23, 24.

MELEMO YA GO NNA GONE KWA SEGOPOTSONG

17. Segopotso se re thusa jang gore re atamalane le Jehofa?

17 Re atamalana le Jehofa. (Jak. 4:8) Jaaka re ithutile, Segopotso se re naya tshono ya go akanya ka tsholofelo e Jehofa a re neileng yone le go akanya ka lorato lo logolo lo a re bontshitseng lone. (Jer. 29:11; 1 Joh. 4:8-10) Fa re akanya ka tsholofelo ya rona ya mo nakong e e tlang le ka lorato lwa Modimo lo logolo, tsela e re mo ratang ka yone e a gola e bile re atamalana le ene. —Bar. 8:38, 39.

18. Go akanyetsa kwa teng ka sekao sa ga Jesu, go tla re tlhotlheletsa gore re dire eng?

18 Re tlhotlheletsega go etsa sekao sa ga Jesu. (1 Pet. 2:21) Malatsi a le mmalwa pele ga Segopotso, re tlhoma mogopolo mo dipegong tsa Baebele tse di buang ka beke ya bofelo ya ga Jesu mo lefatsheng, ka loso lwa gagwe le ka tsogo ya gagwe. Mme ka letsatsi la Segopotso, re reetsa puo e e re gopotsang tsela e Jesu a re ratang ka yone. (Baef. 5:2; 1 Joh. 3:16) Fa re bala ka sekao sa ga Jesu sa go intsha setlhabelo e bile re akanyetsa kwa teng ka sone, re tlhotlheletsega go “tshela ka tsela e Jesu a neng a tshela ka yone.”—1 Joh. 2:6.

19. Re ka dira jang gore Modimo a tswelele a re rata?

19 Re leka ka natla gore Modimo a tswelele a re rata. (Jude 20, 21) Modimo o tla tswelela a re rata fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo ikobela, go itshepisa leina la gagwe le go mo itumedisa. (Diane 27:11; Math. 6:9; 1 Joh. 5:3) Go nna gone kwa Segopotsong, go re tlhotlheletsa gore re ikemisetse le go feta gore letsatsi le letsatsi re tla tshela jaaka e kete re raya Jehofa re re, ‘Ke batla gore o tswelele o nthata ka bosakhutleng!’

20. Re na le mabaka afe a a utlwalang a go nna teng kwa Segopotsong?

20 Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re na le mabaka a a utlwalang a go nna gone kwa Segopotsong. Ngwaga le ngwaga fa re kopana ka nako ya Segopotso, re gopola loso lwa motho yo re mo ratang, e bong Jesu Keresete. Sa botlhokwa le go feta, re gopola lorato lo logolo lo Jehofa a re bontshitseng lone ka go re naya Morwawe e le thekololo. Mo ngwageng ono, Segopotso se tla tshwarwa maitseboa ka Labotlhano, April 15, 2022. Re rata Jehofa le Morwawe, ka jalo ka letsatsi le Jesu a suleng ka lone, ga re batle go letla sepe gore se re kgoreletse go nna teng kwa Segopotsong.

PINA 16 Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng

^ Re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, ngwaga le ngwaga re nna re lebile pele go nna gone kwa Segopotsong. Setlhogo seno se tla tlotla ka mabaka a a utlwalang a a tswang mo Baebeleng a go bo re nna teng kwa Segopotsong le kafa seo se re solegelang molemo ka gone.

^ Mafoko ano a ranotswe e le “Dirang mo, lo nkgopole ka gone” (Baebele e e Boitshepo).

^ Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka kgolagano e ntšha le ka kgolagano ya Bogosi, bala setlhogo se se reng “Lo Tla Nna ‘Bogosi Jwa Boperesiti’” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2014 ts. 15-17.

^ TLHALOSO: Mafoko a a reng masalela a batlodiwa a kaya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng.

^ Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka boporofeti jo bo mo go Esekiele kgaolo 37 jo bo buang ka dithobane tse pedi, bala makasine wa Tora ya Tebelo wa July 2016 mo setlhogong se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading.”