Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 2

Ithute mo go Morwarraagwe Jesu

Ithute mo go Morwarraagwe Jesu

“Jakobe, motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete.”—JAK. 1:1.

PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. O ka tlhalosa lelapa la gaabo Jakobe jang?

 MORWARRAAGWE Jesu e bong Jakobe, o goletse mo lelapeng le le neng le ikanyega mo go Jehofa. * Batsadi ba gagwe e bong Josefa le Marea, ba ne ba rata Jehofa fela thata e bile ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba se kgona go mo direla. Selo se sengwe gape se Jakobe a neng a segofaditswe ka sone, e ne e le gore mogolowe e ne e tla nna Mesia yo o solofeditsweng. Ruri Jakobe o ne a na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go bo e ne e le karolo ya lelapa leno!

Fa Jesu le Jakobe ba ne ba gola, Jakobe o ne a itse morwarraagwe sentle (Bona serapa 2)

2. Jakobe o ne a na le mabaka afe a go tlotla mogolowe?

2 Jakobe o ne a na le mabaka a mantsi a go tlotla mogolowe. (Math. 13:55) Ka sekai, fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12 o ne a itse Dikwalo sentle mo e leng gore o ne a gakgamatsa bagolwane ba ba rutegileng ba kwa Jerusalema. (Luke 2:46, 47) Jakobe a ka tswa a ne a dira tiro ya go betla le Jesu. Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse a bo a ne a itse mogolowe sentle. Mokaulengwe Nathan H. Knorr o ne a tle a re: “O kgona go itse motho sentle fa o bereka le ene.” * Gape Jakobe o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore “Jesu o ne a tswelela a nna botlhale le go feta, a gola e bile a amogelwa ke Modimo le batho.” (Luke 2:52) Seo se ka dira gore re akanye gore Jakobe e ne e le mongwe wa barutwa ba ga Jesu ba ntlha. Mme go ne go sa nna jalo.

3. Jakobe o ne a itshwara jang fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe?

3 Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jakobe ga a ka a nna mongwe wa barutwa ba gagwe. (Joh. 7:3-5) Tota e bile, Jakobe a ka tswa e ne e le mongwe wa ba masika a ga Jesu ba ba neng ba akanya gore Jesu “o latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mar. 3:21) E bile ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore Jakobe o ne a na le mmaagwe e bong Marea fa Jesu a ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso.—Joh. 19:25-27.

4. Re tlile go ithuta eng?

4 Moragonyana, Jakobe o ne a dumela mo go Jesu a bo a nna mogolwane yo o tlotlegang mo phuthegong ya Bokeresete. Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka dilo tse pedi tse re ka di ithutang mo go Jakobe: (1) gore ke eng fa re tshwanetse go nna boikokobetso le (2) gore re ka dira eng gore re nne barutisi ba ba molemo.

IKOKOBETSE JAAKA JAKOBE

Jakobe o ne a ikokobetsa fa Jesu a sena go bonala kwa go ene, mme go tloga ka nako eo o ne a nna morutwa yo o ikanyegang wa ga Keresete (Bona serapa 5-7)

5. Jakobe o ne a dira eng fa Jesu a sena go bonala kwa go ene?

5 Jakobe o ne a nna molatedi yo o ikanyegang wa ga Jesu leng? Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, “o ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe.” (1 Bakor. 15:7) Fa Jakobe a sena go kopana le Jesu o ne a nna mongwe wa barutwa ba gagwe. O ne a le teng fa baaposetoloi ba ne ba letetse go amogela moya o o boitshepo ba le kwa phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Dit. 1:13, 14) Moragonyana, Jakobe o ne a itumelela go nna leloko la setlhopha se se laolang sa phuthego ya bogologolo. (Dit. 15:6, 13-22; Bagal. 2:9) E bile nako nngwe pele ga 62 C.E. o ne a tlhotlhelediwa go kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng lekwalo. Le rona gompieno re solegelwa molemo ke lekwalo leo, re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. (Jak. 1:1) Rahisitori wa bogologolo e bong Josephus, o ne a kwala gore Moperesiti yo Mogolo wa Mojuda yo o bidiwang Ananiase morwa Anase, o ne a laela gore Jakobe a bolawe. Jakobe o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng.

6. Jakobe o ne a farologane jang le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe?

6 Jakobe o ne a le boikokobetso. Goreng re rialo? Ela tlhoko gore Jakobe o ne a feleletsa a dumela mo go Jesu e leng se se farologanang le se baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba neng ba se dira. Fa Jakobe a ne a bona bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jesu e ne e le Morwa Modimo, o ne a ikokobetsa a bo a dumela seo. Le fa go ntse jalo, baperesiti ba bagolo ba kwa Jerusalema bone ga ba a ka ba dira jalo. Ka sekai, ba ne ba ka se ka ba ganela gore Jesu o tsositse Lasaro mo baswing. Le fa go ntse jalo, go na le gore ba dumele gore Jesu o rometswe ke Jehofa, ba ne ba leka go bolaya ene le Lasaro. (Joh. 11:53; 12:9-11) Moragonyana fa Jesu a sena go tsosiwa, ba ne ba leka go fitlhela batho gore o tsositswe. (Math. 28:11-15) Boikgogomoso bo ne jwa dira gore baeteledipele bao ba bodumedi ba se ka ba amogela Mesia.

7. Goreng re tshwanetse go tila go nna boikgogomoso?

7 Se re se ithutang: Tila boikgogomoso, mme o letle Jehofa gore a go rute. Fela jaaka bolwetse bo ka dira gore ditshika tsa pelo di nne thata mme pelo e se ka ya itaya sentle, boikgogomoso le jone bo ka dira gore go nne thata go ikobela kaelo e Jehofa a re nayang yone. Bafarasai ba ne ba le boikgogomoso mo e leng gore ba ne ba gana go amogela bosupi jo bo neng bo bonala sentle jwa gore Jesu ke Morwa Modimo le gore o na le moya wa Modimo. (Joh. 12:37-40) Boikgogomoso joo jwa bone bo ne bo le kotsi ka gonne bo ne jwa dira gore ba se ka ba bona botshelo jo bo sa khutleng. (Math. 23:13, 33) Go botlhokwa gore re tswelele re letla Lefoko la Modimo le moya wa gagwe gore di fetole botho jwa rona, le gore di tlhotlheletse tsela e re akanyang ka yone le ditshwetso tse re di dirang. (Jak. 3:17) E re ka Jakobe a ne a ikokobeditse, o ne a letla Jehofa gore a mo rute. Mme jaaka re tla bona, boikokobetso ke jone jo bo neng jwa mo thusa gore a nne morutisi yo o molemo.

NNA MORUTISI YO O MOLEMO JAAKA JAKOBE

8. Ke eng se se ka re thusang gore re nne barutisi ba ba molemo?

8 Jakobe o ne a sa rutega. Ga go pelaelo gore baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ne ba mo leba ‘a sa rutega e bile e le motho fela yo o tlwaelegileng,’ fela jaaka ba ne ba leba moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane.’ (Dit. 4:13) Mme gone, re kgona go bona gore Jakobe o ne a nna morutisi yo o molemo fa re bala buka e e bidiwang ka leina la gagwe. Gongwe le rona re ka tswa re sa rutega fela jaaka Jakobe. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka re thusa gore re kgone go nna barutisi ba ba molemo a dirisa moya wa gagwe le phuthego ya gagwe. A re sekaseke sekao sa ga Jakobe sa go nna morutisi yo o molemo mme re bone gore re ka ithuta eng mo go sone.

9. O ka tlhalosa jang tsela e Jakobe a neng a ruta ka yone?

9 Jakobe ga a ka a dirisa mafoko a a thata kgotsa a tlhalosa dilo ka tsela e e raraaneng. Seo se ne se thusa batho ba a neng a bua le bone gore ba itse gore ba tshwanetse go dira eng le gore ba dire seo jang. Ka sekai, ela tlhoko tsela e e motlhofo e Jakobe a neng a e dirisa go ruta Bakeresete gore ba ne ba sa tshwanela go tshwara sekgopi fa batho ba sa ba tshware sentle. O ne a re: “Ba ba itshokileng ke bone ba ba itumetseng. Lo utlwile kafa Jobe a ileng a itshoka ka gone e bile lo bone se Jehofa a mo diretseng sone kwa bofelong, gore Jehofa o pelotlhomogi thata e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jak. 5:11) Ela tlhoko gore se Jakobe a neng a se ruta bakaulengwe ba gagwe se ne se tswa mo Dikwalong. O ne a dirisa Lefoko la Modimo go thusa batho ba a neng a bua le bone gore ba bone gore ka metlha Jehofa o duela ba ba ikanyegang mo go ene fela jaaka a ile a duela Jobe. Jakobe o ne a dirisa mafoko a a sa raraanang le a a utlwalang sentle go tlhalosa ntlha eo. Fa a ne a dira jalo, o ne a bontsha gore se a se rutang ga se tswe mo go ene mme se tswa kwa go Jehofa.

10. Tsela nngwe e re ka etsang Jakobe ka yone fa re ruta ke efe?

10 Se re se ithutang: Dira gore se o se rutang se se ka sa raraana, mme se tswe mo Lefokong la Modimo. Fa re ruta batho ba bangwe, ga re a tshwanela go leka go ba bontsha gore re itse dilo di le dintsi go le kana kang, go na le moo re tshwanetse go ba bontsha dilo tse dintsi tse Jehofa a di itseng le gore o amega ka bone. (Bar. 11:33) Re ka kgona go dira jalo fa re tlhomamisa gore ka metlha se re se buang se tswa mo Baebeleng. Ka sekai, go na le gore re bolelele batho ba re ba rutang gore re ne re tla dira eng fa re ne re le mo maemong a bone, re tshwanetse go ba thusa gore ba akanye ka dikai tse di mo Baebeleng le gore ba tlhaloganye tsela e Jehofa a akanyang ka yone le kafa a ikutlwang ka gone. Seo se tla dira gore ba batle go dirisa se ba se ithutang ka gonne ba batla go itumedisa Jehofa, e seng rona.

11. Bakeresete bangwe ba motlha wa ga Jakobe ba ne ba na le mathata afe, mme ke kgakololo efe e a neng a ba naya yone? (Jakobe 5:13-15)

11 Jakobe o ne a sa tlhoboge batho. Mo lekwalong le a neng a le kwala o ne a bontsha gore o tlhaloganya mathata a bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba neng ba na le one, e bile o ne a ba naya kgakololo e e utlwalang sentle ya kafa ba ka fenyang mathata ao ka gone. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba ne ba le bonya go dirisa kgakololo e a neng a ba naya yone. (Jak. 1:22) Ba bangwe ba ne ba tseela batho ba ba humileng kwa godimo. (Jak. 2:1-3) Mme ba bangwe bone ba ne ba sa ntse ba thatafalelwa ke go laola loleme. (Jak. 3:8-10) Bakeresete bao ba ne ba na le mathata a a masisi, le fa go ntse jalo Jakobe ga a ka a ba tlhoboga. O ne a ba gakolola ka bonolo mme a sa potapote, e bile o ne a kgothaletsa ba ba neng ba tlhoka thuso gore ba kope bagolwane gore ba ba thuse go dira diphetogo.—Bala Jakobe 5:13-15.

12. Ke eng se se ka re thusang gore re nne pelotelele fa re ntse re thusa batho ba re ba rutang?

12 Se re se ithutang: O se ka wa tlhoboga batho, mme o nne pelotelele le bone. Batho ba le bantsi ba re ba rutang Baebele ba ka tswa ba thatafalelwa ke go dirisa se ba ithutang sone mo Baebeleng. (Jak. 4:1-4) Ba ka nna ba thatafalelwa ke go tlogela dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira le go nna le dinonofo tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone. Fela jaaka Jakobe, re tshwanetse go nna pelokgale go bolelela batho ba re ba rutang gore ba tshwanetse go dira diphetogo dife. Gape re tshwanetse go nna pelotelele re tshepa gore Jehofa o tla gogela batho ba ba ikokobeditseng kwa go ene le gore o tla ba nonotsha gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone.—Jak. 4:10.

13. Mafoko a a mo go Jakobe 3:2 a re bontsha gore Jakobe o ne a itse eng?

13 Jakobe o ne a sa itseye a le botoka go gaisa ba bangwe. Jakobe o ne a sa itseye a le botlhokwa go feta Bakeresete ba bangwe ka gonne e ne e le morwarraagwe Jesu kgotsa ka gonne a ne a na le kabelo nngwe e e botlhokwa. O ne a bitsa Bakeresetemmogo le ene a re ke “bakaulengwe ba [gagwe] ba ba rategang.” (Jak. 1:16, 19; 2:5) O ne a sa leke go dira gore ba bangwe ba akanye gore ga a dire diphoso. Go na le moo, o ne a ikakaretsa mo mafokong a a reng: “Rotlhe re dira diphoso makgetlo a le mantsi.”—Bala Jakobe 3:2.

14. Goreng re tshwanetse go bolelela batho ba re ba rutang dikgwetlho tse re ileng ra nna le tsone?

14 Se re se ithutang: Gakologelwa gore rotlhe re dira diphoso. Ga re a tshwanela go akanya gore re gaisa batho ba re ba rutang ka tsela nngwe. Goreng? Ka gonne fa re dira gore ba akanye gore ga re dire diphoso, ba ka nna ba kgobega marapo ba bo ba akanya gore ga ba kitla ba kgona go ikobela Modimo ka botlalo. Mme fa re ba bolelela gore go ne go se motlhofo gore re dirise melaometheo ya Baebele, e bile re ba tlhalosetsa kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone go dira diphetogo mo botshelong, seo se tla ba thusa gore ba lemoge gore le bone ba ka kgona go direla Jehofa.

Ditshwantsho tsa ga Jakobe di ne di utlwala, di fitlhelela pelo e bile di sa raraana (Bona serapa 15-16) *

15. O ka tlhalosa jang ditshwantsho tse Jakobe a di dirisitseng? (Jakobe 3:2-6, 10-12)

15 Jakobe o ne a dirisa ditshwantsho tse di fitlhelelang dipelo tsa batho. Ga go pelaelo gore moya o o boitshepo o ne wa mo thusa. E bile a ka tswa a ile a ithuta tsela ya go ruta mo ditshwantshong tse morwarraagwe e bong Jesu a neng a di dirisa. Ditshwantsho tse Jakobe a neng a di dirisang mo lekwalong la gagwe, ga di a raraana e bile se di se rutang se a utlwala.—Bala Jakobe 3:2-6, 10-12.

16. Goreng re tshwanetse go dirisa ditshwantsho tse di fitlhelelang pelo?

16 Se re se ithutang: Dirisa ditshwantsho tse di fitlhelelang pelo. Fa o dirisa ditshwantsho tse di tshwanelang, o thusa batho gore ba bone se o se rutang ka leitlho la mogopolo. E bile ditshwantsho tseo di tla thusa batho ba ba go reeditseng gore ba gopole dithuto tsa botlhokwa. Jesu o ne a itse go dirisa ditshwantsho tse di tshwanelang, e bile morwarraagwe e bong Jakobe o ne a etsa sekao sa gagwe. A re sekasekeng setshwantsho sengwe se Jakobe a neng a se dirisa mme re bone gore goreng se fitlhelela pelo.

17. Goreng setshwantsho se se mo go Jakobe 1:22-25 se fitlhelela pelo?

17 Bala Jakobe 1:22-25. Go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore setshwantsho sa ga Jakobe sa seipone se fitlhelele pelo. O ne a ruta thuto ya botlhokwa ya gore, e le gore Lefoko la Modimo le re solegele molemo ga re a tshwanela go le bala fela, go na le moo re tshwanetse go dirisa se re se balang. Jakobe o ne a tlhopha go dirisa setshwantsho se batho ba a neng a bua le bone ba neng ba ka se tlhaloganya motlhofo, e leng setshwantsho sa motho yo o itebang mo seiponeng. O ne a ba ruta eng ka setshwantsho seo? E tla bo e le boeleele gore motho a itebe mo seiponeng, a bone gore go na le sengwe se a tlhokang go se baakanya mme a bo a sa se baakanye. Ka tsela e e tshwanang, e tla bo e le boeleele gore re bale Lefoko la Modimo, re bo re lemoga gore re tshwanetse go fetola botho jwa rona mme re bo re sa dire jalo.

18. Ke dilo dife tse tharo tse re tshwanetseng go di dira fa re dirisa ditshwantsho?

18 Fa o dirisa ditshwantsho, o ka etsa sekao sa ga Jakobe ka go dira dilo tseno tse tharo: (1) Tlhomamisa gore setshwantsho se o se dirisang se tshwanela ntlha e o tlotlang ka yone. (2) Dirisa setshwantsho se batho ba o buang le bone ba ka se tlhaloganyang motlhofo. (3) Thusa batho ba o buang le bone go lemoga se setshwantsho seo se se rutang. Fa o sa kgone go akanya ka ditshwantsho tse di tshwanelang, leba Watch Tower Publications Index. Mo setlhogong se se reng “Illustrations,” o tla fitlhela dikai tse dintsi tse o ka di dirisang. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore fela jaaka maekerofouno o kgona go godisa lentswe la motho, ditshwantsho le tsone di kgona go dira gore ntlha e utlwale sentle. Ka jalo, go botlhokwa gore o dirise ditshwantsho fela fa o batla go gatelela ntlha ya botlhokwa. Ke boammaaruri gore, lebaka la botlhokwa la go bo re batla go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta ga se go itlotlomatsa, go na le moo ke go thusa batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka gone gore ba nne karolo ya lelapa le le itumetseng la ga Jehofa.

19. Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?

19 Jakobe o ne a na le mogolowe yo o se nang boleo, mme ga go a nna jalo ka rona, le fa go ntse jalo re na le tshiamelo ya go direla Jehofa mmogo le lelapa le legolo la bakaulengwe le bokgaitsadi. Re bontsha gore re a ba rata fa re itsalanya le bone, re ithuta mo go bone e bile re direla Jehofa le bone ka boikanyegi mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Fa re leka go etsa sekao sa ga Jakobe malebana le tsela e re itebang ka yone, e re itshwarang ka yone le e re rutang ka yone, re tla tlotlomatsa Jehofa e bile re tla thusa batho ba dipelo di ikanyegang gore ba atamalane le Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong.

PINA 114 “Nnang Pelotelele”

^ Jakobe o goletse mo lelapeng le le lengwe le Jesu. O ne a itse Morwa Modimo yo o se nang boleo go gaisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela ka nako eo. Mo setlhogong seno, re tlile go bona se re ka se ithutang mo botshelong le mo dithutong tsa morwarraagwe Jesu, yo o neng a nna mongwe wa bakaulengwe ba ba Jakobe o goletse mo lelapeng le le lengwe le Jesu. O ne a itse Morwa Modimo yo o se nang boleo go gaisa batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela ka nako eo. Mo setlhogong seno, re tlile go bona se re ka se ithutang mo botshelong le mo dithutong tsa morwarraagwe Jesu, yo o neng a nna mongwe wa bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete.

^ Jakobe e ne e le morwarraagwe Jesu ka mmaabone e bile go bonala e le ene yo o kwadileng buka ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.

^ Nathan H. Knorr e ne e le leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1977.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jakobe o ne a dirisa setshwantsho sa molelo o monnye go tlhalosa kafa go dirisa loleme ka tsela e e sa siamang go ka nnang kotsi ka gone, mme batho ba le bantsi ba ne ba tlhaloganya setshwantsho seo.