Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

Jehofa o Segofatsa Maiteko a Rona a go Tshwara Segopotso

Jehofa o Segofatsa Maiteko a Rona a go Tshwara Segopotso

“Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—LUKE 22:19.

PINA 19 Sejo sa Morena sa Maitseboa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. Goreng re ya Segopotsong ngwaga le ngwaga?

 MO E ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba gopole setlhabelo sa gagwe ka moletlo o o sa raraanang ba dirisa senkgwe le beine.—1 Bakor. 11:23-26.

2 Re ikobela taelo eo ya ga Jesu ka gonne re mo rata fela thata. (Joh. 14:15) Ngwaga le ngwaga, dibeke di se kae pele le morago ga Segopotso, re bontsha gore re lebogela se a re diretseng sone ka go rapela le go akanyetsa kwa teng ka se loso lwa gagwe lo se kayang. Gape re itumelela go dira mo go oketsegileng mo bodireding ka go laletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne teng mo tiragalong eno e e kgethegileng. E bile ga re letle sepe gore se re thibele go nna teng kwa Segopotsong.

3. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka ditsela tse tharo tse batho ba ga Jehofa ba dirileng sotlhe se ba ka se kgonang go gopola loso lwa ga Jesu: (1) ka go tshwara Segopotso ka tsela e Jesu a neng a ba laela gore ba se tshware ka yone, (2) ka go laletsa batho gore ba tle Segopotsong le (3) ka go tshwara Segopotso le fa ba lebana le maemo a a thata.

GO TSHWARA SEGOPOTSO KA TSELA E JESU A LAETSENG GORE SE TSHWARWE KA YONE

4. Go tlotliwa ka eng ngwaga le ngwaga kwa Segopotsong, mme goreng re sa tshwanela go tsaya dithuto tseo lotsatsa? (Luke 22:19, 20)

4 Ngwaga le ngwaga fa re le kwa Segopotsong, re reetsa puo e e theilweng mo Baebeleng e e arabang dipotso di le dintsi. Re ithuta gore ke eng fa batho ba tlhoka thekololo le gore loso lwa motho a le mongwe lo ka duelela jang maleo a batho ba le bantsi. Re gopodiwa gore senkgwe le beine di emela eng le gore ke mang yo o tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine. (Bala Luke 22:19, 20.) E bile re akanyetsa kwa teng ka botshelo jo bo monate jo batho ba ba tlileng go tshelela ruri mo lefatsheng ba tla nnang le jone. (Isa. 35:5, 6; 65:17, 21-23) Ga re a tshwanela go tsaya dithuto tseo lotsatsa. Batho ba le bantsi ga ba di itse e bile ga ba tlhaloganye gore setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa go le kana kang. Gape, ga ba tshware Segopotso ka tsela e Jesu a laetseng balatedi ba gagwe gore ba se tshware ka yone. Goreng ba dira jalo?

5. Fa baaposetoloi ba le bantsi ba ga Jesu ba sena go tlhokafala, batho ba ne ba simolola go gopola loso lwa ga Jesu jang?

5 Nakwana fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go tlhokafala, Bakeresete ba maaka ba ne ba tsena mo phuthegong. (Math. 13:24-27, 37-39) Ba ne ba bua “dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:29, 30) Thuto nngwe e e “sokameng” e Bakeresete ba maaka ba neng ba simolola go e ruta, ke gore Jesu ga a ka a ntsha mmele wa gagwe setlhabelo “gangwe fela gore a rwale maleo a batho ba le bantsi” jaaka Baebele e bua, mme ba re setlhabelo sa ga Jesu se tshwanetse go nna se ntshiwa gangwe le gape. (Baheb. 9:27, 28) Batho ba le bantsi gompieno ba dumela thuto eno ya maaka. Ba ya dikerekeng beke le beke, ka dinako dingwe letsatsi le letsatsi, go ya go gopola setlhabelo sa ga Jesu se Bakatoliki ba se bitsang “Setlhabelo sa Mmisa.” b Batho ba dikereke tse dingwe bone ga ba gopole loso lwa ga Jesu gantsi, mme ga ba tlhaloganye sentle gore setlhabelo sa ga Jesu se kaya eng. Bangwe ba ipotsa go re, ‘A loso lwa ga Jesu lo ka dira gore ke itshwarelwe maleo?’ Goreng ba ipotsa potso eno? Ka gonne ba dumela batho ba ba reng setlhabelo sa ga Jesu ga se ka ke sa dira gore maleo a bone a itshwarelwe. Balatedi ba ga Jesu ba thusitse batho jang gore ba tlhaloganye boammaaruri ka kgang eno?

6. Ka 1872, ke eng se baithuti bangwe ba Baebele ba neng ba se tlhaloganya?

6 Kwa bowelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, setlhopha sengwe sa Baithuti ba Baebele ba ba neng ba eteletswe pele ke Charles Taze Russell, ba ne ba simolola go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Ba ne ba batla go itse gore setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa go le kana kang le gore loso lwa gagwe lo ne lo tshwanetse go gopolwa jang. Ka 1872, ba ne ba tlhaloganya gore tota Jesu o ntsheditse batho botlhe thekololo. Ga ba a ka ba nna fela ka se ba neng ba se ithutile. Go na le moo, ba ne ba se bolelela ba bangwe ba dirisa dibuka, makwalodikgang le dimakasine. Nakwana morago ga moo, ba ne ba etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka go nna ba kopana ngwaga le ngwaga go gopola loso lwa ga Jesu.

7. Dipatlisiso tse baithuti bangwe ba Baebele ba ileng ba di dira mo nakong e e fetileng di re tswela mosola jang?

7 Gompieno dilo tse Bakeresete bao ba di ithutileng dingwaga di le dintsi tse di fetileng di re tswela mosola. Di re tswela mosola jang? Jehofa o re thusitse go tlhaloganya gore setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa go le kana kang le gore se tla tswela rona le batho ba bangwe mosola jang mo nakong e e tlang. (1 Joh. 2:1, 2) Gape re ithutile gore Baebele e a re batho bangwe ba ba itumedisang Jehofa ba tla tshelela ruri kwa legodimong le gore batho ba bangwe ba le dimilione ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Re atamalana le Jehofa thata fa re lemoga tsela e a re ratang ka yone le tsela e setlhabelo sa ga Jesu se re tswelang mosola ka yone. (1 Pet. 3:18; 1 Joh. 4:9) Ka jalo, fela jaaka bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, re laletsa batho gore ba tle go gopola loso lwa ga Jesu le rona ka tsela e Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba lo gopole ka yone.

GO LALETSA BA BANGWE GORE BA TLE SEGOPOTSONG

Ke eng se o ka se dirang gore o nne le seabe ka botlalo mo letsholong la go laletsa batho go tla Segopotsong? (Bona serapa 8-10) e

8. Ke eng se batho ba ga Jehofa ba se dirileng go laletsa batho go tla Segopotsong? (Bona setshwantsho.)

8 Batho ba ga Jehofa ba na le dingwaga di le dintsi ba laletsa batho ba bangwe gore ba tle Segopotsong. Fa ngwaga wa 1881 o ne o simologa, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ye go kopana kwa legaeng la mokaulengwe mongwe kwa Allegheny, Pennsylvania go ya go gopola tiragalo eo ya botlhokwa. Moragonyana diphuthego di ne tsa simolola go itshwarela Segopotso. Ka March 1940, baboledi ba ne ba bolelelwa gore ba ka laletsa mongwe le mongwe yo o kgatlhegang yo ba kopanang le ene mo tshimong gore a tle Segopotsong. Ka 1960, Bethele e ne ya simolola go naya diphuthego ditaletso tse di printilweng. Fa e sa le ka nako eo, go ntse go anamisiwa ditaletso di le dibilione tsa Segopotso. Goreng re dirisa nako ya rona e bile re dira ka natla jaana go laletsa batho?

9-10. Matsapa a re a tsayang go laletsa batho go tla Segopotsong a tswela bomang mosola? (Johane 3:16)

9 Re laletsa batho gore ba tle Segopotsong ka gonne re batla gore ba e leng la ntlha ba tla, ba itse se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. (Bala Johane 3:16.) Re na le tsholofelo ya gore se ba se bonang le se ba se utlwang fa ba le kwa Segopotsong, se tla dira gore ba batle go ithuta mo go oketsegileng le gore ba nne batlhanka ba ga Jehofa. Mme go na le ba bangwe ba go tla Segopotsong go ba tswelang mosola.

10 Re laletsa le ba ba sa tlholeng ba direla Jehofa. Re dira jalo go ba gopotsa gore Jehofa o sa ntse a ba rata. Ba le bantsi ba amogela ditaletso tsa rona e bile re a itumela fa re ba bona kwa Segopotsong. Fa ba le kwa Segopotsong, ba gopola tsela e ba neng ba itumelela go direla Jehofa ka yone mo nakong e e fetileng. Akanya ka sekai sa ga Monica. c O ne a thusiwa gore e nne mmoledi gape ka nako ya COVID-19. Morago ga go ya Segopotsong ka 2021 o ne a re: “Segopotso seno se ne se le botlhokwa tota mo go nna. E ne e le la ntlha ke rerela batho e bile ke ba laletsa go tla Segopotsong morago ga dingwaga di le 20. Ke dirile sotlhe se nka se kgonang go laletsa batho ka gonne ke lebogela se Jehofa le Jesu ba ntiretseng sone.” (Pes. 103:1-4) Le fa batho ba ka tswa ba amogela ditaletso tsa rona kgotsa ba sa di amogele, re dira sotlhe se re ka se kgonang go ba laletsa gore ba tle Segopotsong. Re a itse gore Jehofa o lebogela matsapa a re a tsayang.

11. Jehofa o segofaditse jang matsapa a re a tsayang go laletsa batho go tla Segopotsong? (Hagai 2:7)

11 Jehofa o segofaditse matsapa a re a tsayang go laletsa batho go tla Segopotsong. Ka 2021, batho ba le 21 367 603 ba ne ba kgona go tla Segopotsong le fa go ne go na le dithibelo dingwe ka ntlha ya COVID-19. Eo ke palo ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe e menagane gabedi le mo e ka nnang halofo. Gone Jehofa ga a tlhoma mogopolo mo go reng ke batho ba le kae ba ba tlang Segopotsong, go na le moo, o amegile ka mongwe le mongwe yo o tlang Segopotsong. (Luke 15:7; 1 Tim. 2:3, 4) Re tlhatswegile pelo gore fa re naya batho ditaletso, Jehofa o tla re thusa go bona ba ba nang le dipelo tse di siameng.—Bala Hagai 2:7.

GO TSHWARA SEGOPOTSO LE FA GO NA LE DIKGWETLHO

Jehofa o segofatsa matsapa a re a tsayang gore re tshware Segopotso (Bona serapa 12) f

12. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go tshwara Segopotso sa loso lwa ga Jesu? (Bona setshwantsho.)

12 Jesu o ne a bolelela pele gore mo malatsing a bofelo, go tla nna le dikgwetlho di le dintsi tse di jaaka go ganediwa ke ba malapa, go bogisiwa, dintwa, malwetse a leroborobo le tse dingwe tse dintsi. (Math. 10:36; Mar. 13:9; Luke 21:10, 11) Ka dinako dingwe maemo ano a dira gore go nne thata go tshwara Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba dira eng go fenya dikgwetlho tseno, mme Jehofa o ile a ba thusa jang?

13. Fa Artem a ne a batla go tshwara Segopotso kwa kgolegelong, Jehofa o ne a segofatsa jang maikaelelo a gagwe le bopelokgale jo a neng a na le jone?

13 Fa o le kwa kgolegelong. Bakaulengwe ba rona ba ba kwa kgolegelong ka ntlha ya se ba se dumelang ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go gopola loso lwa ga Jesu. Akanya ka sekai sa ga Artem. Ka 2020 ka paka ya Segopotso, o ne a tsenngwa mo seleng e nnye e go neng go na le magolegwa a le matlhano mo go yone. Le fa a ne a le kwa kgolegelong, o ile a kgona go bona senkgwe le beine tse a neng a tla di dirisa ka nako ya Segopotso e bile o ne a ikemiseditse go itshwarela puo ya Segopotso. Mme banna ba a neng a nna le bone mo seleng ba ne ba goga motsoko e bile ba rogana. O ne a dira eng? O ne a ba kopa gore ba se ka ba rogana kgotsa ba goga motsoko ura e le nngwe fela. Artem o ne a makala tota fa banna bao ba dumela gore ga ba kitla ba goga kgotsa ba rogana fa a tshwere Segopotso. Artem a re: “Ke ne ka ba bolelela ka Segopotso.” Le fa ba ne ba re ga ba batle go utlwa sepe, morago ga Segopotso ba ne ba botsa Artem dipotso di le dintsi ka tiragalo eo.

14. Batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwarwa Segopotso jang le fa gone go ne go na le bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19?

14 Fa go na le bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19. Ka nako ya leroborobo, batho ba ga Jehofa ba ne ba sa kgone go tshwarela Segopotso kwa Diholong Tsa Bogosi. Mme seo ga se a ka sa ba thibela go tshwara Segopotso. d Diphuthego dingwe di ne tsa tshwara Segopotso di dirisa Internet. Mme go tweng ka ba bangwe ba le bantsi ba ba se nang Internet? Kwa dinageng tse dingwe, diofisi tsa makala di ile tsa dira dithulaganyo tsa gore puo ya Segopotso e lebelelwe mo thelebisheneng kgotsa e reediwe mo radiong. Mo godimo ga moo, diofisi tsa makala di ne tsa rekota puo ya Segopotso ka dipuo di feta 500 gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kwa metseng e e kgakala ba kgone go tshwara Segopotso. Bakaulengwe ba ile ba isa dipuo tseo tse di rekotilweng kwa bakaulengweng ba ba nnang kwa mafelong ao ba ba neng ba di tlhoka.

15. O ithutile eng mo sekaong sa ga Sue?

15 Fa o ganediwa ke ba lelapa. Go thata gore bangwe ba nne teng kwa Segopotso ka gonne ba ganediwa ke ba malapa a bone. Akanya ka sekai sa mosadi mongwe yo o neng a ithuta Baebele yo o bidiwang Sue. Ka 2021 letsatsi pele ga Segopotso, Sue o ne a bolelela kgaitsadi yo a ithutang Baebele le ene gore a ka se kgone go nna teng kwa Segopotso ka gonne ba lelapa la gagwe ba a mo ganetsa. Kgaitsadi yoo o ne a bala Luke 22:44. Go tswa foo, o ne a mmolelela gore fa re na le mathata re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu ka go rapela Jehofa le go mo tshepa ka botlalo. Letsatsi le le latelang, Sue o ne a rulaganya senkgwe le beine a bo a lebelela thulaganyo e e kgethegileng ya Kobamelo ya mo Mosong mo jw.org. Mo maitseboeng ao, o ne a ya kwa kamoreng a le nosi a bo a reetsa Segopotso ka founu. Morago ga moo, Sue o ne a kwalela kgaitsadi yo a ithutang Baebele le ene a re: “O nkgothaditse tota maabane. Ke dirile sengwe le sengwe se nka se kgonang gore ke nne teng kwa Segopotsong mme Jehofa o ile a nthusa. Ke itumetse e bile ke lebogela tsela e o nthusitseng ka yone fela thata.” A o akanya gore Jehofa a ka go thusa fa o lebane le boemo jo bo tshwanang le jono?

16. Ke eng fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a re a dirang a go nna gone kwa Segopotsong? (Baroma 8:31, 32)

16 Jehofa o itumelela matsapa a re a tsayang go tshwara Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Re ka tlhatswega pelo gore o tla re segofatsa fa re mmontsha gore re lebogela se a re diretseng sone. (Bala Baroma 8:31, 32.) Ka jalo, a re ikemisetseng go nna gone kwa Segopotsong monongwaga le go direla Jehofa sotlhe se re ka se kgonang mo pakeng eno ya Segopotso.

PINA 18 Re Lebogela Thekololo

a Ka Labobedi April 4, 2023, batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba tshwere Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Bontsi jwa bone e tla bo e le la ntlha ba tla Segopotsong. Bangwe ba ba ileng ba kgaotsa go direla Jehofa mme e le lobaka ba sa tle Segopotsong, le bone ba tla bo ba le teng. Go na le maemo mangwe a a tla dirang gore go nne thata gore bangwe ba tle Segopotsong. Le fa go ntse jalo, ba tla bo ba le gone. Le fa o ka tswa o lebane le maemo afe, itse gore Jehofa o tla itumelela matsapa a o tla a tsayang gore o nne teng kwa Segopotsong.

b Batho ba ba mo bodumeding jono ba dumela gore ka nako ya moletlo ono, senkgwe le beine di fetoga go nna mmele le madi a ga Keresete. Ba akanya gore mmele le madi a ga Jesu a ntshiwa setlhabelo nako le nako fa motho a ja senkgwe e bile a nwa beine.

c Maina mangwe a fetotswe.

d Bona le ditlhogo tse di reng “2021 Memorial Commemoration” ka Seesemane mo jw.org.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa e sa le ka bo1960, ditaletso tsa Segopotso di ntse di tlhabololwa e bile gone jaanong go na le tse di printilweng le tse di mo didirisiweng tsa ileketeroniki.

f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Setshwantsho sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwere Segopotso ka nako ya dikhuduego.