Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

Jehofa O a Go Rata

Jehofa O a Go Rata

“Jehofa o na le lorato lo logolo lwa bopelonomi.”​—JAK. 5:11, ntlh.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore tsela e Jehofa a re ratang ka yone e dira jang gore re atamalane le ene le gore re ikutlwe re sireletsegile. Gape re tla bona gore o re lapolosa jang.

1. O akanya gore Jehofa o ntse jang?

 O AKANYA gore Jehofa o ntse jang? Le fa gone re sa kgone go mmona, Baebele e mo tlhalosa ka ditsela tse di farologaneng. E a re Jehofa ke “letsatsi le thebe” e bile e a re ke “molelo o o lailang.” (Pes. 84:11; Baheb. 12:29) Fa Esekiele a sena go bona ponatshegelo, o ile a re Jehofa o tshwana le leje la safire, gauta e e tsabakelang e e keteng selefera le motshe wa godimo o o galalelang. (Esek. 1:26-28) Tsela eno e Jehofa a tlhalosiwang ka yone e ka re gakgamatsa kgotsa ya re tshosa.

2. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore bangwe ba atamalane le Jehofa?

2 E re ka re sa kgone go bona Jehofa, go ka nna thata gore re dumele gore o a re rata. Bangwe ba akanya gore Jehofa ga a ba rate ka gonne ba diragaletswe ke dilo tse di botlhoko mo botshelong. Gongwe ga ba itse gore go ntse jang go nna le rre yo o lorato. Mme gone, Jehofa o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone e bile o a itse gore ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore re atamalane le ene. Ka jalo, o dirisa Baebele go re tlhalosetsa gore o ntse jang.

3. Go ithuta kafa Jehofa a re ratang ka gone go tla re tswela mosola jang?

3 Jehofa o lorato. Baebele e a re “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) Ka jalo, sengwe le sengwe se a se dirang o se dira ka gonne a re rata. O pelotshweu e bile o rata le batho ba ba sa mo rateng. (Math. 5:44, 45) Mo setlhogong seno, re tlile go bona kafa Jehofa a leng lorato ka gone. Fa re ntse re ithuta ka ene, re tla mo rata le go feta.

JEHOFA O RE RATA THATA

4. Tsela e Jehofa a go ratang ka yone e dira gore o ikutlwe jang? (Bona le setshwantsho.)

4 “Jehofa o na le lorato lo logolo lwa bopelonomi.” (Jak. 5:11, ntlh.) Baebele e tshwantsha Jehofa le mmê yo o lorato yo o tlhokomelang ngwana wa gagwe. (Isa. 66:12, 13) O nna a mo tshamekisa e bile a bua le ene ka bonolo. Fa a lela kgotsa a na le ditlhabi, o a mo didimatsa a bo a mo gomotsa. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re utlwile botlhoko, Jehofa o re bontsha gore o a re rata ka go nna a re gomotsa. Pesalema 94:19 e a re: “Fa ditlhobaelo di ne di mphekeetsa, o ne wa nkgomotsa wa bo wa ntshidila maikutlo.”

“Ke tla nna ke lo gomotsa fela jaaka mmê a gomotsa morwawe” (Bona serapa 4)


5. Jehofa o re bontsha jang gore o na le lorato lo logolo?

5 Jehofa o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng. (Pes. 103:8) Le fa re dira diphoso ga a re tlhoboge. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba nna fela ba mo swabisa. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ikwatlhaya mme ba tlogela go dira dilo tse di sa siamang, o ne a ba itshwarela e bile a ba bontsha gore o a ba rata. O ne a ba raya a re: “O ne wa nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me, o ne o tlotlega, e bile ke ne ka go rata.” (Isa. 43:4, 5) Le rona ga re belaele gore Jehofa o a re rata. Tota le fa re dirile diphoso tse di masisi, Jehofa ga a re latlhe. Fa re ikwatlhaya e bile re boela kwa go ene, re tla lemoga gore o sa ntse a re rata. O re solofetsa gore ‘o tla re itshwarela ka bopelotshweu.’ (Isa. 55:7) Baebele e a re fa Jehofa a re itshwarela, re nna le ‘dipaka tse di lapolosang tse di tswang kwa go ene.’​—Dit. 3:19.

6. Sekarea 2:8 e re ruta eng ka Jehofa?

6 Bala Sekarea 2:8. Jehofa o re tshwantsha le thaka ya leitlho la gagwe. Leitlho ke karolo e e bosisi tota mo mmeleng. Ka jalo mo temaneng eno, go ntse jaaka e kete Jehofa a re: ‘Mongwe le mongwe yo o lo utlwiwang botlhoko, o nkutlwisa botlhoko.’ E re ka Jehofa a re rata, o tlhaloganya tsela e re ikutlwang ka yone e bile o batla go re sireletsa. Fa re utlwa botlhoko, le ene o utlwa botlhoko. Ka jalo, re ka rapela Jehofa re re: “Ntshireletse jaaka thaka ya leitlho la gago.”​—Pes. 17:8.

7. Goreng o tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o a go rata?

7 Jehofa o batla gore o tlhatswege pelo gore o a go rata. Mme gone, Jehofa o a itse gore fa o diragaletswe ke dilo tse di botlhoko, o ka nna wa akanya gore ga a go rate. Kgotsa o ka tswa o ikutlwa jalo ka ntlha ya mathata a o lebaneng le one gone jaanong. Ke eng se se ka go thusang gore o tlhatswege pelo gore Jehofa o a go rata? O ka thusiwa ke go ithuta se Jehofa a se dirileng go bontsha gore o rata Jesu, batlodiwa le rona.

JEHOFA O BONTSHA JANG GORE O A RE RATA?

8. Goreng Jesu a ne a sa belaele gore Rraagwe o a mo rata?

8 Jehofa le Morwawe ba feditse dingwaga di le dintsi ba le mmogo kwa legodimong. Seo se ile sa dira gore ba atamalane le gore ba ratane. Mo go Mathaio 17:5 Jehofa o ile a bontsha gore o rata Jesu. Go na le gore a bue fela a re ‘Yono ke yo ke mo amogetseng,’ gape o ne a re ‘Yono ke Morwaake yo o rategang.’ O ne a rialo ka gonne a batla gore re itse gore o rata Jesu. Mo godimo ga moo, o ne a le motlotlo ka Jesu ka gonne a ne a ikemiseditse go re swela. (Baef. 1:7) Jesu o ne a sa belaele gore Rraagwe o a mo rata.​—Joh. 3:35; 10:17; 17:24.

9. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o rata batlodiwa? Tlhalosa. (Baroma 5:5)

9 Gape Jehofa o rata batlodiwa. (Bala Baroma 5:5.) Mafoko a a ranotsweng e le “Modimo o bontsha gore o a re rata” mo temaneng eno, gape a ka ronolwa e le “lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona.” Dikishinare nngwe e a re mafoko ano a kaya gore “lorato lwa Modimo lo tla mo go rona jaaka molapo.” Tlhaloso eno e bontsha gore Jehofa o rata batlodiwa fela thata. Batlodiwa le bone ba a itse gore Modimo o a ba rata. (Jude 1) Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Eleruri Rara o re rata thata, mo a ileng a re naya tshiamelo ya go bidiwa bana ba gagwe!” (1 Joh. 3:1) Tota eno ke tsela e batlodiwa botlhe ba ikutlwang ka yone. A seno se raya gore Jehofa o rata batlodiwa fela? Nnyaa, o re rata rotlhe.

10. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o a go rata?

10 Ke mpho efe e e di gaisang tsotlhe e e bontshang gore Jehofa o a go rata? Ke thekololo. (Joh. 3:16; Bar. 5:8) Jehofa o ne a letla Morwawe yo a mo ratang thata gore a re swele, mme seo se ne sa dira gore re itshwarelwe maleo le gore re kgone go nna ditsala tsa Modimo. (1 Joh. 4:10) Fa re nna re akanyetsa kwa teng ka se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, re tla kgona go tlhaloganya gore ba re rata fela thata. (Bagal. 2:20) Thekololo e ne e sa ntshediwe fela gore re nne le botshelo jo bo sa khutleng jo Adame a bo latlhileng. Gape e bontsha gore Jehofa o a re rata ka gonne o letlile gore Morwawe yo a mo ratang thata a boge a bo a swe ka ntlha ya rona.

11. Re ithuta eng mo go Jeremia 31:3?

11 Jaaka re setse re bone, fa Jehofa a rata motho, o a mmolelela. (Bala Jeremia 31:3.) E re ka Jehofa a re rata, o re letlile gore re mo direle. (Bapisa le Duteronome 7:7, 8.) Ga go na sepe se se ka dirang gore Jehofa a se ka a tlhola a re rata. (Bar. 8:38, 39) O ikutlwa jang ka tsela e Jehofa a go bontshang ka yone gore o a go rata? Bala Pesalema 23 mme o utlwe gore Dafide o ne a ikutlwa jang ka se Jehofa a neng a se dira go mmontsha gore o a mo rata le gore o a mo tlhokomela. Go tswa foo, leka go bona gore ditemana tseno di dira gore o ikutlwe jang ka Jehofa.

TSELA E JEHOFA A GO RATANG KA YONE E DIRA GORE O IKUTLWE JANG?

12. O ka tlhalosa jang Pesalema 23?

12 Bala Pesalema 23:1-6. Mo go Pesalema 23, Dafide o bua a tlhatswegile pelo gore Jehofa o a mo rata e bile o a mo tlhokomela. O tlhalosa tsela e ene le Jehofa ba atamalaneng ka yone e bile o mmitsa Modisa wa gagwe. Dafide o ne a tshepa Jehofa e bile ka dinako tsotlhe o ne a ikutlwa a sireletsegile fa a latela kaelo ya gagwe. O ne a itse gore Jehofa o a mo rata le gore o tla tswelela a mo rata botshelo jwa gagwe jotlhe. Ke eng se se neng se dira gore Dafide a tlhatswege pelo gore Jehofa o a mo rata?

13. Dafide o ne a tlhatswegile pelo ka eng?

13 “Ga nkitla ke tlhoka sepe.” Dafide o ne a itse gore Jehofa o a mo tlhokomela ka gonne o ne a mo naya sengwe le sengwe se a se tlhokang. Gape Dafide o ne a itse gore Jehofa ke tsala ya gagwe le gore o a mo rata. Ka jalo, o ne a tlhatswegile pelo gore le fa a ka diragalelwa ke eng mo botshelong, Jehofa o tla mo naya se a se tlhokang. E re ka Dafide a ne a itse gore Jehofa o a mo rata le gore o a mo tlhokomela, o ne a sa tlhobaele. O ne a nna a itumetse e bile a kgotsofetse.​—Pes. 16:11.   

14. Jehofa o re bontsha jang gore o a re rata?

14 Fa re tlhagelwa ke mathata, Jehofa o a re tlhokomela. Claire, a yo o nang le dingwaga di feta 20 a direla kwa Bethele a re o ne a ikutlwa e se motho wa sepe ka gonne a sa kgone go thusa ba lelapa la gaabo fa ba ne ba na le mathata. Rraagwe o ile a itewa ke seterouku e bile monnawe o ne a tlogela go direla Jehofa. Mo godimo ga moo, kgwebo ya bone e ile ya phutlhama e bile banka e ne ya rekisa ntlo ya bone. Jehofa o ile a ba tlhokomela jang? Claire a re: “Letsatsi le letsatsi Jehofa o ne a naya ba lelapa la gaetsho se ba se tlhokang. O ne a nna a re thusa go feta kafa re neng re akantse ka gone. Ke nna ke akantse ka tsela e Jehofa a ileng a tlhokomela ba lelapa la gaetsho ka yone e bile ga nkitla ke e lebala. Dilo tse di ntiragaletseng di nthusitse gore ke tswelele ke direla Jehofa ke itumetse le fa ke na le mathata.”

15. Goreng Dafide a ne a ikutlwa a lapologetswe? (Bona le setshwantsho.)

15 “O a ntapolosa.” Ka dinako tse dingwe, Dafide o ne a tlhobaediwa ke mathata a a neng a lebana le one. (Pes. 18:4-6) Le fa go ntse jalo, tsela e Jehofa a neng a mo rata e bile a mo tlhokomela ka yone, e ne e mo lapolosa. Jehofa o ne a isa tsala eno ya gagwe kwa “mafulong a a tletseng bojang” le kwa “mafelong a boikhutso a a tletseng metsi.” Seo se ile sa thusa Dafide gore a kgone go tswelela a direla Jehofa a itumetse.​—Pes. 18:28-32.

Fa Dafide a ne a tlhobaela, go itse gore Jehofa o a mo rata le gore o tla mo tlhokomela go ne go mo lapolosa (Bona serapa 15)


16. Tsela e Jehofa a go ratang ka yone e go lapolosa jang?

16 Le rona re lebana le mathata a le mantsi. Mme “ke ka ntlha ya lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng go bo re sa fela.” (Dikhu. 3:22; Bakol. 1:11) Akanya ka se se ileng sa diragalela Rachel. Monna wa gagwe o ile a mo phuaganya a bo a tlogela go direla Jehofa ka nako ya bolwetse jwa COVID-19. Jehofa o ile a thusa Rachel jang? A re: “Jehofa o ile a nthusa gore ke lemoge gore ke a ratiwa. Ke ne ke nna ke na le ditsala tse di neng di fetsa nako le nna, di ntlisetsa dijo, di nthomelela melaetsa le ditemana tse di kgothatsang. Ba ne ba nna ba itumetse fa ba na le nna e bile ba nkgopotsa gore Jehofa o a nkgathalela. Ga ke fetse go leboga Jehofa ka lelapa leno le le nthatang le a mphileng lone.”

17. Goreng Dafide a ne a sa “boife sepe se se kotsi”?

17 “Ga ke boife sepe se se kotsi, gonne o na le nna.” Botshelo jwa ga Dafide bo ne bo nna fela bo le mo kotsing, ka gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba mo tlhoile. Le fa go ntse jalo, tsela e Jehofa a neng a mo rata ka yone, e ne e dira gore a ikutlwe a sireletsegile. O ne a itse gore fa a lebana le boemo bope fela, Jehofa o na le ene. Ke gone ka moo a ileng a opela a re: “[Jehofa] o ne a nkgolola mo dilong tsotlhe tse ke di boifang.” (Pes. 34:4) Le fa gone ka dinako dingwe Dafide a ne a boifa, o ne a wela makgwafo ka gonne a itse gore Jehofa o a mo rata.

18. Go itse gore Jehofa o a re rata go re thusa jang fa re boifa?

18 Go itse gore Jehofa o a re rata, go re thusa jang fa re lebane le mathata? Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Susi a re ene le monna wa gagwe ba ile ba garoga pelo tota fa ba sena go lemoga gore ngwana wa bone o ipolaile. A re: “Fa selo se se utlwisang botlhoko se go diragalela, o ikutlwa o se motho wa sepe. Mme tsela e Jehofa a re ratang ka yone e ile ya dira gore re ikutlwe re sireletsegile.” Rachel yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Bosigo bongwe fa ke utlwile botlhoko thata, ke ne ka rapela Jehofa. Ka yone nako eo, ke ile ka lemoga gore o a nthusa. E ne e kete Jehofa o ntshwere jaaka mmê a didimatsa ngwana wa gagwe. Go tswa foo, ke ne ka thulamela.” Mogolwane mongwe yo o bidiwang Tasos o ne a fetsa dingwaga di le nnê kwa kgolegelong ka gonne a gana go tsenela bosole. Jehofa o ile a mmontsha jang gore o a mo rata le gore o mo tlhokometse? A re: “Jehofa o ne a nnaya sengwe le sengwe se ke se tlhokang. Seo se ile sa dira gore ke mo tshepe. Gape o ile a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go nthusa gore ke itumele le fa ke ne ke le mo lefelong leo le le ngomolang pelo. Ke ile ka tlhatswega pelo gore fa ke nna ke tshepa Jehofa ke tla nna ke lemoga gore o a nthata. Ka jalo, ke ile ka simolola go nna mmulatsela wa ka metlha ke le kwa kgolegelong.”

ATAMALANA LE JEHOFA

19. (a) Go itse gore Jehofa o a go rata go tla ama jang tsela e o rapelang ka yone? (b) Jehofa o go bontshitse jang gore o a go rata? (Bona lebokoso le le reng, “ Ditemana Tse di re Bontshang Gore Jehofa O a Re Rata.”)

19 Maitemogelo a re tlotlileng ka one ke bosupi jwa gore “Modimo wa lorato” e bong Jehofa, o re ema nôkeng. (2 Bakor. 13:11) Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o a re rata ka gonne re “sireleditswe ke lorato lwa Gagwe lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 32:10) Fa re akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re rata, re tla atamalana le ene. Re ka mmolelela sengwe le sengwe se se re tshwenyang ka gonne re itse gore o a re rata e bile o batla go re thusa.​—Pes. 145:18, 19.

20. Ke eng se se dirang gore re atamalane le Jehofa?

20 Fela jaaka molelo o re thuthafatsa fa go le tsididi, tsela e Jehofa a re ratang ka yone e a re gomotsa fa re na le mathata. Ka jalo, tlhatswega pelo gore Jehofa o a go rata, mme o dire sotlhe se o ka se kgonang go mmontsha gore le wena o a mo rata.​—Pes. 116:1.

O KA ARABA JANG?

  • O ka tlhalosa jang tsela e Jehofa a re ratang ka yone?

  • Goreng o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a go rata?

  • Tsela e Jehofa a go ratang ka yone e dira gore o ikutlwe jang?

PINA 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang

a Maina mangwe a fetotswe.