Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 3

PINA 35 ‘Tlhomamisa Dilo Tsa Botlhokwa Thata’

Dira Ditshwetso Tse di Itumedisang Jehofa

Dira Ditshwetso Tse di Itumedisang Jehofa

“Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme go itse Yo o Boitshepotshepo ke tlhaloganyo.”​—DIANE 9:10.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore go nna le kitso le temogo go tla re thusa jang go dira ditshwetso tse di siameng.

1. Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go se dira?

 LETSATSI le letsatsi re dira ditshwetso. Dingwe tsa tsone go motlhofo go di dira, jaaka gore re tla ja eng mo mosong kgotsa re tla robala nako mang. Tse dingwe tsone go thata go di dira. Di ka ama botsogo jwa rona, ba malapa a rona, tsela e re direlang Jehofa ka yone, e bile di ka dira gore re itumele kgotsa re se ka ra itumela. Mme gone, re batla gore ditshwetso tse re di dirang di tswele rona le ba malapa a rona mosola. Mo godimo ga moo, re batla gore di itumedise Jehofa.​—Bar. 12:1, 2.

2. Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng?

2 O ka dira ditshwetso tse di siameng fa (1) o batla dintlha tsotlhe, (2) o ipotsa gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eo, le (3) fa o akanyetsa tshwetso e o batlang go e dira. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dintlha tseno tse tharo e bile re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re nne le temogo.​—Diane 2:11.

BATLA DINTLHA TSOTLHE

3. O tshwanetse go dira eng pele o dira ditshwetso? Naya sekai.

3 Selo sa ntlha se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di siameng ke go batla dintlha tsotlhe. Goreng seno se le botlhokwa? A re re motho yo o lwalang o ya kwa ngakeng. A ngaka eo e tla mmolelela gore o tshwerwe ke eng pele e mo tlhatlhoba kgotsa e mmotsa dipotso? Nnyaa. Ka tsela e e tshwanang, pele o dira ditshwetso, o tshwanetse go batla dintlha tsotlhe. Ke eng se se ka go thusang go dira jalo?

4. Go ya ka Diane 18:13, ke eng se se ka go thusang gore o nne le dintlha tsotlhe? (Bona le setshwantsho.)

4 Gantsi go botsa dipotso go go thusa gore o nne le dintlha tsotlhe. A re re mongwe o go laleditse kwa kokoanong nngwe. A o tla ya? Fa e le gore o laleditswe ke motho yo o sa mo tlwaelang kgotsa ga o itse dithulaganyo tse di dirilweng, o tshwanetse go mmotsa dipotso tseno: “Kokoano eo e tla bo e tshwaretswe kae e bile e tla tshwarwa leng? Go tla bo go na le batho ba le bakae? Ke mang yo o tla bong a tlhokometse batho bao? Ke bomang ba ba laleditsweng? Go tla bo go dirwa eng? A go tla nna le bojalwa?” Dipotso tseno di ka go thusa gore o dire tshwetso e e siameng.​—Bala Diane 18:13.

Botsa dipotso gore o bone dintlha tsotlhe (Bona serapa 4) a


5. O tshwanetse go dira eng fa o na le dintlha tsotlhe?

5 Fa o setse o itse dintlha tsotlhe, akanya ka dilo tse dingwe tse di amanang le boemo joo. Ka sekai, go tweng fa e le gore batho ba ba laleditsweng ga ba ikobele melao e e mo Baebeleng, kgotsa go tla bo go na le bojalwa mme go se na ope yo o tlhomamisang gore batho ga ba nwe thata? A go ka direga gore batho bao ba nwe ka tsela e e feteletseng? (1 Pet. 4:3) Gape go tweng fa e le gore kokoano eo e tla tshwarwa ka nako ya dipokano kgotsa ya tshimo? Fa o na le dintlha tsotlhe, o tla kgona go dira tshwetso e e siameng. Mme go na le sengwe gape se o tshwanetseng go se dira. E re ka o itse gore o ikutlwa jang ka boemo joo, ipotse gore Jehofa ene o ikutlwa jang.​—Diane 2:6.

IPOTSE GORE JEHOFA O IKUTLWA JANG

6. Go ya ka Jakobe 1:5 goreng re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse?

6 Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhaloganya tsela e a akanyang ka yone. O re solofetsa gore o tla re naya botlhale gore re kgone go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang. O re naya botlhale joo ‘ka bopelotshweu e bile a sa re kgobe.’​—Bala Jakobe 1:5.

7. Ke eng se se ka go thusang go akanya ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone? Naya sekai.

7 Fa o setse o kopile Jehofa gore a go thuse, leka go bona gore o araba thapelo ya gago jang. Ka sekai, fa o le mo loetong o bo o timela, o ka kopa batho ba ba nnang mo lefelong leo gore ba go thuse. A o ka tsamaya ba ise ba go bolelele tsela e o tshwanetseng go e tsaya? Nnyaa. Ga go pelaelo gore o tla ba reetsa ka tlhoafalo. Ka tsela e e tshwanang, fa o sena go kopa Jehofa gore a go neye botlhale jwa go dira tshwetso e e siameng, leka go batla melao le melaometheo e e mo Baebeleng e e tla go thusang mo boemong joo. Fa o ipotsa gore a o ye kwa kokoanong e re buileng ka yone mo serapeng se se fetileng, leka go bona gore Baebele e a reng ka dikokoano tse batho ba nwang ka tsela e e feteletseng kwa go tsone. Gape leka go bona gore e a reng ka go itsalanya le batho ba ba sa siamang le gore go botlhokwa go le kana kang go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone tsa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.​—Math. 6:33; Bar. 13:13; 1 Bakor. 15:33.

8. O ka dira eng gore o bone tshedimosetso e o e tlhokang? (Bona le setshwantsho.)

8 Ka dinako dingwe, o ka tlhoka thuso gore o bone tshedimosetso e o e tlhokang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo ba ka go thusa. Mme gone, go itirela dipatlisiso le gone go ka go thusa. Go na le tshedimosetso e ntsi mo dikgatisong tsa rona, jaaka Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa le buka ya Bakeresete ba kaelwa ke Baebele. Gopola gore boikaelelo jwa gago ke go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa.

Ipotse gore Jehofa o ikutlwa jang (Bona serapa 8) b


9. Re ka itse jang gore ditshwetso tse re di dirang di tla itumedisa Jehofa? (Baefeso 5:17)

9 Re ka itse jang gore ditshwetso tse re di dirang di tla itumedisa Jehofa? Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se dira ke go mo itse sentle. Baebele e a re: “Go itse Yo o Boitshepotshepo ke tlhaloganyo.” (Diane 9:10) Gore re kgone go itse Jehofa sentle, re tshwanetse go tlhaloganya dinonofo tsa gagwe, se a se ikaeletseng le se a se ratang kgotsa se a se tlhoileng. Ipotse go re: “Kitso e ke nang le yone ka Jehofa e ka nthusa jang go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang?”​—Bala Baefeso 5:17.

10. Goreng melaometheo e e mo Baebeleng e le botlhokwa go feta setso sa rona kgotsa se ba malapa a rona ba se akanyang?

10 Ka dinako dingwe re ka tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa, mme di utlwisa ba malapa a rona botlhoko. Ka sekai, batsadi ba ba batlelang morwadiabone dilo tse dintle, ba ka batla gore a nyalwe ke monna yo o nang le madi a le mantsi kgotsa yo o ka kgonang go ntsha magadi a mantsi, tota le fa monna yoo a sa dire dilo tse di tla mo thusang go atamalana le Jehofa. Ke boammaaruri gore batsadi bao ba batla gore ngwana wa bone a tshele sentle. Mme gone, a monna yoo o tla mo thusa go atamalana le Jehofa? Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno? Mathaio 6:33 e re thusa go bona karabo. Mo temaneng eno, Jesu o re kgothaletsa gore re nne re ‘batle Bogosi pele.’ Le fa gone re tlotla batsadi le batho ba mo lefelong la rona, selo sa botlhokwa thata mo go rona ke go itumedisa Jehofa.

AKANYETSA TSHWETSO E O BATLANG GO E DIRA

11. Ke nonofo efe e go buiwang ka yone mo go Bafilipi 1:9 le 10 e e ka go thusang go akanyetsa tshwetso e o batlang go e dira?

11 Fa o setse o bone melaometheo e e mo Baebeleng e e ka go thusang, o tshwanetse go akanya ka tshwetso e o batlang go e dira. “Tsela e o tlhaloganyang dilo ka yone [kgotsa temogo]” e tla go thusa go bona diphelelo tsa tshwetso e o batlang go e dira. (Bala Bafilipi 1:9, 10.) Go motlhofo go dira ditshwetso dingwe, mme ga go a nna jalo ka tse dingwe. Ka jalo, temogo e tla go thusa go dira ditshwetso tse di siameng tota le mo maemong a a thata.

12-13. Go nna le temogo go tla go thusa jang gore o tlhophe tiro e e siameng?

12 A re re o batla tiro gore o kgone go tlamela ba lelapa la gago. O bona ditiro tse pedi. Go tswa foo, o batla dintlha tsotlhe ka ditiro tseo, jaaka gore ke tiro ya mofuta ofe, o tla fetsa nako e kae o le kwa tirong, go tla go tsaya lobaka lo lokae go ya le go boa kwa tirong eo, le dintlha tse dingwe. Ditiro tseno ga di kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. O ka tswa o rata nngwe ya tsone ka gonne o itumelela mofuta wa tiro eo kgotsa ka gonne o tlile go duelwa madi a mantsi. Mme gone, go na le dilo tse dingwe tse o tshwanetseng go di akanyetsa pele o dira tshwetso.

13 Ka sekai, a tiro eo e tla dira gore o se ka wa kgona go nna gone kwa dipokanong dingwe? A e tla dira gore ba lelapa la gago ba ikutlwe ba sa sireletsega e bile ba sa itumela? A e tla dira gore o se ka wa nna le nako e e lekaneng ya go ba thusa go atamalana le Jehofa? Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o dire “dilo tse di botlhokwa thata,” e leng go direla Jehofa le go thusa ba lelapa la gago go atamalana le ene go na le go batla madi a mantsi. Seo se tla dira gore o kgone go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa.

14. Go nna le temogo le go rata ba bangwe go ka re thusa jang gore re se ka ra ba kgopisa?

14 Gape go nna le temogo go tla re thusa gore ditshwetso tse re di dirang di se ka tsa ‘kgopisa ba bangwe.’ (Bafil. 1:10) Seno se botlhokwa fa re tlhopha diaparo le tsela e re ipaakanyang ka yone. Ka sekai, re ka tswa re rata go ipaakanya ka tsela nngwe e e rileng le go apara diaparo tse di rileng. Mme go tweng fa e le gore di kgopisa bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba ba sa direleng Jehofa? Go nna le temogo go tla re thusa gore re tlotle tsela e ba ikutlwang ka yone. Gape fa e le gore re a ba rata, re tla dira dilo tse di tla ba tswelang mosola e bile re tla apara ka tsela e e rulagantsweng sentle. (1 Bakor. 10:23, 24, 32; 1 Tim. 2:9, 10) Go dira jalo go tla bo go bontsha gore re a ba rata le gore re a ba tlotla.

15. O tshwanetse go akanya ka eng pele o dira tshwetso ya botlhokwa?

15 Fa o dira tshwetso ya botlhokwa, akanya gore ke dilo dife tse o ka tshwanelwang ke go di dira gore e atlege. Jesu o ile a re re tshwanetse go “bala ditshenyegelo.” (Luke 14:28) Ka jalo, ipotse gore o tla tlhoka nako e kae, madi a a kana kang le gore o tla tshwanelwa ke go dira dilo dife gape gore tshwetso eo e atlege. Mo maemong mangwe, o ka nna wa bua le ba lelapa la gago gore ba itse gore ba tshwanetse go dira eng gore ba go thuse. Go dira jalo go tla go thusa go lemoga gore a o tlhoka go dira diphetogo dingwe kgotsa o tlhoka go dira tshwetso e nngwe e e botoka. Gape fa o reetsa dikakantsho tsa bone, lo tla kgona go dirisana mmogo gore tshwetso eo e atlege.​—Diane 15:22.

DIRA TSHWETSO E E TLA ATLEGANG

16. Ke eng se se ka go thusang gore o dire tshwetso e e siameng? (Bona le lebokoso le le reng, “ O ka Dira Ditshwetso Tse di Siameng Jang?”)

16 Ga go pelaelo gore fa o dirile dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone, o tla dira tshwetso e e siameng. O ka tswa o setse o batlile dintlha tsotlhe e bile o sekasekile melaometheo e e tla go thusang go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa. Jaanong kopa Jehofa gore a go thuse gore tshwetso eo e atlege.

17. Ke eng se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di siameng?

17 Le fa o ka tswa o ile wa dira ditshwetso tse di siameng mo nakong e e fetileng, gopola gore ga o a tshwanela go ikaega ka botlhale jwa gago kgotsa ka kitso e o nang le yone. Go na le moo, o tshwanetse go ikaega ka botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Jehofa ke ene fela a ka go nayang kitso, botlhale le temogo. (Diane 2:1-5) A ka go thusa gore o dire ditshwetso tse di tla mo itumedisang.​—Pes. 23:2, 3.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba tlotla ka kokoano e ba laleditsweng kwa go yone.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe mongwe o dira dipatlisiso gore a bone gore a o tla ya kwa kokoanong eo.