Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAKANTSHO YA GO ITHUTA

Go Torowa Go ka Go Thusa go Gopola Se o Se Ithutileng

Go Torowa Go ka Go Thusa go Gopola Se o Se Ithutileng

Bontsi jwa rona ga go motlhofo gore re gopole dilo tse re di ithutileng. Le fa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore go motlhofo jang go gakologelwa dikai tse Jesu a neng a di dirisa? Fa re akanya ka se Jesu a neng a se bua, re kgona go gopola se a neng a se ruta. Ka tsela e e tshwanang, re ka kgona go gakologelwa se re se ithutileng fa re akanya ka se re se badileng. Re ka dira seo jang? Ka go torowa fa re ntse re ithuta.

Gantsi batho ba ba torowang fa ba ithuta, ba kgona go gopola se ba se ithutileng. Go dira jalo go ba thusa gore ba se ka ba gopola fela mafoko a ba a badileng, gape go ba thusa gore ba gopole dintlha tsa botlhokwa tse ba di ithutileng. Mme gone, batho bano ga se ditswerere tsa go torowa. Dipatlisiso di bontsha gore go torowa go thusa thata batho ba ba godileng gore ba kgone go gakologelwa se ba se ithutileng.

Mo nakong e e tlang fa o ithuta, leka go torowa. Seo se ka go thusa go gakologelwa dilo di le dintsi.