Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

PINA 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang

Lorato Lwa ga Jehofa lo re Tswela Mosola Jang?

Lorato Lwa ga Jehofa lo re Tswela Mosola Jang?

“Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng gore a boloke baleofi.”​—1 TIM. 1:15.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona gore thekololo e re tswela mosola jang le gore re ka bontsha Jehofa jang gore re a leboga.

1. Re tshwanetse go dira eng gore re itumedise Jehofa?

 A RE re o naya motho yo o mo ratang mpho e ntle e a e tlhokang. O ne o tla utlwa botlhoko tota fa a ne a ka e baya a bo a sa e dirise. Mme ga go pelaelo gore o ne o tla itumela fa a ne a ka lebogela mpho eo a bo a e dirisa. Sekai seno se amana jang le mpho e Jehofa a re neileng yone ya thekololo? Jehofa o ntshitse Morwawe gore a re swele. O tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona re lebogela mpho eno le tsela e a re ratang ka yone! O re neile thekololo ka gonne a re rata.​—Joh. 3:16; Bar. 5:7, 8.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mme gone, fa nako e ntse e tsamaya, re ka nna ra se ka ra tlhola re lebogela mpho ya thekololo jaaka pele. Go dira jalo go tla bo go tshwana le go baya mpho e ntle e Jehofa a re neileng yone mo lefelong le le fitlhegileng. Gore seo se se ka sa direga, re tshwanetse go nna re akanya ka se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone. Setlhogo seno se tla re thusa go dira jalo. Re tlile go bona gore thekololo e re tswela mosola jang gone jaanong le gore e tla re tswela mosola jang mo nakong e e tlang. Gape re tlile go bona gore re ka dira eng go bontsha gore re lebogela tsela e Jehofa a re ratang ka yone, segolobogolo dibeke pele le morago ga Segopotso.

THEKOLOLO E RE TSWELA MOSOLA JANG GONE JAANONG?

3. Thekololo e re tswela mosola jang gone jaanong?

3 Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo se re tswela mosola. Ka sekai, se dira gore Jehofa a re itshwarele maleo a rona. Ga a dire jalo ka gonne a patelesega, go na le moo o re itshwarela ka gonne a batla. Mokwadi mongwe wa pesalema o ile a tlhalosa kafa a lebogang ka gone go bo Jehofa a re itshwarela. O ne a re: “Gonne o molemo Jehofa e bile o ikemiseditse go itshwarela.”​—Pes. 86:5; 103:3, 10-13.

4. Jehofa o ne a ntshetsa bomang thekololo? (Luke 5:32; 1 Timotheo 1:15)

4 Batho bangwe ba ikutlwa ba sa tshwanelwe ke gore Jehofa a ba itshwarele. Boammaaruri ke gore rotlhe fela ga re tshwanelwe ke gore Jehofa a re itshwarele. Moaposetoloi Paulo o ne a re ga a “tshwanelwe ke go bidiwa moaposetoloi.” Mme gone o ne a re: “Ke se ke leng sone ka bopelonomi jo bogolo jwa Modimo.” (1 Bakor. 15:9, 10) Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaela maleo a rona. Goreng? O dira jalo ka gonne a re rata, e seng ka gonne re tshwanelwa ke gore a re itshwarele. Fa e le gore o ikutlwa o se motho wa sepe, nna o gopotse gore fa Jehofa a ne a ntsha thekololo, o ne a sa e ntshetse batho ba ba se nang boleo. Go na le moo, o ne a e ntshetsa baleofi ba ba ikwatlhayang.​—Bala Luke 5:32; 1 Timotheo 1:15.

5. A Jehofa o tshwanetse go re itshwarela? Tlhalosa.

5 Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o tshwanetse go re itshwarela ka gonne re mo diretse ka dingwaga di le dintsi. Ke boammaaruri gore o lebogela se re mo diretseng sone. (Baheb. 6:10) Mme gone, o re neile thekololo e le mpho, e seng ka gonne a re duelela se re mo diretseng sone. Ka jalo, go akanya gore Jehofa o tshwanetse go re itshwarela ka ntlha ya dingwaga tse re di feditseng re mo direla, go tla bo go raya gore go ne go sa tlhokege gore Jesu a re swele.​—Bapisa le Bagalatia 2:21.

6. Goreng Paulo a ne a dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa?

6 Paulo o ne a itse gore le fa a ka direla Jehofa go le kana kang, Jehofa o ne a se kitla a patelesega go mo itshwarela. Mme gone, goreng a ne a dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa? O ne a batla go bontsha gore o lebogela go bo Jehofa a le pelonomi mo go ene e bile a mo utlwela botlhoko. (Baef. 3:7) Le rona fela jaaka Paulo, re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa ka gonne re batla go mmontsha gore re a mo leboga, e seng ka gonne a patelesega go re itshwarela.

7. Thekololo e re tswela mosola jang gape gone jaanong? (Baroma 5:1; Jakobe 2:23)

7 Tsela e nngwe gape e thekololo e re tswelang mosola ka yone gone jaanong ke gore re kgona go atamalana le Jehofa. a Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, ga re a tsholwa re le ditsala tsa ga Jehofa. Mme gone, thekololo e dira gore re itumelele “kagiso e re nang le yone le Modimo,” e bile re kgona go atamalana le ene.​—Bala Baroma 5:1; Jakobe 2:23.

8. Goreng re lebogela tshiamelo ya go bua le Jehofa ka thapelo?

8 Re kgona go atamalana le Jehofa fa re mo rapela. O a re utlwa fa re mo rapela re na le bakaulengwe le bokgaitsadi. Gape o a re utlwa fa re bua le ene re le nosi. Thapelo e dira gore re ritibale, mme sa botlhokwa le go feta e dira gore re atamalane le Jehofa. (Pes. 65:2; Jak. 4:8; 1 Joh. 5:14) Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a rapela ka makgetlo a le mantsi ka gonne o ne a itse gore Jehofa o a mo utlwa, e bile o ne a rapela gore a nne a atamalane le Rraagwe. (Luke 5:16) Re itumelela gore setlhabelo sa ga Jesu se dira gore re kgone go nna ditsala tsa ga Jehofa le gore re bue le ene ka thapelo.

THEKOLOLO E TLA RE TSWELA MOSOLA JANG MO NAKONG E E TLANG?

9. Thekololo e tla tswela batlhanka ba ga Jehofa mosola jang mo nakong e e tlang?

9 Thekololo e tla tswela batlhanka ba ga Jehofa jang mosola mo nakong e e tlang? Ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Batho ba le bantsi ba akanya gore seo se ka se kgonege ka gonne go fetile dingwaga di le dintsi batho ba swa. Mme gone, go tswa fela kwa tshimologong, Jehofa o ne a batla gore batho ba tshelele ruri. Fa Adame a ka bo a sa leofa, re ka bo re tshelela ruri. Le fa gone jaanong go le thata go akanya gore re ka tshelela ruri, re ka dumela gore seo se ka direga ka gonne re a itse gore Jehofa o ntshitse botshelo jwa Morwawe gore seo se kgonege.​—Bar. 8:32.

10. Batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba tlile go itumelela eng?

10 Le fa gone re tlile go tshela botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang, Jehofa o batla gore re akanye ka jone gone jaanong. Batlodiwa ba lebile pele go tshela monate kwa legodimong fa ba tla bo ba busa le Jesu. (Tshen. 20:6) Ba dinku tse dingwe bone, ba tla itumelela go tshela mo Paradaiseng ba sa utlwe botlhoko e bile ba sa boge. (Tshen. 21:3, 4) A le wena o na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? Ga re a tshwanela go tseela tsholofelo eno kwa tlase. Fa Jehofa a ne a bopa batho, o ne a batla gore ba itumelele go tshela monate mo lefatsheng.

11-12. Ke dilo dife tse re tla di itumelelang kwa Paradaiseng? (Bona le ditshwantsho.)

11 Leka go akanya gore o tla bo o tshela jang kwa Paradaiseng. O tla bo o sa lwale e bile o sa swe. (Isa. 25:8; 33:24) Jehofa o tla go naya sengwe le sengwe se o se batlang. A o ka rata go ithuta ka diphologolo, go letsa seletswa sengwe sa mmino kgotsa go torowa? Kwa Paradaiseng go tla bo go tlhokega batho ba ba tlhamang dipolane le ba ba agang matlo. Gape ga go pelaelo gore go tla tlhokega batho ba ba lemang le ba ba apayang, ba ba dirang dithulusu le ba ba jalang malômô, bojang le ditlhare le go di tlhokomela. (Isa. 35:1; 65:21) E re ka o tla bo o tshelela ruri, o tla bo o na le nako ya go dira dilo tseno tsotlhe.

12 Re tlile go itumelela go amogela batho ba ba tla bong ba tsositswe. (Dit. 24:15) Gape leka go akanya gore go tla bo go itumedisa jang go ithuta ka Jehofa mo dilong tse dintsi tse a di bopileng. (Pes. 104:24; Isa. 11:9) Mo godimo ga moo, re tla itumelela go direla Jehofa re se na boleo e bile re sa tlhoke go mo kopa gore a re itshwarele maleo a rona. A o ka batla gore botshelo jono jo bo monate bo go tswe dinaleng fela ka gonne o batla gore o tshele botshelo jwa go ikgotsofatsa? (Baheb. 11:25) Nnyaa le e seng! Botshelo joo bo tla bo bo le botoka thata go feta jo re bo tshelang gone jaanong. Nna o gopotse gore go tshela kwa lefatsheng la Paradaise ga se go ijesa dijo tsa ditoro. Dilo tseno tsotlhe di tlile go direga ka gonne Jehofa o ntshitse Morwawe gore e nne thekololo.

Ke eng se o lebileng pele go se dira kwa Paradaiseng? (Bona serapa 11-12)


BONTSHA GORE O LEBOGELA TSELA E JEHOFA A GO RATANG KA YONE

13. Re ka bontsha jang gore re lebogela lorato lo logolo lo Jehofa a re bontshitseng lone? (2 Bakorintha 6:1)

13 O ka bontsha jang gore o lebogela thekololo? Ka go dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. (Math. 6:33) Tota e bile, Jesu “o ne a swela batho botlhe gore ba ba tshelang ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a bo a tsosiwa.” (2 Bakor. 5:15) Ga re batle go amogela bopelonomi jo bogolo jwa Modimo re bo re lebala boikaelelo jwa jone.​—Bala 2 Bakorintha 6:1.

14. Re ka bontsha jang gore re ikobela ditaelo tse Jehofa a re nayang tsone?

14 Gape re ka bontsha gore re lebogela lorato lo Jehofa a re bontshang lone ka go mo tshepa le go ikobela ditaelo tse a re nayang tsone. Re ka dira seo jang? Fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, jaaka gore re tla tsweletsa dithuto go fitlha kae kgotsa re tla amogela tiro e e ntseng jang, re tshwanetse go ipotsa gore Jehofa o batla gore re dire eng. (1 Bakor. 10:31; 2 Bakor. 5:7) Fa re bontsha gore re tshepa Jehofa fa re dira ditshwetso, tumelo ya rona e tla nonofa e bile re tla atamalana le ene. Gape dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla di dira mo nakong e e tlang, e tla nna tsa mmatota mo go rona.​—Bar. 5:3-5; Jak. 2:21, 22.

15. Re ka bontsha jang gore re lebogela kafa Jehofa a re ratang ka gone ka nako ya Segopotso?

15 Go dira sotlhe se re ka se kgonang dibeke pele le morago ga Segopotso, ke tsela nngwe e re ka bontshang ka yone gore re lebogela kafa Jehofa a re ratang ka gone. Re batla go nna teng kwa Segopotsong, e bile re laletsa batho ba bangwe gore le bone ba nne teng. (1 Tim. 2:4) Ba tlhalosetse gore go dirwa eng kwa Segopotsong. O ka dirisa bidio e e mo jw.org ya setlhogo se se reng, Goreng Jesu a Ile a Swa? le e e reng, Gopola Loso Lwa ga Jesu. Bagolwane ba tshwanetse go laletsa ba ba nang le lobaka lo loleele ba sa tle dipokanong. Ba tshwanetse go gopola gore Jehofa, Jesu, baengele mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumela tota fa mongwe a boela mo phuthegong. (Luke 15:4-7) Le fa gone re itumelela go dumedisana fa re le kwa Segopotsong, re batla go leka go dumedisa batho ba e leng la ntlha ba tla kgotsa ba ba nang le lobaka lo loleele ba sa tle. Re batla gore ba ikutlwe ba amogetswe.​—Bar. 12:13.

16. Goreng re tshwanetse go akanyetsa go dira mo go oketsegileng mo tshimong ka nako ya Segopotso?

16 A o ka dira mo go oketsegileng mo tshimong dibeke pele le morago ga Segopotso? Go dira jalo go tla bo go bontsha gore o lebogela se Jehofa le Jesu ba go diretseng sone. Fa re dira mo go oketsegileng mo tshimong, re kgona go bona kafa Jehofa a re emang nôkeng ka gone, e bile re mo tshepa le go feta. (1 Bakor. 3:9) Gape o ka bala mmalo wa Baebele wa Segopotso o o mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe, kgotsa o o mo tšhateng e e mo bukaneng ya pokano ya mo gare ga beke. O ka dirisa ditemana tseo gore e nne porojeke ya gago ya go ithuta.

17. Jehofa o itumelela eng? (Bona le lebokoso le le reng, “ Ditsela Tsa go Bontsha Gore re Lebogela Thekololo.”)

17 Gongwe ga go motlhofo gore o dirise dikakantsho tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno. Fa go le jalo, gopola gore Jehofa ga a go bapise le batho ba bangwe. O a itse gore o a mo rata, ka jalo o itumela tota fa a bona o dira sotlhe se o ka se kgona go bontsha gore o lebogela mpho ya thekololo.​—1 Sam. 16:7; Mar. 12:41-44.

18. Goreng re tshwanetse go lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone?

18 Thekololo e dirile gore Jehofa a re itshwarele maleo, re kgone go atamalana le ene le gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri. Re tshwanetse go nna re bontsha gore re leboga Jehofa ka go bo a re rata e bile a re neile dilo tseno tsotlhe. (1 Joh. 4:19) Gape re tshwanetse go leboga go bo Jesu a ile a bontsha gore o a re rata ka go re swela.​—Joh. 15:13.

PINA 154 Lorato Lo lo Sa Feleng

a Jehofa o ile a itshwarela batlhanka ba gagwe ba ba neng ba mo direla pele Jesu a ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo. O ne a dira jalo ka gonne a itse gore Morwawe o ne a tlile go ikanyega go fitlha a swa. Ka jalo, go ne go ntse jaaka e kete thekololo e setse e ntshitswe.​—Bar. 3:25.