Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

PINA 18 Re Lebogela Thekololo

Thekololo e re Ruta Eng?

Thekololo e re Ruta Eng?

“Eno ke tsela e Modimo a neng a . . . bontsha lorato ka yone.”​—1 JOH. 4:9.

SE GO BUIWANG KA SONE

Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore thekololo e re rutang eng ka dinonofo tse dintle tse Jehofa le Jesu ba nang le tsone.

1. Go ya Segopotsong ngwaga le ngwaga go re tswela mosola jang?

 GA GO pelaelo gore thekololo ke mpho e e di gaisang tsotlhe! (2 Bakor. 9:15) O kgona go nna tsala ya ga Jehofa ka gonne Jesu a ile a re swela. Gape o na le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Jehofa o re neile thekololo ka gonne a re rata, ka jalo re na le mabaka a le mantsi a go mo leboga. (Bar. 5:8) Gore re nne re lebogela thekololo le gore re se ka ra lebala se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone, Jesu o ile a laela gore re gopole loso lwa gagwe ngwaga le ngwaga.​—Luke 22:19, 20.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mo ngwageng ono, Segopotso se tla bo se le ka Matlhatso, ka di12 tsa April, 2025. Re tlhatswegile pelo gore re tla dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne teng kwa Segopotsong. Go ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka se Jehofa le Morwawe ba re diretseng sone dibeke pele le morago ga Segopotso, go tla re thusa fela thata. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore thekololo e re ruta eng ka Jehofa le Morwawe. Setlhogo se se latelang sone, se tla re thusa go tlhaloganya gore thekololo e re tswela mosola jang le gore re ka bontsha jang gore re a e lebogela.

THEKOLOLO E RE RUTA ENG KA JEHOFA?

3. Loso lwa motho a le mongwe lo ile lwa golola jang batho ba le bantsintsi? (Bona le setshwantsho.)

3 Thekololo e re ruta gore Jehofa o rata tshiamiso. (Dute. 32:4) Goreng re rialo? Fa Adame a ne a leofa, o ne a dira gore re nne le boleo re bo re swe. (Bar. 5:12) Ka jalo, Jehofa o ne a romela Jesu gore a tle go re golola mo boleong le mo losong. Mme gone, loso lwa motho a le mongwe lo ne lo ka golola jang batho ba le bantsintsi? Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Fela jaaka go tlhoka kutlo ga motho a le mongwe [Adame] go ne ga dira gore batho ba le bantsi e nne baleofi, ka tsela e e tshwanang go nna kutlo ga motho a le mongwe [Jesu] go tla dira gore batho ba le bantsi ba bolelwe ba siame.” (Bar. 5:19; 1 Tim. 2:6) Paulo o ne a raya gore batho botlhe ke baleofi e bile ba a swa ka ntlha ya motho a le mongwe yo o sa ikobelang molao wa Modimo. Ka jalo, go ne go tlhokega motho a le mongwe yo o neng a ikobela Modimo gore a re golole mo boleong le mo losong.

Motho a le mongwe o ile a dira gore re nne le boleo re bo re swe. Mme motho a le mongwe o ne a re golola (Bona serapa 3)


4. Goreng Jehofa a sa letlelela bana ba ga Adame ba ba neng ba mo ikobela gore ba tshelele ruri?

4 A go ne go tlhokega gore Jesu a re swele? Goreng Jehofa a ne a sa letle bana ba ga Adame ba ba neng ba mo ikobela gore ba tshelele ruri? Re ka nna ra akanya gore seo se ne se tla rarabolola bothata joo. Mme gone, go dira jalo go ne go se kitla go bontsha gore Jehofa o tshiamiso, ka gonne go ne go tla nna jaaka e kete Adame ga a ise a tsamaye a dire boleo jo bo masisi. Gape go ne go tla nna jaaka e kete bana ba gagwe e ne e se baleofi.

5. Goreng re ka tlhatswega pelo gore ka dinako tsotlhe Jehofa o dira se se siameng?

5 Fa Jehofa a ka bo a sa ntsha thekololo a bo a letla bana ba ga Adame ba ba nang le boleo gore ba tshelele ruri, seo se ne se tla raya gore o itlhokomolosa melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang. Batho ba ne ba tla ipotsa gore a Jehofa o tla itlhokomolosa melao eo gape mo maemong a mangwe. Ka sekai, a o tla dira dilo tse a solofeditseng gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang? Ga re a tshwanela go tshwenyega ka gore a seo se tla direga. Goreng? Ka gonne Jehofa o ile a dira se se siameng le fa gone go dira jalo go ne go raya gore o ne a tla tshwanelwa ke go ntsha Morwawe setlhabelo. Seno se re tlhatswa pelo gore ka dinako tsotlhe Jehofa o dira se se siameng.

6. Thekololo e re bontsha jang gore Jehofa o a re rata? (1 Johane 4:9, 10)

6 Nonofo nngwe e e dirileng gore Jehofa a romele Jesu gore a tle go re swela, ke lorato. (Joh. 3:16; bala 1 Johane 4:9, 10.) Thekololo e re bontsha gore Jehofa o batla gore re tshelele ruri le gore re nne karolo ya lelapa la gagwe. Akanya ka seno: Fa Adame a ne a leofa, o ne a se ka a tlhola a nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. Seo se ile sa dira gore le rona re se ka ra nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. E re ka Jehofa a ile a ntsha thekololo, o re itshwarela maleo e bile letsatsi lengwe o tla letla batho botlhe ba ba mo ikobelang le ba ba dumelang mo go ene gore e nne karolo ya lelapa la gagwe. Tota le gompieno, re ka atamalana le Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi.​—Bar. 5:10, 11.

7. Tsela e Jesu a ileng a bogisiwa ka yone e re bontsha jang gore Jehofa o a re rata?

7 Re kgona go bona gore Jehofa o a re rata fa re akanyetsa kwa teng ka tsela e a neng a utlwile botlhoko ka yone fa Morwawe a ne a bogisiwa setlhogo. Satane a re ga go na motlhanka ope wa Modimo yo o tla tswelelang a ikanyega mo go Ene fa a lebane le mathata. Go bontsha gore seo ke maaka a matala, Jehofa o ile a letla Jesu gore a boge pele a swa. (Jobe 2:1-5; 1 Pet. 2:21) O ne a ntse a mo lebile fa batho ba ba neng ba mo ganetsa ba mo sotla, le fa masole a mo itaya a bo a kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso. Gape o ile a bona fa Morwawe yo a mo ratang thata a bolawa setlhogo. (Math. 27:28-31, 39) O ne a ka kgona go thibela seo ka gonne o na le maatla. Ka sekai, fa baganetsi ba ne ba re: “A jaanong Modimo a mo golole fa e le gore o batla go mo thusa,” Jehofa o ne a ka dira jalo. (Math. 27:42, 43) Le fa go ntse jalo, fa a ne a ka mo thusa, go ne go se kitla go nna le thekololo e bile re ne re se kitla re nna le tsholofelo. Ka jalo, Jehofa o ne a letla gore Morwawe a bogisiwe mo go botlhoko go fitlha a swa.

8. A Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa a bona Morwawe a boga? Tlhalosa. (Bona le setshwantsho.)

8 Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa ga a na maikutlo ka gonne e le Mothatayotlhe. Baebele e a re o bopile batho mo setshwanong sa gagwe ba na le maikutlo. Ka jalo, seo se raya gore le ene o na le maikutlo. Gape Baebele e a re o utlwa “botlhoko” e bile o a “hutsafala.” (Pes. 78:40, 41) Akanya ka se se ileng sa diragalela Aborahame le Isake. Aborahame o ile a laelwa gore a ntshe morwawe setlhabelo. (Gen. 22:9-12; Baheb. 11:17-19) Aborahame o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko tota fa a ntse a ipaakanyetsa go bolaya morwawe. Ka tsela e e tshwanang, ga go pelaelo gore Jehofa o ne a utlwile botlhoko fa Morwawe a ne a bolawa setlhogo.​—Bona bidio ya setlhogo se se reng, Etsa Tumelo ya Bone​—Aborahame, Karolo 2 mo jw.org.

Jehofa o ne a utlwa botlhoko tota fa a ntse a bona Morwawe a boga (Bona serapa 8)


9. Baroma 8:32, 38 le 39 e re thusa jang go tlhaloganya tsela e Jehofa a re ratang ka yone le e a ratang Bakeresetemmogo le rona ka yone?

9 Thekololo e re ruta gore Jehofa o re rata go feta ba masika kgotsa ditsala tsa rona. (Bala Baroma 8:32, 38, 39.) Ga go pelaelo gore Jehofa o re rata go feta kafa re ithatang ka gone. O batla gore o tshelele ruri e bile o batla go go itshwarela maleo go feta kafa wena o batlang ka gone. Se rona re tshwanetseng go se dira ke go mmontsha gore re lebogela mpho ya thekololo e a re neileng yone, go nna le tumelo mo go ene le go mo ikobela. Thekololo ke mpho ya botlhokwa thata e e re bontshang gore Jehofa o a re rata. Kwa lefatsheng le lesha, re tlile go ithuta dilo di le dintsi tota tse di bontshang gore Jehofa o a re rata.​—Mor. 3:11.

THEKOLOLO E RE RUTA ENG KA JESU?

10. (a) Jesu o ne a ikutlwa jang ka tsela e a neng a tlile go bolawa ka yone? (b) Jesu o ile a bontsha jang gore se Satane a neng a se bua ka Jehofa ke maaka a matala? (Bona le lebokoso le le reng, “ Jesu o Tlotlomatsa Leina la ga Jehofa.”)

10 Jesu o ne a sa batle gore Rraagwe a senngwe leina. (Joh. 14:31) O ne a utlwisiwa botlhoko ke gore tsela e a neng a tlile go bolawa ka yone, e ne e tla dira gore batho ba akanye dilo tse di sa siamang ka Rraagwe. O ne a raya Jehofa a re: “Rara, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete.” (Math. 26:39) E re ka Jesu a ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a swa, o ile a bontsha gore se Satane a neng a se bua ka Jehofa ke maaka a matala.

11. Jesu o ile a bontsha jang gore o rata batho? (Johane 13:1)

11 Gape thekololo e re ruta gore Jesu o amega ka batho, segolobogolo balatedi ba gagwe. (Diane 8:31; bala Johane 13:1.) Ka sekai, Jesu o ne a itse gore go ne go tla nna thata go dira dilo dingwe fa a ne a le mo lefatsheng, bogolo jang go re swela. Le fa go ntse jalo, o ile a dira dilo tseno tsotlhe e seng fela ka gonne Jehofa a mo laetse gore a dire jalo. Mme gape o ne a dira jalo ka gonne a rata batho. Jesu o ne a bontsha gore o rata batho ka go ba rerela, go ba ruta le go ba thusa. Tota le ka letsatsi le a neng a bolawa ka lone, o ne a ipha nako ya go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, go ba ruta le go ba kgothatsa. (Joh. 13:12-15) Fa a ne a le mo koteng, o ne a naya senokwane se a neng a bapile le sone tsholofelo e bile o ile a bontsha gore o rata mmaagwe ka go kopa Johane gore a sale a mo tlhokomela. (Luke 23:42, 43; Joh. 19:26, 27) Ka jalo, Jesu o ile a bontsha gore o rata batho ka go ba swela le ka go dirisana le bone ka lorato le ka bopelonomi.

12. Ke dilo dife tse Jesu a re direlang tsone gompieno?

12 Le fa gone Jesu a ile a re swela “gangwe fela,” o sa ntse a re direla dilo di le dintsi gompieno. (Bar. 6:10) Goreng re rialo? O dira ka natla go re naya dilo di le dintsi tse dintle tse thekololo e dirileng gore re nne le tsone. Akanya ka dilo tse a re direlang tsone gone jaanong. Ke Kgosi, Moperesiti yo Mogolo le tlhogo ya phuthego. (1 Bakor. 15:25; Baef. 5:23; Baheb. 2:17) O eteletse pele tiro ya go phutha ba ba tloditsweng le ba boidiidi jo bogolo, e leng tiro e a tla e wetsang pele ga pitlagano e kgolo e fela. a (Math. 25:32; Mar. 13:27) O naya batlhanka ba gagwe dilo tse ba di tlhokang gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa mo malatsing ano a bofelo. (Math. 25:45) Mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete, o tla tswelela a direla batho dilo di le dintsi. Fa Jehofa a ne a re ntshetsa Morwawe, o ne a sa mo ntshetse fela gore a re swele, gape o ne a batla gore a re direle dilo tse dingwe tse dintsi.

TSWELELA O ITHUTA DILO TSE DISHA

13. Ke eng se se ka re thusang go akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone?

13 Ithute mo go oketsegileng ka tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone ka go nna o akanyetsa kwa teng ka se ba re diretseng sone. Gongwe dibeke pele le morago ga Segopotso mo ngwageng ono, o ka bala nngwe ya dibuka tse nnê mo Baebeleng tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu. O se ka wa bala dikgaolo tse dintsi ka nako e le nngwe. Go na le moo, bala ka iketlo mme o batle mabaka a go bo re tshwanetse go rata Jehofa le Jesu. Go tswa foo, bolelela ba bangwe ka se o se badileng.

14. Go ya ka Pesalema 119:97 le ntlha e e kwa tlase, go dira dipatlisiso go ka re thusa jang gore go nne go na le dilo tse disha tse re di ithutang ka thekololo le ka dithuto tse dingwe? (Bona le setshwantsho.)

14 Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi o kolobeditswe, o ka tswa o ipotsa gore a mme go na le dilo dingwe tse o ka di ithutang ka thekololo, tsela e Jehofa a leng tshiamiso ka yone le e a re ratang ka yone. Boammaaruri ke gore go tla nna go na le dilo tse disha tse re ka di ithutang ka dilo tseno. Ka jalo, ke eng se o ka se dirang? Bala o bo o ithute tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e mo dikgatisong tsa rona. Fa go na le sengwe se o sa se tlhaloganyeng, dira dipatlisiso. Go tswa foo, akanyetsa kwa teng ka se o se ithutileng le gore se go ruta eng ka Jehofa, Morwawe le ka tsela e ba re ratang ka yone.​—Bala Pesalema 119:97 le ntlha e e kwa tlase.

Tota le fa re na le lobaka lo loleele re kolobeditswe, re sa ntse re ka ithuta dilo di le dintsi ka thekololo (Bona serapa 14)


15. Goreng go le botlhokwa gore re nne re batla dilo tse disha fa re ithuta Baebele?

15 O se ka wa kgobega marapo fa o sa bone sepe se sesha kgotsa se se kgatlhang fa o bala kgotsa o dira dipatlisiso. Leka go akanya ka motho yo o batlang gauta. Gantsi o fetsa diura kgotsa malatsi a le mantsi pele a e bona. Mme gone, ga a ineele. O tswelela a e batla a le pelotelele ka gonne o a itse gore gauta nngwe le nngwe e a e bonang e botlhokwa mo go ene le fa e ka tswa e le nnye. Dilo tse re di ithutang mo Baebeleng di botlhokwa go feta gauta! (Pes. 119:127; Diane 8:10) Ka jalo, nna pelotelele, tswelela o bala Baebele mme o batle dilo tse disha tse o ka di ithutang mo go yone.​—Pes. 1:2.

16. Re ka etsa Jehofa le Jesu jang?

16 Fa o ntse o ithuta, leka go bona gore o ka dirisa jang se o se ithutileng. Ka sekai, o ka etsa tsela e Jehofa a leng tshiamiso ka yone ka go dirisana le batho ba bangwe sentle. O ka etsa tsela e Jesu a ratang Rraagwe le batho ba bangwe ka yone ka go ikemisetsa go boga ka ntlha ya leina la ga Jehofa le ka go dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa Bakeresetemmogo le wena. Gape o ka etsa Jesu ka go rerela batho ba bangwe gore le bone ba nne le tshono ya go amogela mpho eno ya thekololo.

17. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Fa re ntse re ithuta ka thekololo, re tlile go rata Jehofa le Jesu thata. Seo se tla dira gore le bone ba re rate le go feta. (Joh. 14:21; Jak. 4:8) Ka jalo, a re diriseng dilo tsotlhe tse Jehofa a re neileng tsone go nna re ithuta ka thekololo. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go bona ditsela dingwe tse thekololo e re tswelang mosola ka tsone le gore re ka bontsha jang gore re lebogela tsela e Jehofa a re bontshitseng lorato ka yone.

PINA 107 Sekao sa Modimo sa Lorato

a Go phutha “dilo tse di kwa magodimong” mo Paulo a buang ka gone mo go Baefeso 1:10 go farologane le go phutha “ba ba tlhophilweng” ba Jesu a neng a bua ka bone mo go Mathaio 24:31 le Mareko 13:27. Paulo o bua ka nako ya fa Jehofa a tlhopha ba ba tla busang le Jesu ka go ba tlotsa ka moya o o boitshepo. Jesu ene o bua ka nako ya fa batlodiwa ba ba setseng ba tla bo ba phuthelwa kwa legodimong ka pitlagano e kgolo.