Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baiseraele ba Bogologolo Ba ne Ba ya Dintweng—Goreng Rona Re sa Ye?

Baiseraele ba Bogologolo Ba ne Ba ya Dintweng—Goreng Rona Re sa Ye?

KA NAKO ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe mookamedi wa masole a Banasi o ne a bua a galefile a raya setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa a re: “Fa mongwe wa lona a gana go lwa le Fora le Engelane lo tlile go bolawa lotlhe!” Le fa masole a Banasi a ne a eme gaufi le bakaulengwe ba rona, ga go na ope wa bone yo o neng a dumela go tlola molao wa ga Jehofa. Ruri ba ne ba le pelokgale! Seno ke sekao se sentle se se bontshang kafa rona Basupi ba ga Jehofa re lebang go tsenela dintwa ka gone: Ga re nne le seabe mo dintweng tsa lefatshe leno. Tota le fa batho ba re bolelela gore ba tla re bolaya, ga re nne le seabe fa go nna le dikgotlhang mo lefatsheng leno.

Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba ipitsang Bakeresete ba ba dumalanang le kgang eno. Ba le bantsi ba dumela gore Mokeresete a ka lwela naga ya gaabo le gore o tshwanetse go dira jalo. Ba ka nna ba re, ‘Fa e le gore Baiseraele ba bogologolo ba e neng le batho ba Modimo ba ne ba ya dintweng, goreng Bakeresete ba sa tshwanela go ya dintweng gompieno?’ O ka ba araba jang? O tla tshwanelwa ke go ba tlhalosetsa gore boemo jwa Bakeresete ba bogologolo bo farologana thata le jwa batho ba Modimo gompieno. Re tla sekaseka dilo tse tlhano tse ba farologanang ka tsone.

1. BAISERAELE BA NE BA TSWA MO SETŠHABENG SE LE SENGWE

Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a tlhopha setšhaba se le sengwe, e leng setšhaba sa Iseraele. O ne a re Baiseraele ke “batho ba [gagwe] ba ba kgethegileng go tswa mo ditšhabeng tsotlhe.” (Ekes. 19:5) E bile go na le naga e Modimo a neng a ba neile yone. Ka jalo, fa Modimo a ne a laela Baiseraele gore ba ye go lwa le ditšhaba tse dingwe, ba ne ba sa bolaye badumedimmogo le bone. *

Gompieno, batho ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri ba tswa mo “merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba bua dipuo tse di farologaneng.” (Tshen. 7:9) Fa e le gore batho ba Modimo ba tshwanetse go ya dintweng, seo se raya gore ba tla lwa le badumedimmogo le bone ba bo ba ba bolaya.

2. JEHOFA O NE A LAETSE BAISERAELE GORE BA YE NTWENG

Mo nakong e e fetileng, Jehofa ke ene a neng a dira tshwetso ya gore Baiseraele ba ye leng ntweng e bile o ne a na le lebaka la go ba laela gore ba dire jalo. Ka sekai, Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba lwe le Bakanana ba ba neng ba itsege ka go obamela badimo, boitsholo jo bo ferosang sebete jwa tlhakanelo dikobo le go dira ditlhabelo ka bana ba bone. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore pele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba bolaye ditšhaba tse di neng di dira dilo tse di bosula gore di se ka tsa ba tlhotlheletsa go dira dilo tseo. (Lefi. 18:24, 25) Moragonyana fa Baiseraele ba nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ka dinako dingwe Modimo o ne a ba bolelela gore ba ye ntweng gore ba iphemele mo babeng ba bone ba ba neng ba ba gatelela. (2 Sam. 5:17-25) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa letle Baiseraele gore ba itirele tshwetso ya go lwa le batho ba bangwe. Gantsi fa ba ne ba ya ntweng a sa ba laela, dilo di ne di sa ba tsamaele sentle.—Dipa. 14:41-45; 2 Ditir. 35:20-24.

Gompieno, Jehofa ga a laele batho gore ba ye ntweng. Batho gompieno ba lwela se ba se batlang, e seng se Modimo a se batlang. Ba lwa ka gonne ba batla naga e e oketsegileng, madi a mantsi kgotsa go tsweletsa dipolotiki. Mme go tweng ka batho ba ba reng ba lwa ka leina la Modimo gore ba sireletse kobamelo ya bone kgotsa gore ba bolaye baba ba Modimo? Jehofa o tlile go sireletsa batho ba ba mo obamelang, mme o tlile go fedisa baba ba gagwe mo nakong e e tlang ka ntwa ya Aramagedona. (Tshen. 16:14, 16) Ntwa eo e tla lowa ke lesomo la Modimo la dibopiwa tsa semoya, e seng baobamedi ba gagwe ba batho.—Tshen. 19:11-15.

3. BAISERAELE BA NE BA SA BOLAYE BATHO BA BA NENG BA DUMELA MO GO JEHOFA

A dintwa tsa gompieno di boloka matshelo a batho ba ba ikanyegang fela jaaka ntwa ya ga Jehofa ya kwa Jeriko e ile ya boloka botshelo jwa ga Rahabe le jwa ba lelapa la gaabo?

Mo nakong e e fetileng, gantsi masole a Baiseraele a ne a sa bolaye batho ba ba neng ba dumela mo Modimong, mme a ne a bolaya ba Jehofa a neng a re ba tshwanetse go swa. Akanya ka dikai tseno tse pedi. Le fa Jehofa a ne a laela Baiseraele gore ba fedise motse wa Jeriko, ga ba a ka ba bolaya Rahabe le ba lelapa la gaabo ka ntlha ya tumelo ya gagwe. (Josh. 2:9-16; 6:16, 17) Moragonyana, motse wa Bagibeone o ne wa se ka wa senngwa ka gonne ba ne ba boifa Modimo.—Josh. 9:3-9, 17-19.

Gompieno, fa ditšhaba di lwantshana di bolaya batho ba ba dumelang mo Modimong. E bile ka dinako dingwe di bolaya batho ba ba se nang molato kgotsa ba e seng masole.

4. BAISERAELE BA NE BA TSHWANETSE GO LATELA MELAO YA MODIMO YA NTWA

Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a batla gore masole a Baiseraele a latele ditaelo tsa gagwe fa a lwa. Ka sekai, ka dinako dingwe Modimo o ne a ba laela gore ba kope motse o ba tlhabanang le one gore o dire “ditumalano tsa go dira kagiso” le bone. (Dute. 20:10) Gape Jehofa o ne a lebeletse gore kampa ya masole a Baiseraele e nne e le phepa le gore ba latele melao ya gagwe ya boitsholo. (Dute. 23:9-14) Gantsi masole a ditšhaba tse di neng di nna gaufi le Baiseraele, a ne a betelela basadi ba metse e a neng a e gapile, mme Jehofa o ne a sa letle Baiseraele go dira jalo. Tota e bile, fa ba sena go gapa motse, Jehofa o ne a ba letlelela gore ba nyale mosadi yo ba mo gapileng morago ga kgwedi.—Dute. 21:10-13.

Gompieno, dinaga di le dintsi di dirile ditumalano tsa go lwa di latela melao e e rileng. Le fa melao eo e diretswe go sireletsa batho ba e seng masole, gantsi ga e latelwe.

5. MODIMO O NE A LWELA BATHO BA GAGWE

A Modimo o lwela ditšhaba tse di lwantshanang gompieno fela jaaka a ne a lwela Baiseraele kwa Jeriko?

Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a lwela Baiseraele, e bile gantsi o ne a dira dikgakgamatso gore ba fenye kwa ntweng. Ka sekai, Jehofa o ne a thusa Baiseraele gore ba fenye motse wa Jeriko. Fa a ne a ba laela gore ba ‘tlhabe mokgosi o mogolo wa ntwa, lobota lo ne lwa wela fa fatshe’ mme seo sa dira gore go nne motlhofo gore ba gape motse. (Josh. 6:20) Mme ba ne ba fenya Baamore jang? “Jehofa o ne a latlhela maje a magolo a sefako mo go bone go tswa kwa loaping . . . Tota e bile, ba ba neng ba bolailwe ke sefako ba ne ba le bantsi go feta ba ba bolailweng ke tšhaka ya Baiseraele.”—Josh. 10:6-11.

Gompieno, Jehofa ga a lwele setšhaba sepe. Bogosi jwa gagwe jo Jesu e leng Kgosi ya jone “ga se karolo ya lefatshe leno.” (Joh. 18:36) Go na le moo, Satane ke ene a laolang dipuso tsa batho. Dintwa tse di setlhogo tse di lowang mo lefatsheng di bontsha gore ke motho yo o bosula.—Luke 4:5, 6; 1 Joh. 5:19.

BAKERESETE BA BOAMMAARURI BA LEKA GO DIRA KAGISO LE BATHO BA BANGWE

Fela jaaka re bone, boemo jwa rona bo farologana thata le jwa Baiseraele ba bogologolo. Mme gone, mabaka a re tlotlileng ka one, ga e se one fela a a dirang gore re se ka ra ya ntweng. Go na le a mangwe. Ka sekai, Modimo o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo batho ba a ba rutang ba ne ba se kitla ba “tlhola ba ithuta ntwa gape” e bile ba ne ba se kitla ba ya ntweng. (Isa. 2:2-4) Mo godimo ga moo, Keresete o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba ka se nne “karolo ya lefatshe,” e bile ba ne ba ka se nne le seabe fa go na le dikgotlhang mo lefatsheng.—Joh. 15:19.

Go na le selo se sengwe gape se Keresete a neng a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba se dire. O ne a ba laela gore ba tile maikutlo a a neng a tla dira gore ba tshware sekgopi, ba galefe le gore ba lwe. (Math. 5:21, 22) Mo godimo ga moo, o ne a laela balatedi ba gagwe gore e nne “batho ba ba dirang kagiso” le gore ba rate baba ba bone.—Math. 5:9, 44.

Re ka dira seo jang? Gone ga re batle go lwa, mme a go na le mongwe mo phuthegong yo re mo tsayang e le mmaba wa rona? A re lekeng ka natla gore re se ka ra nna le maikutlo ao.—Jak. 4:1, 11.

Ga re nne le seabe mo dintweng, go na le moo re leka ka natla gore go nne le kagiso, e bile re a ratana. (Joh. 13:34, 35) A re ikemisetseng go sa tseye letlhakore mo dintweng fa re ntse re lebile pele kwa letsatsing la fa Jehofa a tla bo a fedisa dintwa gotlhelele.—Pes. 46:9.

^ Ka dinako dingwe, ditso tsa Iseraele di ne di lwa ka botsone, mme Jehofa o ne a sa itumelele dintwa tseo. (1 Dikg. 12:24) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe Modimo o ne a amogela dintwa tseo ka gonne ditso dingwe di ne di mo tlhanogetse kgotsa di dirile maleo a a masisi.—Baatlh. 20:3-35; 2 Ditir. 13:3-18; 25:14-22; 28:1-8.