Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44

Dira Gore Tsholofelo e o Nang le Yone e Nne e Nonofile

Dira Gore Tsholofelo e o Nang le Yone e Nne e Nonofile

“Solofela mo go Jehofa.”PES. 27:14.

PINA 144 Leba Kwa Mokgeleng!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke tsholofelo efe e Jehofa a re neileng yone?

 JEHOFA o re neile tsholofelo e e itumedisang ya go tshelela ruri. Bangwe ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong e le dibopiwa tsa semoya tse di sa sweng. (1 Bakor. 15:50, 53) Mme batho ba le bantsi ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba sa lwale e bile ba itumetse. (Tshen. 21:3, 4) Re ka tswa re lebile pele go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, tsholofelo e re nang le yone e botlhokwa thata mo go rona.

2. Tsholofelo ya rona e ikaegile ka eng, mme goreng re rialo?

2 Lefoko “tsholofelo” le le dirisiwang mo Baebeleng le tlhalosiwa e le “go solofela gore dilo tse di molemo di tla direga.” Ga re belaele gore tsholofelo e re nang le yone ka bokamoso e tla direga, ka gonne e tswa kwa go Jehofa. (Bar. 15:13) Re itse dilo tse a re solofeditseng tsone, e bile re a itse gore ka metlha o diragatsa se a se solofetsang. (Dipa. 23:19) Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o na le keletso le maatla a go dira sengwe le sengwe se a reng o tla se dira. Ka jalo, tsholofelo ya rona ga e a ikaega ka se re se akanyang kgotsa ka se re batlang gore se direge, go na le moo e ikaegile ka mabaka a a utlwalang le se re itseng gore se boammaaruri.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno? (Pesalema 27:14)

3 Rraarona yo o kwa legodimong o a re rata, e bile o batla gore re mo tshepe. (Bala Pesalema 27:14.) Fa tsholofelo e re nang le yone mo go Jehofa e nonofile, re ka kgona go itshokela diteko, ra nna pelokgale ra bo ra itumela go sa kgathalesege gore re tlhagelwa ke eng. A re boneng gore tsholofelo e re nang le yone e re sireletsa jang. Sa ntlha, re tla bona gore tsholofelo e tshwana jang le tshetledi le tlhoro ya phemelo. Go tswa foo, re tla bona gore re ka nonotsha jang tsholofelo e re nang le yone.

TSHOLOFELO YA RONA E TSHWANA LE TSHETLEDI

4. Tsholofelo e tshwana jang le tshetledi? (Bahebera 6:19)

4 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bahebera, o ne a tshwantsha tsholofelo le tshetledi. (Bala Bahebera 6:19.) Gantsi o ne a tsamaya ka sekepe, ka jalo o ne a itse gore ditshetledi di ne di dirisiwa go thusa sekepe gore se se ka sa phepheulwa ke diphefo. Nako nngwe fa a ne a palame sekepe, go ne ga nna le setsuatsue se segolo. Ka nako eo, o ne a bona batsamaisasekepe ba latlhela ditshetledi mo metsing go thusa sekepe gore se se ka sa itaagana mo matlapeng. (Dit. 27:29, 39-41) Fela jaaka tshetledi e thusa sekepe gore se se ka sa tsewa ke diphefo, tsholofelo ya rona e re thusa gore re se ka ra katogela kgakala le Jehofa fa re na le mathata a a jaaka diphefo tse di maatla. Tsholofelo ya rona e re thusa go ritibala fa re tlhagelwa ke mathata ka gonne re itse gore dilo di tla nna botoka mo nakong e e tlang. Gopola gore Jesu o ne a re re tlile go bogisiwa. (Joh. 15:20) Ka jalo, go akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a se solofeditseng, go tla re thusa gore re tswelele re mo direla.

5. Tsholofelo e ne ya thusa Jesu jang fa a ne a lebane le loso?

5 Akanya kafa tsholofelo e ileng ya thusa Jesu ka gone gore a tswelele a ikanyega le fa gone a ne a itse gore o tlile go bolawa botlhoko. Ka Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a nopola boporofeti jo bo mo bukeng ya Dipesalema, jo bo tlhalosang tsela e Jesu a neng a ritibetse e bile a tlhatswegile pelo ka yone, jo bo reng: “Ke tla nna ka tsholofelo; ka gonne ga o kitla o ntlogela mo Lebitleng, e bile ga o kitla o letla gore motho yo o ikanyegang a bole. . . . O tla dira gore ke itumele thata fa pele ga gago.” (Dit. 2:25-28; Pes. 16:8-11) Le fa gone Jesu a ne a itse gore o tlile go swa, o ne a na le tsholofelo e e nonofileng ya gore Modimo o tla mo tsosa, le gore o tla boa a itumelela go kopana le Rraagwe kwa legodimong.—Baheb. 12:2, 3.

6. Mokaulengwe mongwe o ne a reng ka tsholofelo?

6 Tsholofelo e re nang le yone e thusitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gore ba itshoke. Akanya ka sekai sa mokaulengwe mongwe yo o ikanyegang yo o neng a nna kwa Engelane yo o bidiwang Leonard Chinn. Ka nako ya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka gonne a ne a gana go tsenela sesole. O ne a tsenngwa mo seleng a le esi dikgwedi di le pedi, morago ga foo o ne a patelediwa go dira tiro e e boima. Moragonyana o ne a re: “Dilo tse di neng tsa ntiragalela, di ne tsa mpontsha gore re tlhoka tsholofelo gore re kgone go itshoka. Re na le sekao sa ga Jesu, sa baaposetoloi le sa baporofeti, mmogo le ditsholofelo tse di itumedisang tse di mo Baebeleng. Dilo tseno tsotlhe, di re naya tsholofelo ka bokamoso, e bile di a re nonotsha gore re itshoke.” Leonard o ne a tsaya tsholofelo e le tshetledi, mme le rona re ka e tsaya jalo.

7. Diteko di nonotsha tsholofelo ya rona jang? (Baroma 5:3-5; Jakobe 1:12)

7 Tsholofelo ya rona e a nonofa fa re itshokela diteko mme re bona kafa Jehofa a re thusang ka gone e bile re lemoga gore o a re amogela. (Bala Baroma 5:3-5; Jakobe 1:12.) Ka jalo, tsholofelo ya rona e nonofile go feta ka nako ya fa re ne re amogela dikgang tse di molemo. Satane o batla gore diteko di re fekeetse, mme Jehofa o tla re thusa gore re kgone go itshoka fa re lebana le tsone.

TSHOLOFELO YA RONA E TSHWANA LE TLHORO YA PHEMELO

8. Tsholofelo e tshwana jang le tlhoro ya phemelo? (1 Bathesalonika 5:8)

8 Gape Baebele e tshwantsha tsholofelo ya rona le tlhoro ya phemelo. (Bala 1 Bathesalonika 5:8.) Lesole le rwala tlhoro ya phemelo go sireletsa tlhogo ya lone mo go sengwe le sengwe se baba ba ka le konopang ka sone. Mo ntweng e re e lwang le Satane, re tshwanetse go sireletsa megopolo ya rona gore a se ka a e tlhasela. O dirisa dilo di le dintsi go re raela le go kgotlela tsela e re akanyang ka yone. Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole, tsholofelo ya rona e sireletsa tsela e re akanyang ka yone gore re nne re ikanyega mo go Jehofa.

9. Go direga eng fa batho ba se na tsholofelo?

9 Tsholofelo ya go tshelela ruri e tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Mme fa tsholofelo ya rona e ka koafala re bo re simolola go akanya fela ka dikeletso tsa rona, ga re kitla re bona botshelo jo bo sa khutleng. Akanya ka sekao sa Bakeresete bangwe ba ba neng ba nna kwa Korintha wa bogologolo. Ba ne ba sa tlhole ba dumela mo tsholofetsong ya botlhokwa e Modimo a re solofetsang yone, e leng tsholofetso ya tsogo. (1 Bakor. 15:12) Paulo o ne a re batho ba ba sa dumeleng mo tsogong ya baswi ba tshelela go kgotsofatsa dikeletso tsa bone. (1 Bakor. 15:32) Gompieno ba le bantsi ba ba sa dumeleng mo ditsholofetsong tsa Modimo, ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba itumelele botshelo gone jaanong. Mme rona re tshepa se Modimo a solofeditseng gore o tla se dira mo nakong e e tlang. Tsholofelo ya rona e tshwana le tlhoro ya phemelo, e sireletsa tsela e re akanyang ka yone e bile e re thusa gore re se ka ra ikakanyetsa re le nosi, e leng selo se se tla senyang botsala jwa rona le Jehofa.—1 Bakor. 15:33, 34.

10. Tsholofelo e ka re sireletsa jang gore re se ka ra akanya ka tsela e e phoso?

10 Tsholofelo ya rona e ka re thusa gore re se ka ra akanya gore ga re kitla re kgona go direla Jehofa. Ka sekai, mongwe a ka nna a re: ‘Nka se nne mongwe wa batho ba ba tlileng go tshelela ruri. Ga ke tshwanelege. Ga nkitla ke kgona go dira se Modimo a se batlang.’ Gopola gore mogomotsi wa maaka wa ga Jobe e bong Elifase le ene o ne a bua se se tshwanang. Elifase o ne a re: “Motho a ka nna yo o itshekileng jang?” Go tswa foo, o ne a bua jaana ka Modimo: “Modimo ga a ikanye baengele ba gagwe, tota le magodimo ga a phepa mo matlhong a gagwe.” (Jobe 15:14, 15) Ao ke maaka a matala! Gopola gore Satane ke ene a batlang gore o akanye jalo. O a itse gore fa o ka simolola go akanya jalo o tla felelwa ke tsholofelo. Ka jalo, gana maaka ao a ga Satane, mme o tlhome mogopolo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. O se ka wa belaela gore Jehofa o batla gore o tshelele ruri, e bile o tla go thusa gore o fitlhelele mokgele oo.—1 Tim. 2:3, 4.

NONOTSHA TSHOLOFELO YA GAGO

11. Goreng re tshwanetse go nna pelotelele fa re ntse re letetse gore tsholofelo ya rona e diragadiwe?

11 Ga go motlhofo go nonotsha tsholofelo ya rona. Re ka nna ra fela pelo fa re ntse re emetse gore Modimo a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Mme e re ka Jehofa a na le lobaka lo loleele a le gone, tsela e a lebang nako ka yone e farologane le e rona re e lebang ka yone. (2 Pet. 3:8, 9) O tla diragatsa se a se solofeditseng, mme e seng ka nako e rona re solofetseng gore a se diragatse ka yone. Ke eng se se ka re thusang gore tsholofelo ya rona e nne e nonofile fa re ntse re letile Modimo ka bopelotelele gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe?—Jak. 5:7, 8.

12. Go ya ka Bahebera 11:1 le 6, re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re na le tsholofelo?

12 Tsholofelo ya rona e tla nonofa fa re nna re atamalane le Jehofa ka gonne ke ene a diragatsang tsholofelo e re nang le yone. E le gore re nne le tsholofelo, re tshwanetse go nna le tumelo ya gore Jehofa o teng le gore o “duela ba ba batlang go dira thato ya gagwe ka tlhoafalo.” (Bala Bahebera 11:1, 6.) Fa re dumela gore Jehofa o gone, re tla mo tshepa le go feta gore o tla diragatsa dilo tsotlhe tse a re solofeditseng tsone. A re boneng dingwe tsa dilo tse re ka di dirang gore botsala jwa rona le Jehofa bo nonofe le gore re tswelele re na le tsholofelo.

Go rapela le go akanyetsa kwa teng go tla dira gore tsholofelo ya rona e nonofe (Bona serapa 13-15) *

13. Re ka atamalana jang le Modimo?

13 Rapela Jehofa o bo o bale Lefoko la gagwe. Le fa re sa kgone go bona Jehofa, re ka kgona go atamalana le ene. Re ka bua le ene ka thapelo re sa belaele gore o tla re reetsa. (Jer. 29:11, 12) Re ka reetsa Modimo ka go bala Lefoko la gagwe le go akanyetsa kwa teng ka lone. Fa re ntse re bala kafa Jehofa a ileng a tlhokomela batho ba ba ileng ba ikanyega mo go ene ka gone mo nakong e e fetileng, tsholofelo ya rona e tla nonofa le go feta. Dilo tsotlhe tse di mo Lefokong la Modimo, “di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.”—Bar. 15:4.

14. Goreng re tshwanetse go akanya ka se Jehofa a ileng a se direla batho ba bangwe?

14 Akanyetsa kwa teng ka ditsholofetso tse Jehofa a ileng a di diragatsa. Akanya ka se Modimo a ileng a se direla Aborahame le Sara. Ba ne ba godile thata gore ba ka nna le bana. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba solofeditse gore ba tla nna le ngwana. (Gen. 18:10) Aborahame o ne a itshwara jang? Baebele e tlhalosa jaana: “O ne a na le tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.” (Bar. 4:18) Le fa gone Aborahame a ne a sa itse gore Modimo o ne a tla diragatsa jang se a neng a se solofeditse, o ne a dumela gore o tla se diragatsa. Modimo ga a ka a swabisa monna yono yo o ikanyegang. (Bar. 4:19-21) Dipego tse di tshwanang le tseno di re ruta gore ka dinako tsotlhe re ka tshepa gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng le fa go ka lebega e kete se ka se direge.

15. Goreng re tshwanetse go akanya ka se Modimo a re diretseng sone?

15 Akanya ka se Jehofa a go diretseng sone. Akanya kafa o solegetsweng molemo ka gone ke go diragadiwa ga ditsholofetso tse di mo Lefokong la Modimo. Ka sekai, Jesu o solofeditse gore Rraagwe o tla go tlamela ka dilo tse o di tlhokang. (Math. 6:32, 33) Gape Jesu o ne a go netefaletsa gore Jehofa o tla go naya moya o o boitshepo fa o o kopa. (Luke 11:13) Jehofa o diragaditse ditsholofetso tseno. O ka tswa o akanya ka ditsholofetso tse dingwe tse a ileng a di diragatsa mo botshelong jwa gago. Ka sekai, o solofetsa go go itshwarela, go go gomotsa le go go naya se o se tlhokang gore o nne o atamalane le ene. (Math. 6:14; 24:45; 2 Bakor. 1:3) Fa o akanyetsa kwa teng ka se Modimo a setseng a go diretse sone, o tla nonotsha tumelo ya gago mo go se a tla go direlang sone mo nakong e e tlang.

ITUMELENG KA NTLHA YA TSHOLOFELO YA LONA

16. Goreng tsholofelo e le mpho ya botlhokwa thata?

16 Tsholofelo ya go tshelela ruri ke mpho ya botlhokwa thata e Modimo a re nayang yone. Re lebile pele go tshela botshelo jo bo itumedisang, jo re sa belaeleng gore bo tla nna teng. Tsholofelo ya rona e tshwana le tshetledi ka gonne e re thusa go itshoka fa re nna le diteko, fa re bogisiwa le fa re lebana le loso. E tshwana le tlhoro ya phemelo ka gonne e sireletsa megopolo ya rona gore re tile se se sa siamang mme re dire se se siameng. Tsholofelo eno e Baebele e re bolelelang ka yone, e re thusa go itse Modimo botoka e bile e re bontsha gore o a re rata. Re solegelwa molemo thata fa re nna re nonotsha tsholofelo ya rona.

17. Goreng tsholofelo ya rona e dira gore re itumele?

17 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a ileng a le kwalela Baroma, o ne a re kgothaletsa gore re ‘itumele ka ntlha ya tsholofelo ya rona.’ (Bar. 12:12) Paulo o ne a na le lebaka la go itumela ka gonne a itse gore fa a ka nna a ikanyega, o ne a tla bona botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. Le rona re ka itumela ka ntlha ya tsholofelo ya rona ka gonne re itse gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng. Fela jaaka mopesalema a ile a kwala, “go itumela motho . . . yo o solofetseng mo go Jehofa, Modimo wa gagwe, . . . Ene yo o ikanyegang ka metlha.”—Pes. 146:5, 6.

PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

^ Jehofa o re neile tsholofelo e e itumedisang ka bokamoso. Tsholofelo eo e dira gore matshelo a rona a nne botoka, e bile e re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a re nang le one gone jaanong. E re naya maatla a go tswelela re direla Jehofa le fa re na le mathata. E bile e ka re sireletsa gore re se ka ra nna le dikakanyo tse di sa siamang tse di ka kgotlelang megopolo ya rona. Jaaka re tla bona mo setlhogong seno, ano ke mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go nonotsha tsholofelo e re nang le yone.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSO: Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole le tshetledi e thusa sekepe gore se se ka sa phepheulwa ke diphefo, tsholofelo ya rona e sireletsa megopolo ya rona e bile e re thusa gore re nne re nonofile le fa re lebana le diteko. Kgaitsadi o rapela Jehofa a tlhatswegile pelo. Mokaulengwe o akanyetsa kwa teng kafa Modimo a ileng a diragatsa ka gone se a neng a se solofeditse Aborahame. Mokaulengwe yo mongwe o akanya kafa Jehofa a mo segofaditseng ka gone.