Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa ba Bading

Dipotso Tse di Tswang Kwa ba Bading

Jesu o ne a nna Moperesiti yo Mogolo leng, mme go na le pharologanyo efe magareng ga go tlhomamisiwa ga kgolagano e ntšha le go simologa ga yone?

Jesu o ne a nna Moperesiti yo Mogolo fa a ne a kolobediwa ka 29 C.E. Re itse seo jang? Fa Jesu a ne a kolobediwa o ne a bontsha gore o ikemiseditse go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo, mo sebesong sa tshwantshetso se se neng se emela “thato” ya Modimo. (Bagal. 1:4; Baheb. 10:5-10) E re ka sebeso e le karolo ya botlhokwa ya tempele, go raya gore tempele ya semoya le yone e ne ya simolola go nna teng fa Jesu a sena go kolobediwa. Tempele ya ga Jehofa ya semoya e emela dilo tsotlhe tse di dirang gore re kgone go mo obamela ka tsela e e siameng mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu.—Math. 3:16, 17; Baheb. 5:4-6.

E re ka go ne go setse go na le tempele ya semoya, go ne go tlhokega moperesiti yo mogolo yo o neng a tla direla kwa go yone. Ka jalo, Jehofa o ne a tlotsa Jesu “ka moya o o boitshepo le maatla” gore a kgone go direla kwa tempeleng eo. (Dit. 10:37, 38; Mar. 1:9-11) Mme gone, ke eng se se re tlhomamisetsang gore Jesu o ne a tlhomiwa go nna Moperesiti yo Mogolo pele a swa? Re bona karabo ya potso eo mo tseleng e Arone le baperesiti ba bagolo ba ba neng ba mo tlhatlhama ba ileng ba tlhomiwa ka yone.

Molao o Jehofa a neng a o neile Moshe o ne o laela gore baperesiti ba bagolo ke bone fela ba ba neng ba tshwanetse go tsena kwa Boitshepo Jwa Maitshepo jwa motlaagana, mme se se tshwanang se ile sa dirwa le fa tempele e sena go agiwa. Go ne go dirisitswe sesiro go kgaoganya Boitshepo Jwa Maitshepo le lefelo le le Boitshepo. Moperesiti yo mogolo o ne a kgabaganya sesiro gangwe fela ka Letsatsi la Tetlanyo. (Baheb. 9:1-3, 6, 7) Arone le baperesiti ba ba neng ba mo tlhatlhama ba ne ba tlodiwa go nna baperesiti ba bagolo pele ba tsena mo Boitshepo Jwa Maitshepo. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a tlodiwa go nna Moperesiti yo Mogolo pele a swa a bo a kgabaganya sesiro se se neng se emelwa ke mmele wa gagwe wa nama gore a ye go tshela kwa legodimong. (Baheb. 10:20) Ka ntlha ya seo, moaposetoloi Paulo o ne a re Jesu o ne a tla e le “moperesiti yo mogolo,” a bo a tsena “ka mogope o mogolwane le o o itekanetseng segolo o o sa dirwang ka diatla” e leng “legodimo ka bolone.”—Baheb. 9:11, 24.

Ga go na pharologanyo magareng ga go tlhomamisiwa ga kgolagano e ntšha le go simolola ga yone. Goreng re rialo? Fa Jesu a ne a ya legodimong a isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe, o ne a tsaya kgato go tlhomamisa kgolagano e ntšha semolao. Se Jesu a ileng a se dira se ne se dira gore kgolagano e ntšha e simolole go dira. Ke dikgato dife tse di neng di tlhokega gore kgolagano e ntšha e simolole go dira?

Sa ntlha, Jesu o ne a ema fa pele ga ga Jehofa; sa bobedi o ne a naya Jehofa boleng jwa setlhabelo sa gagwe; sa bofelo Jehofa o ne a amogela setlhabelo seo. Kgolagano e ntšha e ne e ka se ka ya dira, fa dilo tseno tse tharo di ne di ise di dirwe.

Baebele ga e re bolelele gore Jehofa o ile a amogela leng boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu. Ka jalo, ga re itse letlha la gore kgolagano e ntšha e e ile ya tlhomamisiwa leng le gore e ile ya simolola leng. Le fa go ntse jalo, se re se itseng ke gore Jesu o ne a ya kwa legodimong malatsi a le lesome pele ga Pentekosete. (Dit. 1:3) Letsatsi lengwe mo malatsing ao a a le lesome, Jesu o ne a isa setlhabelo sa kwa go Jehofa, mme Jehofa o ne a se amogela. (Baheb. 9:12) Re itse seno ka ntlha ya se se ileng sa diragala ka Pentekosete ya 33 CE. (Dit. 2:1-4, 32, 33) Se se ileng sa diragala ka nako eo, se bontsha sentle gore kgolagano e ntšha e ne e tlhomamisitswe e bile e simolotse go dira.

Kwa bofelong re ka re, kgolagano e ntšha e ne ya tlhomamisiwa le go simolola go dira fa Jehofa a sena go amogela setlhabelo sa ga Jesu a bo a akareletsa batlodiwa mo kgolanong eo. Mme Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu ke Motsereganyi wa kgolagano eno.—Baheb. 7:25; 8:1-3, 6; 9:13-15.