Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Se ke Se Dirileng Ke se Ke Tshwanetseng Go bo Ke se Dirile

Se ke Se Dirileng Ke se Ke Tshwanetseng Go bo Ke se Dirile

DONALD Ridley o feditse dingwaga di feta 30 e le mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa dikgotlatshekelong. O ne a kgona go tlhalosetsa batho, dingaka le baatlhodi gore balwetse ba na le tshwanelo ya go gana go tshelwa madi. O thusitse Basupi ba ga Jehofa go fenya dikgetsi di le dintsi kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo tsa kwa United States. Ditsala tsa gagwe ba re e ne e le motho yo o boikokobetso, a dira ka natla e bile a ikentsha setlhabelo.

Ka 2019, Don o ne a tlhaselwa ke bolwetse jo bo sa tlwaelegang e bile bo se na kalafi. Bolwetse jwa gagwe bo ne jwa etegela mme o ne a tlhokafala ka August 16, 2019. Eno ke kgang ya gagwe ya botshelo.

Ke tshotswe ka 1954 kwa United States of America kwa toropong e e bidiwang St. Paul e e kwa Minnesota. Batsadi ba me ba ne ba tsena kereke ya Roma. Ba ne ba sa huma go le kalo e bile ba sa sotlege. Kwa gae go na le bana ba le batlhano mme nna ke wa bobedi. Ke tsene sekolo sa Katoliki mme ke ne ke tlhola ke thusa moeteledipele wa kwa kerekeng fa kereke e ntse e tsweletse. Mme gone, ke ne ke sa itse Baebele go le kalo. Le fa ke ne ke dumela gore Modimo o teng le gore ke ene a dirileng sengwe le sengwe, ke ne ke sa dumele gore kereke ya Katoliki e ka nthusa gore ke kgone go mo obamela.

FA KE SIMOLOLA GO ITHUTA BOAMMAARURI

Mo ngwageng wa me wa ntlha ke le kwa kholetšheng ke ithutela molao, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela. Ba mphitlhetse ke semeletse ke tlhatswa diaparo tsa me, ba bo ba nkopa go boa gape. Fa ba tla, ke ne na le dipotso tse pedi, ya ntlha e ne e le gore: “Goreng batho ba ba bosula ba atlega mme ba ba siameng bone ba sa atlege?” ya bobedi e ne e le gore: “Ke eng se se ka thusang batho gore ba itumele?” Ba ne ba mpha buka ya Boamarure jo bo isang botshelong jo bosakhutleng le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya mmala o montle o motala. Ke ne ka dumela gore ba nthute Baebele. Ba ne ba nthuta dilo di le dintsi. Ke ne ke itumetse tota fa ke ithuta gore Bogosi Jwa Modimo bo tlile go busa mo lefatsheng. Ke ne ke kgona go bona gore dipuso tsa batho ruri di paletswe ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba utlwile botlhoko, ba sotlega e bile ba sa tshwarwe sentle.

Ke ne ka ineela mo go Jehofa ka 1982 ke bo ke kolobediwa mo go one ngwaga oo kwa kopanong ya setlhogo se se reng “Kingdom Truth” e e neng e tshwaretswe kwa St. Paul Civic Center. Beke e e latelang ke ne ka boela kwa civic center go ya go kwala tlhatlhobo ya khoso ya go nna mmueledi. Ka October, ke ne ka bolelelwa gore ke pasitse tlhatlhobo mme seo se ne se raya gore ke tshwanelega go nna mmueledi.

Kwa kopanong eo ya “Kingdom Truth” ke ne ka kopana le Mike Richardson yo ka nako eo a neng a direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn. Mike o ne a mpolelela gore kwa ntlokgolo go sa tswa go tlhomiwa ofisi e e sekasekang dikgetsi tsa semolao. Ke fa ke gopola mafoko a moopafadiwa wa Moethiopia a a tlhagang mo go Ditiro 8:36 ke bo ke ipotsa gore ‘Ke eng se se nthibelang go kopa go ya go direla kwa ofising eo?’ Ka jalo, ke ne ka tlatsa foromo ya go ya go direla kwa Bethele.

Batsadi ba me ba ne ba sa itumela fa ke nna Mosupi wa ga Jehofa. Papa o ne a mpotsa gore go direla kwa Bethele go tla nthusa jang ka gonne ke ne ke setse ke le mmueledi. Ke ne ka mmolelela gore kwa Bethele ke tla bo ke dira tiro ya boithaopo. Gape ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke tla bo ke fiwa madinyana a mannye fela jaaka ba bangwe botlhe ba ba direlang kwa Bethele.

E re ka ke ne ke setse ke bereka, go ne go na le tiro nngwe e ke tlhokang go e feleletsa pele ke ya go direla kwa Bethele. Mme fa ke sena go e fetsa, ka yone nako eo ke ne ka simolola tiro ya me kwa Bethele kwa Brooklyn, New York, ka 1984. Ke ne ka abelwa go direla kwa ofising e e sekasekang dilo tsa molao. Tiro e ke neng ke e dira, e ne ya mpaakanyetsa kabelo ya me e ntšha.

GO TLHABOLOLWA GA STANLEY THEATER

Kafa Stanley Theatre e neng e lebega ka gone fa e rekisediwa Basupi

Ka November 1983, Basupi ba ne ba reka holo ya Stanley Theater e e kwa toropong ya Jersey City kwa New Jersey. Bakaulengwe ba ne ba tsenya kopo ya go baakanya dilo dingwe tse di neng di senyegile mo holong eo. Fa Bakaulengwe ba kopana le badiredipuso, ba ne ba ba bolelela gore ba batla go dirisa holo ya Stanley Theater go nna holo ya dikopano ya Basupi ba ga Jehofa. Seo se ne sa baka mathata. Melao ya kwa toropong ya Jersey City e ne e re dikago tsa kobamelo di tshwanetse go agiwa fela kwa batho ba nnang gone. Mme holo ya Stanley Theater e ne e le kwa mafelong a kgwebo, ka jalo, badiredipuso ba ne ba gana gore naya tetla. Bakaulengwe ba ne ba ikuela, mme badiredipuso ga ba a ka ba ba reetsa.

Mo bekeng ya me ya ntlha kwa Bethele, bakaulengwe ba ne ba isa kgang eno kwa kgotlatshekelong. Pele ke tla mo Bethele, ke ne ke ile ka bereka dingwaga di le pedi kwa kgotlatshekelong ya kwa St. Paul, Minnesota, ka jalo, ke ne ke tlwaelane le dikgetsi tse di tshwanang le e bakaulengwe ba neng ba sa tswa go e bula. Mokaulengwe mongwe yo e neng e le mmueledi yo re neng re tsa- maya le ene o ne a re Stanley Theater ga e bolo go dirisediwa dikonsarata tsa mmino le go lebelela di-movie. Ka jalo, o ne a botsa gore ke eng fa e ka se dirisediwe dilo tsa bodumedi. Kgotlatshe- kelo e ne ya sekaseka kgetsi ya rona mme e bo e swetsa ka gore badiredipuso ba kwa Jersey City, ba ne ba gatikile tshwanelo ya rona ya bodumedi. Kgotlatshekelo e ne ya laela badiredipuso gore ba neye bakaulengwe tetla. Go simolola ka nako eo, ke ne ka bona kafa Jehofa a neng a segofatsa batho ba gagwe ka gone fa ba dirisa molao gore ba kgone go tsweletsa tiro ya gagwe. Ke itumelela go bo ke ile ka kgona go thusa mo kgetsing eno.

Bakaulengwe ba ne ba simolola porojeke e e tona ya go baakanya holo mme pele ngwaga o fela ka September 8, 1985, go ne ga tshwarelwa dikalogo tsa tlelase ya bo79 ya Sekolo sa Gileade kwa holong e jaanong e neng e bidiwa Holo ya Dikopano ya Jersey City. Go ne go itumedisa go direla Jehofa kwa Bethele. Tiro eno e ne e dira gore ke itumele thata go feta e ke neng ke e dira pele ke tla Bethele, mme seno e ne e le lemmenyana fela la se se neng se larile kwa pele. Ke ne ke sa itse gore Jehofa o ne a tla ntirisa ka tsela e kgolwane go feta eo.

GO BUELELA KALAFI E GO SA DIRISIWENG MADI MO GO YONE

Ka bo1980, go ne go tlwaelegile gore sepetlele ka bosone kgotsa dingaka di se ka tsa reetsa fa molwetse a kopa gore a se ka a tshelwa madi. Baatlhodi ba ne ba akanya gore batho ba segolobogolo ba sa tshwanelang go bua sepe fa go tla mo kgannyeng eno ke bommê ba ba imileng. Ba ne ba re fa mmê yoo a ka tlhokafala, leseanyana la gagwe le ne le tla sala le se na mmê.

Ka December 29, 1988, Kgaitsadi Denise Nicoleau o ne a latlhegelwa ke madi a le mantsi fa a sena go belega ngwana wa gagwe wa mosimane. Hemoglobin ya gagwe e ne ya nna kwa tlase ga 5,0 mme ngaka ya gagwe e ne ya mo kopa go mo tshela madi. Kgaitsadi Nicoleau o ne a gana. Mo letsatsing le le latelang, sepetlele se ne sa kopa moatlhodi gore a ba neye tetla ya go mo tshela madi. Moatlhodi yoo ga a ka a batla go utlwa mabaka a go bo Kgaitsadi Nicoleau le monna wa gagwe ba gana a tshelwa madi e bile ga a ka a bolelela Kgaitsadi Nicoleau kgotsa monna wa gagwe gore o neile sepetlele tetla ya gore se tshele kgaitsadi madi.

Ka Labotlhano wa December 30, dingaka di ne tsa tshela Kgaitsadi Nicoleau madi le fa monna wa gagwe le ba lelapa ba ba neng ba na le ene ba ne ba gana. Mo bosigong joo, ba lelapa la ga Kgaitsadi Nicoleau le mogolwane a le mongwe kgotsa ba ba babedi, ba ne ba tshwarwa ka gonne go ne go twe ba thibela dingaka go tshela Kgaitsadi Nicoleau madi. Mo letsatsing le le latelang, go ne ga buiwa ka tiragalo eo mo dikoranteng, mo dithelebisheneng, mo di radiong le mo New York City yotlhe fela.

A. Ke na le Philip Brumley re sa ntse re le basha

Mo mosong wa Mantaga, ke ne ka bua le moatlhodi wa kgotlatshekelo e e kgolo e bong Milton Mollen. Ke ne ka mo tlhalosetsa dintlha tsa kgetsi eo, ke bo ke mmolelela gore moatlhodi o ile a dira tshwetso a sa utlwa mabaka a ga Kgaitsadi Nicoleau. O ne a nkopa gore ke tle kwa go ene thapama gore re tle go bua ka dintlha tsa kgetsi eo le melao e e amanang le yone. Molebedi wa lefapha la tsa molao kwa Bethele e bong Philip Brumley o ne a tsamaya le nna go ya go bona Moatlhodi Mollen. Moatlhodi o ne a laleditse le mmueledi wa sepetlele. Puisano ya rona e ne ya gotela, mo e leng gore Mokaulengwe Brumley o ne a nkwalela mo bukaneng gore ke dige makgwafo. Eo e ne e le kgakololo e e molemo ka gonne ke ne ke galefile e bile ke leka go ntsha mabaka a gore mmueledi wa sepetlele o ne a le phoso.

B. Go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng: Richard Moake, Gregory Olds, Paul Polidoro, Philip Brumley, nna le Mario Moreno—ke na le babueledi ba bangwe fa go ne go sekwa kgetsi ya Watchtower kgatlhanong le Motse wa Stratton kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya kwa United States.—Bona makasine wa Tsogang! wa January 8, 2003

Morago ga ura, Moatlhodi Mollen o ne a re bolelela gore kgetsi ya rona e tla nna ya ntlha go sekiwa mo letsatsing le le latelang. Fa re tswa ka ofisi, Moatlhodi Mollen o ne a re mmueledi wa sepetlele o na le “namane e tona ya tiro mo letsatsing le le latelang.” Seo se ne se raya gore go ne go ka se nne bonolo gore mmueledi wa sepetlele a ntshe mabaka a a utlwalang a gore ke eng fa ba ile ba pateletsa go tshela Kgaitsadi Nicoleau madi. Ke ne ke utlwa e kete Jehofa o ne a ntlhomamisetsa gore re ne re ka kgona go fenya kgetsi eo. Ke ne ka itumelela go bona kafa Jehofa a neng a re dirisa ka gone go dira thato ya gagwe.

Re ne ra bereka go fitlha bosigo thata, re ipaakanyetsa se re neng re tla se bua letsatsi le le latelang. Kgotlatshekelo eo e ne e se kgakala thata le Bethele ya kwa Brooklyn. Ka jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba re neng re bereka le bone mo lefapheng, ba ne ba tsamaya ka maoto go ya koo. Fa baatlhodi ba le banê ba sena go utlwa kgetsi ya rona, ba ne ba swetsa ka gore go ne go le phoso gore Kgaitsadi Nicoleau a tshelwe madi. Kgotlatshekelo e kgolo e ne ya buelela Kgaitsadi Nicoleau e bo e tlhalosa gore go naya molwetse kalafi e a sa e batleng ntle le go utlwa mabaka a gagwe e ne e le go gataka ditshwanelo tsa gagwe.

Kgotlatshekelo e kgolo go di gaisa tsotlhe kwa New York e ile ya re Kgaitsadi Nicoleau o na le tshwanelo ya go fiwa kalafi a sa tshelwe madi. Kgetsi eno e ne e le ya ntlha mo go tse nnê tse di malebana le madi tse di neng tsa sekwa mo dikgotlatshekelong tse dikgolo tse di farologaneng tsa United States mme ke ne ka tsaya karolo mo go tsone tsotlhe. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Dikgetsi Tse re di Fentseng Kwa Dikgotlatshekelong Tsa Makgaolakgang.”) Gape ke ne ka dira le bakaulengwe bangwe kwa Bethele mo dikgetsing tse di malebana le go tlhokomelwa ga bana, tlhalo, go rekwa ga ditsha le tsela e di dirisiwang ka yone.

BOTSHELO JWA ME FA KE SENA GO NYALA

Ke na le mosadi wa me, Dawn

La ntlha fa ke kopana le mosadi wa me Dawn, o ne a sa tswa go tlhalwa e bile a na le bana ba le bararo. O ne a bereka gape e le mmulatsela. O ile a kopana le mathata a le mantsi mo botshelong mme ke ne ke kgatlhiwa ke gore o ne a dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa. Ka 1992, re ne ra ya kopanong ya kgaolo ya setlhogo se se reng “Batshodi ba Lesedi”e e neng e tshwaretswe kwa New York City. Ke ne ka mmotsa gore a re ka itsane botoka. Re ne ra nyalana mo ngwageng o o latelang. Go nna le mosadi yo o ratang Jehofa e bile a le botsalano ke tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa. Dawn o ntuetse ka molemo malatsi otlhe a botshelo jwa rona.—Dia. 31:12.

Fa re nyalana, bana ba ne ba na le dingwaga di le 11, 13 le 16. Ke ne ke batla go nna rre yo o molemo, ka jalo, ke ne ka bala thata ditlhogo tse di buang ka go godisa bana ba e seng ba gago ke bo ke dirisa kgakololo e e tswang mo go tsone. Go ne go se motlhofo, mme ke itumelela gore kwa bofelong, bana ba ile ba ntsaya jaaka tsala ya bone le rraabone. Re ne re se na bothata fa ditsala tsa bana ba rona di ba etela e bile go ne go nna monate fa ba le teng.

Ka 2013, nna le Dawn re ne ra fudugela kwa Wisconsin go ya go tlhokomela batsadi ba rona ba ba godileng. Ke ne ke gakgametse fa ke utlwa gore nka tswelela ke thusa kwa Bethele. Ke ne ka kopiwa gore ke tswelele ke thusa kwa Bethele ka nakwana ka dilo tsa molao.

BOTSHELO JWA ME BO FETOGA KA PONYO YA LEITLHO

Ka September 2018, ke ne ka lemoga gore nako le nako fa ke tshwanetse go bua, ke ne ke tlhoka go gotlhola pele. Ke ne ka ya kwa ngakeng, mme o ne a sa kgone go lemoga gore bothata ke eng. Moragonyana fa ke ya kwa ngakeng e nngwe, o ne a akantsha gore ke ye kwa ngakeng e e berekang ka ditshika le boboko. Ka January 2019, ngaka e ke neng ke ile kwa go yone e e berekang ka ditshika le boboko e ne ya mpolelela gore go lebega ke na le bolwetse jo bo sa tlwaelegang mme bolwetse joo bo tlile go anamela mo mmeleng wa me otlhe.

Malatsi a le mararo morago ga moo, fa ke ne ke tshameka motshameko e ke o ratang thata, ke ne ka wa ke bo ke robega lelokololo la seatla. Ke ne ke tlwaetse go tshameka motshameko oo; ke ne ke le setswerere mo go one. Ka jalo, ke ne ka lemoga gore mesifa ya me e a koafala ka gonne ke sa kgone go e laola. Ke ne ke sa akanye gore bolwetse jono bo ka anama ka bonako jaana. Ke ne ke sokola go bua, ke sa kgone go itirela sepe e bile ke palelwa le ke go metsa.

Ke itumelela gore ke kgonne go thusa phuthego ya ga Jehofa ke direla jaaka mmueledi. Gape ke itumelela gore ke kgonne go kwala ditlhogo dingwe mo dimakasineng tse di ileng tsa balwa ke dingaka, babueledi le baatlhodi. Ke ne ke tlhola ke ya kwa mafelong a le mantsi ke buelela Basupi ba ga Jehofa, gore ba na le tshwanelo ya go dira karo le go newa kalafi e mo go yone go sa dirisiweng madi. Mme gone, fela jaaka mokwadi wa Luke 17:10, ke sa ntse ke re: ‘Ke motlhanka yo o se nang molemo wa sepe. Se ke se dirileng, ke se ke tshwanetseng go bo ke se dirile.’