Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 30

Tswelela o Tsamaya mo Boammaaruring

Tswelela o Tsamaya mo Boammaaruring

“Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 JOHANE 4.

PINA 54 “Tsela ke E”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka 3 Johane 3 le 4, ke eng se se dirang gore re itumele?

AKANYA kafa moaposetoloi Johane a ileng a itumela ka gone, fa a utlwa gore batho ba a neng a ba ruta boammaaruri ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi. Bakeresete bao ba ne ba kopana le mathata mme Johane o ne a ba thusa go nonotsha tumelo ya bone e re ka a ne a ba tsaya jaaka bana ba gagwe. Le rona re a itumela fa re bona bana ba rona kgotsa batho ba re ithutang Baebele le bone ba ineela mo go Jehofa e bile ba tswelela ba mo direla.—Bala 3 Johane 3, 4.

2. Goreng Johane a ile a kwala makwalo a mararo?

2 Ka ngwaga wa 98 C.E, Johane a ka tswa a ne a nna kwa Efeso kgotsa gaufi le yone. A ka tswa a ile a fudugela koo morago ga gore a gololwe kwa kgolegelong e e kwa setlhaketlhakeng sa Patamose. Ka nako eo, moya o o boitshepo, o ile wa mo tlhotlheletsa go kwala makwalo a mararo. Makwalo ao a ne a kwaletswe go nonotsha tumelo ya Bakeresete le go ba thusa gore ba tswelele ba tsamaya mo boammaaruring.

3. Re tla tlotla ka dipotso dife?

3 Johane e ne e le moaposetoloi wa bofelo go tshela mo lefatsheng, ka jalo, o ne a utlwa botlhoko thata fa a bona barutisi ba maaka ba baka tshenyo mo phuthegong. * (1 Joh. 2:18, 19, 26) Batlhanogi bao ba ne ba re ba itse Jehofa mme ba ne ba sa ikobele ditaelo tsa gagwe. A re bone gore re ka ithuta eng mo kgakololong e Johane a neng a e kwalela Bakeresete bao ba ba ikanyegang. Gape re tla araba dipotso tse tharo tseno: Go tsamaya mo boammaaruring go kaya eng? Ke eng se se ka re kgoreletsang? Le gore re ka thusana jang go tsamaya mo boammaaruring?

GO TSAMAYA MO BOAMMAARURING GO KAYA ENG?

4. Go ya ka 1 Johane 2:3-6 le 2 Johane 4 le 6, ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re tswelele re le mo boammaaruring?

4 Gore re tsamaye mo boammaaruring, re tshwanetse ra bo re itse boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo. Gape re tshwanetse “go boloka ditaelo tsa [ga Jehofa],” mo go rayang gore re tshwanetse go mo ikobela. (Bala 1 Johane 2:3-6; 2 Johane 4, 6.) Jesu o re tlhometse sekao se re ka se etsang sa go ikobela Jehofa. Ka jalo, selo sa botlhokwa se re ka se dirang fa re batla go ikobela Jehofa, ke go sala sekao sa ga Jesu morago.—Joh. 8:29; 1 Pet. 2:21.

5. Re tshwanetse go tlhatswega pelo ka eng?

5 Gore re tswelele re tsamaya mo boammaaruring, re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, le gore sengwe le sengwe se a re bolelelang sone mo Lefokong la gagwe ke boammaaruri. Gape re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jesu ke ene Mesia yo o solofeditsweng. Batho ba le bantsi gompieno ga ba dumele gore Jesu ke Kgosi e e tloditsweng ya Bogosi Jwa Modimo. Johane o ne bolelela pele gore batsietsi ba le bantsi, “ba ne ba tla tsietsa” ba ba sa ikemisetsang go femela boammaaruri ka ga Jehofa le Jesu. (2 Joh. 7-11) Gape o ne a re: “Moaki ke mang fa e se yo o latolang gore Jesu ke Keresete?” (1 Joh. 2:22) Fa re sa batle go tsiediwa, re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, re tla kgona go itse Jehofa le Jesu. (Joh. 17:3) Gape re tla tlhatswega pelo gore re mo boammaaruring.

KE ENG SE SE KA RE KGORELETSANG?

6. Ke eng se se ka kgoreletsang basha ba Bakeresete go tsamaya mo boammaaruring?

6 Bakeresete ba tshwanetse go nna ba iketse tlhoko gore ba se ka ba tsiediwa ke dithuto tsa batho. (1 Joh. 2:26) Basha ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go ikela tlhoko. Kgaitsadi yo o nnang kwa Fora e bong Alexia, * yo o nang le dingwaga di le 25 a re: “Fa ke sa ntse ke tsena sekolo, ke ne ke ithuta evolution le dithuto tsa batho [difilosofi] mme di ne di ntlhakanya tlhogo di dira gore ke simolole go belaela se ke se ithutang mo Baebeleng. Ka dinako dingwe, dithuto tseo di ne di nkgatlha. Mme gone, ke ne ka ipolelela gore nka se reetse fela se ke se ithutang kwa sekolong. Ke tlhoka go naya Jehofa tshono.” Alexia o ile a ithuta buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Dibeke di le mmalwa fela fa a sena go ithuta buka eo, o ne a sa tlhole a belaela se a neng a se ithuta mo Baebeleng. A re: “Ke ile ka itirela dipatlisiso go bona gore a tota Baebele e ruta boammaaruri. Ka jalo, ke ne ka lemoga gore go tshela ka melaometheo ya ga Jehofa go ntlisetsa boitumelo le kagiso.”

7. Ke eng se re sa tshwanelang go se dira mme ka ntlha yang?

7 Bakeresete ga ba a tshwanela go itira e kete ba direla Jehofa mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba bo ba dira dilo tse di sa mo itumediseng. Johane o ne a re ga re ka ke ra tsamaya mo boammaaruring mme re dira dilo tse di sa itumediseng Jehofa. (1 Joh. 1:6) Fa re batla gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go dira dilo jaaka e kete re bonwa ke batho botlhe. Le fa batho ba sa bone se re se dirang mo sephiring, Jehofa ene o bona sengwe le sengwe.—Baheb. 4:13.

8. Ga re a tshwanela go se dira eng?

8 Ga re a tshwanela go leba boleo ka tsela e batho ba ba sa direleng Jehofa ba bo lebang ka yone. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Fa re bua polelo e e reng: ‘Ga re na boleo,’ re a itsietsa.” (1 Joh. 1:8) Mo metlheng wa ga Johane, batlhanogi ba ne ba re motho a ka dira boleo ka boomo a bo a tswelela e le tsala ya ga Jehofa. Le gompieno re tshela le batho ba ba akanyang jalo. Batho ba le bantsi ba re ba dumela mo Modimong, mme gone, ga ba dumalane le tsela e Jehofa a lebang boleo ka yone, segolobogolo fa go buiwa ka tlhakanelodikobo. Dilo tse Jehofa a di tsayang di sa siama, jaaka go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalang le ene, bone ba re ke tshwetso e motho a itirelang yone.

Basha, dirang dipatlisiso gore lo bone gore ke eng fa Jehofa a re dilo dingwe di siame mme tse dingwe ga di a siama. Mme lo tla kgona go tlhalosetsa ba bangwe mabaka a go bo lo sa dire dilo tse di sa siamang (Bona serapa 9) *

9. Basha ba solegelwa molemo jang fa ba ikobela se Baebele e se rutang?

9 Go ka nna thata gore basha ba Bakeresete ba tswelele ba leba tlhakanelodikobo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone, fa batho ba ba tshelang le bone, e ka tswa e le kwa sekolong kgotsa kwa tirong, ba leka go ba gatelela gore ba fetole tsela e ba lebang lebang tlhakanelodikobo ka yone. Seo ke se se ileng sa diragalela Aleksandar. A re: “Basetsana bangwe kwa sekolong ba ne ba leka go mpateletsa go tlhakanela dikobo le bone. Ba ne ba re ke gay ka gonne ke se na lekgarebe.” Le wena o ka nna wa diragalelwa ke se se tshwanang. Mme fa o ikobela se Baebele e se buang, o tla ikutlwa o le motlotlo, o tla nna le botsogo jo bo siameng, ga o kitla o ipiletsa mathata a le kgakala le wena e bile o tla nna tsala ya ga Jehofa. Nako le nako fa o sa ineele fa batho ba leka go go gatelela go dira dilo tse di siamang, o tla kgona go dira dilo tse di siameng mo nakong e e tlang le fa go ka nna thata go dira jalo. O se ka wa lebala gore tsela e lefatshe leno le lebang tlhakanelodikobo ka yone, e tswa kwa go Satane. Ka jalo, fa o gana go leba dilo tsa tsela e batho ba lefatshe ba di lebang ka yone, o a bo o ‘fenya yo o boikepo.’—1 Joh. 2:14.

10. 1 Johane 1:9 e re thusa jang gore re direle Jehofa re na le segakolodi se se phepa?

10 Re a itse gore Jehofa ke ene a nang le tshwanelo ya go re bolelela gore ke eng se se sa siamang. Mme re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. Mme fa re dirile boleo re a rapela re bo re bolelela Jehofa se re se dirileng. (Bala 1 Johane 1:9.) Mme fa re dirile boleo jo bo masisi, re kopa thuso kwa bagolwaneng. (Jak. 5:14-16) Mme gone, ga re a tshwanela go ikutlwa molato ka diphoso tse re kileng ra di dira. Goreng? Ka gonne Jehofa o re rekolotse ka setlhabelo sa Morwawe gore a kgone go re itshwarela. Jehofa o a bo a sa ake fa a re o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya go tswa pelong. Ka jalo, Jehofa o dirile gore re kgone go mo direla re na le segakolodi se se phepa.—1 Joh. 2:1, 2, 12; 3:19, 20.

11. Ke eng se re ka se dirang go itshireletsa mo dithutong tsa batlhanogi?

11 Re tshwanetse go gana dithuto tsa batlhanogi. Go simolola fela ka phuthego ya ntlha ya Bokeresete, Diabolo o ntse a leka go dira gore batho ba Modimo ba belaele se ba se dumelang. Ka jalo, re tshwanetse go ithuta go farologanya fa batho ba bua nnete le fa ba bua maaka. * Baba ba rona ba ka nna ba dirisa Internet go dira gore re se ka ra tshepa Jehofa le bakaulengwe le bo kgaitsadi. O se ka wa dumela maaka ao, ka gonne a tswa kwa go Satane!—1 Joh. 4:1, 6; Tshen. 12:9.

12. Goreng re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona?

12 Gore re kgone go gana fa Satane a leka go koafatsa tumelo ya rona, re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo go Jesu le go dumela gore Jehofa o dirisa ene go diragatsa thato ya Gagwe. Gape re tshwanetse go tshepa batho ba Jehofa a ba dirisang go kaela phuthego ya gagwe gompieno. (Math. 24:45-47) Re nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa fa re ithuta Lefoko la Gagwe ka metlha. Mme tumelo ya rona e tla nna jaaka setlhare se se namileng medi. Paulo o ile a bua sengwe se se tshwanang fa a ne a kwalela phuthego ya Bakolosa. O ile a re: “E re ka lo amogetse Keresete Jesu Morena, tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le ene, lo namile medi e bile lo agiwa mo go ene gape lo tsepamisiwa mo tumelong.” (Bakol. 2:6, 7) Fa re nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa, Satane le batho ba gagwe ga ba kitla ba dira gore re palelwe ke go tsamaya mo boammaaruring.—2 Joh. 8, 9.

13. Ke eng se re sa tshwanelang go se makalela, mme ka ntlha yang?

13 Ga re a tshwanela go makala fa batho ba ba sa rateng Jehofa ba re tlhoile. (1 Joh. 3:13) Re tshwanetse go gopola gore Johane o rile: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) Satane o galefa le go feta fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela. (Tshen. 12:12) Ga a re tlhasele fela ka tsela e e bofitlha a dirisa boitsholo jo bo sa siamang le maaka a batlhanogi. Mme gape o re tlhasela ka tlhamalalo ka go dira gore batho ba re bogise. O a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane. Ka jalo, o leka go emisa tiro ya rona ya go rera le go dira gore re se ka ra tlhola re ikaega ka Jehofa. Ka jalo, ga re makale fa re utlwa gore kwa dinageng dingwe tiro ya rona e thibetswe kgotsa puso e letlelela Basupi go dira dilo dingwe tse di rileng fela. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bo kgaitsadi ba ba nnang kwa mafelong ao ba itshokile. Ba bontsha gore le fa Satane a re bogisa, re sa ntse re ka kgona go ikanyega mo go Jehofa!

THUSA BA BANGWE GO TSWELELA BA TSAMAYA MO BOAMAARURING

14. Re ka dira eng go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba le mo boammaaruring?

14 Gore re kgone go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba le mo boammaaruring, re tshwanetse go ba utlwela botlhoko. (1 Joh. 3:10, 11, 16-18) Re tlhoka go nna re bontshana gore re a ratana, fa dilo di tsamaya sentle le fa re lebana le mathata. Ka sekai, a o itse mongwe yo o tlhokafaletsweng, yo o tlhokang go gomodiwa kgotsa go thusiwa ka dilo dingwe? Kgotsa a o utlwaletse gore bakaulengwe ba wetswe ke masetlapelo a tlholego, mme ba tlhoka go baakanya Holo ya bone ya Bogosi, kgotsa magae a bone? Re tlhoka go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi go tswa pelong, e seng fela ka se re se buang, mme gape le ka se re se dirang.

15. Go ya ka 1 Johane 4:7 le 8 ke eng se re tshwanetseng go se dira?

15 Fa re ratana, re a bo re etsa Rraarona e bong Jehofa. (Bala 1 Johane 4:7, 8.) Re bontsha gore re a ratana fa re itshwarelana. Ka sekai, motho mongwe a ka nna a re kgopisa, a bo a kopa gore re mo itshwarele. Re bontsha gore re rata motho yoo ka go mo itshwarela le go tlogela go akanya ka se a se dirileng. (Bakol. 3:13) Mokaulengwe Aldo o ne a utlwa botlhoko fa a utlwa mokaulengwe mongwe yo a mo tseelang kwa godimo a bua sengwe se se kgopisang ka lotso lwa gagwe. Aldo a re: “Ke ne ka nna ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse gore ke se ka ka akanya dilo tse di sa siamang ka mokaulengwe yoo.” Mme go na le sengwe gape se Aldo a ileng a se dira. O ne a kopa mokaulengwe yoo gore ba tsamaye mmogo mo bodireding. Fa ba ntse ba le mo bodireding Aldo o ile a tlhalosetsa mokaulengwe yoo gore o ne a ikutlwa jang ka se a ileng a se bua. Aldo a re: “Fa mokaulengwe yoo a utlwa gore ke ne ke ikutlwa jang, o ne a kopa maitshwarelo. Segalo sa gagwe sa lentswe se ile sa dira gore ke lemoge gore tota o ikwatlhaela se a ileng a se bua. Morago ga moo, re ne ra nna ditsala gape.”

16-17. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

16 Moaposetoloi Johane o ne a rata Bakeresetemmogo le ene e bile o ne a batla gore ba nne le tumelo e e nonofileng. Re kgona go bona seo mo makwalong a mararo a a ba kwaletseng one. Go a itumedisa go itse gore banna le basadi ba ba tlileng go busa le Jesu kwa legodimong ba lorato e bile ba amega ka batho fela jaaka Johane!—1 Joh. 2:27.

17 E kete re ka dirisa se re se ithutileng mo setlhogong seno. A re ikemisetseng go tswelela re tsamaya mo boammaaruring, ka go ikobela Jehofa mo go sotlhe se re se dirang. Ithute Lefoko la Modimo o bo o le ikanye. Nonotsha tumelo ya gago mo go Jesu. Gana dithuto tsa batho le dithuto tsa batlhanogi. O se ka wa itira e kete o direla Jehofa mme o dira dilo tse di sa siamang e bile o gane go reetsa batho ba ba go gatelelang gore o dire dilo tse di sa siamang. Ikobele melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Gape thusa bakaulengwe gore ba tswelele ba tsamaya mo boammaaruring ka go ba itshwarela fa ba go utlwisitse botlhoko le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Fa re dira jalo, re tla tswelela re tsamaya mo boammaaruring le fa re ka lebana le diteko.

PINA 49 Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa

^ ser. 5 Re tshela mo lefatsheng le le busiwang ke ramaaka e bong Satane. Mme seo se ka dira gore go nne thata gore re tswelele re tsamaya mo boammaaruring. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba lebane le kgwetlho eo. Jehofa o dirisitse moaposetoloi Johane go kwala makwalo a mararo a a ileng a ba thusa, mme le rona a ka re thusang gompieno. Makwalo ao a ka re bontsha gore ke eng se se ka dirang gore re tlogele go tsamaya mo boammaaruring le gore re tshwanetse go dira eng fa re kopana le mathata.

^ ser. 3 Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Lebaka La go Bo Johane a Kwadile Makwalo a Gagwe.”

^ ser. 6 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng, “A o Na le Dintlha Tsotlhe?” Se se mo makasineng o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo ya August 2018.

^ ser. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa kgaitsadi yo mosha a le kwa sekolong, o nna a utlwa le go bona dilo tse di dirang gore go lebege e kete go itshiametse fela fa batho ba bong jo bo tshwanang ba ratana. (Mo ditsong tse dingwe mebala ya motshe wa godimo e tshwantshetsa go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.) Moragonyana o dira dipatlisiso gore a itlhatswe pelo gore se Jehofa a se batlang se siame. Seo se mo thusa gore a kgone go ikemela fa a lebana le dikgwetlho.