Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 26

A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?

A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?

“Modimo . . . o lo naya keletso le maatla a gore lo dire.” —BAFIL. 2:13.

PINA 64 Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se Jehofa a go diretseng sone?

GO TLILE jang gore o nne Mosupi wa ga Jehofa? O ka tswa o utlwile “dikgang tse di molemo” mo batsading ba gago, mo mothong yo o berekang le ene, yo o tsenang sekolo le ene kgotsa mo Basuping ba ba neng ba rera ka ntlo le ntlo. (Mar. 13:10) Morago ga moo, mongwe o ne a dirisa nako ya gagwe le maatla a gagwe gore a go tshwarele thuto ya Baebele. Fa o ntse o ithuta, o ile wa simolola go rata Jehofa mme wa lemoga gore le ene o a go rata. Jehofa o ile a go gogela mo boammaaruring, mme e re ka jaanong o le morutwa wa ga Jesu Keresete, o na le tsholofelo ya go tshelela ruri. (Joh. 6:44) Ga go pelaelo gore o leboga Jehofa go bo a ile a tlhotlheletsa mongwe go go ruta boammaaruri le gore o go amogetse gore o nne motlhanka wa Gagwe.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 E re ka jaanong re itse boammaaruri, re na le tshiamelo ya go thusa ba bangwe gore ba tsamaye le rona mo tseleng e e isang kwa botshelong. Re ka tswa re rata go rera ka ntlo le ntlo mme go le thata gore re kope mongwe go simolola go ithuta Baebele le ene. A le wena o ikutlwa jalo? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe dikakantsho tse di mo setlhogong seno di ka go thusa. Re tlile go tlotla ka gore ke eng se se re tlhotlheletsang go dira barutwa. Gape re tlile go ithuta gore re ka fenya jang mathata a a ka re thibelang go simolola thuto ya Baebele. Sa ntlha, mma re simolole go tlotla ka gore goreng re tshwanetse go rerela batho le go ba ruta dikgang tse di molemo.

JESU O RE LAETSE GORE RE RERELE BATHO LE GO BA RUTA

3. Goreng re rera?

3 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a naya balatedi ba gagwe tiro e e nang le dikarolo tse pedi. Sa ntlha, o ile a ba bolelela gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi e bile o ile a ba bontsha gore ba ka dira seo jang. (Math. 10:7; Luke 8:1) Ka sekai, o ile a ba bontsha gore ke eng se ba ka se dirang fa batho ba amogela molaetsa wa Bogosi kgotsa ba sa o amogele. (Luke 9:2-5) Gape o ile a tlhalosa gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla rerela batho ba le bantsi kwa mafelong a le mantsi ba neela “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14; Dit. 1:8) Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe gore ba bolelele batho ka Bogosi Jwa Modimo le se bo tla se dirang, go sa kgathalesege gore batho ba ne ba amogela molaetsa kgotsa ba sa o amogele.

4. Go ya ka Mathaio 28:18-20, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira fa re sena go rera ka Bogosi?

4 Karolo ya bobedi ya tiro e Jesu a neng a e neile balatedi ba gagwe e ne e le efe? O ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ba rute batho go ikobela dilo tsotlhe tse a neng a di ba laetse. Batho ba bangwe ba ka nna ba re taelo e Jesu a neng a e neile balatedi ba gagwe ya go rera le go ruta, e ne e le ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga fela. A mme go ntse jalo? Nnyaa, Jesu o ile a tlhalosa gore tiro eno e ne e tla dirwa le e leng mo motlheng wa rona, “go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.” (Bala Mathaio 28:18-20.) Jesu a ka tswa a ile a ntsha taelo eo fa a ne a bonala mo barutweng ba gagwe ba ba neng ba feta 500. (1 Bakor. 15:6) Mo ponatshegelong e Jesu a neng a e naya Johane, o ile a tlhalosa gore balatedi ba gagwe botlhe ba ne ba tshwanetse go thusa batho ba bangwe go itse Jehofa.—Tshen. 22:17.

5. Go ya ka 1 Bakorintha 3:6-9, Paulo o ile a dirisa setshwantsho sefe go bontsha gore tiro ya go rera le go ruta di a tsamaisana?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha tiro ya go dira barutwa le go jala dimela a bontsha gore re tshwanetse go dira mo go fetang go jala peo fela. O ne a gopotsa Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Ke ne ka jala, Apolose ene a nosetsa . . . Lona lo tshimo ya Modimo e e lengwang.” ( Bala 1 Bakorintha 3:6-9.) E re ka re le badiri mo ‘tshimong ya Modimo,’ re jala peo fa re rera mme fa re ruta re a e nosetsa. (Joh. 4:35) Le fa go ntse jalo, re a itse gore Modimo ke ene a dirang gore peo eo e gole.

6. Tiro ya go ruta e akaretsa eng?

6 Re batla batho botlhe ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go “amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Gore batho bao e nne barutwa, re tshwanetse go ba thusa (1) go tlhaloganya, (2) go amogela, le (3) go dirisa dilo tse ba ithutang tsone mo Baebeleng. (Joh. 17:3; Bakol. 2:6, 7; 1 Bathes. 2:13) Botlhe mo phuthegong ba ka tlhomela batho ba ba ithutang Baebele sekao ka go ba bontsha lorato le go dira gore ba ikutlwe ba amogetswe kwa dipokanong. (Joh. 13:35) Motho yo o tshwarang thuto ya Baebele, a ka nna a tshwanelwa ke go dirisa nako le maatla a gagwe gore a thuse motho yo a ithutang le ene gore a tlogele “dilo tse di nweleletseng kwa teng thata” tse a di dumelang kgotsa tse a di dirang. (2 Bakor. 10:4, 5) Go ka tsaya dikgwedi di le dintsi go thusa motho yoo gore a fetole tsela e a tshelang ka yone e le gore a kgone go fitlhelela mokgele wa go kolobediwa. Mme go dira diphetogo tseo go ka mo solegela molemo.

LORATO LO RE TLHOTLHELETSA GO DIRA BARUTWA

7. Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re batle go rera le go dira barutwa?

7 Goreng re dira tiro ya go rera le ya go dira barutwa? Sa ntlha, ka gonne re rata Jehofa. Fa o dira bojotlhe go ikobela taelo ya go rera le go dira barutwa, o bontsha gore o rata Modimo. (1 Joh. 5:3) Akanya ka seno: Tsela e o ratang Jehofa ka yone e go tlhotlheleditse gore o rere ka ntlo le ntlo. A go ne go le motlhofo gore o ikobele taelo eo? Go ka tswa go ne go se motlhofo. Fa o ne o ya go rera mme o le gaufi le go kokota mo ntlong ya ntlha, a o ne o tshogile? Ga go pelaelo gore o ne o tshogile! Mme gone, o ne o itse gore eno ke tiro e Jesu a neng a batla gore o e dire, ka jalo o ile wa ikobela taelo eo. Gongwe go ile ga nna motlhofo gore o rere fa nako e ntse e tsamaya. Mme o ikutlwa jang ka go tshwara thuto ya Baebele? A go akanya ka kgang eno go dira gore o tshoge? Gongwe. Mme fa o kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale jwa go kopa mongwe gore o mo tshwarele thuto ya Baebele, a ka go thusa gore o batle go dira barutwa.

8. Go ya ka Mareko 6:34, ke eng gape se se ka re tlhotlheletsang go ruta ba bangwe?

8 Sa bobedi, go rata baagelani ba rona go re tlhotlheletsa gore re ba rute boammaaruri. Ka sekai, nako nngwe Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba lapile fa ba sena go fetsa nako e ntsi ba rera. Ba ne ba tlhoka lefelo le ba ka ikhutsang kwa go lone, mme boidiidi jwa batho bo ile jwa tla kwa go bone. E re ka Jesu a ne a ba utlwela botlhoko o ile a simolola go ba “ruta dilo di le dintsi.” (Bala Mareko 6:34.) O ile a tswelela a rera le fa a ne a lapile. Goreng? Jesu o ne a itse tsela e boidiidi joo jwa batho bo neng bo ikutlwa ka yone. O ne a batla go ba thusa ka gonne o ne a bona tsela e ba neng ba boga ka yone le tsela e ba neng ba se na tsholofelo ka yone. Go ntse fela jalo le ka batho ba motlha wa rona. O se ka wa tsiediwa ke tsela e ba lebegang ka yone. Ba tshwana le dinku tse di timetseng tse di se nang modisa yo o di kaelang. Moaposetoloi Paulo o ile a re batho ba ba ntseng jalo ga ba itse Modimo e bile ga ba na tsholofelo. (Baef. 2:12) Ba mo tseleng “e e isang kwa tshenyegong”! (Math. 7:13) Fa re akanya kafa batho ba ba mo tshimong ya rona ba tlhokang go itse Modimo ka gone, lorato le kutlwelobotlhoko di tla re tlhotlheletsa gore re ba thuse. Mme tsela e re ka ba thusang ka yone ke ka go ba kopa gore re simolole go ithuta Baebele le bone.

9. Go ya ka Bafilipi 2:13, Jehofa a ka go thusa jang?

9 Gongwe o tshaba go kopa mongwe gore o ithute Baebele le ene ka gonne o lemoga gore go dira jalo go tlile go tlhoka nako. Fa e le gore go ntse jalo, bolelela Jehofa tsela e o ikutlwang ka yone. Mo kope gore a go thuse gore o nne le keletso ya go batla motho yo o ka ithutang le ene. (Bala Bafilipi 2:13.) Moaposetoloi Johane o ile a re bolelela gore Modimo o tla araba dithapelo tse di tsamaisanang le thato ya Gagwe. (1 Joh. 5:14, 15) Ka jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa gore o batle go ruta batho.

GO FENYA MATHATA A MANGWE

10-11. Ke eng se se ka dirang gore re palelwe ke go tshwara thuto ya Baebele?

10 Re tsaya taelo ya go ruta e le botlhokwa le fa re lebana le mathata a a ka dirang gore re se ka ra dira barutwa jaaka re batla. A re boneng gore ke mathata afe a re ka lebanang le one le gore re ka a fenya jang.

11 Maemo a rona a ka dira gore re se ka ra rera jaaka re batla. Ka sekai, baboledi bangwe ba godile kgotsa ga ba na botsogo jo bo siameng. A le wena o lebane le maemo a a ntseng jalo? Fa go ntse jalo, akanya ka thuto nngwe e bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19 e re rutileng yone. Re ile ra ithuta gore re ka kgona go tshwara dithuto tsa Baebele re dirisa founo kgotsa didirisiwa tse dingwe tsa ileketeroniki! Ka jalo, o ka kgona go simolola thuto le go e tshwara o le kwa legaeng la gago. Gape go na le molemo o mongwe. Bangwe ba ka tswa ba ka itumelela go ithuta Baebele mme ba sa nne gone kwa magaeng a bone ka nako e gantsi bakaulengwe ba rerang ka yone. Mme gone, ba ka tswa ba le teng mo magaeng a bone mo mosong kgotsa bosigo. A o ka kgona go ithuta Baebele le mongwe ka dinako tseo? Jesu o ne a ruta Nikodemo go le bosigo, e leng nako e Nikodemo a neng a e tlhophile.—Joh. 3:1, 2.

12. Ke dintlha dife tse di re tlhomamisetsang gore re ka kgona go tshwara thuto ya Baebele?

12 Re ka tswa re akanya gore ga re ka ke ra kgona go tshwara thuto ya Baebele. Gongwe re ka tswa re ikutlwa e kete re tlhoka go nna le kitso e e oketsegileng kgotsa bokgoni jwa go ruta pele re ka simolola go tshwarela mongwe thuto. Fa e le gore go ntse jalo, akanya ka dilo tseno tse tharo tse di ka go thusang go lemoga gore o ka kgona go tshwarela mongwe thuto. Sa ntlha, Jehofa o go tsaya o tshwanelega gore o ka ruta ba bangwe. (2 Bakor. 3:5) Sa bobedi, Jesu yo o nang le “taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng” o go laetse gore o rute. (Math. 28:18) Sa boraro, o ka kopa ba bangwe gore ba go thuse. Jesu o ile a ikaega ka se Rraagwe a mo rutileng gore a se bue, mme le wena o ka dira jalo. (Joh. 8:28; 12:49) Mo godimo ga moo, o ka kopa molebedi wa setlhopha sa lona sa tirelo ya tshimo, mmulatsela kgotsa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a go thuse go simolola le go tshwara thuto ya Baebele. Sengwe se se ka go thusang gore o kgone go ruta ka tsela e e molemo ke go nna gone fa mongwe wa batho bano a tshwara thuto ya Baebele.

13. Goreng re tshwanetse go fetoga le maemo?

13 Re ka fitlhela go le thata go dirisa mekgwa e mesha le dithulusu tse disha. Tsela e re tshwarang dithuto tsa Baebele ka yone gone jaanong e fetogile. Buka e re e dirisang go tshwara dithuto, ya Itumelele go Tshelela Ruri! e tlhoka gore re baakanyetse thuto le go e tshwara ka tsela e e farologaneng le e re neng re e dirisa pele. Re bala dirapa di le mmalwa fela, re bo re fetsa nako e ntsi re tlotla le motho yo re ithutang le ene ka dintlha tsa yone. Fa re ruta, re dirisa dibidio, dikgatiso tse di mo jw.org le mo JW Library®. Fa o sa itse go dirisa dithulusu tseno, kopa mongwe gore a go bontshe gore o ka di dirisa jang. Rona batho, re thatafalelwa ke go tlogela go dira dilo ka tsela e re tlwaetseng go di dira ka yone. E bile ga go motlhofo go dira dilo ka tsela e ntšha. Mme ka thuso ya ga Jehofa le ya batho ba bangwe, go ka nna motlhofo gore o fetole tsela e o tlwaetseng go dira dilo ka yone, o bo o itumelele go tshwarela batho ba bangwe dithuto. Fela jaaka mmulatsela mongwe a tlhalositse, tsela eno ya go ruta “e dira gore motho yo o tshwereng thuto le yo a ithutang le ene ba itumelele thuto.”

14. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola fa re rera kwa tshimong e batho ba yone ba sa batleng go reetsa molaetsa wa rona, mme 1 Bakorintha 3:6, 7 e re kgothatsa jang?

14 Re ka tswa re nna mo lefelong le go leng thata mo go lone go simolola thuto ya Baebele. Batho ba bangwe ba ka tswa ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona kgotsa ba le kgatlhanong le one. Ke eng se se ka re thusang go tswelela re rera kwa tshimong eo? Gopola gore maemo a batho a ka fetoga ka bonako mo lefatsheng leno le le tletseng ka mathata mme batho ba ba neng ba sa rate molaetsa wa rona ba ka simolola go lemoga gore ba tlhoka go kaelwa ke Modimo. (Math. 5:3) Batho ba ba neng ba gana go amogela dikgatiso tsa rona mo nakong e e fetileng, ba ile ba dumela go ithuta Baebele fa nako e ntse e tsamaya. Ntlha e nngwe ke gore Jehofa ke ene Mong wa thobo. (Math. 9:38) O batla gore re tswelele re jala e bile re nosetsa, mme ke Ene yo o godisang. (1 Bakor. 3:6, 7) Ruri go a kgothatsa go gopola gore le fa re sa kgone go tshwara dithuto tsa Baebele gone jaanong, Jehofa o re segofatsa go ya ka maiteko a rona mme e seng go ya ka se re se fitlheletseng! *   

ITUMELELE GO DIRA BARUTWA

Bona gore tiro ya rona ya go rera le go ruta e ka thusa motho jang (Bona dirapa 15-17) *

15. Jehofa o ikutlwa jang fa mongwe a dumela go ithuta Baebele a bo a dirisa dilo tse a di ithutang?

15 Jehofa o a itumela fa motho a amogela boammaaruri jo bo mo Baebeleng le fa a bolelela ba bangwe se a se ithutileng. (Diane 23:15, 16) Jehofa o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona batho ba rera le go ruta! Ka sekai, le fa go ne go na le bolwetse jwa leroborobo ka ngwaga wa tirelo wa 2020, batho ba le 7 705 765 ba ile ba tshwarelwa dithuto tsa Baebele, mme seo se ile sa thusa batho ba le 241 994 gore ba ineele mo go Jehofa ba bo ba kolobediwe. Barutwa bano ba basha, le bone ba tlile go tshwara dithuto tsa Baebele ba bo ba dira batho ba bangwe barutwa. (Luke 6:40) Ga go pelaelo gore re itumedisa Jehofa fa re nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa.

16. Re ka ipeela mokgele ofe o o molemo?

16 Ga go motlhofo go dira barutwa, mme ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go thusa ba ba sa tswang go ithuta boammaaruri gore ba mo rate. A re ka ipeela mokgele wa go simolola le go tshwara thuto e le nngwe ya Baebele? Re ka gakgamadiwa ke go bona se se ka diregang fa re ka dirisa tshono nngwe le nngwe e re nnang le yone go kopa batho ba re kopanang le bone gore re ithute Baebele le bone. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona.

17. Re tlile go ikutlwa jang fa re ka kgona go tshwara thuto ya Baebele?

17 Ruri ke tshiamelo go rerela batho le go ba ruta boammaaruri! Tiro eno e dira gore re itumele. Moaposetoloi Paulo, yo o thusitseng Bathesalonika ba le bantsi go nna barutwa, o ile a tlhalosa tsela e a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “Gonne ke mang tsholofelo ya rona kgotsa boitumelo kgotsa serwalo se se dirang gore re nne motlotlo fa pele ga Morena wa rona Jesu ka nako ya go nna gone ga gagwe? A tota ga se lona? Ruri re motlotlo ka lona e bile lo dira gore re itumele.” (1 Bathes. 2:19, 20; Dit. 17:1-4) Batho ba le bantsi gompieno le bone ba ikutlwa jalo. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Stéphanie, yo ene le monna wa gagwe ba thusitseng batho ba le bantsi gore ba kolobediwe a re: “Ga go na boitumelo jo bo fetang jwa go thusa batho gore ba ineele mo go Jehofa.”

PINA 57 Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

^ ser. 5 Jehofa ga a re naya fela tshiamelo ya go rerela batho, mme o re neile le tshiamelo ya go ba ruta gore ba ikobele dilo tsotlhe tse Jesu a di re laetseng. Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re batle go ruta batho ba bangwe? Ke mathata afe a re lebanang le one mo tirong ya go rera le ya go dira barutwa? Mme ke eng se re ka se dirang go fenya mathata ao? Re tlile go bona dikarabo tsa dipotso tseo mo setlhogong seno.

^ ser. 14 Go ithuta mo go oketsegileng gore mongwe le mongwe wa rona mo phuthegong a ka thusa jang go dira barutwa, bona setlhogo se se reng “Phuthego e ka Thusa Jang Moithuti wa Baebele Gore a Kolobediwe?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 2021.

^ ser. 53 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Bona gore go ithuta Baebele go ka fetola botshelo jwa motho jang: Kwa tshimologong monna yono o lebega a sa itse gore o tshelela eng e bile ga a itse Jehofa. Fa baboledi ba le mo tirong ya go rera, ba kopana le ene a bo a dumela go ithuta Baebele le bone. Se a se rutilweng se mo thusa gore a ineele mo go Jehofa a bo a kolobediwe. Fa nako e ntse e tsamaya, le ene o dira barutwa. Kwa bofelong, botlhe ba itumelela go tshela kwa Paradaiseng.