Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go dirisa di-website tse di thusang batho go bona batho ba ba ka nyalanang le bone?

Jehofa o batla gore batho ba babedi ba ba nyalanang ba itumele le gore ba tswelele ba atamalane. (Math. 19:4-6) Fa o batla go nyala kgotsa go nyalwa, o ka bona kae motho yo o ka nyalanang le ene? E re ka Jehofa a re bopile, o a itse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re kgone go itumelela lenyalo. Ka jalo, fa o dirisa melaometheo e a re neileng yone, o tla itumela fela thata. Akanya ka mengwe ya melaometheo eo.

Sa ntlha, re tshwanetse go tlhaloganya ntlha eno: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe e bile e gagamalela se e se batlang.” (Jer. 17:9) Fa motho a batla molekane a bo a kopana le mongwe mme ba simolola go ratana, ba ka atamalana ka bonako, mme seo se ka dira gore ba se ka ba dira ditshwetso tse di siameng. Fa batho ba dira tshwetso ya go nyalana ka go bo ba tseegile maikutlo, seo se ka dira gore ba feleletse ba utlwile botlhoko. (Diane 28:26) Ka jalo, go botlhale gore batho ba se ka ba itlhaganelela go bolelelana gore ba a ratana kgotsa go dira maitlamo ape ba ise ba itsane sentle.

Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale o bona kotsi a bo a iphitlha, mme yo o se nang maitemogelo o tswelela a tsamaya a bo a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko.” Go ka nna le dikotsi dife fa re dirisa di-website tse di thusang batho go bona batho ba ba ka nyalanang le bone? Ka maswabi, batho ba bangwe ba ile ba itsalanya le batho ba ba sa ba itseng mo Internet ba bo ba simolola go ratana le bone. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ba ile ba lemoga gore batho bao ba ba tsieditse. Gape batho ba ba sa ikanyegeng ba bula diakhaonto ka maina a e seng a bone gore ba tsietse batho ba ba se nang maitemogelo le gore ba ba tseele madi. Ka dinako tse dingwe, batho bao ba ba sa ikanyegeng ba ipitsa Basupi.

Go na le kotsi e nngwe gape. Di-website tse dingwe tse di thusang batho go bona batho ba ba ka nyalanang le bone di dirisa dipalo go bona gore ke batho bafe ba ba ka tshwanelanang. Mme ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore mokgwa oo o a atlega. Go tla bo go se botlhale go ikanya thulaganyo eo e e dirilweng ke batho ya khomputara go dira tshwetso e e botlhokwa ya go bona motho yo o ka nyalanang le ene. A mme dithulaganyo tsa khomputara di ka ikanngwa jaaka melaometheo ya Baebele?—Diane 1:7; 3:5-7.

Molaomotheo o o mo go Diane 14:15 o a re: “Motho yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.” Pele o dira tshwetso ya go nyalana le mongwe, o tshwanetse go itse motho yoo sentle. Mme ga o ka ke wa kgona go dira jalo fa o kopana le motho mo Internet. Le fa o ka tswa o kgona go bona tshedimosetso ya motho yoo, e bile lo fetsa nako e ntsi lo romelelana melaetsa, a tota o ka re o a mo itse? Batho bangwe ba ba neng ba akanya gore ba bone batho ba ba ba ratang, ba ile ba gakgamala tota fa ba kopana le batho bao.

Mopesalema o ne a re: “Ga ke tsalane le batho ba ba tsietsang, e bile ga ke tlwaelane le batho ba ba fitlhang se ba leng sone.” (Pes. 26:4) Batho ba le bantsi ba akanya gore go itshiametse fela go kwala tshedimosetso e e seng boammaaruri ka bone mo Internet go dira gore batho ba bangwe ba ba kgatlhegele. Ba ka fitlha botho jwa bone kgotsa mekgwa ya bone e e sa siamang fa ba romela batho ba bangwe melaetsa. Le fa batho bangwe ba ka ipolela gore ke Basupi ba ga Jehofa, a tota ke Bakeresete ba ba kolobeditsweng? A ba atamalane le Jehofa? A bakaulengwe mo diphuthegong tsa bone ba a ba tlotla? A ke dikao tse di molemo kgotsa ke “batho ba ba bosula”? (1 Bakor. 15:33; 2 Tim. 2:20, 21) Kgotsa a Dikwalo di ba letla go nyala? O tshwanetse go itse dilo tseno, mme gone go ka nna thata gore o di itse fa o sa botse Basupi ba ba itseng motho yoo sentle. (Diane 15:22) Boammaaruri ke gore, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa ga a kitla a batla go “pataganela jokwe” le motho yo e seng Mokeresete.—2 Bakor. 6:14; 1 Bakor. 7:39.

E re ka re bone dikotsi tsa di-website tse di thusang batho go bona batho ba ba ka nyalanang le bone, go na le ditsela tse di botoka tsa go bona le go itse motho yo o ka nyalanang le ene. O ka bona kae motho yo o ka nyalanang le ene? Fa dikokoano tsa Basupi ba ga Jehofa di sa thibelwa, o ka kgona go mmona kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo kgotsa kwa dikokoanong tse dingwe.

Fa lo fetsa nako mmogo, lo tla kgona go bona gore a lo na le mekgele e e tshwanang

Fa re sa kgone go ya kwa dikokoanong tseno jaaka ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19, re tsena dipokano re dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki mme seo se ka re naya ditshono tsa go kopana le Basupi ba bangwe ba ba sa nyalwang. O ka kgona go lemoga gore ba atamalane le Jehofa go le kae fa ba neela dipuo kwa dipokanong kgotsa ba akgela. (1 Tim. 6:11, 12) Gape lo ka kgona go bua kwa thoko morago ga dipokano lo dirisa breakout room. Fa o ya kwa dikokoanong tsa boitlosobodutu le Basupi ka Internet, o ka kgona go bona gore motho yo o mo kgatlhegelang o dirisana jang le batho ba bangwe le gore ke motho yo o ntseng jang. (1 Pet. 3:4) Fa nako e ntse e tsamaya, lo ka kgona go itsane le go bona gore a lo na le mekgele e e tshwanang le gore a lo a tshwanelana.

Fa o batla motho yo o ka nyalanang le ene o dirisa ditsela tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele, o tla bona boammaaruri jwa seane se se reng: “Monna [kgotsa mosadi] yo o nyalang mosadi [kgotsa monna] yo o molemo o bone sengwe se se molemo e bile Jehofa o a mo amogela.”—Diane 18:22.