Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 29

Itumelele se o Kgonang go se Dira mo Tirelong ya ga Jehofa!

Itumelele se o Kgonang go se Dira mo Tirelong ya ga Jehofa!

“A mongwe le mongwe a . . . [nne] le lebaka la go itumelela se a se dirileng ka gonne a sa ipapise le motho yo mongwe.” —BAGAL. 6:4.

PINA 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Goreng Jehofa a sa re bapise le batho ba bangwe?

JEHOFA o rata dilo tse di farologaneng. Re bona seo mo dilong tse dintle tse a di bopileng go akaretsa le batho. Ga go na motho ope yo o tshwanang le yo mongwe kgo! Ka jalo, Jehofa ga a ke a go bapisa le batho ba bangwe. O bona se se mo pelong ya gago. (1 Sam. 16:7) Gape o itse se o se kgonang le se o sa se kgoneng le gore o godisitswe jang. E bile ga a a lebelela gore o dire se o ka se kang wa kgona go se dira. Re tshwanetse go etsa Jehofa ka go iteba ka tsela e a re lebana ka yone. Fa re dira jalo, re tla ‘iteba ka tsela e e tshwanetseng’ re sa itseele kwa godimo e bile re sa inyatse.—Bar. 12:3.

2. Goreng go le kotsi go ipapisa le batho ba bangwe?

2 Boammaaruri ke gore, re ka ithuta go le gontsi mo dikaong tse di molemo tsa ba bangwe. Ka sekai, re ka tswa re itse mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o atlegang mo bodireding. (Baheb. 13:7) Re ka ithuta mo go ene gore re ka dira jang gore re atlege mo bodireding. (Bafil. 3:17) Mme go na le pharologano magareng ga go etsa sekao se sentle sa mongwe le go ipapisa le ene. Go ipapisa le mongwe go ka dira gore re mo fufegele, re kgobege marapo kgotsa re ikutlwe re se batho ba sepe. Fela jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, go ipapisa le batho ba bangwe mo phuthegong go ka senya botsala jwa rona le Jehofa. Ka jalo, Jehofa o re tlhagisa jaana: “A mongwe le mongwe a tlhatlhobe ditiro tsa gagwe, foo o tla nna le lebaka la go itumelela se a se dirileng ka gonne a sa ipapise le motho yo mongwe.”—Bagal. 6:4.

3. Ke diphetogo dife tse o ileng wa di dira tse di dirang gore o itumele?

3 Jehofa o batla gore o itumelele dilo tsotlhe tse o ileng wa di tokafatsa fa o ntse o mo obamela. Ka sekai, fa e le gore o kolobeditswe o ka itumelela go bo o ile wa fitlhelela mokgele oo. Ke wena o itiretseng tshwetso eo. O dirile jalo ka go bo o rata Modimo. Akanya ka dilo tse o kgonneng go di dira fa e sa le o kolobediwa. Ka sekai, a o bala le go ithuta Baebele go feta jaaka o ne o dira pele? A gone jaanong o rapela dithapelo tse di tswang pelong go feta pele? (Pes. 141:2) A o tokafaditse tsela e o simololang motlotlo ka yone fa o rera, le e o dirisang dithulusu tsa rona ka yone mo bodireding? Fa e le gore o na le lelapa, a Jehofa o go thusitse gore o nne monna, mosadi kgotsa motsadi yo o molemo? O ka itumelela diphetogo tsotlhe tse o ileng wa kgona go di dira.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Re ka thusa ba bangwe gore ba itumelele dilo tse ba di dirang go tokafatsa tsela e ba obamelang Jehofa ka yone. Gape re ka ba thusa gore ba se ka ba ipapisa le batho ba bangwe. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore batsadi ba ka thusa bana ba bone jang, banyalani ba ka thusana jang le gore bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi jang. La bofelo, re tlile go tlotla ka ditemana dingwe tse di ka thusang mongwe le mongwe wa rona go ipeela mekgele e a ka e fitlhelelang.

SE BATSADI LE BANYALANI BA KA SE DIRANG

Batsadi, bontshang ngwana mongwe le mongwe wa lona gore lo itumelela dilo tse di molemo tse a di dirang (Bona serapa 5-6) *

5. Go ya ka Baefeso 6:4, ke eng se batsadi ba sa tshwanelang go se dira?

5 Batsadi ga ba a tshwanela go bapisa bana ba bone, kgotsa go lebelela gore ba dire dilo tse ba sa kgoneng go di dira. Fa batsadi ba dira jalo, ba ka kgoba bana ba bone marapo. (Bala Baefeso 6:4.) Kgaitsadi yo o bidiwang Sachiko * a re: “Barutabana ba ne ba lebeletse gore ke dire bontle go gaisa bana ba ke neng ke tsena tlelase le bone. Mama le ene o ne a batla gore ke dire bontle thata kwa sekolong gore barutabana le Papa yo e seng Mosupi ba se ka ba nyatsa Basupi ba ga Jehofa. Tota e bile, o ne a batla gore ke tshware diperesente di le 100 fa ke kwala ditlhatlhobo. Mme seo se ne se sa kgonege. Le fa ke na le dingwaga di le dintsi ke feditse sekolo, ka dinako tse dingwe ke a tle ke ikutlwe e kete Jehofa ga a itumelele se ke mo direlang sone le fa gone ke leka go dira sotlhe se ke se kgonang.”

6. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Pesalema 131:1, 2?

6 Batsadi ba ka ithuta thuto ya botlhokwa mo go Pesalema 131:1, 2. (E bale.) Kgosi Dafide o ile a re o ne a sa “eletse dilo tse dikgolo thata,” kgotsa dilo tse a neng a sa kgone go di dira. E re ka a ne a le boikokobetso e bile a le boingotlo, o ile a ‘ritibatsa pelo ya gagwe a bo a e didimatsa.’ Ke eng se batsadi ba ka se ithutang mo mafokong a ga Dafide? Batsadi ba ka bontsha gore ba boikokobetso e bile ba boingotlo fa ba sa lebelela gore ba dire dilo tse ba ka se di kgoneng kgotsa gore bana ba bone ba dire jalo. Batsadi ba ka thusa bana ba bone gore ba ikutlwe ba le botlhokwa ka go lemoga gore ke eng se ba kgonang go se dira sentle le se ba sa kgoneng go se dira sentle, mme ba ba thuse go ipeela mekgele e ba ka e fitlhelelang. Kgaitsadi yo o bidiwang Marina a re: “Mama ga a ise a ko a mpapise le bokgaitsadiake ba bararo kgotsa le bana ba bangwe. O ile a nthuta gore rotlhe re na le bokgoni jo bo farologaneng le gore re botlhokwa mo go Jehofa. Ka ntlha ya seo, ga se gantsi ke ipapisa le batho ba bangwe.”

7-8. Monna a ka bontsha jang gore o tlotla mosadi wa gagwe?

7 Monna wa Mokeresete o tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe. (1 Pet. 3:7) Ka sekai, fa monna a tlotla mosadi wa gagwe o mmontsha gore o mo tsaya a le botlhokwa. Ga a lebelele gore a dire se a ka se kgoneng go se dira, e bile ga a ke a mmapisa le basadi ba bangwe. Mosadi a ka ikutlwa jang fa monna wa gagwe a ka mmapisa le basadi ba bangwe? Kgaitsadi Rosa, o nyetswe ke monna yo e seng Mosupi, mme monna yoo o nna a mmapisa le basadi ba bangwe. Mafoko a gagwe a a tlhabang a dirile gore Rosa a inyatse, le gore a ipotse gore a go na le mongwe yo o ka mo ratang. A re: “Ke tlhoka go nna ke gopodiwa gore Jehofa o ntsaya ke le botlhokwa.” Monna wa Mokeresete ene o tlotla mosadi wa gagwe. O a itse gore seo se tla ama botsala jwa gagwe le mosadi wa gagwe le botsala jwa gagwe le Jehofa. *

8 Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe o mmua bontle mo bathong ba bangwe, o mmolelela gore o a mo rata e bile o a mo akgola. (Diane 31:28) Seo ke se monna wa ga Katerina yo re tlotlileng ka ene mo setlhogong se se fetileng a ileng a se dira go mo thusa gore a se ka a tlhola a inyatsa. Fa Katerina e ne e sa ntse e le ngwana, mmê wa gagwe o ne a nna a mo tshwayatshwaya diphoso, e bile o ne a nna a mmapisa le basetsana ba bangwe go akaretsa le ditsala tsa gagwe. Seo se ile sa dira gore Katerina a simolole go ipapisa le batho ba bangwe, e bile o ile a tswelela a ntse a dira jalo le fa e ne e setse e le Mosupi wa ga Jehofa. Mme monna wa gagwe o ile a mo thusa gore a tlogele go dira jalo le gore a itebe ka tsela e e tshwanetseng. A re: “O a nthata, o nkakgolela dilo tse dintle tse ke di dirang e bile o a nthapelela. Gape o nkgopotsa dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa, e bile o nthusa gore ke lebe dilo sentle.”

SE BAGOLWANE BA BA LORATO LE BATHO BA BANGWE BA KA SE DIRANG

9-10. Bagolwane ba ba lorato ba thusitse kgaitsadi mongwe jang gore a se ka a ipapisa le batho ba bangwe?

9 Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba nang le bothata jwa go ipapisa le ba bangwe? Akanya ka sekai sa kgaitsadi yo o bidiwang Hanuni, yo o neng a akgolwa sewelo fa e sa ntse e le ngwana. A re: “Ke ne ke le ditlhong e bile ke akanya gore bana ba bangwe ba botoka go nkgaisa. Ke simolotse go ipapisa le batho ba bangwe ke sa ntse ke le ngwana.” Tota le fa Hanuni a sena go ithuta boammaaruri, o ne a tswelela a ipapisa le ba bangwe. Seo se ne se dira gore a ikutlwe e kete se a se dirang mo phuthegong ga se botlhokwa. Mme gone jaanong ke mmulatsela yo o itumetseng. Ke eng se se mo thusitseng gore a fetole tsela e a neng a leba dilo ka yone?

10 Hanuni a re o thusitswe ke bagolwane ba ba lorato. Ba ne ba mmolelela gore o botlhokwa mo phuthegong, ba bo ba mo akgolela sekao sa gagwe se se molemo. A re: “Bagolwane ba ile ba nkopa ka makgetlo a le mmalwa gore ke kgothatse bokgaitsadi ba ba neng ba tlhoka thuso. Seo se ne se dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa. Ke gopola fa bagolwane ba ba lorato ba ne ba ntebogela go bo ke ile ka kgothatsa bokgaitsadi bangwe ba basha. Go tswa foo, ba ile ba mpalela lekwalo la 1 Bathesalonika 1:2, 3. Ruri seo se ile sa nkama pelo! Bagolwane bao ba ba lorato, ba ile ba nthusa gore ke itse gore ke botlhokwa mo phuthegong.”

11. Re ka thusa jang “ba ba gateletsweng le ba ba moya o o kwa tlase” fela jaaka go tlhalositswe mo go Isaia 57:15?

11 Bala Isaia 57:15. Jehofa o amega thata ka “ba ba gateletsweng le ba moya o o kwa tlase.” Rotlhe re ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi bano. Tsela e nngwe e re ka ba kgothatsang ka yone ke ka go ba bontsha gore re a ba kgathalela. Jehofa o batla gore re ba bontshe tsela e a ba ratang ka yone. (Diane 19:17) Gape re ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka go nna boikokobetso e bile re sa ikgantshe ka bokgoni jwa rona. Ga re batle gore batho ba tlhome mogopolo mo go rona ka gonne seo se ka dira gore batho ba bangwe ba re fufegele. Go na le moo, re batla go dirisa bokgoni jo re nang jone le kitso ya rona go kgothatsa ba bangwe.—1 Pet. 4:10, 11.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo rata ka gonne o ne a sa itseye a le botoka go ba gaisa. O ne a itumelela go fetsa nako le ditsala tsa gagwe (Bona serapa 12)

12. Goreng batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba rata Jesu? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

12 Fa re sekaseka tsela e Jesu a neng a tshwara balatedi ba gagwe ka yone, re ka ithuta kafa re ka tshwarang ba bangwe ka gone. E ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Le fa go ntse jalo, o ne a le “bonolo e bile [a le] boikokobetso.” (Math. 11:28-30) Ga a ka a ikgantsha ka botlhale jwa gagwe le ka dilo tse a neng a di itse. Fa a ne a ruta batho, o ne a bua ka tsela e e sa raraanang e bile a dirisa ditshwantsho tse di motlhofo tse di neng di ama dipelo tsa batho ba maemo a a kwa tlase. (Luke 10:21) Jesu o ne a se boikgogomoso jaaka baeteledipele ba bodumedi. Ka dinako tsotlhe, o ne a dira gore batho ba ikutlwe ba le botlhokwa mo Modimong. (Joh. 6:37) E bile o ne a tlotla batho ba ba tsewang ba se botlhokwa.

13. Tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone e ne e bontsha jang gore o pelonomi e bile o lorato?

13 Tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone e ne e bontsha gore o pelonomi e bile o lorato. O ne a itse gore ba na le bokgoni jo bo farologaneng le gore maemo a bone ga a tshwane. Ka jalo, ba ne ba ka se dire dilo tse di tshwanang e bile ba ne ba ka se atlege ka tsela e e tshwanang mo bodireding. Le fa go ntse jalo, o ne a anaanela maiteko a mongwe le mongwe wa bone a neng a a dira. Jesu o ile a bontsha seo mo setshwantshong sa ditalenta. Mo setshwantshong seo, mong o naya motlhanka mongwe le mongwe tiro “go ya ka bokgoni jwa gagwe.” Mongwe wa batlhanka ba babedi ba ba neng ba dira ka natla o ne a bona ditalenta tse di fetang tsa motlhanka yo mongwe. Mme boobabedi mong wa bone o ne a ba akgola ka mafoko ano: “O berekile, o motlhanka yo o molemo e bile o a ikanyega!”—Math. 25:14-23.

14. Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a dirisana le ba bangwe ka yone?

14 Jesu o dirisana le rona ka bopelonomi le ka lorato. O a itse gore bokgoni jwa rona le maemo a rona ga a tshwane mme o a itumela fa re dira bojotlhe jwa rona. Le rona re tshwanetse go etsa Jesu. Ga re batle go dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ikutlwe e kete ga se batho ba sepe kgotsa ba tlhabiwe ke ditlhong go bo ba sa kgone go dira dilo dingwe jaaka batho ba bangwe. Go na le moo, re tshwanetse go nna re akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ka gonne ba dira bojotlhe jwa bone mo tirelong ya ga Jehofa.

IPEELE MEKGELE E O KA KGONANG GO E FITLHELELA

Itumelele go ipeela mekgele e o ka e fitlhelelang (Bona serapa 15-16) *

15-16. Kgaitsadi mongwe o ile a solegelwa molemo jang ke go ipeela mekgele e a ka kgonang go e fitlhelela?

15 Fa o ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa, botshelo jwa gago bo tla go kgotsofatsa e bile o tla itse gore o tshelela eng. Le fa go ntse jalo, seo se ka kgonega fela fa o ipeela mekgele go dumalana le maemo a gago le se o se kgonang. Mme gone, ga go tlhokege gore mekgele eo e tshwane le ya batho ba bangwe. Ga re batle go ipakela kutlobotlhoko le go kgobega marapo. (Luke 14:28) Akanya ka sekao sa kgaitsadi Midori yo e leng mmulatsela.

16 Fa Midori e ne e sa ntse e le ngwana, rre wa gagwe yo e seng Mosupi o ne a tlhola a mmolelela gore bomonnawe le bana ba ba tsenang le ene tlelase ba botoka go mo gaisa. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.” Le fa go ntse jalo, fa Midori a ntse a gola o ne a simolola go iteba ka tsela e e siameng. O tlhalosa jaana: “Ke bala Baebele letsatsi le letsatsi gore ke kgone go nna le kagiso ya mogopolo, mme seo se ile sa dira gore ke lemoge gore Jehofa o a nthata.” Mo godimo ga moo, o ile a ipeela mekgele e a neng a ka kgona go e fitlhelela mme o ile a rapela Jehofa gore a mo thuse go e fitlhelela. Seo se ile sa dira gore Midori a kgone go itumelela go direla Jehofa.

TSWELELA O DIRELA JEHOFA KA BOJOTLHE JWA GAGO

17. Ke eng se se ka re thusang go ‘tswelela re ntšhafatsa tsela e re akanyang ka yone,’ mme seo se tla felela ka eng?

17 Go ka tsaya lobaka go fetola tsela e re itebang ka yone. Ka jalo, Jehofa o re bolelela jaana: “Tswelelang lo ntšhafatsa tsela e lo akanyang ka yone.” (Baef. 4:23, 24) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go rapela, go ithuta Lefoko la Modimo le go akanya thata ka lone. Tswelela o dira dilo tseno mme o kope Jehofa gore a go nonotshe. Moya wa gagwe o o boitshepo o tla go thusa gore o se ka wa ipapisa le ba bangwe. Gape Jehofa o tla go thusa go lemoga fa o simolola go fufegela ba bangwe kgotsa o ikgogomosa, mme o tla go thusa gore o dire diphetogo ka bonako.

18. Mafoko a a mo go 2 Ditiragalo 6:29, 30 a ka go kgothatsa jang?

18 Bala 2 Ditiragalo 6:29, 30. Jehofa o itse tsela e re ikutlwang ka yone. Gape o a itse gore re lwantshana le tlhotlheletso e e bosula ya lefatshe leno le gore re dira diphoso. Fa Jehofa a bona re dira ka natla go lwantshana le dilo tseno, o re rata le go feta.

19. Jehofa o dirisa setshwantsho sefe go bontsha tsela e a ikutlwang ka yone ka rona?

19 Jehofa o dirisa setshwantsho sa mmê le ngwana go bontsha kafa a re ratang ka gone. (Isa. 49:15) Akanya ka sekai sa mmê yo o bidiwang Rachel. A re: “Morwadiake e bong Stephanie o ile a tsholwa pele ga nako. Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke mmona o ne a le monnye e bile a le bokoa. Kgwedi ya ntlha fa a ne a le kwa sepetlele, ngaka e ile ya ntetla gore ke mo kuke letsatsi le letsatsi, le fa gone a ne a le mo motšhineng o bana ba ba tshotsweng pele ga nako ba tsenngwang mo go one. Ka nako eo, nna le ngwanake re ile ra atamalana thata. Gone jaanong o na le dingwaga di le thataro, mme o lebega a le monnye mo dithakeng tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, ke mo rata fela thata ka gonne o ile a kgaratlhela go tshela e bile o dira gore ke itumelele botshelo!” Go a gomotsa go itse gore Jehofa o re rata ka tsela e e ntseng jalo fa a re bona re lwela go mo direla ka natla!

20. E re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, o na le lebaka lefe la go itumela?

20 E re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, o botlhokwa mo lelapeng la gagwe e bile ga go na ope yo o tshwanang le wena. Jehofa ga a go gogela kwa go ene ka gonne o le botoka go gaisa batho ba bangwe. O go gogetse kwa go ene ka gonne fa a go leba o ile a bona gore o motho yo o boikokobetso, yo a ka mo rutang le gore o ka fetoga. (Pes. 25:9) Tlhomamisega gore o a anaanela fa o mo direla ka bojotlhe. Boitshoko le boikanyegi jwa gago di bontsha gore o na le “pelo e e molemo le e e siameng.” (Luke 8:15) Ka jalo, tswelela o direla Jehofa ka bojotlhe jwa gago. Fa o dira jalo o tla nna le “lebaka la go itumelela se [o] se dirileng.”

PINA 38 O Tla go Nonotsha

^ ser. 5 Jehofa ga a re bapise le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, rona re ka ipapisa le ba bangwe re bo re ikutlwa e kete ga re batho ba sepe. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore goreng go le kotsi go ipapisa le batho ba bangwe. Gape re tla bona gore re ka thusa jang ba malapa a rona le ba ba mo phuthegong gore ba itebe ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 7 Le fa dintlha tseno di bua ka monna, mosadi le ene a ka dirisa melaometheo eno.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka nako ya kobamelo ya lelapa, batsadi ba bontsha gore ba itumeletse se ngwana mongwe le mongwe wa bone a se dirileng gore a tle go se tsenya mo arakeng ya ga Noa.

^ ser. 62 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mmê yo o nang le ngwana yo monnye o dira thulaganyo ya gore a tseye bobulatsela jo bo thusang, mme o itumeletse go bo a ile a kgona go fitlhelela mokgele wa gagwe.