Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 28

Tila go Tlhotlheletsa Dikgaisano—Rotloetsa Kagiso

Tila go Tlhotlheletsa Dikgaisano—Rotloetsa Kagiso

“A re se ka ra ikgogomosa, ra gaisana, ra nna pelotshetlha.” —BAGAL. 5:26.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ka direga eng fa batho ba rata go gaisana?

BATHO ba le bantsi gompieno ba leka go bontsha gore ba botoka go gaisa batho ba bangwe, mme ga ba re sepe ka gore se ba se dirang se utlwisa ba bangwe botlhoko go le kana kang. Ka sekai, rakgwebo a ka nna a utlwisa batho ba bangwe botlhoko e le fela gore a kgone go atlega. Moatlelete a ka utlwisa motshameki yo o mo setlhopheng se sengwe botlhoko e le fela gore a kgone go fenya motshameko. Moithuti a ka tsietsa fa a kwala ditlhatlhobo tse di ka dirang gore a tshwanelegele go tsena mo yunibesithing nngwe ya maemo a a kwa godimo. Rona Bakeresete re a itse gore dilo tseno ga di a siama e bile ke dingwe tsa “ditiro tsa mmele o o nang le boleo.” (Bagal. 5:19-21) Le fa go ntse jalo, a go ka direga gore bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhotlheletsa dikgaisano ba sa lemoge? Potso eno e botlhokwa thata ka gonne phuthego ga e kitla e nna seoposengwe fa go na le moya wa go gaisana mo go yone.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse di ka dirang gore re batle go gaisana le bakaulengwe ba rona. Gape re tla ithuta ka dikao tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba mo motlheng wa Baebele ba ba neng ba sa rate go gaisana le batho ba bangwe. Mme a re simolole ka go tlotla ka mabaka a go bo re ka dira dilo dingwe ka tsela e e rileng.

SEKASEKA MABAKA A GO BO O DIRA DILO DINGWE KA TSELA E E RILENG

3. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

3 Go botlhokwa gore re nne re sekaseka mabaka a go bo re dira dilo dingwe ka tsela e e rileng. Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A fa ke akanya gore ke botoka go gaisa batho ba bangwe, seo se dira gore ke itseye ke le botlhokwa? A ke dira ka natla mo phuthegong ka gonne ke batla go lebiwa ke le botoka go gaisa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe? Kgotsa a ke dira jalo ka gonne ke batla go direla Jehofa sotlhe se nka se kgonang?’ Goreng re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno? Ela tlhoko se Baebele e se buang.

4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go ipapisa le batho ba bangwe fela jaaka Bagalatia 6:3, 4 e bua?

4 Baebele e re kgothaletsa gore re se ka ra ipapisa le batho ba bangwe. (Bala Bagalatia 6:3, 4.) Ka ntlha yang? Ka gonne fa re akanya gore re dira dilo botoka go gaisa mokaulengwe wa rona re ka simolola go nna boikgogomoso. Mme fa re akanya gore batho ba bangwe ba botoka go re gaisa, re ka nna ra kgobega marapo. Go tla bo go se botlhale gore re akanye ka ditsela tseno tsoopedi. (Bar. 12:3) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Katerina * yo o nnang kwa Greece a re: “Ke ne ke a tle ke ipapise le batho bangwe ba ba lebegang ba le bantle go nkgaisa, ba ba nang le bokgoni jo bo gaisang jwa me jwa go rera kgotsa jwa go dira ditsala. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke se motho wa botlhokwa.” Re tshwanetse go gopola gore lebaka la go bo Jehofa a re gogetse kwa go ene e ne e se ka gonne re le bantle, re itse go bua kgotsa re ratiwa, mme e ne e le ka gonne re ikemiseditse go mo rata le go reetsa Morwawe.—Joh. 6:44; 1 Bakor. 1:26-31.

5. O ithuta eng mo sekaong sa mokaulengwe yo o bidiwang Hyun?

5 Potso e nngwe e re ka ipotsang yone ke gore, ‘A ke itsege ke le motho yo o dirang gore go nne le kagiso kgotsa a ke nna ke gogagogana le bakaulengwe?’ Ela tlhoko se se neng sa diragalela mokaulengwe Hyun, yo o nnang kwa Korea Borwa. O ne a tle a tseye gore bakaulengwe bangwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba kgatlhanong le ene. A re: “Ke ne ke a tle ke tshwayatshwaye bakaulengwe bano diphoso mme gantsi ke ne ke sa dumalane le se ba neng ba se bua.” Seno se ile sa felela ka eng? O tlhalosa jaana: “Tsela e ke neng ke leba dilo ka yone e ne e kgaoganya phuthego.” Ditsala dingwe tsa ga Hyun di ne tsa mo thusa gore a lemoge bothata jo a neng a na le jone. Hyun o ne a fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone mme gompieno ke mogolwane yo o molemo tota. Fa re lemoga gore ga re rotloetse kagiso mme re baka dikgaisano, re tshwanetse go baakanya seo ka bonako.

O SE KA WA IKGOGOMOSA KGOTSA WA NNA PELOTSHETLHA

6. Go ya ka Bagalatia 5:26, ke mekgwa efe e e sa siamang e e ka bakang dikgaisano?

6 Bala Bagalatia 5:26. Ke mekgwa efe e e sa siamang e e ka bakang dikgaisano? Mokgwa wa ntlha ke boikgogomoso. Motho yo o ikgogomosang o itseela kwa godimo e bile o ikakanyetsa a le nosi. Mokgwa o mongwe o o sa siamang ke bopelotshetlha. Motho yo o pelotshetlha o batla go nna le dilo tse motho yo mongwe a nang le tsone, e bile o batla go mo tseela dilo tseo. Tota e bile, bopelotshetlha bo tsamaisana le letlhoo. Ruri re tshwanetse go tila mekgwa eno e e sa siamang gotlhelele!

7. Ke setshwantsho sefe se se bontshang kafa go ikgogomosa le go nna pelotshetlha go ka nnang kotsi ka gone?

7 Boikgogomoso le bopelotshetlha bo ka tshwantshanngwa le leswe le le tseneng mo tankeng ya leokwane la sefofane. Sefofane se ka kgona go fofa, le fa go ntse jalo leswe leo le tla thiba diphaepe tsa leokwane, mme seo se tla dira gore enjene e felelwe ke maatla. Mme pele fela ga gore sefofane seo se eme kwa boemafofaneng, se tla wa. Ka tsela e e tshwanang, mongwe a ka direla Jehofa ka lobaka lo loleele. Mme gone, fa e le gore o a ikgogomosa e bile o pelotshetlha, o tla wa. (Diane 16:18) O tla tlogela go direla Jehofa, e bile o tla ikutlwisa botlhoko a bo a utlwise le ba bangwe botlhoko. Mme gone, re ka dira eng gore re se ka ra ikgogomosa kgotsa ra nna pelotshetlha?

8. Re ka fenya boikgogomoso jang?

8 Re ka fenya boikgogomoso ka go nna re gopotse kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bafilipi: “Lo se ka lwa dira sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo. Go na le moo, ikokobetseng e bile lo tlotle ba bangwe go feta tsela e lo itlotlang ka yone.” (Bafil. 2:3) Fa re tlotla ba bangwe go feta kafa re itlotlang ka gone ga re kitla re gaisana le batho ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa rona. Go na le moo, re tla ba itumelela. Re tla itumela le go feta fa ba dirisa bokgoni jwa bone mo tirelong ya ga Jehofa gore a galalediwe. Mme fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o nang le bokgoni a dirisa kgakololo ya ga Paulo, o tla kgona go lemoga dinonofo tsa rona tse di molemo. Fa rotlhe re dira jalo, re tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.

9. Re ka dira eng gore re kgone go fenya mokgwa wa bopelotshetlha?

9 Re ka kgona go fenya mokgwa wa bopelotshetlha ka go nna boingotlo. Fa re le boingotlo, re tla lemoga gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira e bile ga re kitla re leka go bontsha batho ba bangwe gore re na le bokgoni jo bo fetang jo ba nang le jone. Go na le moo, re tla leka go ithuta mo bathong ba ba nang le bokgoni jo bo fetang jwa rona. Ka sekai, a re re mokaulengwe mongwe mo phuthegong o neela dipuo tse di monate tsa phatlalatsa. Re ka mmotsa gore o baakanyetsa jang dipuo tsa gagwe. Fa e le gore kgaitsadi mongwe o itse go apaya, re ka mo kopa dikakantsho tse di ka re thusang go tokafatsa tsela e re apayang ka yone. Kgotsa fa mosha mongwe wa Mokeresete a se na ditsala, a ka kopa kgakololo mo mothong yo o nang le ditsala. Fa re dira jalo, ga re kitla re nna pelotshetlha go na le moo re tla tokafatsa tsela e re dirang dilo ka yone   .

ITHUTE MO DIKAONG TSE DI MO BAEBELENG

Gidione o ne a dira gore go nne le kagiso magareng ga gagwe le Baeferaime ka gonne o ne a ikokobeditse (Bona serapa 10-12)

10. Gidione o ne a lebana le kgwetlho efe?

10 Akanya ka se se neng sa direga magareng ga Gidione wa lotso lwa Manase le banna ba lotso lwa Eferaime. Jehofa o ne a thusitse Gidione le banna ba gagwe ba le 300 gore ba fenye kwa ntweng mme seo se ne se ka dira gore ba ikgogomose. Banna ba lotso lwa Eferaime ba ne ba tla go kgatlhantsha Gidione e seng go mo akgola mme e le go mo omana. Go bonala ba ne ba utlwile botlhoko ka gonne Gidione o ne a sa ba laletsa gore ba tsamaye le ene fa a ne a ya go lwa le baba ba Modimo. Ba ne ba tshwenyegile thata ka gore batho ba tlotle lotso lwa bone mo ba neng ba sa lemoge selo sa botlhokwa, e leng gore Gidione o ne a dirile gore leina la ga Jehofa le tlotliwe le gore batho ba Modimo ba sirelediwe.—Baatlh. 8:1.

11. Gidione o ne a raya banna ba Baeferaime a reng?

11 Gidione o ne a bolelela banna ba Baeferaime jaana a ikokobeditse: “Ke dirile eng fa ke bapisiwa le lona?” Go tswa foo, o ile a ba gopotsa kafa Jehofa a ileng a ba thusa gore ba dire dilo tse dikgolo ka gone. Seo se ne sa dira gore ‘bogale jwa bone bo kokobele.’ (Baatlh. 8:2, 3) Gidione o ne a ikemiseditse go ikokobetsa gore go nne le kagiso mo bathong ba Modimo.    

12. Re ithuta eng mo sekaong sa Baeferaime le sa ga Gidione?

12 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Sekao sa Baeferaime se re ruta gore ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka gore batho ba re tlotlomatse, go na le moo re tshwanetse go tlotlomatsa Jehofa. Rona ditlhogo tsa malapa le bagolwane re ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Gidione. Fa mongwe a utlwisitswe botlhoko ke sengwe se re se dirileng, re tshwanetse go leka go bona dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Gape re ka akgola motho yoo ka sengwe se se molemo se a se dirileng. Seno se ka tlhoka gore re nne boikokobetso, segolobogolo fa e le gore motho yoo o phoso. Se se botlhokwa ke gore re nne le kagiso go na le go bontsha gore ga re phoso.   

Hana o ne a nna le kagiso ya mogopolo ka gonne o ne a ikanya Jehofa gore o tla baakanya dilo (Bona serapa 13-14)

13. Hana o ne a lebana le kgwetlho efe, mme o ne a e fenya jang?

13 Sekao se sengwe ke sa ga Hana. O ne a nyetswe ke monna wa Molefi, yo o bidiwang Elekana, yo o neng a mo rata thata. Mme gone, Elekana o ne a na le mosadi yo mongwe gape e bong Penina. Elekana o ne a rata Hana go feta Penina, le fa go ntse jalo, “Penina o ne a na le bana mme Hana ene o ne a se na bana.” Seno se ne sa dira gore Penina a kgobe Hana “a sa kgaotse e le gore a mo utlwise botlhoko.” Hana o ne a ikutlwa jang? O ne a utlwa botlhoko thata. “O ne a lela e bile a sa je.” (1 Sam. 1:2, 6, 7) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re bolelele gore Hana o ne a leka go ipusolosetsa mo go Penina ka tsela nngwe. Go na le moo, o ne a tshololela Jehofa mafatlha mme a mo ikanya gore o tla baakanya dilo. A tsela e Penina a neng a tshwere Hana ka yone e ne ya fetoga? Baebele ga e re bolelele. Mme gone, re a itse gore Hana o ne a simolola go nna le kagiso ya mogopolo e bile o ne a tswelela a na le yone. “Sefatlhego sa gagwe se ne se sa tlhole se tlhontse.”—1 Sam. 1:10, 18.

14. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Hana?

14 Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Hana? Fa mongwe a leka go gaisana le wena ka sengwe, gopola gore o ka kgona go laola tsela e o itshwarang ka yone. Ga o tlhoke go tsena mo dikgaisanong. Go na le go busetsa bosula ka bosula, leka go agisana le motho yoo. (Bar. 12:17-21) Tota le fa motho yoo a sa fetoge, wena o tla nna le kagiso ya mogopolo.

Apolose le Paulo ba ne ba sa fufegelane ka gonne ba ne ba itse gore Jehofa ke ene a neng a segofatsa tiro ya bone (Bona serapa 15-18)

15. Apolose le Paulo ba ne ba tshwana ka eng?

15 Sekao sa bofelo se re ka ithutang mo go sone ke sa ga morutwa Apolose le moaposetoloi Paulo. Banna bano boobabedi ba ne ba itse Dikwalo sentle. Ba ne ba itsege e bile ba itse go ruta. Gape ba ne ba thusa batho ba le bantsi gore ba nne barutwa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa fufegelane.

16. O ka tlhalosa Apolose jang?

16 Apolose o ne a tswa “kwa Alekesanderia,” e leng lefelo le batho ba neng ba ya kwa go lone fa ba batla go rutega mo motlheng oo. Go bonala e ne e le setswerere mo puong “e bile o ne a itse Dikwalo sentle.” (Dit. 18:24) Fa Apolose a sena go fetsa nako kwa Korintha, bakaulengwe bangwe mo phuthegong ba ne ba dira gore go bonale gore ba rata ene go feta bakaulengwe ba bangwe, go akaretsa le Paulo. (1 Bakor. 1:12, 13) A Apolose o ne a rotloetsa moya oo o o kgaoganyang phuthego? Ga re akanye jalo. Tota e bile, nakwana morago ga gore Apolose a tswe kwa Korintha, Paulo o ne a mo kgothaletsa gore a boele koo. (1 Bakor. 16:12) Paulo o ne a ka se mo kope gore a boele koo fa e le gore o ne a akanya gore o kgaoganya phuthego. Apolose o tshwanetse a bo a ne a dirisa bokgoni jwa gagwe sentle ka go rera dikgang tse di molemo le go nonotsha bakaulengwe. Ka jalo, ga re belaele gore e ne e le monna yo o ikokobeditseng. Ka sekai, Baebele ga e re bolelele gore o ne a kgopisega fa Akhwila le Peresila ba ne ba mo “tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.”—Dit. 18:24-28.

17. Ke eng se Paulo a neng a se dira gore go nne le kagiso?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a itse tiro e e molemo e Apolose a neng a e dira. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa tshwenyege ka gore batho ba ne ba tla akanya gore Apolose o ne a mo gaisa. Kgakololo e Paulo a neng a e naya phuthego ya Korintha e re bontsha gore o ne a ikokobeditse, a le boingotlo e bile a leba dilo sentle. Ga a ka a kgatlhiwa ke batho ba ba neng ba re, “Nna ke wa ga Paulo,” go na le moo o ne a ba rotloetsa gore ba bake Jehofa Modimo le Jesu Keresete.—1 Bakor. 3:3-6.

18. Re akantse ka 1 Bakorintha 4:6, 7, re ithuta eng mo sekaong sa ga Apolose le Paulo?

18 Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Apolose le Paulo? Re ka dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa ra bo ra thusa batho ba le bantsi gore ba kolobediwe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore fa re atlega, re atlega ka gonne Jehofa a re thusa. Selo se sengwe se re ithutang sone mo sekaong sa ga Apolose le Paulo ke gore fa re na le maikarabelo mo phuthegong re tshwanetse go lwela go dira gore phuthego e nne le kagiso. Ruri re a itumela fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba dira gore botlhe mo phuthegong ba nne le kagiso le kutlwano ka go ba naya kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo! Ga ba itseye ba le botlhokwa, go na le moo ba thusa botlhe mo phuthegong gore ba ikobele Keresete Jesu le go latela sekao sa gagwe.—Bala 1 Bakorintha 4:6, 7.

19. Mongwe le mongwe wa rona a ka dira eng? (Bona lebokose la setlhogo se se reng, “ Tila go Tlhotlheletsa Dikgaisano.”)

19 Mongwe le mongwe wa rona o na le bokgoni jo bo rileng jo a bo neilweng ke Modimo. Re ka dirisa bokgoni joo “go direlana.” (1 Pet. 4:10) Re ka nna ra akanya gore se re se dirang ga se botlhokwa go le kalo. Le fa go ntse jalo, se lebale gore fela jaaka meroko e mennye e mentsi e ka kgona go kopanya seaparo, le ditiro tse dinnye tsa bopelonomi di ka dira gore phuthego e nne seoposengwe. A re direng ka natla gore re se ka ra nna le mokgwa wa go gaisana le bakaulengwe ba rona. Mme gape a re ikemisetseng go dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.—Baef. 4:3.

PINA 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

^ ser. 5 Fa nkgo ya letsopa e phatlogile go sekae, go ka nna motlhofo gore e thubege, ka tsela e e tshwanang go ka nna motlhofo gore phuthego e kgaogane fa go na le dikgaisano. Fa phuthego e se seoposengwe ga go kitla go kgonega gore batho ba obamele Modimo ka kagiso. Setlhogo seno se tla re bontsha lebaka la go bo re tshwanetse go tila go gaisana, le se re ka se dirang gore go nne le kagiso mo phuthegong.

^ ser. 4 Maina a fetotswe.