SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 30
Boporofeti Jwa Bogologolo Jo bo Go Amang
“Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi.”—GEN. 3:15.
PINA 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *
1. Jehofa o ile a dira eng morago ga gore Adame le Efa ba leofe? (Genesise 3:15)
NAKWANA fela morago ga gore Adame le Efa ba leofe, Jehofa o ne a naya ditlogolwana tsa bone tsholofelo ka go ba bolelela boporofeti bongwe jo bo botlhokwa. Boporofeti joo bo mo go Genesise 3:15.—E bale.
2. Goreng boporofeti jono bo le botlhokwa?
2 Boporofeti joo, bo mo bukeng ya ntlha ya Baebele. Le fa go ntse jalo, dibuka tsotlhe tse di mo Baebeleng di amana le jone ka tsela nngwe. Fela jaaka motho a dirisa tlhale go kopanya matsela gore e nne seaparo se se feletseng, boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 le jone bo kopanya se go buiwang ka sone mo bukeng nngwe le nngwe ya Baebele gore e nne molaetsa o le mongwe. Molaetsa oo ke wa gore Jehofa o ne a tla romela Mogolodi gore a tle go senya Diabolo le balatedi ba gagwe ba ba bosula. * Ruri seo se tla itumedisa batho ba ba ratang Jehofa!
3. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tse di buang ka boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 tse di reng: Ke bomang ba go buiwang ka bone mo boporofeting jono? Boporofeti jono bo diragadiwa jang? Mme bo re solegelwa molemo jang?
KE BOMANG BA GO BUIWANG KA BONE MO BOPOROFETING JONO?
4. “Noga” ke mang, mme re itse seo jang?
4 Mo go Genesise 3:14 le 15 go buiwa ka “noga,” “losika” lwa noga, “mosadi” le “losika” lwa mosadi. Baebele e re thusa go tlhaloganya gore ba go buiwang ka bone mo boporofeting jono ke bomang. * A re bueng pele ka “noga.” Noga ya mmatota e ne e ka se ka ya tlhaloganya se Jehofa a neng a se bua kwa tshimong ya Edene. Ka jalo, fa Jehofa a ne a ntsha katlholo o tshwanetse a ne a bua le setshedi se se botlhale. Jehofa o ne a bua le mang? Tshenolo 12:9 e re bolelela gore noga eo ke mang. E a re “noga ya kwa tshimologong” ke Satane Diabolo. Mme gone, losika lwa noga lone ke bomang?
5. Losika lwa noga ke bomang?
5 Ka dinako dingwe fa Baebele e dirisa lefoko losika e a bo e bua ka bangwe ba ba akanyang le ba ba dirang dilo jaaka mongwe mo go ka tweng ke bana ba gagwe. Ka jalo, losika lwa noga ke baengele ba ba sa ikanyegeng le batho ba ba ganetsang Jehofa Modimo le batho ba Gagwe fela jaaka Satane. Bangwe ba baengele bao ke ba ba ileng ba tlogela dikabelo tsa bone kwa legodimong ka motlha wa ga Noa mmogo le batho ba ba bosula ba ba dirang dilo jaaka rraabone e bong Diabolo.—Gen. 6:1, 2; Joh. 8:44; 1 Joh. 5:19; Jude 6.
6. Goreng “mosadi” yo go buiwang ka ene e ka se ka ya nna Efa?
6 A jaanong re utlweng gore “mosadi” yo go buiwang ka ene ke mang. E ne e ka se ka ya nna Efa. Goreng re rialo? A re boneng lengwe la mabaka a go bo re rialo. Boporofeti bo tlhalosa gore losika lwa mosadi lo ne lo tla “tšhwetla” noga tlhogo. Jaaka re setse re bone, noga ke moengele yo o bosula e bong Satane, mme ga go na motho ope yo o nang le boleo yo o tswang mo losikeng lwa ga Efa yo o neng a ka kgona go mo fedisa. Ka jalo, go ne go tlhokega mongwe yo o nang le maatla gore a fedise Satane.
7. Jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolo 12:1, 2, 5 le 10, mosadi yo go buiwang ka ene mo go Genesise 3:15 ke mang?
7 Buka ya bofelo ya Baebele e re bolelela gore mosadi yo go buiwang ka ene mo go Genesise 3:15 ke mang. (Bala Tshenolo 12:1, 2, 5, 10.) Mosadi yono ga se motho yo o mo lefatsheng. Go na le ngwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe e bile go na le serwalo sa dinaledi di le 12 mo tlhogong ya gagwe. O tshola ngwana yo o sa tlwaelegang, e leng Bogosi Jwa Modimo. Bogosi joo bo kwa legodimong, ka jalo mosadi yoo le ene o tshwanetse a bo a le kwa legodimong. O emela karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa ya baengele ba ba ikanyegang.—Bagal. 4:26.
8. Motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi ke mang, mme o ne a nna karolo ya losika lwa mosadi leng? (Genesise 22:15-18)
8 Sengwe gape se Lefoko la Modimo le re thusang go se lemoga ke gore motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi ke mang. Losika lono lo ne lo tshwanetse go nna setlogolwana sa ga Aborahame. (Bala Genesise 22:15-18.) Fela jaaka boporofeti bo ile jwa bolelela pele, Jesu e ne e le setlogolwana sa monna yoo yo o ikanyegang. (Luke 3:23, 34) Le fa go ntse jalo, losika loo lo ne lo tla tshwanelwa ke go nna maatla go feta motho ka gonne lo ne lo tla fedisa Satane Diabolo. Ka jalo, fa Jesu a na le dingwaga di le 30, o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo. Fa Jesu a ne a tlodiwa o ne a nna motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi. (Bagal. 3:16) Morago ga gore Jesu a swe a bo a tsosiwe, Modimo o ne a “mo naya kgalalelo le tlotlo” gape o ne a mo naya “taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng” go akaretsa le taolo ya go “senya ditiro tsa ga Diabolo.”—Baheb. 2:7; Math. 28:18; 1 Joh. 3:8.
9-10. (a) Ke bomang gape ba e leng karolo ya losika lwa mosadi, mme ba simolola leng go nna karolo ya lone? (b) Re tla tlotla ka eng gone jaanong?
9 Le fa go ntse jalo, go ne go tla nna le batho ba bangwe ba e neng e tla nna karolo ya losika loo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore batho bao ba e neng e le karolo ya losika ke bomang, fa a ne a raya Bakeresete ba ba tloditsweng ba e leng Bajuda le ba e seng Bajuda a re: “Fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame, baruaboswa ba tsholofetso.” (Bagal. 3:28, 29) Fa Jehofa a tlotsa Mokeresete ka moya o o boitshepo, motho yoo e nna karolo ya losika lwa mosadi. Ka jalo, losika lwa mosadi ke Jesu Keresete le ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene. (Tshen. 14:1) Batho bano ba leka go akanya le go dira dilo jaaka Rraabone e bong Jehofa Modimo.
10 E re ka jaanong re utlwile gore go buiwa ka bomang mo go Genesise 3:15, a re boneng gore Jehofa o setse a dirile eng go diragatsa boporofeti joo le gore bo re solegela molemo jang gompieno.
BOPOROFETI JONO BO DIRAGADITSWE JANG?
11. Boporofeti bo ne bo kaya eng fa bo re losika lwa mosadi lo ne lo tla gobadiwa “mo seretheng”?
11 Go ya ka boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15, noga e ne e tla gobatsa losika lwa mosadi “mo seretheng.” Satane o ne a dira seo fa a ne a dirisa Bajuda le Baroma go bolaya Morwa Modimo. (Luke 23:13, 20-24) Fela jaaka motho yo o gobetseng serethe a sa kgone go tsamaya ka lobaka lo lo rileng, ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a sule o ne a sa kgone go dira sepe ka malatsi a le mararo.—Math. 16:21.
12. Jesu o tlile go tšhwetla tlhogo ya noga jang, mme gone leng?
12 Boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo bontsha gore Jesu o ne a ka se ka a nnela ruri mo lebitleng. Goreng re rialo? Ka gonne boporofeti joo bo tlhalosa gore losika lwa mosadi lo tla tšhwetla noga tlhogo. Seno se ne se raya gore Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go tsosiwa. Tota e bile, mo letsatsing la boraro o ne a tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong a sa swe. Ka nako e Modimo a e tlhomileng, Jesu o tlile go fedisa Satane. (Baheb. 2:14) Keresete le ba a tla bong a busa le bone ba tlile go fedisa baba ba Modimo e leng losika lwa noga.—Tshen. 17:14; 20:4, 10. *
BOPOROFETI JONO BO RE SOLEGELA MOLEMO JANG GONE JAANONG?
13. Re solegelwa molemo jang ke go diragadiwa ga boporofeti jono?
13 Fa e le gore o motlhanka wa Modimo, o solegelwa molemo ke go diragadiwa ga boporofeti jono. Jesu o ne a tla mo lefatsheng e le motho. O ne a etsa botho jwa ga Rraagwe. (Joh. 14:9) Ka jalo, fa re ithuta ka Jesu re tla kgona go itse Jehofa Modimo le go mo rata. Go ithuta dithuto tsa ga Jesu le tsela e a kaelang phuthego ya Bokeresete ka yone gompieno, le gone go re solegela molemo. O re rutile go tshela ka tsela e e tla re thusang gore re itumedise Jehofa. E re ka Jesu a ile a gobadiwa mo seretheng kgotsa a swa, rotlhe re solegelwa molemo. Jang? Fa Jesu a ne a tsosiwa, Jehofa o ne a amogela setlhabelo sa Morwawe se se se nang boleo, se se re ‘phepafatsang mo boleong bongwe le bongwe.’—1 Joh. 1:7.
14. Re itse jang gore se Jehofa a neng a se bua mo boporofeting jwa kwa Edene ga se a ka sa diragadiwa ka yone nako eo?
14 Se Jehofa a se buileng mo boporofeting jwa kwa Edene, se bontsha gore boporofeti joo bo ne bo ka se ka jwa diragadiwa ka yone nako eo. Go ne go tla tsaya lobaka gore mosadi a nne le losika, gore Diabolo a nne le batho ba ba mo salang morago le gore go nne le bobaba, kgotsa letlhoo fa gare ga ditlhopha tseno tse pedi. Re solegelwa molemo ke go itse ka boporofeti jono ka gonne bo re tlhagisa gore lefatshe leno le le laolwang ke Satane le tlile go tlhoa batho ba ba obamelang Jehofa. Moragonyana, Jesu le ene o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka yone kgang eo. (Mar. 13:13; Joh. 17:14) Re setse re bone go diragadiwa ga karolo e nngwe ya boporofeti jono, segolobogolo mo dingwageng di le 100 tse di fetileng. Seo se diragetse jang?
15. Goreng lefatshe le tlhoile batho ba Modimo thata jaana gone jaanong, mme ke eng fa re sa tshwanela go boifa Satane?
15 Ka 1914, fa Jesu a sena go tlhomiwa gore e nne Kgosi e e tloditsweng, o ne a leleka Satane kwa legodimong. Gone jaanong Satane o mo lefatsheng e bile o tlile go senngwa. (Tshen. 12:9, 12) Mme gone, ga a nna fela a sa dire sepe. Satane o galefile e bile o tlhasela batho ba Modimo. (Tshen. 12:13, 17) Ke lone lebaka la go bo lefatshe la gagwe le re tlhoile thata jaana. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go boifa Satane le batho ba ba mo salang morago. Go na le moo, re ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Fa e le gore Modimo o mo letlhakoreng la rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?” (Bar. 8:31) Re tshepa Jehofa ka gonne jaaka re bone, bontsi jwa boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo setse bo diragaditswe.
16-18. Curtis, Ursula le Jessica ba solegetswe molemo jang ke go tlhaloganya Genesise 3:15?
16 Se Jehofa a se solofeditseng mo go Genesise 3:15 se ka re thusa go itshoka fa re lebana le diteko dipe fela mo botshelong. Curtis yo e leng morongwa kwa Guam a re: “Go na le dilo tse di diregileng mo botshelong jwa me tse di neng tsa dira gore go nne thata gore ke tswelele ke ikanyega mo go Jehofa. Mme go akanyetsa kwa teng ka boporofeti jwa Genesise 3:15 go ne ga nthusa gore ke tswelele ke ikanya Rre, yo o kwa legodimong.” Curtis o lebile pele go bona fa Jehofa a tla bo a fedisa diteko tsotlhe tse re nnang le tsone.
17 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Ursula wa kwa Bavaria, o tlhalosa gore go tlhaloganya Genesise 3:15 go mo tlhatswitse pelo gore Baebele e tswa kwa Modimong. O ne a lemoga kafa boporofeti jo bongwe jwa Baebele bo amanang ka gone le boporofeti jono, mme seo se ile sa mo kgatlha thata. A re: “Fa ke ithuta gore Jehofa o ne a dira sengwe ka bonako go re naya tsholofelo, ke ne ka mo rata le go feta.”
18 Jessica wa kwa Micronesia a re: “Ke sa ntse ke gakologelwa gore ke ne ke ikutlwa jang lekgetlo la ntlha fa ke lemoga gore ke bone boammaaruri. Boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo ne bo diragadiwa. Bo nthusitse go gopola gore dilo tse di utlwisang botlhoko tse di re diragalelang gompieno ga se se Jehofa a neng a se ikaeletse. Gape boporofeti jono bo dirile gore ke dumele gore go direla Jehofa go tla dira gore ke tshele botshelo jo bo monate gone jaanong le gore ke itumelele botshelo le go feta mo nakong e e tlang.”
19. Goreng re ka tlhatswega pelo gore karolo ya bofelo ya boporofeti jwa Genesise 3:15 e tla diragadiwa?
19 Jaaka re bone, Genesise 3:15 e a diragadiwa gone jaanong. Re a itse gore losika lwa mosadi le losika lwa noga ke bomang. Motho wa ntlha yo e leng karolo ya losika lwa mosadi e bong Jesu, o fodile serethe se se neng se gobetse e bile gone jaanong ke Kgosi e e maatla e e sa sweng. Jehofa o tloga a fetsa go tlhopha batho ba e tlileng go nna karolo ya bobedi ya losika lwa mosadi. E re ka karolo ya ntlha ya boporofeti joo e diragaditswe, ga re belaele gore karolo ya bofelo ya gore noga e tla tšhwetliwa tlhogo le yone e tla diragadiwa. Batlhanka ba Modimo ba tla itumela thata fa Satane a senngwa. Fa o sa ntse o emetse nako eo, o se ka wa ineela. Modimo wa rona o a ikanyega. O tlile go dirisa losika lwa mosadi gore lo direle “ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe” dilo tse dintsi tse di molemo.—Gen. 22:18.
PINA 23 Jehofa o Simolola go Busa
^ Re ka se kgone go tlhaloganya Baebele ka botlalo fa re sa tlhaloganye boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15. Go ithuta ka boporofeti jono go tla dira gore re tshepe Jehofa le go feta, e bile go tla re tlhatswa pelo gore o tla diragatsa dilo tsotlhe tse a di solofeditseng.
^ Leba Dintlha Tse di Oketsegileng B1, mo setlhogong se se reng “Molaetsa O o Mo Baebeleng,” se se mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
^ Bona lebokoso le le reng “Ba go Buiwang ka Bone mo go Genesise 3:14 le 15.”
^ Bona lebokoso le le reng, “ Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tse di Amanang le go Diragadiwa ga Genesise 3:15.”