Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke ne Ka Letla Jehofa Gore a Kaele Botshelo Jwa Me

Ke ne Ka Letla Jehofa Gore a Kaele Botshelo Jwa Me

FA KE ne ke le dingwaga di le 16, ke ne ka tlhopha tiro ya boitshediso e ke neng ke e itumelela fela thata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nkaela gore ke dire sengwe se se farologaneng. Tota e bile go ne go ntse jaaka e kete o nthaya a re: “Ke tla go naya temogo ke bo ke go ruta tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Pes. 32:8) E re ka ke ile ka letla Jehofa gore a kaele botshelo jwa me, ke ile ka kgona go fetsa dingwaga di le dintsi ke mo direla, e bile ke ile ka nna le masego a le mantsi. Mangwe a masego ao ke go direla kwa Afrika dingwaga di le 52.

KE NE KA TSWA KWA ENGELANE KE BO KE YA KWA AFRIKA

Ke tshotswe ka 1935 kwa Darlaston, e e kwa Engelane. Lefelo leno le ne le nna le tletse mosi o montsho ka gonne le ne le na le difeme tse dintsi. Fa ke na le dingwaga di le nnê, batsadi ba me ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa ke na le dingwaga di le 4 ke ne ka tlhatswega pelo gore ke bone boammaaruri. Ka jalo, ke ne ka kolobediwa ka 1952 ke na le dingwaga di le 16.

Ka yone nako eo, ke ne ka simolola go bereka kwa femeng e kgolo e e dirang dithulusu le dilo tsa dikoloi. Ke ne ka katisediwa tiro e e botlhokwa ya mo ofising ya khampani eo, e leng tiro e ke neng ke e itumelela fela thata.

Ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa fa molebedi wa potologo a ne a nkopa gore ke tshware Thuto ya Buka ya Phuthego mo gare ga beke kwa phuthegong ya kwa gae kwa Willenhall. Le fa go ntse jalo, tshwetso eo e ne e se motlhofo. Ka nako eo, ke ne ke kopanela le diphuthego tse pedi. Mo gare ga beke ke ne ke ya dipokanong kwa phuthegong e e neng e le gaufi le kwa ke neng ke bereka gone kwa Bromsgrove, e e leng dikilometara di le 32 go tswa kwa gae. Mme ka mafelobeke ke ne ke boela gae. Fa ke le koo, ke ne ke ya dipokanong kwa Willenhall.

E re ka ke ne ke rata go ema phuthego ya ga Jehofa nôkeng, ke ile ka dira se molebedi wa potologo a neng a nkopa gore ke se dire le fa ke ile ka tshwanelwa ke go tlogela tiro ya me e ke neng ke e rata fela thata. Ga ke ise ke ikwatlhaele go bo ke ile ka letla Jehofa gore a kaele botshelo jwa me, e bile seo se ne sa dira gore ke itumelele botshelo.

Fa ke ne ke kopanela kwa Phuthegong ya Bromsgrove, ke ne ka kopana le Anne, e leng kgaitsadi yo montle yo o neng a rata go direla Jehofa. Re ne ra nyalana ka 1957, mme re ne ra itumelela go bereka mmogo mo dikabelong tse di jaaka bobulatsela jwa ka metlha, bobulatsela jo bo kgethegileng, tirelo ya potologo le tirelo ya kwa Bethele. Anne o dirile gore ke itumelele botshelo.

Ka 1966 re ne ra itumelela go nna gone mo tlelaseng ya bo42 ya Sekolo sa Gileade. Re ne ra newa kabelo ya go direla kwa Malawi, e leng naga nngwe kwa Afrika e batho ba yone ba itsegeng ka go nna pelonomi e bile ba amogela baeng. Re ne re sa itse gore ga re kitla re nna koo lobaka lo loleele.

GO DIRELA KWA MALAWI KA DINAKO TSE DI UTLWISANG BOTLHOKO

Jeep e re neng re tsamaya ka yone fa re ne re dira tiro ya go potologa kwa Malawi

Re fitlhile kwa Malawi ka February 1, 1967. Mo kgweding ya ntlha re ne ra fetsa nako e ntsi re ithuta puo ya koo, mme morago ga moo ke ne ka simolola go direla ke le molebedi wa kgaolo. Re ne re tsamaya ka koloi ya Jeep e batho bangwe ba neng ba akanya gore e ka tsamaya gongwe le gongwe, tota le go kgabaganya dinoka. Mme seo e ne e se boammaaruri ka gonne re ne re kgona go kgweetsa fela mo metsing a a neng a se boteng. Ka dinako dingwe re ne re nna mo ntlong ya mmu e e ruletsweng ka bojang, e e neng e tsentswe seile, gore fa pula e na go se ka ga nela. Re simolotse tiro ya rona ya borongwa mo maemong a a sa itumediseng, le fa go ntse jalo re ne re rata tirelo eo.

Ka April, ke ne ka lemoga gore go ne go tlile go nna le mathata mo nageng. Ke ne ka utlwa moporesidente wa Malawi e bong Dr. Hastings Banda a bua mo radiong. O ne a re Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa duele makgetho e bile ba ne ba bakela puso mathata. Boammaaruri ke gore ditatofatso tseno e ne e le maaka. Rotlhe re ne re itse gore bothata jo bogolo e ne e le gore re ne re sa tseye letlhakore mo dipolotiking le gore re ne re gana go reka karata ya go nna leloko la setlhopha sengwe sa dipolotiki.

Ka September, lokwalodikgang lo ne lwa bolela gore moporesidente o ne a re bakaulengwe ba baka mathata gongwe le gongwe. Kwa kokoanong nngwe ya dipolotiki, o ne a bua gore puso ya gagwe e tla tsaya kgato go baakanya dilo le gore Basupi ba ga Jehofa ba tla thibelwa go ise go ye kae. Re ne ra thibelwa ka October 20, 1967. Nakwana morago ga moo, mapodise le badiredi bangwe ba puso ba ne ba tla kwa ofising ya lekala gore ba tle go e tswala le go ntsha barongwa mo nageng.

Fa re ne re tshwarwa le go lelekwa kwa Malawi ka 1967, re na le barongwa ba bangwe e bong Jack le Linda Johansson

Morago ga go fetsa malatsi a le mararo kwa kgolegelong, re ne ra isiwa kwa Mauritius, e leng naga e e neng e laolwa ke Boritane. Le fa go ntse jalo, badiredi ba puso ba kwa Mauritius ba ile ba gana gore re tswelele ka tiro ya rona ya borongwa. Ka jalo, re ne ra romelwa kwa Rhodesia (e gone jaanong e bidiwang Zimbabwe). Fa re fitlha koo, re ne ra kopana le modiredi mongwe puso yo o neng a galefile mme o ne a gana go re letla go tsena mo nageng, o ne a re: “Lo lelekilwe kwa Malawi. Ba ganne lo nna kwa Mauritius, jaanong lo tlile fano ka gonne lo akanya gore rona ga re kitla re nna le bothata.” Anne o ne a simolola go lela. Go ne go bonala e kete ga go na ope yo o re batlang! Ka nako eo ke ne ke batla go boela gae kwa Engelane. Go tswa foo, badiredi ba puso ba ne ba re letla go robala bosigo bo le bongwe kwa ofising ya lekala, mme ba re bolelela gore re tshwanetse go tla kwa ofising ya bone mo letsatsing le le latelang. Re ne re lapile thata, le fa go ntse jalo re ne ra letela go bona kafa Jehofa a tla re thusang ka gone. Mo thapameng ya letsatsi le le latelang, re ne ra newa tetla ya go nna mo Zimbabwe re le baeng. Ga nkitla ke lebala gore ke ne ke ikutlwa jang mo letsatsing leo, ke ne ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o kaela botshelo jwa rona.

KABELO YA RONA E NTŠHA YA GO DIRELA KWA MALAWI RE NNA KWA ZIMBABWE

Ke na le Anne kwa Bethele ya kwa Zimbabwe ka 1968

Fa ke ne ke le kwa ofising ya lekala ya kwa Zimbabwe, ke ne ka newa kabelo ya go bereka kwa Lefapheng la Tirelo, ke thusa bakaulengwe ba kwa Malawi le ba kwa Mozambique. Bakaulengwe ba kwa Malawi ba ne ba bogisiwa setlhogo. Tiro nngwe e ke neng ke e dira e ne e le go ranola dipego tse di neng di rometswe ke balebedi ba potologo ba kwa Malawi. Letsatsi lengwe fa ke ne ke bereka bosigo, ke ne ka lela fa ke bala ka tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba sotliwa ka yone. * Le fa go ntse jalo, fa ke bona kafa ba neng ba ikanyega ka gone, ba na le tumelo e bile ba itshokile, seo se ne sa nkgothatsa fela thata.—2 Bakor. 6:4, 5.

Re ne ra dira sotlhe se re neng re se kgona go tlhomamisa gore bakaulengwe ba ba neng ba sa ntse ba le kwa Malawi le ba ba neng ba tshabetse kwa Mozambique ba nna le dikgatiso tsa Baebele. Setlhopha sa bakaulengwe ba ba neng ba ranola Se-Chichewa, e leng puo e e neng e buiwa thata kwa Malawi ba ne ba fudugela kwa polaseng ya mokaulengwe mongwe kwa Zimbabwe. O ne a ba agela matlo le ofisi e ba neng ba ka berekela mo go yone. Mme ba ne ba kgona go tswelela ka tiro ya bone ya botlhokwa ya go ranola dikgatiso tsa Baebele.

Re ne ra rulaganya gore ngwaga le ngwaga balebedi ba potologo ba ba tswang kwa Malawi ba tle kopanong ya kgaolo ya Se-Chichewa kwa Zimbabwe. Fa ba goroga koo, ba ne ba newa diaotlelaene tsa dipuo tsa kopano. Mme fa ba boela kwa Malawi ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlotlela bakaulengwe ka se ba se ithutileng kwa kopanong. Ngwaga mongwe fa ba ne ba etetse kwa Zimbabwe, re ne ra kgona go rulaganya gore go nne le Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi go nonotsha balebedi bano ba potologo ba ba pelokgale.

Ke neela puo ka Se-Chichewa kwa kopanong ya Se-Shona le Se-Chichewa kwa Zimbabwe

Ka February 1975, ke ne ka ya go etela Basupi ba kwa Malawi ba ba neng ba tshabetse kwa dikampeng kwa Mozambique. Bakaulengwe bano ba ne ba latela ditaelo tse ba neng ba di newa ke phuthego ya ga Jehofa, mme nngwe ya ditaelo tseo e ne e le gore go tlhomiwe setlhopha sa bagolwane mo diphuthegong. Bagolwane bano ba basha, ba ne ba rulagantse ditiro tse dintsi tse di neng di dirwa mo phuthegong tse di akaretsang go neela dipuo tsa phatlalatsa, go tlotla ka temana ya letsatsi le Tora ya Tebelo, tota e bile ba ne ba tshwara dikopano tse dinnye. Ba ne ba rulagantse dikampa tse ba neng ba nna mo go tsone. Go ne go na le lefapha la go phepafatsa, la go aba dijo, le le le tlhomamisang gore bakaulengwe ba sireletsegile, fela jaaka go dirwa kwa dikopanong tse dikgolo. Jehofa o ne a thusitse bakaulengwe bao ba ba ikanyegang fela thata, mme fa ke boa ba ne ba nkgothaditse tota.

Fa ngwaga wa 1970 o ela go fela, ofisi ya lekala ya Zambia e ne ya simolola go tlhokomela tiro e e neng e dirwa kwa Malawi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke nna ke akanya ka bakaulengwe ba kwa Malawi e bile ke ba rapelela, bakaulengwe ba bangwe le bone ba ne ba ba rapelela. E re ka ke ne ke le leloko la Komiti ya Lekala ya Zimbabwe, ka makgetlo a le mantsi ke ne ke kopana le baemedi ba ntlokgolo le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le maikarabelo ba kwa Malawi, Afrika Borwa le Zambia. Nako le nako fa re kopane re ne re ipotsa gore, “Ke eng se re ka se dirang go thusa bakaulengwe ba kwa Malawi?”

Fa nako e ntse e ya, bakaulengwe ba ne ba sa tlhole ba bogisiwa go le kalo. Bakaulengwe ba ba neng ba tshabile kwa Malawi ba ne ba simolola go boela gae, mme ba ba neng ba setse bone ba ne ba sa tlhole ba bogisiwa setlhogo. Dinaga tse di gaufi le Malawi di ne tsa simolola go letla Basupi ba ga Jehofa gore ba rere le go kopana mmogo. Mozambique le yone e ne ya dira seo ka 1991. Mme gone re ne re ipotsa jaana, ‘Thibelo ya Basupi ba ga Jehofa e tla fela leng kwa Malawi?’

RE NE RA BOELA KWA MALAWI

Boemo jwa dipolotiki bo ne jwa fetoga kwa Malawi mme ka 1993, puso e ne ya letlelela Basupi ba ga Jehofa gore ba rere ba bo ba kopane mmogo. Nakwana morago ga moo ke ne ke tlotla le morongwa mongwe mme o ne a mpotsa jaana, “A o tlile go boela kwa Malawi?” Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le 59, ka jalo ke ne ka mo raya ka re, “Nnyaa, ke tsofetse!” Le fa go ntse jalo, mo go lone letsatsi leo, re ne ra amogela molaetsa o o tswang kwa Setlhopheng se se Laolang se re kopa gore re boele kwa Malawi.

Re ne re rata kabelo ya rona ya kwa Zimbabwe, ka jalo go ne go se motlhofo gore re dire tshwetso. Re ne re itumelela go direla koo e bile re na le ditsala tse di molemo. Setlhopha se se Laolang se ne sa re bolelela gore fa e le gore re batla go nna kwa Zimbabwe, ga re patelediwe gore re fuduge. Ka jalo, re ne re ka tlhopha go nna koo. Le fa go ntse jalo, ke ne ka akanya gore Aborahame le Sara ba ne ba tlogela legae la bone ba tsofetse mme ba ikobela taelo ya ga Jehofa.—Gen. 12:1-5.

Re ne ra dira tshwetso ya go latela kaelo ya phuthego ya ga Jehofa mme ra boela kwa Malawi ka February 1, 1995. Dingwaga di le 28 pele ga moo, re ne re ile ra goroga kwa Malawi lekgetlo la ntlha ka lone letlha leo. Fa re boela kwa Malawi go ne ga tlhomiwa Komiti ya Lekala, mme mo go yone e ne e le nna le bakaulengwe ba bangwe ba babedi. Go ise go ye kae re ne ra simolola go rulaganya ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa tse di amanang le kobamelo ya bone.

JEHOFA O NE A DIRA GORE GO NNE LE KOKETSEGO

Ruri re ne ra itumelela go bona kafa Jehofa a neng a dira gore tiro e gole ka bonako ka gone! Palo ya baboledi e ne ya oketsega ka bonako go tswa go baboledi ba le 30 000 ka 1993, go ya go baboledi ba feta 42 000 ka 1998. * Setlhopha se se Laolang se ne sa re naya tetla ya go aga ofisi e ntšha ya lekala gore re kgone go dira tiro e kgolo e e neng e tshwanetse go dirwa. Re ne ra reka setsha sa di-square meter di le 120 000 kwa Lilongwe mme ke ne ka newa kabelo ya gore ke bereke mo komiting ya kago.

Ka May 2001, Mokaulengwe Guy Pierce yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a baya puo ya go neela dikago tse disha tsa lekala. Go ne go tlile Basupi ba kwa Malawi ba feta 2 000 mme bontsi jwa bone ba ne ba na le dingwaga di feta 40 ba kolobeditswe. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang, ba ne ba feditse dingwaga di le dintsi ba itshoketse pogiso e e setlhogo fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe. Ba ne ba humanegile, le fa go ntse jalo ba ne ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba atamalane le Jehofa. Gone jaanong ba ne ba itumeletse go bona dikago tse disha tsa Bethele. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone kwa Bethele ba ne ba opela dipina tsa Bogosi ka tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba Baafrika ba opelang ka yone. Ga ke ise ke bone selo se se itumedisang jaaka seo. Seo e ne e le bosupi jwa gore ruri Jehofa o segofatsa batho ba ba ikanyegang fa ba itshokela diteko.

Fa ofisi ya lekala e sena go neelwa, ke ne ka itumelela dikabelo tsa go neela Diholo tsa Bogosi. Diphuthego tsa kwa Malawi di ne di solegelwa molemo ke thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi ka bonako kwa dinageng tse bakaulengwe ba neng ba se na madi kwa go tsone. Mo nakong e e fetileng diphuthego dingwe di ne di tsenela dipokano mo mafelong a a neng a agilwe ka dikota tsa setlhare sa eucalyptus. Ba ne ba rulela mafelo ao ka mmetshe o o dirilweng ka lotlhaka, mme ba nna mo dibankeng tse di dirilweng ka mmu. Jaanong bakaulengwe ba ne ba dira ka natla go besa ditena mo ontong, le go aga mafelo a kobamelo a mantle a masha. Mme gone, bakaulengwe ba ne ba sa ntse ba rata go nna mo dibankeng ka gonne ba ne ba re banka ga e tlale.

Gape ke ne ka itumelela go bona kafa Jehofa a neng a thusa batho gore ba atamalane le ene ka gone. Bakaulengwe ba basha ba Baafrika ba ne ba nkgatlha tota ka gonne ba ne ba ithaopela go thusa e bile ba ne ba ithuta ka bonako fa phuthego ya ga Jehofa e ne e ba katisa gore ba dire tiro nngwe. Seo se ne sa ba thusa gore ba kgone go nna le maikarabelo a a oketsegileng kwa Bethele le mo diphuthegong. Balebedi ba potologo ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa ba bontsi jwa bone ba neng ba nyetse, le bone ba ne ba nonotsha diphuthego. Banyalani bano ba ne ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana le fa batho bangwe mo setšhabeng le ba lelapa ba ne ba ba gatelela gore ba nne le bana.

KE ITUMELELELA DITSHWETSO TSE KE DI DIRILENG

Ke na le Anne kwa Bethele ya kwa Boritane

Morago ga go fetsa dingwaga di le 52 ke le kwa Afrika, ke ne ka lwala. Setlhopha se se Laolang se ne sa amogela kopo ya Komiti ya Lekala ya gore re ye go direla kwa Boritane. Re ne re utlwile botlhoko fa re ne re tlogela kabelo e re e ratang. Le fa go ntse jalo, lelapa la Bethele ya kwa Boritane le re tlhokometse tota e re ka re tsofetse.

Ke tlhatswegile pelo gore tshwetso e ke e dirileng ya go letla Jehofa go kaela botshelo jwa me, e ne e le tshwetso e e molemo thata. Fa nka bo ke dirile dilo ka tsela e ke neng ke batla go di dira ka yone, ga ke itse gore nka bo ke le kae gompieno. Jehofa ga a bolo go itse gore ke tlhoka eng gore ‘ditselana tsa me di tlhamalale.’ (Diane 3:5, 6) Fa ke ne ke le mosha, ke ne ke itumelela go ithuta kafa khampani e kgolo e dirang dilo ka gone. Le fa go ntse jalo, phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe e nneile tiro e e itumedisang go feta e ke neng ke na le yone. Ruri ke ile ka itumelela go direla Jehofa e bile ke sa ntse ke itumelela go mo direla!

^ Pego ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Malawi e gatisitswe mo Bukeng ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 1999, ts. 148-223 ka Seesemane.

^ Gone jaanong Malawi e na le baboledi ba feta 100 000.